Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Itumelela go Direla

Bakeresete ba Itumelela go Direla

Bakeresete ba Itumelela go Direla

Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—DITIRO 20:35.

1. Ke boikutlo bofe jo bo sa siamang jo bo anameng gompieno, mme ke eng fa bo le kotsi?

MO MASOMENG a bofelo a lekgolo la dingwaga la bo1900, moya wa “boithati” o ne wa anama thata. Totatota moya wa “boithati” ke boikutlo jwa bogagapa le jwa bopelotshetlha bo kopane le go se amege ka batho ba bangwe. Ga go pelaelo gore moya ono wa boithati o sa ntse o le gone mo ngwageng ono wa 2000. Ke ga kae o utlwa dipotso tse di reng, “Go tla nthusa ka eng?” kana, “Ke tlile go bona eng ka gone?” Boikutlo jo bo ntseng jalo jwa bogagapa ga bo dire gore motho a itumele. Bo farologana thata le molaomotheo ono o Jesu a ileng a o bua: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

2. Re bona ka eng gore go aba go dira gore motho a itumele?

2 A go boammaaruri gore go aba go leretse motho boitumelo go na le go amogela? Ee. Akanya ka Jehofa Modimo. Ke ene “motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) O re tlamela ka sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re nne re itumetse e bile re kgotsofetse. Ee ruri, ke Motswedi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Jehofa, “Modimo o o itumetseng,” ga a kgaotse go aba. (1 Timotheo 1:11) O rata popo ya gagwe ya batho mme o e abela dilo tse dintsintsi. (Johane 3:16) Akanya le ka lelapa la batho. Fa o le motsadi, o itse dilo tse dintsi tse o tshwanetseng wa itima tsone le tse o tshwanetseng go di abela ngwana wa gago fa o ntse o mo godisa. Mme go feta dingwaga di le dintsi ngwana yono a sa lemoge dilo tse o itimang tsone ka ntlha ya gagwe. Ga a di tseele tlhogong. Le fa go ntse jalo, o itumedisiwa ke go bona ngwana yono a gola sentle ka gonne o mo abela dilo ka bopelotshweu. Ka ntlha yang? Ka gonne o a mo rata.

3. Ke eng fa go direla Jehofa le badumedikarona go itumedisa?

3 Go ntse fela jalo le ka kobamelo ya boammaaruri, e lemotshega ka moya wa go aba o o ikaegileng ka lorato. E re ka re rata Jehofa e bile re rata badumedikarona, re itumelela go ba direla, go ba intshetsa setlhabelo. (Mathaio 22:37-39) Motho ope fela yo o obamelang ka maitlhomo a bogagapa ga a nne le boitumelo jo bo kalo. Mme batho ba ba direlang ba bangwe e se ka bogagapa, ba amegile thata ka se ba ka se abang e seng ka se ba solofetseng go se amogela, ba itumela tota. Re kgona go lemoga seno fa re sekaseka tsela e mafoko mangwe a Baebele a a amanang le kobamelo ya rona a dirisiwang ka teng mo Dikwalong. Re tla tlotla ka a le mararo a one mo setlhogong seno le se se latelang.

Tirelo ya ga Jesu

4. “Tirelo” ya Labokeresete ke ya mofuta ofe?

4 Mo Segerikeng sa ntlhantlha, lefoko lengwe le le botlhokwa thata le le amanang le kobamelo ke lei·tour·giʹa, le le ranolwang e le “tirelo” mo go New World Translation. Mo go Labokeresete lei·tour·giʹa e dirile gore go nne le lereo “tirelo ya kobamelo.” * Le fa go ntse jalo, tirelo ya kobamelo e e leng seomodiro fela mo go Labokeresete ga se tirelo ya boammaaruri e e solegelang molemo.

5, 6. (a) Ke tirelo efe e e neng e dirwa kwa Is eraele, mme e ne e solegela molemo jang? (b) Ke tirelo efe e kgolwane e e neng ya tsaya maemo a e e neng e dirwa kwa Iseraele, mme ka ntlha yang?

