Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang

“A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—MATHAIO 6:10.

1. Go tla ga Bogosi jwa Modimo go tla bolelang?

FA Jesu a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela Bogosi jwa Modimo, o ne a itse gore fa bo tla bo ne bo tla fedisa dipuso tsa batho tse di ileng tsa busa kwantle ga Modimo ka dikete tsa dingwaga. Mo nakong eo yotlhe, thato ya Modimo e ne e ntse e sa diragale mo lefatsheng ka kakaretso. (Pesalema 147:19, 20) Mme fa Bogosi bo sena go tlhomiwa kwa legodimong, thato ya Modimo e tla diragadiwa gongwe le gongwe. Nako ya gore go diragale phetogo e e boitshegang ya gore puso ya batho e tseelwe maemo ke Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e atamela ka bofefo.

2. Ke eng se se tla tshwayang phetogo ya fa puso ya batho e tseelwa maemo ke puso ya Bogosi?

2 Se se tla tshwayang phetogo eno e tla nna nako e Jesu a neng a e bitsa gore ke “pitlagano e kgolo e e leng gore ga e ise e ko e diragale fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e diragala gape.” (Mathaio 24:21) Baebele ga e bolele gore nako eo e tla tsaya lobaka lo lo kae, mme gone, masetlapelo a a tla diragalang ka nako eo a tla nna maswe go feta ape fela a a kileng a direga mo lefatsheng. Fa pitlagano e kgolo e simolola, go tla diragala sengwe se se tla gakgamatsang batho thata mo lefatsheng: go senngwa ga bodumedi jotlhe jwa maaka. Seo ga se kitla se gakgamatsa Basupi ba ga Jehofa ka gonne ga ba bolo go letela tiragalo eo. (Tshenolo 17:1, 15-17; 18:1-24) Pitlagano eo e kgolo e tla khutla ka nako ya Haramagedona fa Bogosi jwa Modimo bo tla bo bo thubaganya tsamaiso yotlhe ya ga Satane.—Daniele 2:44; Tshenolo 16:14, 16.

3. Jeremia o tlhalosa jang se se tla diragalelang batho ba ba sa utlweng?

3 Seno se tla ama jang batho “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa utlweng dikgang tse di molemo” tse di malebana le Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo jo bo okametsweng ke Keresete? (2 Bathesalonika 1:6-9) Boporofeti jwa Baebele bo re bolelela jaana: “Bonang, bosula bo tlaa tsamaya bo tlhomagantse merafe, mme go tlaa tsosiwa ledimo le legolo le le tswang kwa dikhutlong tsa lefatshe. Babolaiwa ba ga Jehofa ba tlaa fitlhelwa mo motlheng oo, mo sekhutlong sengwe sa lefatshe, go ya sekhutlong se sengwe sa lefatshe; ga ba ketla ba lelelwa, le fa e le go phuthwa, le fa e le go fitlhwa; ba tlaa nna letshotelo fela mo godimo ga mmu.”—Jeremia 25:32, 33.

Go Fedisiwa ga Boikepo

4. Ke eng fa Jehofa a na le lebaka le le utlwalang la gore a nyeletse tsamaiso eno e e boikepo?

4 Go fetile dikete tsa dingwaga Jehofa Modimo a itshoketse boikepo, e leng lobaka lo lo lekaneng sentle gore batho ba ba dipelo di siameng ba lemoge gore puso ya motho e paletswe. Ka sekai, go ya ka buka nngwe, mo lekgolong la bo20 la dingwaga le le nosi fela, go ile ga bolawa batho ba ba fetang dimilione tse 150 mo dintweng, mo dikhuduegong le mo dikgarurung tse dingwe. Bosetlhogo jwa motho bo ile jwa bonala segolobogolo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, e mo go yone go neng ga bolawa batho ba ka nna dimilione tse 50, mme bontsi jwa bone ba swa loso lo lo setlhogo mo dikampeng tsa pogiso tsa Banasi. Go ntse fela jaaka Baebele e ile ya bolelela pele gore mo motlheng wa rona ‘batho ba ba boikepo le maferefere ba tswelela ba sulafalela pele.’ (2 Timotheo 3:1-5, 13) Gompieno, go aname boitsholo jo bo maswe, bokebekwa, thubakanyo, tsietso le go se tlotle melao ya Modimo. Ka gone, Jehofa o na le lebaka le le utlwalang tota la gore a fedise tsamaiso eno e e boikepo.

5, 6. Tlhalosa boikepo jo bo neng bo le gone kwa Kanana wa bogologolo.

