Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa o Tshwanetse go Rapela?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Rapela?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Rapela?

“RURI lo a kopa, mme lefa go ntse jalo ga lo amogele, ka gonne lo kopa ka boikaelelo jo bo sa siamang . . . Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:3, 8) Mafoko ao a morutwa wa ga Jesu e bong Jakobe a tshwanetse go dira gore re akanye ka kelotlhoko mabaka a go bo re rapela.

Thapelo ga se tsela fela ya go bolelela Modimo se re se tlhokang. Jesu o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng: “Rraalona o itse dilo lefa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.” Le fa go ntse jalo, gape Jesu o ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa.” (Mathaio 6:8; 7:7) Ka jalo, Jehofa o batla gore re mmolelele se re ikutlwang re se tlhoka. Mme le fa go ntse jalo, ga se sone fela se re tshwanetseng go se rapelela.

Ditsala tsa boammaaruri ga di buisane fela fa di tlhoka sengwe. Ba a kgatlhegelana, le botsala jwa bone bo a gola fa ba tlhalosa tsela e ba ikutlwang ka yone. Thapelo le yone ga se kgang fela ya go kopa dilo tse motho a di tlhokang. E re naya tshono ya go nonotsha botsala jwa rona le Jehofa ka go mo tlhalosetsa ka fa re ineetseng ka teng mo go ene.

Ee, Modimo o re neile tshiamelo ya go rapela gore re tle re kgone go atamelana le ene. Seno se ka kgonega fela fa re tlhalosetsa Modimo tsela e re ikutlwang ka yone go na le go boaboeletsa dithapelo tse re di tshwereng ka tlhogo. A bo go itumedisa jang ne go bua le Jehofa ka thapelo! Mo godimo ga moo, seane sa Baebele sa re: “Morapelo wa mothokgami o a mo natefela.”—Diane 15:8.

Mokwadi wa dipesalema e bong Asafe o ne a opela jaana: “Mo go nna go molemo go atamela Modimo.” (Pesalema 73:28) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira se se fetang fela go rapela fa re batla go atamelana le Modimo. Ela tlhoko ka fa pego e e latelang e tlhalosang seno ka gone:

“Mongwe wa barutwa ba ga [Jesu] a mo raya a re: ‘Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.’” Jesu a mo fetola a re: “Lefa e le leng fela fa lo rapela, lo re, ‘Rara, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle.’” (Luke 11:1, 2) A re ka rapela ka tsela eno e e utlwalang kwantle ga gore re bo re ithutile pele gore leina la Modimo ke mang le gore le tla itshepisiwa ka tsela e e ntseng jang? Mme a re ka rapela go dumalana le mafoko ano a ga Jesu fa re ka bo re sa tlhaloganya se Bogosi jwa Modimo e leng sone? Go a kgonega gore re tlhaloganye dilo tseno fa re tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko. Kitso e re tla bong re e bone e tla re thusa go itse Modimo le go tlhaloganya ditsela tsa gagwe. Go feta moo, go itlwaelanya le Jehofa Modimo go tla dira gore re ikutlwe re atamelane thata le ene e bile re ineetse ka botlalo mo go ene. Seno gape se tla re thusa go bua le ene re gololesegile fa re rapela.

Thapelo e ka Rarabolola Mathata

Go nna le botsala jo bogolo le Jehofa go tla re thusa go rarabolola mathata. Ela tlhoko ka fa go ileng ga nna jalo ka teng mo go nngwe le nngwe ya ditiragalo tse di latelang. Di bontsha gore ba ba neng ba rapela ba ne ba kgona go nonotsha botsala jwa bone le Jehofa.

Kwa Brazil, mosadi mongwe yo o bidiwang Maria o ne a rapela Modimo gore a mo thuse. Ka ntlha ya boitimokanyo jo a neng a bo bona mo setšhabeng, o ne a batla go tsuologela melao ya boitshwaro e e neng e beilwe. Maria o ne a bile a tlogetse monna wa gagwe, bana le ntlo. Gape o ne a simolola go dirisa diokobatsi. Mme fa a palelwa ke go bona boitumelo, o ne a bulela Modimo pelo ya gagwe mme a rapela gore a mo thuse.

