Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A re Nneng le Tumelo E e Sa Ngodiegeng”!

“A re Nneng le Tumelo E e Sa Ngodiegeng”!

Kgang ya Bbotshelo

“A re Nneng le Tumelo E e Sa Ngodiegeng”!

JAAKA GO BOLETSE HERBERT MÜLLER

Dikgwedi di sekae morago ga gore masole a ga Hitler a tlhasele Netherlands, tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa. Go ise go ye kae, leina la me le ne la tlhaga mo lenaaneng la Banasi la batho ba ba tsomiwang, mme ke ne ka tsomiwa jaaka phologolo.

KA LEKGETLO lengwe ke ne ke lapile thata jaana ka ntlha ya go iphitlha le go tshaba mo ke neng ka raya mosadi wa me ka re gongwe go ka nna botoka fa nka tshwarwa ke masole. Ka nako eo ke ne ka gakologelwa mafoko ano a pina nngwe: “A re nneng le tumelo e e sa ngodiegeng, le fa re tlhaselwa ke baba botlhe.” * Go akanya ka pina eo go ile ga tsosolosa maatla a me mme ga nkgopotsa ka batsadi ba me kwa Jeremane le ka letsatsi le ditsala tsa me di neng tsa nkopelela pina eno fa di ne di ntsamaisa sentle. A nka lo bolelela ka dingwe tsa ditiragalo tseno?

Sekao sa Batsadi ba Me

Fa ke ne ke tsholwa ka 1913 kwa toropong ya Copitz kwa Jeremane, batsadi ba me e ne e le maloko a Kereke ya Evangelical. * Dingwaga tse supa morago ga foo, ka 1920, rre o ne a tlogela kereke. Ka April 6, o ne a kopa Kirchenaustrittsbescheinigung (Lokwalo lwa go Tswa mo Kerekeng). Modiredimogolo yo o kwadisang merero ya toropo o ne a mo e kwalela. Le fa go ntse jalo, morago ga beke, rre o ne a boetse gape kwa ofising eo a tlhalosa gore lokwalo loo lo ne lo sa tsenya leina la morwadie. Modiredimogolo o ne a kwala lokwalo lwa bobedi lwa go tswa mo kerekeng a tlhalosa gore lo akaretsa le Martha Margaretha Müller. Ka nako eo, Margaretha, kgaitsadiake, o ne a le ngwaga le sephatlo. Fa go tla mo go direleng Jehofa, rre o ne a sa kgotsofale ka dilo tse di sa felelang!

Mo go one ngwaga oo, batsadi ba me ba ne ba kolobediwa ke Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Rre o ne a godisa rona bana ka tsela e e gagametseng mme go ikanyega ga gagwe mo go Jehofa go ile ga dira gore go nne motlhofo gore re amogele kaelo ya gagwe. Go ikanyega go ile ga tlhotlheletsa gape batsadi ba me gore ba dire diphetogo. Ka sekai, go ne go na le nako nngwe e re neng re sa letlelelwa go tshamekela kwa ntle ka Bosontaga. Le fa go ntse jalo, ka Sontaga mongwe ka 1925, batsadi ba rona ba ile ba re bolelela gore re ile go tswa re ya go iphokisa phefo. Re ile ra tsaya dijonyana tse di motlhofo mme ra ijesa monate—a bo e ne e le phetogo e kgolo jang ne go farologana le go nna re tswaletswe mo ntlong letsatsi lotlhe! Rre o ne a bolela gore o ithutile dintlha dingwe kwa kopanong nngwe ya bosheng tse di neng tsa fetola pono e a neng a na le yone malebana le dilo tse di dirwang ka Sontaga. Ka makgetlho a mangwe, o ne a bontsha moya o o tshwanang wa go iketleeletsa go fetoga.