5 Moaposetoloi Paulo o ile a dirisa lefoko la Segerika le le amanang le lei·tour·giʹa malebana le baperesiti ba Iseraele. O ile a re: “Moperesiti mongwe le mongwe o ema letsatsi le letsatsi gore a dire tirelo [mofuta wa lei·tour·giʹa] a bo a ise ditlhabelo di le dingwe fela tshupelo gantsintsi.” (Bahebera 10:11, NW) Baperesiti ba Balefi ba ne ba dira tirelo e e botlhokwa thata kwa Iseraele. Ba ne ba ruta Molao wa Modimo e bile ba ntsha ditlhabelo tse di ntshediwang maleo a batho. (2 Ditirafalo 15:3; Malaki 2:7) Fa setšhaba le baperesiti ba ne ba latela Molao wa ga Jehofa, ba ne ba itumela.—Duteronome 16:15.

6 Mo Molaong, go dira tirelo e ne e le tshiamelo e kgolo mo baperesiting ba Iseraele, mme gone tirelo ya bone e ne ya se ka ya tlhola e nna le bokao bope morago ga gore Baiseraele ba latlhwe ka ntlha ya go se ikanyege. (Mathaio 21:43) Jehofa o ne a rulaganya sengwe se se golwane go feta—tirelo e e dirwang ke Jesu, Moperesiti yo Mogolo. Re bala jaana ka ene: “Mme ene ka ntlha ya go tswelela a tshela ka bosaengkae boperesiti jwa gagwe ga bo na batlhatlhami bape. Ke gone ka moo gape o kgonang go boloka ka mo go feletseng ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela go ba rapelela.”—Bahebera 7:24, 25.

7.Ke eng fa tirelo ya ga Jesu e solegela batho molemo ka tsela e e sa tshwaneng le epe?

7 Jesu o tswelela e le moperesiti ka bosakhutleng, kwantle ga motlhatlhami ope. Ka gone, ke ene fela yo o ka bolokang batho ka botlalo. O dira tirelo eo e e sa tshwaneng le epe, e seng mo tempeleng e e dirilweng ke motho, go na le moo mo tempeleng ya tshwantshetso, e leng thulaganyo e kgolo ya ga Jehofa ya kobamelo e e simolotseng go nna gone ka 29 C.E. Gone jaanong Jesu o direla mo felong ga Boitshepotshepo ga tempele eo, kwa legodimong. Ke “motlhanka [lei·tour·gosʹ] mo lefelong le le boitshepo le wa mogope wa boammaaruri, o Jehofa a o tlhomileng, e seng motho.” (Bahebera 8:2; 9:11, 12, NW) Le fa Jesu a na le maemo a a kwa godimo thata, e sa ntse e le “motlhanka.” O dirisa taolo e kgolo e a nang le yone go aba, e seng go amogela. Mme go aba jalo go mo leretse boitumelo. Ke bontlhanngwe jwa “boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe” mme bo ne jwa mo nonotsha gore a kgone go itshoka mo botshelong jotlhe jwa gagwe jwa mo lefatsheng.—Bahebera 12:2.

8. Jesu o ne a dira jang tirelo e e neng ya tsaya maemo a kgolagano ya Molao?

8 Go na le ntlha e nngwe gape e e malebana le tirelo ya ga Jesu. Paulo o ile a kwala jaana: “Jesu o bone tirelo e e molemolemo, mo e leng gore gape ke motsereganyi wa kgolagano e e botoka ka tsela e e tshwanang, e e tlhomamisitsweng semolao mo ditsholofetsong tse di botoka.” (Bahebera 8:6NW) Moshe o ne a nna motsereganyi wa kgolagano e e neng e le motheo wa kamano e Jehofa a neng a na le yone le Iseraele. (Ekesodo 19:4, 5) Jesu o ne a nna motsereganyi wa kgolagano e ntšha, e e neng ya dira gore go kgonege gore go tsalwe setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo,” o o dirilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tswang mo ditšhabeng tse dintsi. (Bagalatia 6:16; Bahebera 8:8, 13; Tshenolo 5:9, 10) A bo seo e le tirelo e e molemo jang ne! A bo re itumela jang ne go tsalana le Jesu, motlhanka wa tirelo yo ka ene re kgonang go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang!—Johane 14:6.