5 Gone jaanong maemo a tshwana le a a neng a le gone kwa Kanana dingwaga tse 3 500 tse di fetileng. Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se se makgapha mo go Jehofa, se o se ilang, ba bo ba se diretse medimo ya bone; gonne le ba e leng bana ba bone ba basimane le ba basetsana ba tle ba ba fisetse medimo ya bone mo molelong.” (Duteronome 12:31) Jehofa o ile a itsise setšhaba sa Iseraele jaana: “Jehofa Modimo wa gago o leleka merafe e fa pele ga gago ka ntlha ya boikepo jwa yone.” (Duteronome 9:5) Henry H. Halley yo e leng rahisitori wa Baebele o ile a akgela jaana: “Kobamelo ya ga Baale, Ashetorethe le medimo e mengwe ya Kanana e ne e nna teng mo meketeng e megolo thata ya maitlhapediso; ditempele tsa one e ne e le kwa boitsholo jo bo leswe bo neng bo direlwa gone.”

6 Halley o ile a bontsha kafa boikepo jwa teng bo neng bo feteletse ka teng ka gonne mo go lengwe la mafelo a teng, baithutamarope ba ile ba “bona dinkgo tse dintsi tse di neng di na le masalela a masea a a neng a ntsheditswe Baale setlhabelo.” O ile a re: “Lefelo leo lotlhe tota e ne e le mabitla a masea a a sa tswang go tsholwa. . . . Bakanana ba ne ba obamela ka go dira mekete ya boitsholo jo bo maswe fa pele ga medimo ya bone; mme go tswa foo, ba bo ba bolaya bana ba bone ba maitibolo, gore e nne ditlhabelo tsa yone medimo eo. Go bonala thata fa naga ya Kanana e ne e setse e le mofuta mongwe wa Sodoma le Gomora ka tsela e e neng e akaretsa setšhaba sotlhe. . . . A mokgwa oo wa botshelo o o makgapha le o o setlhogo o ne o tshwanelwa ke go tswelela pele o le teng? . . . Baithutamarope ba ba epang mo matlotleng a metse ya Bakanana ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a se ka a ba fedisa pele ga nako e a ba fedisitseng ka yone.”

Go Rua Lefatshe

7, 8. Modimo o tla phepafatsa lefatshe jang?

7 Fela jaaka Modimo a ile a phepafatsa Kanana, o tla tloga a phepafatsa lefatshe lotlhe mme a le abela batho ba ba dirang thato ya gagwe. “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone. Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) Mme mopesalema a re: “Gonne e tlaa re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gone . . . Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:10, 11) Satane le ene o tla tlosiwa, e le “gore a se ka a tlhola a timetsa merafe go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla.” (Tshenolo 20:1-3) Ee, “lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

8 Jesu o ile a bua jaana fa a ne a sobokanya tsholofelo e e molemo e batho ba ba batlang go tshelela ruri mo lefatsheng ba nang le yone: “Go itumela ba ba maikutlo a bori, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Go ka direga gore o ne a nopola Pesalema 37:29, e e ileng ya bolelela pele jaana: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” Jesu o ne a itse gore boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore batho ba ba siameng ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. Jehofa a re: “Ke dirile lefatshe, le motho yo o mo lefatsheng, le ditshedi, ka thata ya me e kgolo, . . . ke di neye ba go leng tshiamo mo go nna go di ba naya.”—Jeremia 27:5.

Lefatshe le Lesha le Lentle

9. Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore lefatshe le nne jang?

9 Morago ga Haramagedona Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore go nne le “lefatshe le lesha” le lentle le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone.’ (2 Petere 3:13) A bo seo se tla namola bafalodi ba Haramagedona thata jang ne mo kgatelelong ya tsamaiso eno e e boikepo ya dilo! A bo ba tla bo ba itumetse jang ne go tsena mo lefatsheng le lesha la tshiamo le le laolwang ke puso ya Bogosi jwa selegodimo, ba na le tsholofelo ya go bona masego a magolo le go tshela botshelo jo bo sa khutleng!—Tshenolo 7:9-17.

10. Ke dilo dife tse di bosula tse di tla bong di sa tlhole di le gone mo pusong ya Bogosi?

10 Batho ba ka se ka ba tlhola ba tshoga ntwa, bokebekwa, tlala, kana le e leng diphologolo tse di tlhaga. “Ke tlaa dira kgolagano ya kagiso [le batho ba me], ke tlaa khutlisa dibatana tse di bosula mo lefatsheng . . . Le setlhare sa naga se tlaa ungwa; le lefatshe le tlaa ntsha totafalo ya lone, mme ba tlaa nna ka thagamo mo lefatsheng la bone.” “Ba tlaa thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe o mongwe tšhaka, le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta ntwa gope. Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa.”—Esekiele 34:25-28; Mika 4:3, 4.