Le mororo botsogo jwa batsadi ba me bo ne bo le bokoa, ga ba ka ba ikgogona mo tirong ya go rera. Ka sekai, gore re anamise pampitshana ya setlhogo se se reng Ecclesiastics Indicted re ne ra palama terena bosigo bongwe le phuthego yotlhe mme ra ya kwa toropong ya Regensburg, dikilometara di le 300 go tswa kwa Dresden. Letsatsi le le latelang, re ne ra tsamaisa dipampitshana mo toropong yotlhe mme fa re fetsa, re ne ra boa gape ka terena. Ka nako ya fa re fitlha kwa gae, go ne go setse go fetile diura tse di ka nnang 24.

Go Tloga Kwa Gae

Go tsalana ga me le Jugendgruppe (Setlhopha sa Basha) mo phuthegong ya rona le gone go ile ga nthusa gore ke gole mo semoyeng. Beke nngwe le nngwe, basha ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 14 ba ne ba kopana le bakaulengwe bangwe ba ba godileng ba phuthego. Re ne re tshameka metshameko le diletswa tsa mmino, re ithuta Baebele e bile re bua ka popo le ka saense. Le fa go ntse jalo, ka 1932, fa ke ne ke le dingwaga di le 19, botsalano jwa me le setlhopha seno bo ile jwa fela.

Ka April wa one ngwaga oo, Rre o ne a amogela lekwalo le le tswang kwa ofising ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Magdeburg. Mokgatlho o ne o batla mongwe yo o neng a ka kgweetsa koloi e bile a batla go bulatsela. Ke ne ke itse gore batsadi ba me ba ne ba batla gore ke nne mmulatsela, mme ke ne ke akanya gore nka se kgone. E re ka batsadi ba me ba ne ba humanegile, ke ne ke simolotse go baakanya dibaesekele le metšhini ya go roka mmogo le metšhini e e tlanyang le didirisiwa tse dingwe tsa ofisi, ke na le dingwaga di le 14. Ke ne nka tlogela jang ba lelapa la gaetsho? Ba ne ba tlhoka thuso ya me. Mo godimo ga moo, ke ne ke ise ke bo ke kolobediwe. Rre o ne a nna fa fatshe le nna mme a mpotsa dipotso dingwe go bona gore a ke tlhaloganya gore go kolobediwa go akaretsa eng. Fa dikarabo tsa me di mo tlhatswa pelo gore ke dirile kgatelopele ya semoya ka mo go lekaneng gore nka kolobediwa, o ne a bolela jaana: “O tshwanetse gore o ithaopele tiro eno.” Ke ne ka dira jalo.

Beke morago ga foo, ke ne ka amogela taletso ya me go ya kwa Magdeburg. Fa ke bolelela ditsala tsa me mo Setlhopheng sa Basha, ba ne ba batla go ntsamaisa sentle ka pina e e monate. Ba ne ba gakgamalela pina e ke neng ka e tlhopha ka gonne ba ne ba akanya gore e ne e le masisi thata. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ile ba tsaya dibayolene, dimantolene le dikatara tsa bone mme ba opela mmogo botlhe jaana: “A re nneng le tumelo e e sa ngodiegeng, le fa re tlhaselwa ke baba ba mefuta yotlhe; tumelo e e se kitlang e reketla fa e lebane le baba bape fela ba lefatshe.” Ka letsatsi leo, ke ne ke sa lemoge gore mafoko ao a ne a tla nnonotsha gantsi jang mo dingwageng tse di tlang.

Tshimologo e e Thata

Fa bakaulengwe ba kwa Magdeburg ba sena go tlhatlhoba bokgoni jwa me jwa go kgweetsa, ba ne ba naya nna le babulatsela ba bangwe ba banè koloi, mme re ne ra ya Schneifel, kgaolo nngwe gaufi le Belgium. Re ne ra lemoga ka bonako gore koloi ya rona e a tlhokega. Kereke ya Katoliki e ne e sa itumela go bo re le mo kgaolong eo mme gantsi baagi ba motse ba ba tlhotlheleditsweng ke baruti ba ne ba emela go re koba. Gantsi, koloi e ne e re thusa gore re tshabe pele ga ba re tlhasela ka dipetlwana le diforoko tsa bone tsa bojang.

