Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Lekanya Jang Katlego?

O Lekanya Jang Katlego?

O Lekanya Jang Katlego?

DIKISHINARE nngwe e tlhalosa katlego e le “go bona khumo, go amogelwa kana maemo.” A ke tlhaloso e e lekaneng? A khumo, go amogelwa kana maemo ke tsone fela ditsela tse go ka lekanngwang katlego ka tsone? Pele ga o araba, akanya ka seno: Jesu Keresete ga a ka a kgobokanya dikhumo ka nako ya fa a ne a tshela mo lefatsheng. O ne a sa amogelwe ke batho ba bantsi; e bile o ne a sa tseelwe kwa godimo ke baeteledipele ba motlha wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu e ne e le monna yo o atlegileng. Ka ntlha yang?

Fa Jesu a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a ‘humile malebang le Modimo.’ (Luke 12:21) Fa a sena go tsosiwa, Modimo o ile a mo duela ka go mo naya serwalo sa “kgalalelo le tlotlo.” Jehofa o ne a godisetsa Morwawe “kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi wa mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele.” (Bahebera 2:9; Bafilipi 2:9) Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ne ya itumedisa pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) O ne a atlega mo botshelong jwa gagwe mo lefatsheng ka gonne o ile a fitlhelela boikaelelo jwa teng. Jesu o ne a dira go rata ga Modimo le go tlisa tlotlo mo leineng la Gagwe. Mme ka ntlha ya seo, Modimo o ne wa naya Jesu khumo, tlotlo le maemo a go se nang mogaka ope wa thuto, bopolotiki kana wa metshameko yo o kileng a nna natso. Jesu tota e ne e le monna yo o neng a atlega thata go gaisa motho ope yo o kileng a tshela mo lefatsheng.

Batsadi ba Bakeresete ba lemoga gore fa bana ba bone ba ka latela mo dikgatong tsa ga Keresete, ka go huma mo Modimong ka tsela e Jesu a neng a humile ka yone, ba tla bona masego a magolo gone jaanong mme ba bo ba nna le maduo a a seng kana ka sepe mo tsamaisong e e tlang ya dilo. Ga go na tsela epe e e gaisang e basha ba ka latelang dikgato tsa ga Keresete ka yone fa e se ka go dira tiro e Jesu a neng a e dira—ka go nna le seabe mo tirelong ya nako e e tletseng fa go kgonega.

Le fa go ntse jalo, mo ditsong dingwe, go tlwaelegile gore basha ba se ka ba tsena mo bodireding jwa nako e e tletseng. Fa lekawana le fetsa mo sekolong, go ka nna ga lebelelwa gore a bone tiro ya ka metlha, a nyale mme a tshele ka tsela e e tlwaelegileng. Ka dinako tse dingwe, basha bangwe ba ba godisitsweng ka tsela eo, ka phoso ba ikgogona go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. (Diane 3:27) Ka ntlha yang? Ka ntlha ya go gatelelwa, ba latela mekgwa e e tlwaelegileng ya setso. Ke se se diragetseng ka Robert. *

Fa Setso le Segakolodi di Thulana

Robert o godisitswe e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome, boitsholo jwa gagwe le ditsala tse a neng a di tlhopha di ne di sa itumedise. Mmaagwe o ne a simolola go tshwenyega ka ene. Ka jalo, o ne a kopa mmulatsela mongwe, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa gore a mo kgothatse. Robert o tlhalosa gore go ile ga direga eng morago ga foo.

“Ke ne ke anaanela thata tsela e mokaulengwe yoo wa mmulatsela a neng a nkgatlhegela ka yone. Sekao sa gagwe se se molemo se ile sa dira gore ke batle go dira gore bobulatsela e nne tiro ya botshelo jwa me fa ke fetsa mo sekolong. Mme ka nako eo Mmè o ne a simolola go tshwenyega gape—mme e le ka lebaka le lengwe. Aitsane, mo setsong sa rona go siame gore mosetsana a nne mmulatsela fa a fetsa fela mo sekolong, mme mosimane ene o lebeletswe gore a tlhomame pele mo go tsa madi mme morago ga foo a ka nna a akanya ka go bulatsela.

