Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikhumo Tsa Bopelotshweu di Lere Boipelo

Dikhumo Tsa Bopelotshweu di Lere Boipelo

Dikhumo Tsa Bopelotshweu di Lere Boipelo

ERE ka moaposetoloi Paulo e ne e le molebedi yo o lorato wa Mokeresete, o ne a amega thata ka badumedikaene. (2 Bakorintha 11:28) Ka gone, e ne ya re fa a rulaganya gore Bakeresete ba ba tlhokang ba kwa Judea ba phuthelwe madi mo bogareng jwa dingwaga tsa bo50 tsa lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona, o ne a dirisa tshono eo go ruta thuto e e botlhokwa kaga bopelotshweu. Paulo o ile a gatelela jaana a bolela gore Jehofa o tseela motho yo o abang ka boitumelo kwa godimo: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata monei yo o thamileng.”—2 Bakorintha 9:7.

Mo Lehumeng le Legolo Mme ba le Pelotshweu

Bontsi jwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e se batho ba maemo a a kwa godimo. Paulo o ne a bolela gore gare ga bone “ga se ba bantsi ba ba nang le maatla.” E ne e le “dilo tse di bokoa tsa lefatshe,” “dilo tse di sa tlotlegeng tsa lefatshe.” (1 Bakorintha 1:26-28) Ka sekai, Bakeresete ba ba kwa Makedonia ba ne ba le mo ‘lehumeng le legolo’ le mo ‘patikegong.’ Le fa go ntse jalo, badumedi bao ba ba ikokobeditseng ba kwa Makedonia ba ne ba kopa gore ba fiwe tshiamelo ya gore ba ntshe meneelo ya madi go thusa mo “bodireding jo bo laoletsweng baitshepi”; mme se ba ileng ba se ntsha, Paulo o ile a supa gore se “feta se tota ba neng ba se kgona”!—2 Bakorintha 8:1-4.

Le fa go ntse jalo, bopelotshweu jo bo ntseng jalo bo ne bo sa lekanngwe ka selekanyo sa madi a a ntshiwang. Go na le moo, go tlhotlheletsega, go batla go aba le tsela e motho a ikutlwang ka yone mo pelong ke tsone tse di neng di le botlhokwa. Paulo o ne a bontsha Bakeresete ba Bakorintha gore mogopolo le pelo di ne di akarediwa ka bobedi mo kgannyeng ya go ntsha meneelo. O ne a bolela jaana: “Ke itse go iketleetsa ga mogopolo ga lona mo ke ipelafaletsang Bamakedonia ka gone kaga lona, . . . le gore tlhoafalo ya lona e tlhotlheleditse bontsi jwa bone.” Ba ne ba ‘sweditse mo dipelong tsa bone’ go aba ka bopelotshweu.—2 Bakorintha 9:2, 7.

‘Moya wa Bone o Ile wa ba Tlhotlheletsa’

Moaposetoloi Paulo a ka tswa a ne a akantse ka sekai sengwe sa pelenyana ga foo sa go aba ka bopelotshweu, se se neng sa diragala kwa nageng makgolo a dingwaga a a fetang 15 pele ga motlha wa gagwe. Ditso tse 12 tsa Iseraele di ne di golotswe kwa bokgobeng jwa Egepeto. Ba ne ba le kwa tlase ga Thaba ya Sinai mme Jehofa o ne a ba laela gore ba age motlaagana wa kobamelo mme ba o tsenye didirisiwa tsa kobamelo. Seno se ne se tla tlhoka madi a le mantsi, mme setšhaba se ne sa kopiwa gore se ntshe meneelo.

Baiseraele bao ba ne ba tsibogela jang seno? “Ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang, le mongwe le mongwe yo mowa wa gagwe o mo ratisitseng, mme ba lere tshupelo ya ga Jehofa, ya tiro ya mogope wa bophuthegelo.” (Ekesodo 35:21) A setšhaba se ile sa ntsha mpho ya bopelotshweu? E kgolo thata! Moshe o ne a newa pego e e latelang: “Batho ba lerile thata go fetisa selekanyo sa tiro e Jehofa o laotseng gore e dirwe.”—Ekesodo 36:5.