Morago ga Segopotso ka 1933, molebedi wa kgaolo e bong Paul Grossmann o ne a re bolelela gore tiro ya Mokgatlho e thibetswe kwa Jeremane. Ka bonako morago ga foo, ofisi ya lekala e ne ya nkopa gore ke tle ka koloi kwa Magdeburg, ke tseye dikgatiso koo mme ke di ise kwa nageng ya Saxony, e e bokgakala jwa dikilometara di le 100 go tswa kwa Magdeburg. Le fa go ntse jalo, fa ke fitlha kwa Magdeburg, Gestapo (mapodise a sephiri a Banasi) a ne a setse a tswetse ofisi ya Mokgatlho. Ke ne ka tlogela koloi kwa mokaulengweng mongwe kwa Leipzig mme ka boela gae—mme e seng nako e telele.

Ofisi ya Mokgatlho ya kwa Switzerland e ne ya ntaletsa gore ke ye go simolola go bulatsela kwa Netherlands. Ke ne ka rulaganya go tsamaya morago ga beke kana di le pedi. Le fa go ntse jalo, Rre o ne a nthaya a re ke tsamaye ka yone nako eo. Ke ne ka mo reetsa, mme diura di sekae fela morago ga foo, ke ne ka tloga kwa gae. Ka letsatsi le le latelang, mapodise a ne a tla kwa ntlong ya ga rre go tla go ntshwara ka tatofatso ya gore ke tlogetse bosole ke sa laela. Ba fitlhile go le thari thata.

Fa ke Simolola Kwa Netherlands

Ka August 15, 1933 ke ne ka fitlha kwa ntlong ya babulatsela kwa Heemstede, e leng toropo nngwe e e dikilometara di le 25 go tswa kwa Amsterdam. Ka letsatsi le le latelang, ke ne ka ya go rera ke sa itse go bua le fa e le lefoko le le lengwe la Se-Dutch. E re ka ke ne ke tshwere karata ya go neela bosupi, e e neng e na le thero e e kwadilweng, ke ne ka simolola. A bo go ne go nkgothatsa jang ne fa mosadi mongwe wa Mokatoliki a ne a amogela buka ya Reconciliation! Ka lone letsatsi leo, ke ne ka tsamaisa gape dibukana di le 27. Kwa bofelong jwa letsatsi leo la ntlha, ke ne ka ikutlwa ke itumetse go bo ke kgona go rera gape ke gololesegile.

Ka dinako tseo, babulatsela ba ne ba se na tsela epe e ba bonang lotseno ka yone fa e se meneelo e ba neng ba e amogela fa ba tsamaisitse dikgatiso. Madi ao a ne a dirisediwa go reka dijo le dilo tse dingwe tse di tlhokegang. Fa go ne go na le madinyana a a setseng fa kgwedi e fela, a ne a kgaoganngwa gare ga babulatsela gore ba a dirisetse ditshenyegelo tsa bone. Re ne re se na dilo tse dintsi tse di bonalang, mme Jehofa o ne a re tlhokomela sentle jaana mo e leng gore ka 1934, ke ne ka kgona go ya kwa kopanong e kgolo kwa Switzerland.

Molekane yo o Ikanyegang

Kwa kopanong eo, ke ne ka bona Erika Finke wa dingwaga tse 18. Ke sa le ke mo itse ke sa ntse ke le kwa gae. E ne e le tsala ya kgaitsadiake e bong Margaretha, mme ke ne ke tlhola ke kgatlhwa ke tsela e Erika a neng a emela boammaaruri a nonofile ka yone. Ka bonakonyana morago ga gore Erika a kolobediwe ka 1932, mongwe o ne a itsise Gestapo gore o ne a gana go re “Heil Hitler!” Gestapo e ne ya mo latela mme ba batla go itse gore ke eng fa a ne a gana. Erika o ne a balela modiredimogolo kwa seteisheneng sa mapodise Ditiro 17:3 mme a tlhalosa gore Modimo o tlhomile monna a le mongwe fela go nna Mmoloki e bong Jesu Keresete. Modiredimogolo o ne a batla go itse jaana: “A go na le ba bangwe ba ba dumelang se o se dumelang?” Erika o ne a gana go ntsha maina. Fa lepodise le mo tshosetsa gore le tla mo tswalela, Erika o ne a mmolelela gore bogolo a ka swa go na le gore a ntshe maina. O ne a mo leba mme a goa jaana: “Tswa fano. Ya gae. Heil Hitler!”

