Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Rapela go a Thusa?

A go Rapela go a Thusa?

A go Rapela go a Thusa?

MO E ka nnang mongwe le mongwe o ikutlwa a tlhoka go rapela nako nngwe. Tota e bile, mo e ka nnang batho ba bodumedi bongwe le bongwe ba rapela ka tlhoafalo. Ka sekai, Mobuda a ka rapela ka makgetlho a le sekete a boaboeletsa thapelo ya “Ke dumela mo go Amida Buddha.”

Ka ntlha ya mathata a a ntseng a tswelela lefatshe ka bophara, go a utlwala go botsa jaana: Ke eng se batho ba solofetseng go se fitlhelela fa ba rapela? A dithapelo tseno tsotlhe di a thusa?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Rapela?

Batho ba le bantsi ba dinaga tsa Botlhaba ba rapela bagologolwane ba bone le medimo ya Shinto kana Tao. Ba dira jalo ka tsholofelo ya gore ba tla falola ditlhatlhobo kwa sekolong, ba tla bona thobo e itumedisang, kana go thibela malwetse. Babuda ka maiteko ano a bone, ba solofela go sedifalelwa. Bahindu ba rapela medimo le medimogadi ya bone e ba e ratang ka tlhoafalo, ba rapelela go bona kitso, dithoto le go sirelediwa.

Bakatoliki bangwe ba solofela gore ba tla solegela batho molemo ka go neela matshelo a bone ba tshela ba le nosi mo matlong a baitlami, ba rapela ba sa kgaotse. Dimilione tsa Bakatoliki di kopa go thusiwa ke Marea ka go rapela dithapelo tse di tshwarwang ka tlhogo, gongwe e bile ka thuso ya dibaga tsa rosari. Kwa dinageng tsa Botlhaba batho ba le bantsi ba dirisa maotwana a dithapelo. Baporosetanta le bone ba boaboeletsa Thapelo ya Morena, le fa gone ba tle ba bolelele Modimo tsela e ba ikutlwang ka yone ba dirisa mafoko a bone. Bajuda ba le bantsi ba tsaya maeto a maleele ba ya go rapela kwa Loboteng lo lo kwa Botlhaba lwa kwa Jerusalema, ka tsholofelo ya gore tempele ya bone e tla tsosolosiwa le go bona motlha o mosha wa katlego le kagiso.

Le fa gone dimilione tsa batho ba rapela ka natla, batho ba tswelela ba aparetswe ke mathata a lehuma, go tshwakgolwa, go thubega ga malapa, bokebekwa le ntwa. A e ka tswa e le gore batho bano botlhe ga ba rapele ka tsela e e tshwanetseng? Re sa le foo, a tota go na le mongwe yo o utlwang dithapelo?

A go Na le Mongwe yo o Utlwang Dithapelo?

Dithapelo di ka se thuse sepe fa go se na yo o di utlwang. Fa motho a rapela, o dumela gore mongwe yo o mo lefelong la moya o a mo utlwa. Le fa go ntse jalo, dithapelo ga di tsamaisiwe ke makhubu fela a modumo. Batho ba le bantsi ba dumela gore mongwe o kgona le go bala megopolo ya motho yo o rapelang. E ka nna mang yoo?

Kgang ya gore dinyurone tse di dikete di le dimilione tse di bopang cerebral cortex ya boboko jwa rona di simolola jang go tlhama megopolo ke masaitsiweng mo babatlisising. Le fa go ntse jalo, go a utlwala go bo Ene yo o tlhamileng boboko a bo a ka kgona go bala megopolo eo. Ene yoo ga se ope fa e se Mmopi wa rona, e leng Jehofa Modimo. (Pesalema 83:18; Tshenolo 4:11) Dithapelo di tshwanetse go lebisiwa kwa go ene. Mme gone, a Jehofa o reetsa dithapelo tseo tsotlhe?

A Dithapelo Tsotlhe di a Utlwiwa?

Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo e ne e le monna wa thapelo. E re ka e ne e le mopesalema yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo, o ne a opela jaana: “Wena yo o utlwang thapelo, nama yotlhe e tlaa tla kwa go wena.” (Pesalema 65:2) Jehofa o kgona go utlwa dithapelo tse di rapelwang ka diketekete tsa dipuo tse di buiwang ke batho. Kgang ya go bo go se na motho ope yo tlhaloganyo ya gagwe e ka kgonang go tshwara tshedimosetso e ntsi jaana ga e bolele gore Modimo a ka se kgone go reetsa batho botlhe ba ba mo rapelang ka tsela e e tshwanetseng.

Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete—yo le ene e neng e le monna wa thapelo—o ne a supa gore ga se dithapelo tsotlhe tse di itumedisang Modimo. Ela tlhoko se Jesu a neng a se bolela ka mokgwa o o neng o atile ka nako eo wa go boaboeletsa dithapelo. Go ya ka Jerusalem Bible ya Katoliki, o ne a re: “Fa lo rapela, lo se ka lwa balabala jaaka baheitane, gonne ba ithaya ba re ba tla utlwiwa fa ba dirisa mafoko a mantsintsi.” (Mathaio 6:7) Re ka se lebelele gore Jehofa a reetse dithapelo tse di sa supeng maikutlo a rona a a boteng.

Seane sengwe sa Baebele se bua jaana fa se supa gore ke ka ntlha yang fa dithapelo tse dingwe di sa itumedise Modimo: “Yo o ithuhulang, gore a se utlwe molao, le e leng one morapelo wa gagwe ke sefedisapelo fela.” (Diane 28:9) Seane se sengwe sa re: “Jehofa o kgakala le baikepi, mme o utlwa morapelo wa basiami.” (Diane 15:29) Ka nako ya fa baeteledipele ba Juda wa bogologolo ba ne ba na le molato o mogolo, Jehofa o ne a bolela jaana: “E tlaa re lo huporolola diatla tsa lona ke tlaa lo ipipela matlho; ee, e tlaa re lo dira merapelo e le mentsi, ga nketla ke utlwa; diatla tsa lona di tladikilwe madi thata.”—Isaia 1:1, 15.

Moaposetoloi Petere o ne a umaka sengwe gape se se neng se ka dira gore Modimo a se ka a amogela dithapelo. Petere o ne a kwala jaana: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna le [basadi ba lona] ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso, lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoanyana, sa sesadi, e re ka le lona lo le baruaboswa le bone ba letlhogonolo le le sa re tshwanelang la botshelo, e le gore dithapelo tsa lona di se ka tsa kgoreletsega.” (1 Petere 3:7) Dithapelo tsa monna yo o itlhokomolosang kgakololo e e ntseng jalo di ka nna tsa se ka tsa fitlha le kwa marulelong a ntlo ya gagwe!

Ga go pelaelo gore, go na le dilo dingwe tse motho a tshwanetseng go di dira gore dithapelo tsa gagwe di utlwiwe. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba rapelang ga ba bontshe go batla go dira se Modimo a batlang gore re se dire. Ke sone se le fa batho ba rapela ka tlhoafalo go sa direng lefatshe go nna botoka.

Ka jalo, ke eng se Modimo a batlang re se dira gore dithapelo tsa rona di utlwiwe? Lebaka la gore ke eng fa re rapela ke lone karabo. Tota e bile, fa re batla go itse gore a dithapelo di a thusa, re tshwanetse go tlhaloganya lebaka la go rapela. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dirile gore re kgone go bua le ene?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

G.P.O., Jerusalem