Boemo jwa tsa madi jwa Baiseraele bo ne bo ntse jang ka nako eo? Nakwana pele ga foo, e ne e le makgoba a a hutsafetseng, ‘ba utlwisiwa botlhoko mo merwalong ya bone,’ ba tshela ‘botlhoko,’ e le botshelo jwa “patikego.” (Ekesodo 1:11, 14; 3:7; 5:10-18) Ka gone, go ka direga gore ba ne ba sa huma ka dithoto. Gone ke boammaaruri gore Baiseraele ba ne ba tloga kwa nageng ya bone ya bokgoba ba na le matsomane le matlhape. (Ekesodo 12:32) Mme le fa go ntse jalo di ka tswa di ne di se dintsi, ka gonne ka bonako fela fa ba sena go tswa kwa Egepeto, ba ne ba ngongorega gore ba ne ba se na nama kana senkgwe se ba ka se jang.—Ekesodo 16:3.

Ka gone he, Baiseraele ba ne ba tsaya kae dikhumo tse ba neng ba di ntsha moneelo gore go agiwe motlaagana? Ba ne ba di tsaya mo go beng ba bone ba pele, Baegepeto. Baebele e bolela jaana: “Bana ba Iseraele . . . ba lopa Baegepeto mekgabo ya selefera le mekgabo ya gouta le diaparo. . . . [Baegepeto] ba ba naya fela se ba se lopang.” Bopelotshweu jono jwa Baegepeto e ne e le tshegofatso e e tswang go Jehofa, e seng mo go Faro. Pego ya bomodimo e bolela jaana: “Jehofa a naya batho tsalano mo matlhong a Baegepeto, ba ba naya fela se ba se lopang.”—Ekesodo 12:35, 36.

Ka jalo, akanya fela gore Baiseraele ba ne ba ikutlwa jang. Dikokomana tsa bone di ile tsa boga botlhoko ka bokgoba jo bo setlhogo e bile di tingwa dilo. Mme gone jaanong ba ne ba gololesegile e bile ba na le dikhumo. Ba ne ba tla ikutlwa jang fa ba tshwanetse go kgaogana le dingwe tsa dikhumo tseo? Ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba di bereketse mme ba na le tshwanelo ya go di ipolokela. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba kopiwa gore ba ntshe meneelo ya madi go tshegetsa kobamelo e e itshekileng, ba ne ba dira jalo—mme e seng ka go ngongorega kana ka go ikgogona! Ga ba a ka ba lebala gore ke Jehofa a dirileng gore ba kgone go nna le dithoto tseo. Ka gone, ba ne ba ntsha go gontsi ga selefera le gauta le diruiwa tsa bone. Ba ne ba na le ‘dipelo tse di ratang.’ ‘Dipelo tsa bone di ne di ba tlhotlheletsa.’ ‘Moya wa bone o ne o ba tlhotlheletsa.’ E ne e le ‘moneelo o o ntshediwang Jehofa ka go rata’ tota.—Ekesodo 25:1-9; 35:4-9, 20-29; 36:3-7NW.

Go Iketleetsa go Aba

Selekanyo sa moneelo o motho a o ntshang ga se supe bopelotshweu jwa motho. Ka lekgetlho lengwe Jesu Keresete o ne a lebile batho ba tsenya madi mo teng ga matlole a matlotlo a tempele. Batho ba ba humileng ba ne ba tsenya madi a tshipi a mantsi mme Jesu o ne a kgatlhwa ke go bona motlholagadi wa motlhoki a tsenya madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye. O ne a bolela jaana: “Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta jaaka botlhe ba dirile. . . . Go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.”—Luke 21:1-4; Mareko 12:41-44.

Se Paulo a neng a se bolelela Bakorintha se tsamaisana le kgopolo eno ya ga Jesu. Paulo o ne a bolela jaana malebana le go ntshetsa badumedimmogo ba ba tlhokang meneelo: “Fa go iketleetsa go le teng pele, go amogelesega segolobogolo go ya ka se motho o nang le sone, e seng go ya ka se motho a se nang sone.” (2 Bakorintha 8:12) Ee, meneelo ga se kgang ya go gaisana kana ya go ipapisa le ba bangwe. Motho o ntsha go ya ka se a nang le sone mme Jehofa o itumelela moya o o ntseng jalo wa bopelotshweu.

