Mekgwa e Mentle ya Boitsholo e a Fela
Mekgwa e Mentle ya Boitsholo e a Fela
“PELEPELE go ne go sa diragale dilo tse di ntseng jaana,” go ne ga akgela jalo mokanseleri wa pele wa Jeremane e bong Helmut Schmidt. O ne a hutsafalela ditiro tse di masisi tsa go sa ikanyege tse di neng tsa dirwa bosheng jaana ke batlhankedi ba puso tse di neng tsa buiwa thata mo dikgannyeng. O ne a re: “Mekgwa e mentle ya boitsholo e latlhilwe ka ntlha ya bopelotshetlha.”
Batho ba le bantsi ba ka dumalana le ene. Mekgwa e mentle ya boitsholo e e theilweng mo Lefokong la Modimo, Baebele, e batho ba le bantsi ba sa bolong go e tsaya e le yone e e ka ba kaelang gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe, e a itlhokomolosiwa. Go ntse jalo tota le kwa dinageng tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete.
A Boitsholo Jwa mo Baebeleng bo a Dira?
Boitsholo jo bo theilweng mo dithutong tsa Baebele bo akaretsa boikanyegi le bothokgami. Le fa go ntse jalo, go aname tsietso, tlolomolao le boferefere. The Times ya kwa London e bega gore matseka mangwe “go bolelwa fa a ile a itseela mo e ka nnang £100 000 [R1 000 000] nako le nako gore ba busetse dikebekwa diokobatsi tse di neng di tserwe mo go tsone kgotsa gore ba latlhe bosupi jo bo neng bo ka tshwarisa dikebekwa dingwe tse di dirang tiro ya tsone ka bofitlha.”
Go bolelwa gore kwa Austria go tlwaelegile go tsietsa mo go tsa inshorense. Mme kwa Jeremane baitse ba tsa saense ba ne ba gamarega bosheng jaana fa babatlisisi ba lemoga “tiro nngwe ya tsietso e e tlhabisang ditlhong go gaisa tsotlhe mo go tsa saense kwa Jeremane.” Porofesa nngwe, “yo e leng ene mankge mo go tsa saense ya dijini kwa Jeremane,” o ne a latofadiwa ka gore o buile maaka kana o itlhametse tshedimosetso e ntsi.
Boitsholo jo bo theilweng mo Baebeleng bo akaretsa le go ikanyega mo lenyalong, le e tshwanetseng ya nna kamano e e nnelang ruri. Mme banyalani ba palo e e ntseng e oketsega ba felela kwa kgotleng ya tlhalo. Pampiri ya dikgang ya Katoliki ya Christ in der Gegenwart (The Contemporary Christian) e bega gore “tota le kwa Switzerland ‘e e tshwareletseng mo ngwaong,’ manyalo a a ntseng a oketsega a a thubega.” Kwa Netherlands, diperesente di le 33 tsa manyalo otlhe di felela ka tlhalo. Mosadi mongwe yo o lemogileng diphetogo tsa loago kwa Jeremane mo dingwageng di se kae tse di fetileng o ne a kwala jaana ka se a tshwenyegileng ka sone: “Jaanong lenyalo le tsewa e le selo sa bogologolo le se se fetilweng ke nako. Batho ga ba tlhole ba nyala molekane wa bosakhutleng.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, dimilione tsa batho di tsaya mekgwa e mentle ya boitsholo e e rutiwang mo Baebeleng e ikanyega e bile e tshwanela botshelo jwa batho gompieno. Banyalani bangwe ba ba nnang mo molelwaneng wa Switzerland le Jeremane ba ne ba lemoga gore go ithuta go tshela tumalanong le maitsholo a mo Baebeleng go ne go dira gore ba itumele thata. Ba fitlhetse e le gore, “go na le selo se le sengwe fela se se ka kaelang batho mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Kaelo eo ke Baebele.”
O akanya jang? A Baebele e ka nna kaelo e e mosola? A boitsholo jo bo theilweng mo Baebeleng bo mosola gompieno?