Bakeresete le Bone ba Dira Tirelo

9, 10.Mengwe ya mefuta ya tirelo e e dirwang ke Bakeresete ke efe?

9 Ga go na motho ope yo o dirang tirelo ya maemo a a kwa godimo go gaisa ya ga Jesu. Le fa go ntse jalo, fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong, ba tsaya maemo a bone le Jesu mme ba nna le seabe mo tirelong ya gagwe ya go nna dikgosi le baperesiti. (Tshenolo 20:6; 22:1-5) Mme Bakeresete mo lefatsheng le bone ba dira tirelo mme ba e dira ka boitumelo jo bogolo. Ka sekai, fa go ne go na le tlhaelo ya dijo kwa Palesetina, moaposetoloi Paulo o ile a tsaya meneelo go tswa mo bakaulengweng ba Yuropa go thusa ka tiro ya go namola Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba le mo tlalelong kwa Judea. Seo e ne e le tirelo. (Baroma 15:27; 2 Bakorintha 9:12) Le gompieno Bakeresete ba itumelela go dira tirelo e e ntseng jalo, ba itlhaganelela go thusa fa bakaulengwe ba bone ba le mo dipogisong, mo masetlapelong a tlholego kana mo mathateng a mangwe.—Diane 14:21.

10 Paulo o ile a umaka tirelo e nngwe fa a ne a kwala jaana: “Le eleng fa ke tshololelwa jaaka tshupelo ya senō mo setlhabelong se tumelo e lo gogetseng kwa go sone le mo go direleng botlhe, ke itumetse e bile ke ipela le lona lotlhe.” (Bafilipi 2:17, NW) Tiro ya bonatla e Paulo a neng a e direla Bafilipi e ne e le tirelo e a neng a e dira ka lorato le ka tlhagafalo. Le gompieno go dirwa tirelo e e ntseng jalo segolobogolo ke Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba direlang e le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” yo o abang dijo ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45-47) Mo godimo ga moo, fa ba le setlhopha, ke “boperesiti jo bo boitshepo,” jo bo abetsweng tiro ya gore bo “ise ditlhabelo tsa semoya tshupelo tse di amogelesegang mo Modimong ka Jesu Keresete” le gore bo “bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe tsa yo o neng a [ba] bitsa mo lefifing a [ba] isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Petere 2:5, 9) Jaaka Paulo, ba itumelela ditshiamelo tseo fa ba ntse ba ‘itshololela’ mo go direng maikarabelo a bone ka botlalo. Mme ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” ba ba ema nokeng mo tirong ya go bolelela batho kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe. * (Johane 10:16; Mathaio 24:14) A tirelo e molemolemo le e e itumedisang ruri!—Pesalema 107:21, 22.

Go Dira Tirelo e e Boitshepo

11. Moporofeti wa mosadi Ana o ne a tlhomela Bakeresete botlhe sekao se se molemo jang?

11 Lefoko le lengwe la Segerika le le amanang le kobamelo ya rona ke la·treiʹa, le le ranolwang e le “tirelo e e boitshepo” mo go New World Translation. Tirelo e e boitshepo e amana le ditiro tsa kobamelo. Ka sekai, Ana yo e neng e le motlholagadi wa dingwaga tse 84 e bile e le moporofeti wa mosadi o tlhalosiwa “a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo [lefoko la Segerika le le tsamaelanang le la·treiʹa] bosigo le motshegare ka go itima dijo le mekokotlelo.” (Luke 2:36, 37) Ana o ne a obamela Jehofa ka boikanyegi. Ke sekao se se molemo mo go rona rotlhe—ba basha le ba ba godileng, banna le basadi. Fela jaaka Ana a ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo le go mo obamela ka metlha mo tempeleng, tirelo ya rona e e boitshepo e akaretsa go rapela le go nna gone mo dipokanong.—Baroma 12:12; Bahebera 10:24, 25.