Morago ga kopano, ke ne ka boela kwa Netherlands mme Erika ene a ne a sala kwa Switzerland. Le fa go ntse jalo, ka bobedi jwa rona re ne re utlwa gore botsalano jwa rona bo godile. Fa Erika a sa ntse a le kwa Switzerland, o ne a utlwa gore Gestapo e a mmatla kwa gae. O ne a swetsa gore a nne kwa Switzerland mme a nne mmulatsela gone. Dikgwedi di sekae moragonyana, Mokgatlho o ne wa mo kopa gore a ye Spain. O ne a bulatsela kwa Madrid, go tswa foo a ya Bilbao mme moragonyana a ya kwa San Sebastián, koo pogiso e e tlhotlheleditsweng ke baruti e neng ya dira gore ene le tsala ya gagwe ya mmulatsela ba ye kgolegelong. Ka 1935 ba ne ba laelwa gore ba tswe kwa Spain. Erika o ne a tla Netherlands mme ka one ngwaga oo re ne ra nyalana.

Matshosetsi a Ntwa a Atametse

Morago ga lenyalo la rona, re ne ra bulatsela kwa Heemstede mme moragonyana ra fudugela kwa toropongkgolo ya Rotterdam. Morwaarona Wolfgang, o ne a tsholelwa koo ka 1937. Ngwaga morago ga foo re ne ra fudugela kwa toropongkgolo ya Groningen, kwa bokone jwa Netherlands, koo re neng re nna mo ntlong e le nngwe le babulatsela ba Bajeremane e bong Ferdinand le Helga Holtorf le morwadiabone. Ka July 1938 Mokgatlho o ne wa re bolelela gore mmuso wa Se-Dutch o ntshitse tlhagiso ya gore baagi ba Bajeremane ba se ka ba tlhola ba letlelelwa go rera. Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa kgaolo (molebedi wa potologo), mme lelapa la rona le ile la fudugela mo teng ga Lichtdrager (Motsholalesedi), e leng seketswana sa Mokgatlho se se neng se dirisiwa jaaka ntlo e babulatsela ba ba rerang kwa karolong ya bokone ya Netherlands ba nnang mo go sone. Ka makgetlho a mantsi ke ne ke kgaogane le lelapa la me, ke potologa go tswa mo phuthegong e nngwe go ya go e nngwe go kgothatsa bakaulengwe gore ba tswelele pele ba rera. Mme bakaulengwe ba ile ba dira fela jalo. Mme bangwe ba bile ba oketsa tirelo ya bone. Wim Kettelarij e ne e le sekao se sentle.

Fa ke kopana le Wim, e ne e le lekawana le le neng le lemoga boammaaruri mme o ne a tshwaregile thata e le modiri mo polaseng. Ke ne ka mo gakolola jaana: “Fa e le gore o batla go nna le nako ya go direla Jehofa, o tshwanetse go batla tiro e nngwe.” O ne a dira jalo. Moragonyana fa re kopana gape, ke ne ka mo kgothaletsa gore a nne mmulatsela. O ne a araba jaana: “Mme gone ke tshwanetse gore ke bereke gore ke tle ke kgone go ja.” Ke ne ka mo tlhomamisetsa jaana: “O tla ja, Jehofa o tla go tlhokomela.” Wim o ne simolola go bulatsela. Moragonyana, tota le ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, e ne e le molebedi yo o etang. Gompieno, Wim yo o setseng a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo80, e sa ntse e le Mosupi yo o tlhoafetseng. Jehofa o ile a mo tlhokomela tota.