Le fa gone go se na ope yo o ka humisang Jehofa, yo o nang le dilo tsotlhe, go ntsha meneelo ke tshiamelo e e nayang baobamedi tshono ya gore ba bontshe kafa ba mo ratang ka teng. (1 Ditirafalo 29:14-17) Meneelo e e ntshiwang e seng ka ntlha ya go batla go itshupa kana ka ntlha ya mabaka a mangwe a bopelotshetlha mme e le ka boikutlo jo bo tshwanelang le go batla go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri, e tlisa boipelo e bile go tlisa le tshegofatso ya Modimo. (Mathaio 6:1-4) Jesu o ne a bolela jaana: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Le rona re ka nna le boitumelo jo bo ntseng jalo ka go dirisa nonofo ya rona mo tirelong ya ga Jehofa le ka go beela sengwe kwa thoko go tswa mo dithotong tsa rona go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri le go thusa ba ba tshwanelwang ke go thusiwa.—1 Bakorintha 16:1, 2.

Go Iketleeletsa go Aba Gompieno

Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go bona kafa tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi” e tswelelang pele ka teng. (Mathaio 24:14) Mo dingwageng tse di lesome tsa bofelo tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, go ne ga kolobediwa batho ba ba fetang 3 000 000 ba supa boineelo jwa bone mo go Jehofa Modimo mme go ile ga tlhomiwa diphuthego tse disha tse di ka nnang 30 000. Ee, nngwetharong ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tse di leng teng gompieno di ile tsa tlhomiwa mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng! Bontsi jwa koketsego eno e nnile teng ka ntlha ya go dira ka natla ga banna le basadi ba ba tlhoafetseng ba Bakeresete ba ba dirisang nako le maatla a bone gore ba etele baagelani ba bone le go ba bolelela ka maikaelelo a ga Jehofa. Koketsego e nngwe e nnile teng ka ntlha ya tiro ya barongwa, bao ba tlogelang magae a bone mme ba ye kwa dinageng tse di kgakala go ya go thusa koo ka tiro ya go rera ka Bogosi. Koketsego eno e dirile gore go rulaganngwe dipotologo tse disha, tse di ileng tsa dira gore go tlhokege gore go tlhomiwe balebedi ba potologo ba basha. Mo godimo ga moo, go ile ga tlhokega Dibaebele tse di oketsegileng tse di tla dirisediwang go rera le go ithuta ka namana. Go ile ga tlhokega dikgatiso tse di oketsegileng. Mme mo dinageng di le dintsi, dikago tsa lekala di ile tsa tlhoka gore di atolosiwe kana di emisediwe ka mafelo a magolwane. Dilo tseno tsotlhe di ile tsa fitlhelelwa ka thuso ya meneelo ya boithatelo e e tswang mo bathong ba ga Jehofa.

Go Tlhokega ga Diholo Tsa Bogosi

Selo se sengwe se se ileng sa bonala se tlhokega thata ka ntlha ya koketsego ya palo ya Basupi ba ga Jehofa ke Diholo Tsa Bogosi. Dipatlisiso tse di dirilweng mo masimologong a ngwaga wa 2000 di supa gore go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse di fetang 11 000 mo dinageng tse di tlhabologang, koo madi a tlhaelang gone. Akanya ka Angola. Le mororo go ile ga nna le ntwa ya selegae ka dingwaga tse dintsi, naga eo e na le koketsego ya palogotlhe ya ngwaga le ngwaga ya diperesente di ka nna 10 mo palong ya baboledi ba Bogosi ba ba leng teng. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa diphuthego di le 675 mo nageng e kgolo eno ya Afrika di kopanela fela mo go bulegileng. Go na le Diholo Tsa Bogosi di le 22 fela kwa nageng eo mme mo go tsone ke di le 12 fela tse di nang le marulelo.

Go na le boemo jo bo tshwanang kwa Democratic Republic of Congo. Le mororo go na le diphuthego tse di ka nnang 300 kwa motsengmogolo wa Kinshasa, go na le Diholo Tsa Bogosi di le lesome fela. Go ralala naga eno yotlhe, go na le tlhokego e kgolo ya Diholo Tsa Bogosi tse di fetang 1 500. Ka ntlha ya koketsego e e bofefo kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba, Russia le Ukraine di bega gore ka bobedi jwa tsone go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse di makgolokgolo. Koketsego e kgolo e e kwa Latin America e bonwa thatathata kwa Brazil, koo go nang le Basupi ba ba fetang sephatlo sa milione mme go na le tlhokego e kgolo ya Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng.

Go rarabolola bothata jwa tlhokego eno mo dinageng tseno, Basupi ba ga Jehofa ba simolola thulaganyo e e bonako ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Thulaganyo eno e duelelwa ka meneelo ya bopelotshweu ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe, gore le e leng diphuthego tse di humanegileng thata di kgone go nna le mafelo a a siameng a kobamelo.