11. Ke eng fa re ka tshepa gore malwetse a tla fedisiwa?

11 Bolwetse, kutlobotlhoko le e leng loso di tla fedisiwa. “Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola,’ batho ba ba agang gona ba tlaa itshwarelwa boikepo jwa bone.” (Isaia 33:24) “[Modimo] o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile. . . . ’Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’” (Tshenolo 21:4, 5) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bontsha gore o na le bokgoni jwa go dira dilo tseo ka maatla a Modimo. Ka thuso ya moya o o boitshepo, Jesu o ne a ralala naga yotlhe a fodisa ba ba golafetseng le go fodisa balwetse.—Mathaio 15:30, 31.

12. Go na le tsholofelo efe ka batho ba ba suleng?

12 Jesu o ile a dira se se fetang seo. O ne a tsosa baswi. Batho ba ba boikokobetso ba ile ba itshwara jang? Fa a ne a tsosa mosetsana wa dingwaga tse 12 batsadi ba gagwe ba ile ba “se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.” (Mareko 5:42) Seno e ne e le sekai se sengwe se se bontshang se Jesu a tla se dirang mo lefatsheng lotlhe mo pusong ya Bogosi, ka gonne ka nako eo “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Akanya ka boitumelo jo bogolo jo bo tlileng go nna gone fa ditlhophatlhopha tsa batho ba ba neng ba sule di boa di tshela gape mme ba kopana gape le baratiwa ba bone! Ga go na pelaelo gore go tla nna le tiro e kgolo ya go ruta batho mo pusong ya Bogosi e le gore ‘lefatshe le tlale ka kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.’—Isaia 11:9.

Bolaodi Jwa ga Jehofa bo a Tlotlomadiwa

13. Tsela e e siameng e puso ya Modimo e busang ka yone e tla bonala jang?

13 E tla re fa puso ya Bogosi e sena go busa dingwaga tse di sekete, batho ba tla bo ba setse ba buseditswe mo go itekaneleng mo mogopolong le mo mmeleng. Lefatshe lotlhe le tla bo le fetotswe tshimo ya Edene, e le paradaise. Go tla bo go na le kagiso, boitumelo, polokesego le setšhaba sa batho se se lorato. Ga go ise go ko go direge gore mo hisitoring ya batho go nne le selo se se ntseng jalo pele ga puso ya Bogosi e nna gone. A bo ka nako eo go tla nna le pharologanyo e kgolo jang ne gareng ga diketekete tse di fetileng tsa dingwaga tsa masetlapelo mo pusong ya motho le puso e e molemo ya dingwaga tse di sekete ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo! Puso ya Modimo ka Bogosi jwa gagwe e tla bo e bontshitse ka botlalo kafa e leng molemo ka teng mo dilong tsotlhe. Tshwanelo ya Modimo ya go busa, bolaodi jwa gagwe, bo tla bo bo tlotlomaditswe ka botlalo.

14. Go tla direga eng ka batsuolodi fa dingwaga tse di sekete di sena go fela?

14 Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, Jehofa o tla letla batho ba ba itekanetseng go dirisa tshwanelo ya bone ya go itlhophela gore ba batla go obamela mang. Baebele e bontsha gore “Satane o tla bofololwa gore a tswe mo kgolegelong ya gagwe.” O tla leka go tsietsa batho gape, mme bangwe ba tla tlhopha go ipusa kwantle ga Modimo. Jehofa o tla nyeletsa Satane, badimona ba gagwe, le batho botlhe ba ba tla tsuologelang bolaodi jwa ga Jehofa e le gore ‘patikego e se tsoge lwa bobedi.’ Ga go motho ope yo o ka ganetsang gore batho bape fela ba ba tla nyelediwang ruri ka nako eo ba neilwe tshono e e lekaneng kana a bolela gore tsela e e sa siamang e ba e tsereng e bakilwe ke go se itekanele. Nnyaa, ba tla nna jaaka Adame le Efa ba ba itekanetseng ba ba neng ba tlhopha go tsuologela puso e e siameng ya ga Jehofa ka boomo.—Tshenolo 20:7-10; Nahume 1:9.

15. Batho ba ba ikanyegang ba tla nna le botsala bofe le Jehofa?

15 Kafa letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba tshwanetse ba bo ba tla tlhopha go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. Fa batsuolodi botlhe ba sena go fedisiwa, basiami ba tla ema fa pele ga Jehofa ba falotse teko ya bofelofelo ya boikanyegi. Go tswa foo Jehofa o tla amogela batho bao ba ba ikanyegang go nna barwa le barwadi ba gagwe. Ba tla boa gape ba nna le botsala jo Adame le Efa ba neng ba na le jone le Modimo pele ga ba tsuologa. Ka gone, Baroma 8:21 e tla diragadiwa: “Lobopo [batho botlhe] le lone lo tlaa gololwa mo botlhankeng jwa go bola, lo isiwa mo kgololesegong ya kgalalelo ya bana ba Modimo.” Moporofeti Isaia o bolelela pele jaana: “[Modimo] o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8NW.