Go Thibelwa le go Tsomiwa

Ka May 1940, mo e ka nnang ngwaga morago ga go tsholwa ga ngwana wa rona wa bobedi e bong Reina, masole a Ba-Dutch a ile a ineela mme Banasi ba gapa Netherlands. Ka July Gestapo e ne ya gapa ofisi le bogatisetso jwa Mokgatlho. Ngwaga o o latelang, Basupi ba ne ba tshwarwa ka go latelana mme le nna ke ne ka tshwarwa. E re ka ke ne ke le Mosupi e bile ke le Mojeremane yo o neng a le mo dingwageng tse di batlegang go kwadisiwa mo bosoleng, go ne go se thata go akanya gore Gestapo e ne e tla dirang ka nna. Ke ne ka leka go itebatsa kgopolo ya gore nka se tlhole ke bona lelapa la me gape.

Mme ka May 1941, Gestapo e ne ya nkgolola mo kgolegelong mme ba ntaela gore ke ikwadisetse tiro ya bosole. Ke ne ke sa dumele. Ka lone letsatsi leo ke ne ka nyelela mme ka yone kgwedi eo ke ne ka boela gape mo tirong ya potologo. Gestapo e ne ya ntsenya mo lenaaneng la batho ba ba tsomiwang thata.

Kafa Lelapa La me Le Ileng la Itshoka ka Teng

Mosadi wa me le bana ba me ba ile ba fudugela kwa motseng wa Vorden ka kwa ntlheng ya botlhaba jwa naga. Le fa go ntse jalo, gore ke se ka ka ba tsenya mo kotsing, ke ne ka tshwanela gore ke fokotse maeto a me a go ya gae thata. (Mathaio 10:16) Ka ntlha ya mabaka a pabalesego, bakaulengwe ba ne ba sa dirise leina la me la mmatota, ba ne ba dirisa leina le ba le itlhametseng la Duitse Jan (John wa Mojeremane). Tota le morwaake wa dingwaga tse nnè e bong Wolfgang, o ne a sa letlelelwa go bua ka “Rre” mme o ne a ka bua fela ka “Ome Jan” (Malome John). Seno se ne se mo tshwenya thata mo maikutlong.

Fa ke ne ke ntse ke tshaba jaana, Erika o ne a tlhokomela bana e bile a tswelela ka go rera. Fa Reina a ne a le dingwaga di le pedi, Erika o ne a mo tsenya mo teng ga setsenyadithoto sa baesekele mme a tsamaya le ene go ya go rera kwa metseselegaeng. Le mororo go ne ga nna boima go bona dijo, Erika ga a ise a ko a tlhoke dijo tse lelapa le ka di jang. (Mathaio 6:33) Molemirui mongwe wa Mokatoliki, yo nkileng ka baakanya motšhini wa gagwe wa go roka o ne a mo naya ditapole. Gape o ne a tle a fetisetse melaetsa ya me kwa go Erika. Ka lekgetlho lengwe, o ne a duela gulden e le nngwe (R3) go bona sengwe mo lebenkeleng la ditlhare. E re ka mong wa lebenkele a ne a itse gore o nna a ntse a iphitlhile e bile ga a kgone go bona dikarata tsa kabo ya dijo, o ne a mo naya selo se a neng a se reka le di-gulden di le pedi (R6). Kutlwelobotlhoko e e ntseng jalo e ne ya mo thusa gore a itshoke.—Bahebera 13:5.