Jaaka mo motlheng wa Iseraele wa bogologolo, go ka dirwa mo gontsi ka gonne Bakeresete ba ba tlhoafetseng ‘ba tlotla Jehofa ka dithoto tsa bone.’ (Diane 3:9, 10) Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se batla go dirisa tshono eno go leboga mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheleditseng go aba ka boithatelo. Re ka tlhomamisega gore moya wa ga Jehofa o tla tswelela o tlhotlheletsa dipelo tsa batho ba gagwe gore ba thuse ka dilo tse di tlhokegang mo tirong e e ntseng e gola ya Bogosi.

Jaaka tiro ya go atolosa ya lefatshe e ntse e tswelela pele, e kete re ka nna re batla ditshono tsa go bontsha go itumela le go iketleetsa ga rona go dirisa nonofo, nako le dikhumo tsa rona. Mme e kete re ka nna le boipelo jwa mmatota jo bo nnang teng ka ntlha ya moya o o ntseng jalo wa go aba.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

“A DIRISENG SENTLE!”

“Ke na le dingwaga di le lesome. Ke lo romelela madi ano gore lo reke pampiri kana sengwe le sengwe se se tlhokegang go dira dibuka.”—Cindy.

“Ke rata go lo romelela madi ano gore lo re direle dibuka tse di oketsegileng. Ke ne ka boloka madi ano fa ke ne ke thusa ntate. Ka gone a diriseng sentle!”—Pam, wa dingwaga di le supa.

“Ke ne ka utlwa botlhoko fa ke ne ke utlwa ka kgwanyape e e nnileng teng. Ke solofela gore lo babalesegile. [R14] eno ke one fela madi a ke nang nao mo bobolokelong jwa me.”—Allison, wa dingwaga di le nnè.

“Leina la me ke Rudy mme ke na le dingwaga di le 11. Kgaitsadiake Ralph o na le dingwaga di le thataro. Mme nnake Judith o na le dingwaga di le pedi le sephatlo. Re ntse re boloka madi go tswa mo mading a re a fiwang ka dikgwedi di le tharo gore re thuse bakaulengwe ba rona [kwa lefelong le go nang le ntwa gone]. Re kgonne go boloka didolara di le 20 [R138] e re lo e romelelang.”

“Ke utlwela bakaulengwe ba ba [tlhasetsweng ke kgwanyape] botlhoko. Ke ile ka kokoanya didolara di le 17 [R117] fa ke ne ke bereka le ntate. Ga ke romele madi ano gore lo dire sengwe se se kgethegileng, ka gone lona lo tla bona gore lo dirang ka one.”—Maclean, wa dingwaga di le robedi.

[Lebokoso mo go tsebe 31]

Ditsela Tse Bangwe ba Tlhophang go Aba ka Tsone

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE KA BOPHARA

Batho ba le bantsi ba beela madi mangwe kwa thoko go a tsenya mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Mokgatlho ya Lefatshe Lotlhe​—⁠Mathaio 24:​14.” Kgwedi nngwe le nngwe diphuthego di romela madi ano kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, kana kwa ofising ya lekala ya naga ya tsone.

Meneelo e e ntshiwang ka go rata ya madi gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Accounting Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya Mokgatlho e e thusang naga ya gaeno. Dibenya kana dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE

Mokgatlho wa Watch Tower o ka abelwa madi ka thulaganyo e e kgethegileng ya gore fa go ka direga gore mong wa one a a tlhoke, a busediwe madi ao. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Accounting Office ya ofisi ya lekala ya lefelo la lona mo atereseng e e supilweng fa godimo.

GO ABA KA THULAGANYO

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo le meneelo e e ikaegileng ka mabaka mangwe, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho kana ka thulaganyo ya gore mong wa tsone a tswelele pele a duelelwa lotseno lwa tsone.

Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tsa tsone tse di ka rekisiwang di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho kana ka gore e nne tsa mong fa a sa ntse a tshela gore a tswelele pele a nna mo go tsone go fitlha a swa. Motho o tshwanetse go ikgolaganya le Mokgatlho pele ga a kwadisa ditsha le dikago tsa tsone mo leineng la Mokgatlho.

Diwili: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso.

Fa e le gore o ka rata go dirisa nngwe ya ditsela tseno tsa go aba ka thulaganyo, o tshwanetse wa ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo diatereseng tse di thathamisitsweng fa tlase kana kwa Ofising ya Mokgatlho e e thusang naga ya lona.

ACCOUNTING OFFICE

Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania

Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740

Nomoro ya mogala: (011) 761 1000