“Ke ne ka bona tiro mme ka simolola kgwebo ya me. Go ise go ye kae ke ne ke tsene ka tlhogo mo kgwebong mme go nna teng kwa dipokanong le go rera e ne ya nna seomodiro. Segakolodi sa me se ne sa ntshwenya—ke ne ke itse gore nka kgona go direla Jehofa ka botlalo go feta ka tsela e ke dirang ka yone. Le fa go ntse jalo, e ne e le kgwetlho tota go tlogela dilo tse batho ba bangwe ba neng ba lebeletse gore ke di dire, mme ke itumela go bo ke ile ka di tlogela. Ke nyetse gone jaanong mme nna le mosadi wa me re ntse re bulatsela mo dingwageng tse pedi tse di fetileng. Bosheng jaana, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. Nka bua ke gololesegile gore gone jaanong ke na le kgotsofalo ya mmatota ya go direla Jehofa ka pelo ya me yotlhe, go ya ka bokgoni jwa me jotlhe.”

Makasine ono o ntse o kgothatsa basha gangwe le gape gore ba ithute tiro nngwe kana ba leke go nna le ditshwanelego tse di mosola—fa ba sa ntse ba le kwa sekolong fa go kgonega. Ka ntlha yang? Gore ba hume? Nnyaa. Lebaka le legolo ke gore ba kgone go itlhokomela sentle fa ba godile le go direla Jehofa ka botlalo ka mo ba ka kgonang ka teng, segolobogolo mo bodireding jwa nako e e tletseng. Le fa go ntse jalo, go ile ga direga gantsi gore basha ba tshwarege thata ka go batla thutego ya lefatshe mo e leng gore bodiredi ga bo tlhole bo bonala bo le botlhokwa. Bangwe ga ba akanye le go akanya ka go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Ka ntlha yang?

Dikakgelo tsa ga Robert di re thusa go tlhaloganya lebaka. Fa Robert a sena go ithuta tiro ya gagwe, o ne a simolola kgwebo. Go ise go ye kae, o ne a tshela e kete o mo lootwaneng lo lo dikologang lwa itshidilo lo sa mo ise gope. Mokgele wa gagwe e ne e le go nna le madi a mantsi. Mme a go na le mongwe ka kwa ntle kana mo teng ga phuthego ya Bokeresete yo o fitlhelelang mokgele oo ka botlalo? Bakeresete ba tshwanetse go kgona go itlhokomela ka madi, ba dira ka natla go tlhokomela maikarabelo a bone a tsa madi; mme ba tshwanetse go lemoga gape gore mo metlheng eno e e sa tlhomamang, ke batho ba sekaenyana fela ba ba a tleng ba fitlhe mo boemong jo tota ba ka reng ke go tlhomama mo go tsa madi. Ke ka lebaka leo tsholofetso ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:33 e gomotsa Bakeresete jaana.

Robert o itumelela gore o ile a swetsa go latela se pelo ya gagwe e se eletsang go na le gore a latele setso sa gagwe. Gompieno, o itumelela tirelo ya nako e e tletseng. Ee, bodiredi jwa nako e e tletseng ke tiro e e tlotlegang. Robert ke monna yo o nang le kagiso ya mogopolo ka gonne o direla Jehofa, jaaka a bolela ‘go ya ka mo a kgonang ka teng.’

Dirisa Ditalenta Tsa Gago ka Botlalo

Go na le batho ba le bantsi ba ba nang le bokgoni mo gare ga Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba botlhale fela thata; ba bangwe ba na le bokgoni jwa go dira ka diatla. Dimpho tseno tsotlhe di tswa kwa go Jehofa, yo o nayang “batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” (Ditiro 17:25) Fa go se na botshelo, dimpho tseno di tla bo di se na mosola.

Ka gone, go a tshwanela gore re dirise matshelo a rona mo tirelong ya ga Jehofa. Ke se lekawana lengwe le le nang le ditalenta le ileng la swetsa go se dira. O ne a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. E ne e le leloko la lelapa la maemo a a kwa godimo, mo nakong ya bosha jwa gagwe o ne a nna kwa motseng o o tumileng wa Tareso ya Kilikia. Le mororo ka tsalo e ne e le Mojuda, o ne a nna moagi wa Roma ka ntlha ya ga rraagwe. Seo se ne sa dira gore a nne le ditshwanelo di le dintsi le ditshiamelo. Fa a gola, o ne a ithuta Molao mo go mongwe wa “boporofesa” ba maemo a a kwa godimo ba motlha wa gagwe—Gamaliele. Go ne go bonala gore go ise go ye kae, o ne a tla ‘huma, a amogelwa e bile a nna le maemo.’—Ditiro 21:39; 22:3, 27, 28.