Tsholofelo ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

16. Ke eng fa go se phoso go solofela tuelo ya botshelo jo sa khutleng?

16 A bo batho ba ba ikanyegang ba letetswe ke selo se se molemo jang ne, go itse fela gore Modimo o tlile go ba abela melemo e mentsintsi ya semoya le ya senama ka bosakhutleng! Mopesalema o ne a nepile fa a ne a re: “O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela.” (Pesalema 145:16) Jehofa o kgothaletsa ba setlhopha sa mo lefatsheng go nna le tsholofelo eno ya go tshela mo Paradaiseng e le tsela ya go bontsha go nna le tumelo mo go ene. Le fa gone kgang ya bolaodi jwa ga Jehofa e le botlhokwa thata, ga a re batho ba mo direle fela ba se na tsholofelo ya go bona tuelo. Mo Baebeleng yotlhe, go ikanyega mo Modimong le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ke dilo tse pedi tse di sa kgaoganeng tse di tsewang di le botlhokwa mo tumelong ya Mokeresete mo Modimong. “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

17. Jesu o ne a bontsha jang gore go siame go inonotsha ka tsholofelo e re nang le yone?

17 Jesu o ile a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Fano o ne a amanya go itse Modimo le maikaelelo a gagwe le tuelo e seno se tla e lereng. Ka sekai, fa modirabosula a ne a kopa Jesu gore a mo gopole fa a sena go nna mo Bogosing jwa gagwe, Jesu o ile a re: “O tla nna le nna mo Paradaeseng.” (Luke 23:43) Ga a ka a raya monna yono gore a nne le tumelo le fa a sa bone tuelo epe. O ne a itse gore Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise e e neng e tla ba nonotsha fa ba ntse ba lebana le diteko tsa methalethale mo lefatsheng leno. Ka gone, go solofela go bona tuelo ke selo se se botlhokwa se se ka thusang Mokeresete go itshoka.

Isagwe ya Bogosi

18, 19. Go tla direga eng ka Kgosi le Bogosi fa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e fela?

18 E re ka Bogosi e ne e le puso e Jehofa a neng a tla e dirisa fela go dira gore lefatshe le baagi ba lone ba boe ba itekanele gape le go boelana le ene, Kgosi Jesu Keresete le dikgosi le baperesiti ba ba 144 000 ba tla nna le seabe sefe morago ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete? “Morago ga moo, bokhutlo, fa a neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi, fa a sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla. Gonne o tshwanetse go busa e le kgosi go fitlha Modimo o sena go baya baba botlhe tlase ga dinao tsa gagwe.”—1 Bakorintha 15:24, 25.

19 Fa Keresete a neela Modimo Bogosi, re tshwanetse go tlhaloganya jang dikwalo tse di buang ka jone di re ke jo bo nnetseng ruri? Dilo tse Bogosi bo tla di dirang di tla nnela ruri. Keresete o tla tlotlwa ka bosakhutleng ka ntlha ya seabe se a nnileng le sone mo go tlotlomatseng bolaodi jwa Modimo. Mme e re ka boleo le loso di tla fedisiwa gotlhelele, e bile batho ba tla bo ba rekolotswe, seno se tla dira gore go se ka ga tlhola go tlhokega gore a nne Morekolodi. Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya Bogosi le yone e tla bo e diragaditswe ka botlalo; ka gone go tla bo go sa tlhole go tlhokega gore go sale go na le puso nngwe gape magareng ga Jehofa le batho ba ba kutlo. Ka gone, ‘Modimo o tla nna dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.’—1 Bakorintha 15:28.

20. Re ka itse jang se se tlileng go direga ka Keresete le ba ba 144 000 mo isagweng?

20 Keresete le babusikaene ba tla nna le seabe sefe mo isagweng fa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e sena go fela? Baebele ga e bolele. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba abela ditshiamelo tse dingwe tse dintsi mo popong yotlhe ya gagwe. E kete rotlhe gompieno re ka ema nokeng bolaodi jwa ga Jehofa mme re abelwe botshelo jo bo sa khutleng, e le gore mo isagweng, re bo re tshela gore re bone se Jehofa a ikaeletseng go se dira ka Kgosi le dikgosikaene le baperesiti, le ka lobopo lotlhe lwa gagwe lo lo gakgamatsang!

Dintlha Tsa Poeletso

• Go tloga go direga phetogo efe e e malebana le puso?

• Modimo o tla atlhola baikepi le basiami jang?

• Maemo a tla bo a ntse jang mo lefatsheng le lesha?

• Bolaodi jwa ga Jehofa bo tla tlotlomadiwa jang ka botlalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

“Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batho ba ba ikanyegang ba tla boa gape ba nna le botsala jo bo siameng le Jehofa