12. Karolo ya botlhokwa ya tirelo ya rona e e boitshepo ke efe, mme seno le sone ke tirelo ka tsela efe?

12 Moaposetoloi Paulo o ile a umaka karolo ya botlhokwa ya tirelo ya rona e e boitshepo fa a ne a kwala jaana: “Modimo, o ke o direlang tirelo e e boitshepo ka moya wa me malebang le dikgang tse di molemo kaga Morwaone, ke mosupi wa me wa kafa ke lo umakang ka metlha ka gone kwantle ga go kgaotsa mo dithapelong tsa me.” (Baroma 1:9) Ee, go rerwa ga dikgang tse di molemo ga se tirelo mo go ba ba di utlwang fela, mme gape ke karolo ya kobamelo ya rona go Jehofa Modimo. Tiro ya go rera ke tirelo e e boitshepo e re e direlang Jehofa e ka ne batho ba re reetsa kana nnyaa. Ruri maiteko a rona a go itsise batho dinonofo le maikaelelo a a molemo a Rraarona yo o lorato wa selegodimo a re dira gore re nne le boipelo jo bogolo.—Pesalema 71:23.

Re Dira Tirelo e e Boitshepo Kae?

13. Tsholofelo ya ba ba dirang tirelo e e boitshepo mo lelwapeng le le kwa gare la tempele ya semoya ke efe, mme ke bomang ba ba ipelang le bone?

13 Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng jaana: “Ka re bona gore re tshwanetse go amogela bogosi jo bo sa ka keng jwa reketlisiwa, a re tsweleleng re nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, jo re ka direlang Modimo tirelo e e boitshepo ka jone ka mo go amogelesegang re na le poifo ya bomodimo le tshisimogo.” (Bahebera 12:28) Bakeresete ba ba tloditsweng ba na le tumelo e e sa reketleng mo Mogodimodimong ka ba na le tsholofelo e e nonofileng ya gore ba tlile go rua Bogosi. Ke bone fela ba ba ka mo direlang tirelo e e boitshepo mo felong ga Boitshepo ga lelwapa le le kwa gare la tempele ya ga Jehofa ya semoya mme ba lebile pele ka tlhoafalo e kgolo go direla le Jesu mo felong ga Boitshepotshepo ga legodimo ka bolone. Ditsala tsa bone tsa setlhopha sa dinku tse dingwe, di ipela le bone mo tsholofelong eno ya bone e e molemolemo.—Bahebera 6:19, 20; 10:19-22.

14. Boidiidi jo bogolo bo solegelwa molemo jang ke tirelo ya ga Jesu?

14 Mme go tweng ka ba dinku tse dingwe? Jaaka moaposetoloi Johane a ile a bonela pele, boidiidi jo bogolo jwa bone bo ile jwa bonala mo malatsing ano a bofelo, mme “ba tlhatswitse dipurapura tsa bone ba ba ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” (Tshenolo 7:14) Seno se bolela gore le bone fela jaaka baobamedikabone ba batlodiwa, ba bontsha go dumela mo tirelong ya ga Jesu le mo go ntshetseng batho botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho setlhabelo. Dinku tse dingwe gape di solegelwa molemo ke tirelo ya ga Jesu ka tsela ya gore “ba tshwere kgolagano [ya ga Jehofa].” (Isaia 56:6NW) Nnyaa, ga ba mo kgolaganong e ntšha, go na le moo, ba e tshwere ka tsela ya gore ba ikobela melao e e amanang le yone e bile ba dirisana mmogo le dithulaganyo tsa yone. Ba ikamanya le Iseraele wa Modimo, ba ja mmogo le bone mo tafoleng e le nngwe ya semoya le go dira mmogo le maloko a yone, ba baka Modimo phatlalatsa e bile ba ntsha ditlhabelo tsa semoya tse di mo itumedisang.—Bahebera 13:15.