Lekawana leno e ne e le mang? Leina la gagwe e ne e le Saulo. Mme Saulo o ne a nna Mokeresete mme kgabagare a nna moaposetoloi Paulo. O ne a beela mekgele ya gagwe ya ntlha kwa thoko mme a dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe go direla Jehofa e le Mokeresete. Paulo o ne a itsege e seng jaaka moitsemolao yo o tlhomologileng mme e le moreri yo o tlhoafetseng wa dikgang tse di molemo. Fa Paulo a sena go nna morongwa ka dingwaga tse di ka nnang 30, o ne a kwalela ditsala tsa gagwe kwa Filipi lekwalo. Mo lekwalong leo o ne a sekaseka dingwe tsa dilo tse a di fitlheletseng pele ga a nna Mokeresete mme go tswa foo a bolela jaana: “Ka ntlha ya [ga Jesu Keresete] ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, e le gore ke bone Keresete.” (Bafilipi 3:8) Nnyaa, Paulo o ne a sa ikwatlhaele tsela e a ileng a dirisa botshelo jwa gagwe ka yone!

Go tweng ka thapiso e Paulo a neng a e amogela mo go Gamaliele? A e kile ya mo tswela mosola? Ee! Ka makgetlho a sekae o ile a thusa “mo go femelweng le go tlhomamisiwa semolao ga dikgang tse di molemo.” Mme tiro ya ga Paulo e e botlhokwatlhokwa e ne e le ya go nna moreri wa dikgang tse di molemo—sengwe se thutego ya gagwe ya pelenyana ga foo e neng e se kitla e mo ruta sone.—Bafilipi 1:7; Ditiro 26:24, 25.

Ka mo go tshwanang le gompieno, bangwe ba ile ba kgona go dirisa dimpho le ditalenta tsa bone tota le thutego ya bone go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Ka sekai, Amy o na le dikirii ya kgwebo le e nngwe ya molao. O ne a na le tiro e e duelang thata kwa ofising nngwe ya baitsemolao mme le fa go ntse jalo gompieno ke modiredi wa moithaopi yo o sa duelweng kwa go nngwe ya diofisi tsa lekala tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Amy o tlhalosa botshelo jo a bo tshelang gone jaanong jaana: “Ke dumela gore ke dirile tlhopho e e molemo go di gaisa tsotlhe mo botshelong. . . . Ga ke eletse go bo ananya le bope jo bankana ba me ba kwa yunibesithing ba bo tshelang. Ke ipela ka tsela e ke e tlhophileng. Ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang le se ke se batlang—botshelo jo bo itumedisang le tiro e e molemo le e e kgotsofatsang.”

Amy o ne a tlhopha tsela e e ileng ya dira gore a nne le kagiso ya mogopolo, kgotsofalo le tshegofatso ya ga Jehofa. Ga go na pelaelo gore ke sone se batsadi ba Bakeresete ba se batlelang bana ba bone!

Go Atlega mo Bodireding Jwa Bokeresete

Gone mme, go botlhokwa go nna le boikutlo jo bo tshwanetseng ka go atlega mo bodireding jwa Bokeresete. Go motlhofo gore re ikutlwe re atlega fa re ile ra itumelela bodiredi jwa tshimo, re tsamaisitse dikgatiso tsa Baebele kana re ile ra nna le dipuisano tse di monate tsa Baebele le beng ba matlo. Mme fa e le gore ke ka sewelo re bonang batho ba ba re reetsang, re ka nna ra raelesega gore re akanye gore re senya nako ya rona. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore nngwe ya ditlhaloso tsa go atlega ke ‘go amogelwa.’ Re batla go amogelwa ke mang? Ke Jehofa. O tla re amogela le fa batho ba reetsa molaetsa wa rona kana ba sa o reetse. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe thuto e e botlhokwa malebana le seno.