Go Dira Mmogo le Bakaulengwe ba ba Pelokgale

Ke ne ka nna ke tswelela go etela diphuthego—le fa gone ke ne ke ikgolaganya fela le bakaulengwe ba ba ikarabelang ba phuthego. E re ka Gestapo e ne e nna e ntshetse morago, ke ne ke sa kgone go nna mo lefelong le le lengwe sebaka se se fetang diura di sekae. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba sa letlelelwa go mpona. Ba ne ba tlwaetse fela Basupi ba ba neng ba le mo setlhopheng sa bone se sennye sa thuto ya Baebele. Ka ntlha ya seo, bokgaitsadi ba le babedi ba e leng bana ba motho ba ba nnang mo dikarolong tse di farologaneng tsa toropo e le nngwe ba ne ba itse morago ga Ntwa ya Lefatshe II gore ka bobedi jwa bone ba ile ba nna Basupi ka nako ya ntwa.

Go bona mafelo a go fitlha dikgatiso tsa Mokgatlho e ne e le nngwe ya ditiro tse ke neng ke tshwanetse go di dira. Re ne re fitlha le pampiri, metšhini ya setensele le metšhini e e tlanyang go dira dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo fa di ka tlhokega. Ka dinako tse dingwe, re ne re tshwanela ke go fudusetsa dibuka tse di gatisitsweng ke Mokgatlho go tswa mo lefelong le lengwe le re di fitlhileng mo go lone go ya go le lengwe. Ke gakologelwa ka lekgetlho lengwe ke tsamaisa dibokoso di le 30 tse di tletseng ka dikgatiso fa ka nako e e tshwanang ke leka gore ke se ka ka bonwa—tiro e e tsitlisang marapo ruri!

Mo godimo ga moo, re ile ra rulaganya gore go isiwe dijo go tswa kwa dipolaseng tse di kwa botlhaba jwa Netherlands go ya kwa ditoropong tse di kwa bophirima le fa gone seno se ne se ileditswe. Re ne re pega dijo mo godimo ga koloi e e neng e gogwa ke dipitse mme re bo re leba kwa bophirima. Fa re fitlha mo nokeng, re ne re sa dirise borogo bope ka gonne a ne a disitswe ke masole. Go na le moo, re ne re folosa dilwana tse di mo kolotsaneng re bo re di tsenya mo teng ga mekorwana, re ralatse dijo tseo mo nokeng mme re bo re pega dithoto tseo mo godimo ga kolotsana e nngwe. Fa re fitlha kwa toropong e re neng re ya kwa go yone, re ne re leta go fitlha go nna lefifi, re bo re tsenya dikauso mo ditlhakong tsa pitse, mme ka tidimalo re bo re ya kwa depong ya phuthego ya sephiri ya dijo. Go tloga foo, dijo di ne di abelwa bakaulengwe ba ba tlhokang.

Fa masole a Bajeremane a ne a ka itse ka depo e e ntseng jalo ya dijo, mongwe o ne a tla bolawa. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba le mmalwa ba ile ba ithaopela go thusa. Ka sekai, lelapa la ga Bloemink le le neng le le mo motseng wa Amersfoort, le ile la dumela gore phaposi ya bone ya bonno e nne bobolokelo jwa dijo, le mororo ntlo ya bone e ne e le gaufi thata le kago ya phemelo ya masole a Jeremane! Basupi ba ba pelokgale jaaka bano ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya bakaulengwe ba bone.

Jehofa o ne a thusa nna le mosadi wa me gore re nne re ikanyega go ralala dingwaga tseo tsotlhe tsa thibelo. Ka May 1945 masole a Bajeremane a ne a fenngwa mme kgabagare botshelo jwa me jwa go nna ke tshaba bo ile jwa fela. Mokgatlho o ne wa nkopa gore ke tswelele pele ke le molebedi yo o etang go fitlha bakaulengwe ba bangwe ba nna teng. Ka 1947, Bertus van der Bijl o ne a dira tiro ya me. * Ka nako eo, go ne ga tsholwa ngwana wa rona wa boraro mme re ne ra nna mo karolong ya botlhaba ya naga.