15. Boidiidi jo bogolo bo dira tirelo e e boitshepo kae, mme tshiamelo eno e e molemo e ba ama jang?

15 Ka gone, boidiidi jo bogolo bo bonwa bo “eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere dipurapura tse ditshweu.” Mo godimo ga moo, ba “fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo; mme ba o direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya one; mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi o tla tsharolola tente ya gagwe godimo ga bone.” (Tshenolo 7:9, 15) Kwa Iseraele, basokologi ba ne ba obamela mo lelwapeng le le kwa ntle la tempele ya ga Solomone. Boidiidi jo bogolo le jone bo obamela Jehofa mo lelwapeng le le kwa ntle la tempele ya ga Jehofa ya semoya. Go direla ga bone teng go dira gore ba ipele. (Pesalema 122:1) Tota le fa wa bofelo wa ditsala tsa bone tsa batlodiwa a ka amogela boswa jwa kwa legodimong, ba tla tswelela pele ba direla Jehofa tirelo e e boitshepo jaaka batho ba gagwe.—Tshenolo 21:3.

Tirelo e e Boitshepo E e Sa Amogelesegeng

16. Re newa ditlhagiso dife malebana le tirelo e e boitshepo?

16 Mo metlheng ya Baiseraele ba bogologolo, tirelo e e boitshepo e ne e tshwanetse go dirwa ka tsela e e dumalanang le melao ya ga Jehofa. (Ekesodo 30:9; Lefitiko 10:1, 2) Le gompieno go na le dilo tse Jehofa a batlang re di dira e le gore tirelo ya rona e e boitshepo e amogelege. Ke gone ka moo Paulo a ileng a kwalela Bakolosa jaana: ‘Re ne ra se ka ra kgaotsa go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe ka kitso e e leng yone ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, e le gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo jaaka lo tswelela lo ntsha maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile lo oketsega mo kitsong e e leng yone kaga Modimo.’ (Bakolosa 1:9, 10) Ga se rona ba re ka batlang go itlhomela tsela e re tshwanetseng ra obamela Modimo ka yone. Kitso e e boammaaruri ya Dikwalo, go tlhaloganya ga semoya le botlhale jwa bomodimo di botlhokwa thata. Go seng jalo dilo di ka senyega tota.

17. (a)  Tirelo e e boitshepo e ile ya sokamisiwa jang mo motlheng wa ga Moshe? (b) Tirelo e e boitshepo e ka lebisiwa go sele jang gompieno?

17 Gakologelwa Baiseraele mo motlheng wa ga Moshe. Re bala jaana: “Modimo wa retologa mme wa ba neela gore ba direle lesomosomo la legodimo tirelo e e boitshepo.” (Ditiro 7:42) Baiseraele bao ba ne ba bone ditiro tse di gakgamatsang tse Jehofa a neng a ba diretse tsone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba retologela kwa medimong e mengwe fa ba ne ba akanya gore go dira jalo go ne go tla ba solegela molemo. Ba ne ba sa ikanyege, mme motho o tshwanetse go ikanyega fa e le gore o batla Modimo a itumelela tirelo ya gagwe e e boitshepo. (Pesalema 18:25) Ke boammaaruri gore ke batho ba sekae fela gompieno ba ba ka tlhanogelang Jehofa mme ba obamela dinaledi kana dinamane tsa gouta, mme gone go na le mefuta e mengwe ya kobamelo ya medingwana. Jesu o ne a tlhagisa malebana le go obamela “Dikhumo,” mme Paulo o ne a bitsa bopelotshetlha a re ke kobamelo ya medingwana. (Mathaio 6:24; Bakolosa 3:5) Satane o itira modimo. (2 Bakorintha 4:4) Mefuta e e ntseng jalo ya kobamelo ya medingwana e aname gompieno mme ke serai. Ka sekai, akanya ka motho yo o ipolelang gore ke molatedi wa ga Jesu mme gone mokgele o mogolo wa gagwe mo botshelong e le go huma kana a ikanya ene ka boene thata le go ikanya megopolo ya gagwe. Tota o direla mang? O farologana go le kana kang le Bajuda ba motlha wa ga Isaia ba ba ileng ba ikana ka leina la ga Jehofa mme ba bo ba bolela gore ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang di dirilwe ke medingwana e e makgapha?—Isaia 48:1, 5.

