Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rera ka Bogosi Kwa Altiplano Kwa Peru

Go Rera ka Bogosi Kwa Altiplano Kwa Peru

Re Mofuta o o Nang le Tumelo

Go Rera ka Bogosi Kwa Altiplano Kwa Peru

FA GARE ga mogolagang o o kwa botlhaba le o o kwa bophirima wa Dithaba Tsa Andes—mo Bolivia le Peru di kopanang teng—go larile Altiplano. Leina la yone le kaya “poa e e goletsegileng,” kana “setlhaba.” Karolo e kgolo ya yone e kafa Bolivia.

Altiplano eno e bophara jwa dikilometara di le 100 le boleele jwa dikilometara tse di fetang 1 000, mme palogare ya bogodimo jwa yone e ka nna dimetara tse 3 700 kwa godimo ga boalo jwa lewatle. Fa o palame sefofane go tswa kwa motsemogolong wa Peru o o fa losing lwa lewatle, e bong Lima, o feta fa godimo ga thaba e e apesitsweng ke semathane ya El Misti, e e totomotsweng ke lekgwamolelo e e tlang e kgoma maru ka bogodimo jwa dimetara di le 5 822. Kgakajana fale go dithabana tse ditlhora tsa tsone di apesitsweng ke semathane tse di bogodimo jwa dimetara di ka feta 6 000 tse di bidiwang Nevado Ampato le Nevado Coropuna. Fa o sa ntse o itebetse o bona go runya setlhaba se segolo—Altiplano ya Peru e e kwa ntlheng ya borwa.

Motsemogolo wa Altiplano eno ya Peru ke Puno, o o kafa bokonebophirima jwa Letsha la Titicaca, e leng letsha le legolo go gaisa otlhe mo lefatsheng le go tsamayang dikepe mo go lone. E re ka kgaolo eno e le bogodimo jwa dikilometara di le tharo, go tsaya baeti lobaka lo loleele go tlwaela moya wa teng o o tlhabang. Gaufi le Letsha la Titicaca go nna Baindia ba Ba-Quechua le Ba-Aymara. O ka ba fitlhela ba semeletse mo di-chacra kana dipolasi tsa bone tse dinnye, ba apere diaparo tsa bone tse di mebalabala tse dikhibidu, tse ditala kana tse dipududu. Le fa Se-Spain e le puo e e buiwang thata kwa Peru, Se-Quechua le Se-Aymara le tsone di a buiwa kwa Altiplano.

Go Etelela Tiro ya go Rera Pele

Bosheng jaana batho ba bantsi ba ba boikokobetso ba ba buang Se-Quechua le Se-Aymara ba ile ba amogela kitso e e boammaaruri ya Baebele. Seno se diregile segolobogolo ka ntlha ya masego a magolo a ka one Jehofa a segofaditseng tiro ya bonatla ya baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng teng.

Ka sekai, José le Silvia ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng ba ile ba abelwa go dira kwa toropong ya Putina, e e ka nnang dikilometara tse 50 go tswa kwa Letsheng la Titicaca. Mo dikgweding tse pedi fela ke fa Silvia a setse a ithuta Baebele le batho ba le 16 mme José ene le ba le 14. Mo dikgweding tse thataro fela ke fa palo ya baboledi ba phuthego e setse e oketsegile go tloga go 23 go ya go 41. Palo ya ba ba neng ba nna gone mo dipokanong yone e ne ya oketsega go tloga go batho ba le 48 go fitlha go ba le 132.

José a re: “Re ne ra fitlhela gore go botoka gore re simolole ka Pokano ya Phatlalatsa le Thuto ya Buka ya Phuthego fa re simolola dipokano tsa phuthego mo metseng e e kwa thoko. Seno se dira gore go nne motlhofo gore batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba simolole go nna gone mo dipokanong.”