Bohutsana le Boipelo

Morago ga ntwa, ke ne ka utlwa gore mo e ka nnang ngwaga morago ga gore ke tloge kwa gae go ya kwa Netherlands, Rre o ne a tsenngwa mo kgolegelong. O ne a gololwa gabedi ka ntlha ya botsogo jo bo bokoa mme nako nngwe le nngwe o ne a busediwa gape mo kgolegelong. Ka February 1938, o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso kwa Buchenwald morago ga foo a romelwa kwa Dachau. Fa a le koo, ka May 14, 1942, rre o ne a tlhokafala. O ne a nna a nitame e bile a ikanyega go fitlha kwa bofelong.

Mmè le ene o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Dachau. O ne a nna koo go fitlha a gololwa ka 1945. E re ka sekao se se nitameng sa batsadi ba me ka bobedi se ile sa nthusa thata gore ke bone masego a semoya, e ne ya nna tshiamelo go dira gore Mmè a tle go nna le rona ka 1954. Kgaitsadiake Margaretha—yo o neng a bula tsela kwa Jeremane Botlhaba ya Bokomonisi fa e sa le ka 1945—o ne a tla le ene. Le mororo mmè a ne a lwala e bile a sa kgone go bua Se-Dutch, o ne a tswelela pele a nna le seabe mo tirelong ya tshimo go fitlha a wetsa tiro ya gagwe ya mo lefatsheng ka boikanyegi ka October 1957.

Kopano ya 1955 kwa Nuremberg, kwa Jeremane, e ne e le e e kgethegileng. Fa re sena go fitlha koo, bakaulengwe ba kwa Dresden ba ne ba bolelela Erika gore mmaagwe le ene o teng mo kopanong. E re ka Dresden e ne e busiwa ke Jeremane Botlhaba, Erika o ne a na le dingwaga di le 21 a sa bone mmaagwe. Go ne ga rulaganngwa gore ba kopane mme mmè le morwadie ba ne ba tlamparelana. A bo e ne e le bokopano jo bo itumedisang jang ne!

Fa nako e ntse e ya, lelapa la rona le ile la gola la nna le bana ba le robedi. Ka maswabi, re ile ra latlhegelwa ke mongwe wa barwa ba rona mo kotsing ya koloi. Le fa go ntse jalo, re itumela thata go bona bana ba rona botlhe ba ba setseng ba direla Jehofa. Re itumela go bo morwaarona Wolfgang le mosadi wa gagwe ba le mo tirong ya go potologa mme morwaabone le ene e le molebedi wa potologo.

Ke leboga go bo ke ile ka kgona go bona tiro ya ga Jehofa e gatela pele kwa Netherlands. Fa ke ne ke simolola go bulatsela fano ka 1933, go ne go na le Basupi ba ba ka nnang lekgolo. Gompieno, go na le ba ba fetang 30000. Le fa gone maatla a rona a fokotsega jaanong, nna le Erika re sa ntse re ikemiseditse go tshela tumalanong le mafoko a pina ele ya bogologolo: “A re nneng le tumelo e e se kitlang e ngodiega.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Pina 194.—Songs of Praise to Jehovah (1928).

^ ser. 7 Toropo ya Copitz, e gone jaanong e bidiwang Pirna e gaufi le Noka ya Elbe, dikilometara di le 18 go tloga mo toropong ya Dresden.

^ ser. 38 Bona Tora ya Tebelo ya January 1, 1998, go bona kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Van der Bijl, “Ga go Na Sepe se se Botoka go Gaisa Boammaaruri.”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Jugendgruppe” ka nako ya boikhutso morago ga tirelo ya tshimo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Nna le babulatselakanna re bereka tshimo yotlhe ya Schneifel. Ke ne ke na le dingwaga di le 20

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Nna le Erika le Wolfgang ka 1940

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Setlogolwana sa me Jonathan le mosadi wa gagwe Mirjam; Erika, nna, morwaake Wolfgang le mosadi wa gagwe Julia

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Mokaulengwe mongwe yo o neng a le kwa kgolegelong le rre o ne a taka setshwantsho seno sa gagwe ka 1941