18. Tirelo e e boitshepo e ile ya dirwa jang ka tsela e e phoso mo nakong e e fetileng le ya gone jaanong?

18 Jesu le ene o ile a tlhagisa jaana: “Nako e etla fa mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla ithayang a re o diretse Modimo tirelo e e boitshepo.” (Johane 16:2) Ga go pelaelo gore Saulo yo o neng a nna moaposetoloi Paulo, o ne a akanya gore o direla Modimo fa a ne a ‘dumelela go bolawa ga ga Setefane’ le go “hema matshosetsi le polao ya ka boomo kgatlhanong le barutwa ba Morena.” (Ditiro 8:1; 9:1) Gompieno batlhotlheletsi bangwe ba dikganyaolo tsa morafe le dipolao tsa kgailo le bone ba ipolela gore ba obamela Modimo. Go na le batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ba obamela Modimo, le fa go ntse jalo totatota ba obamela medimo ya botšhaba, bomorafe, dikhumo, bone ka bobone kana medimo e mengwe.

19. (a) Re leba tirelo ya rona e e boitshepo jang? (b) Ke tirelo e e ntseng jang e e boitshepo e e ka re ipedisang?

19 Jesu o ile a re: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Mathaio 4:10) O ne a bua le Satane, le fa go ntse jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore rotlhe re sekegele mafoko ano a gagwe tsebe! Go direla Morena Molaodimogolo wa lobopo tirelo e e boitshepo ke tshiamelo e e boitshegang ya maemo a a kwa godimo. Mme go ka tweng ka go dira tirelo e e amanang le kobamelo ya rona? Go direla bathokarona jalo ke tiro e e ipedisang e e re itumedisang thata. (Pesalema 41:1, 2; 59:16) Le fa go ntse jalo, tiro e e ntseng jalo e ka re leretse boitumelo jwa mmatota fa fela re e dira ka pelo yotlhe e bile re e dira ka tsela e e tshwanetseng. Tota ke bomang ba ba direlang Modimo ka tsela e e tshwanetseng? Jehofa o amogela tirelo e e boitshepo ya bomang? Re ka kgona go araba dipotso tseno fa re ka sekaseka lefoko la boraro la Baebele le le amanang le kobamelo ya rona. Re tla dira jalo mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Gantsi tirelo ya kobamelo ya Labokeresete e akaretsa ditiro tsa sedumedi kana meetlo e e rileng, e e jaaka Selalelo sa Morena mo Kerekeng ya Katoliki ya Roma.

^ ser. 10 Mo go Ditiro 13:2, go begwa gore baporofeti le ba ba rutang kwa Antioka ba ne ba “direla Jehofa phatlalatsa” (go ranolwa lefoko la Segerika e leng lei·tour·giʹa). Go ka direga gore tirelo eno ya phatlalatsa e ne e akaretsa go rerela batho.

O ka Araba Jang?

• Jesu o ne a dira tirelo efe e e molemo?

• Ke tirelo efe e Bakeresete ba e dirang?

• Ke tirelo efe e e boitshepo e Bakeresete ba e dirang, mme ba e dira kae?

• Ke eng se re tshwanetseng go nna le sone gore Modimo a itumedisiwe ke tirelo ya rona e e boitshepo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Batsadi ba bona boipelo jo bogolo ka go aba

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Bakeresete ba dira tirelo fa ba thusa batho ba bangwe le fa ba bolela dikgang tse di molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Re tshwanetse ra nna le kitso e e boammaaruri le tsela e e siameng ya go tlhaloganya gore Modimo a amogele tirelo ya rona e e boitshepo