O tla gakologelwa gore Jesu o ile a roma bareri ba Bogosi ba le 70 “kwa motseng mongwe le mongwe le lefelo koo ene ka boene a neng a tlile go tla gone.” (Luke 10:1) Ba ne ba tshwanetse go ya go rera kwa metseng le kwa metsaneng, Jesu a sa tsamaye le bone. Seno e ne e le selo se sesha mo go bone. Ka gone, Jesu o ne a ba naya ditaelo tse di tlhalositsweng sentle pele ga a ba roma. E re fa ba kopana le “tsala ya kagiso” ba ne ba tshwanetse go mo tlhalosetsa ka botlalo ka Bogosi. Le fa go ntse jalo, fa ba lelekwa, ba ne ba tshwanetse go tsamaya, ba sa tshwenyege. Jesu o ne a tlhalosa gore batho ba ba neng ba gana go ba reetsa tota ba ne ba gana Jehofa ka boene.—Luke 10:4-7, 16.

Fa ba ba 70 bano ba fetsa tiro ya bone ya go rera, ba ne ba boa ba begela Jesu “ka boipelo, ba re: ‘Morena, le eleng madimona a dirwa gore a nne mo taolong ya rona ka tiriso ya leina la gago.’” (Luke 10:17) Go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa mo banneng ba ba sa itekanelang bao go leleka dibopiwa tse di maatla! Le fa go ntse jalo, Jesu o tlhagisa barutwa ba gagwe ba ba tlhagafetseng jaana: “Lo se ka lwa ipelela seno, gore meya e dirwa gore e nne mo taolong ya lona, mme ipeleng ka gonne maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.” (Luke 10:20) Ba ba 70 bano ba ne ba ka nna ba se ka ba nna le maatla ao ka metlha go leleka badimona e bile ba ne ba se kitla ba nna le matswela a a molemo ka dinako tsotlhe mo bodireding. Mme fa ba ikanyega ka metlha, Jehofa o tla ba amogela ka dinako tsotlhe.

A o Anaanela Batlhanka ba Tirelo ya Nako e e Tletseng?

Lekawana lengwe le kile la raya mogolwane mongwe wa Mokeresete jaana: “Fa ke aloga mo sekolong se segolwane,ke tla leka go bona tiro. Fa ke sa bone tiro, ke gone ke tla akanyang go tsena mo mofuteng mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng.” Le fa go ntse jalo, ga se kafa bontsi jwa ba ba tsereng bodiredi jwa bobulatsela ba lebang dilo ka gone. Gore bangwe ba tle ba buletsela, ba ile ba tlogela ditshono tsa go bona ditiro tse di duelang madi a mantsi. Bangwe ba ile ba tlogela ditshono tse di kgatlhang tsa thutego. Jaaka moaposetoloi Paulo, ba ile ba itima dilo dingwe mme jaaka Paulo, Robert le Amy, ga ba ikwatlhaele ditlhopho tse ba di dirileng. Ba anaanela tshiamelo ya bone ya go dirisa dimpho tsa bone go baka Jehofa, yo o tshwanelwang ke sepe fela se se molemolemo se ba ka se mo nayang.

Ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ga ba kgone go bulatsela. Gongwe ba na le maikarabelo a Dikwalo a ba tshwanetseng go a tlhokomela. Le fa go ntse jalo, fa ba direla Modimo ka ‘pelo, moya le mogopolo’ wa bone otlhe, ba itumedisa Jehofa. (Mathaio 22:37) Le fa gone bone ka bobone ba sa kgone go bulatsela, ba lemoga gore ba ba kgonang go bulatsela ba tlhophile tiro e e molemo.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.” (Baroma 12:2) Go ya ka kgakololo ya ga Paulo, ga re a tshwanela go dumela gore setso kana tsela ya botshelo ya lefatshe ya tsamaiso eno e laole tsela e re akanyang ka yone. Le fa o kgona go bulatsela kana o sa kgone, dira gore tirelo ya ga Jehofa e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago. O tla atlega fa fela Jehofa a go amogela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

O se ka wa tshwarwa ke lootwana lwa itshidilo lwa tshwantshetso lo lo sa yeng gope