Bokgaitsadi ba babedi—yo mongwe wa bone e neng e le mmulatsela—ba ne ba lere dikgang tse di molemo la ntlha mo motseng o o kwa thoko wa Muñani, dikilometara di ka nna 20 go tswa kwa Putina. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele le monna mongwe wa sefofu teng yo leina la gagwe e leng Lucio. * O ne a laletsa monnawe e bong Miguel, yo e neng e le morongwa wa Mokatoliki e bile e le moeteledipele mo motseng o o mabapi. Fa tsala e ne e botsa Miguel gore ke eng fa a ne a ya kwa ga Muñani beke le beke, o ne a re o ya teng go ya go ithuta ka Jehofa le ka Lefoko la gagwe. Go tswa foo o ne a botsa jaana: “Ke eng fa re sa ithutele Baebele mono?” Ka ntlha ya tsela e batho ba motse wa gaabo Miguel ba neng ba kgatlhega ka yone, go ise go ye kae Basupi ba ne ba rulaganya gore go tshwarelwe dipokano teng.

Miguel o ne a simolola go tlotlela batho ba bangwe se a neng a ithuta sone. Mme go tweng ka maemo a gagwe a go nna morongwa wa Katoliki le motlatsamolaodi? Kwa kokoanong nngwe e e neng e tshwaretswe mo holong ya motse, o ne a itsise gore o tlogela tiro ya go nna morongwa wa Katoliki. A go ne go tla tlhomiwa motho o sele? Motho mongwe mo bareetsing o ne a re: “Go thusa eng gore re tlhophe morongwa yo mongwe ntswa re ithuta boammaaruri?” Ke boammaaruri gore o ne a bua ka dilo tse ba ithutang tsone mo Basuping ba ga Jehofa. Motho yo mongwe o ne a re: “Ga re dumalane le gore o phimole leina la gago o le nosi. Ke eng fa rotlhe re sa iphimole maina?” Go tswa foo botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba tlhaeletsa jaana ka bongwe fela jwa pelo: “Re iphimola maina rotlhe!”

Morago ga moo go ne ga buiwa ka kgang ya medingwana le tiriso ya difapaano. Monna mongwe yo o neng a le gone o ne a kopa gore botlhe ba ba leng gone ba bale Duteronome 7:25, e e reng: “Ditshwantsho tse di setilweng tsa medimo ya yone lo di fise ka molelo; o se ka wa eletsa selefera kgotsa gouta tse di mo go yone, le fa e le go di itseela; o ka tla wa raelwa ke tsone; gonne ke makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.”

Monna yono o ne a kopa batho ba ba dumalanang le gore go fisiwe medingwana yotlhe gore ba tsholetse diatla. Botlhe ba ne ba tsholetsa diatla ka yone nako eo. (Ditiro 19:19, 20) Gone jaanong malapa a le 23 mo go a le 25 a motse oo a ithuta Lefoko la Modimo. Batho ba le babedi ba teng ke baboledi ba ba sa kolobediwang, mme ditlhopha di le tlhano tsa batho ba ba nnang mmogo di rulaganya go kwadisa manyalo a bone e le gore ba nne phepa fa pele ga Jehofa.—Tito 3:1; Bahebera 13:4.

Go Ruta ka Dikhasete

E re ka batho ba bantsi ba sa itse go bala kwa Altiplano, dibidio le dikhasete tsa Watch Tower tse di leng mo dipuong tsa lefelo leo di dirisiwa thata mo go ruteng—tota le e leng go tshwara dithuto tsa Baebele tsa magae ka tsone. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng yo leina la gagwe e leng Dora o tshwara dithuto a dirisa khasete ya boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? O tshameka khasete go fitlha a e emisa mo serapa sengwe le sengwe se felelang teng, a bo a botsa moithuti wa Baebele potso kaga dintlha tse a sa tswang go di reetsa.

Seteishene sa teng sa radio se gasa dikarolo di se kae tsa boroutšhara jwa Re Direng ka Se-Quechua ka metlha. Se dira jalo le ka dikarolo dingwe tsa makasine wa Tsogang! ya Se-Spain. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba lemoga molaetsa wa bogosi mme ba batla go ithuta go le gontsi fa Basupi ba ga Jehofa ba ba etela mo magaeng a bone.

Bontsi jwa batho mo lefatsheng ga ba itse go le kalo ka Altiplano, mme gone, ga go jalo ka Modimo. Ka ntlha ya tsela e Jehofa a ratang batho ka yone, o dira gore batho ba le bantsi ba ba nnang kwa godimodimo kwa Altiplano ya Andes ba nne bontlhanngwe jwa bontsintsi jo bo galaletsang ntlo ya gagwe e kgolo ya kobamelo ya boammaaruri.—Hagai 2:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Maina mangwe a fetotswe mo setlhogong seno.