Go ise go ye kae, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba mo etela mme ba tlogelela Maria makasine wa Tora ya Tebelo e e neng e bua ka botlhokwa jwa go dumela go kaelwa ke Modimo. E ne ya mo ama pelo, mme a simolola go ithuta Baebele le Basupi bao go simolola ka lone letsatsi leo. Kgabagare seno se ne sa dira gore botshelo jwa lelapa la gagwe bo tsosolosiwe. Fa a ntse a ithuta ka Jehofa, o ne a batla go supa fa a mo rata. Maria o ne a bolela jaana: “Ke ne ka fetola tsela ya me ya boitshwaro. Kwa tshimologong monna wa me le lelapa la me ba ne ba sa rate fa ke ithuta Baebele. Mme fa ba bona diphetogo tse ke neng ke di dira, ba ne ba simolola go nkgothatsa.” Moragonyana, Maria o ne a neela botshelo jwa gagwe mo Moutlwing wa dithapelo gore a tle a mo direle.

Le fa gone José wa kwa Bolivia a ne a na le mosadi yo montle le kgwebo e e neng e atlega, o ne a sa itumela. Go ratana le mongwe o sele go ne ga dira gore mosadi wa gagwe a mo tlogele. O ne a nwa bobe mme a ikutlwa a se na mosola. José o bolela jaana: “Ke ne ka simolola go rapela Modimo ka pelo yotlhe ke mmotsa gore ke tshwanetse go dira eng gore ke mo itumedise. Go ise go ye kae, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela lefelo la me la kgwebo ba ithaopela go ithuta Baebele mahala le nna, le fa go ntse jalo ke ne ka ba leleka. Seno se ne sa direga ka makgetlho a le mararo. Nako le nako fa ke rapelela thuso, ba ne ba goroga. La bofelo ke ne ka fetsa ka gore fa ba ka tla gape ke tlile go ba reetsa. Ke ne ke badile Baebele yotlhe mme ke na le dipotso di le dintsi, mme ka metlha ba ne ba na le dikarabo tse di nkgotsofatsang. Go ithuta ka Jehofa go ne ga nnaya lebaka le lesha la go tshela, le ditsala tsa me tsa Basupi di ne tsa nna dikao tse di nkgothatsang tota! Ke ne ka tlogela kgarebe ya me le ditsala tsa me tse ke neng ke nwa le tsone. Ga go a tsaya lobaka, ke fa ke setse ke boelane le mosadi wa me le bana. Ke ne ka kolobediwa mo masimologong a 1999.”

Tamara wa kwa Italy o ne a na le mathata mo lenyalong, ka jalo a simolola go rapelela botlhale. O ne a setse a le mantwadumela, a setse a kile a itewa le go lelekwa mo lapeng a le dingwaga tse 14. Tamara a re: “Ke ne ka bona Baebele mme ka simolola go e bala. Maitseboa mangwe ke ne ka bala fa go tweng, ‘go bona botlhale go tshwana le go bona dikhumo tse di subegileng.’ Ke ne ka rapelela botlhale joo. (Diane 2:1-6) Mo mosong o o latelang Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le bone, mme go ne ga ntsaya lobakanyana pele ga ke dirisa se ke neng ke ithutile sone. Kgabagare, ke ne ka dira tshwetso ya go latela tsela ya botshelo ya Bokeresete mme ka kolobediwa. Jaanong, nna le monna wa me, re thusa batho ba bangwe go solegelwa molemo ke botlhale jwa Modimo.”

Beatriz e ne e le motho wa maemo a a kwa godimo mo setšhabeng kwa Caracas kwa Venezuela. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhadilwe e bile a ngomogile pelo. O ne a kile a fetsa diura a rapela ka ntlha ya go tlalelwa. Mo letsatsing le le latelang, a utlwa go kokotiwa mo lebating. E re ka a ne a seregile, o ne a okomela ka lesobana la lebati mme a bona batho ba babedi ba tshwere dibeke tsa dibuka. O ne a dira jaaka e kete ga a yo mo gae, mme pele ga banyalani bao ba tsamaya, ba ne ba tsenya pampitshana ka fa tlase ga lebati. Yone e ne e re: “Itse Baebele ya Gago.” A loeto lwa bone lo ka tswa lo amana le dithapelo tsa gagwe tsa bosigo jo bo fetileng? O ne a ba bitsa gore ba boe. Go ise go ye kae o ne a ithuta Baebele mme moragonyana a kolobediwa. Kgabagare Beatriz o ne a bona boitumelo, jaanong o ruta batho ba bangwe gore ba ka bona jang boitumelo.

Carmen o ne a rapelela go sotlega ga gagwe. O ne a na le bana ba le lesome le monna wa letagwa e bong Rafael. Carmen o ne a bolela jaana: “Ke ne ka leka go bona madi ka go tlhatswetsa batho diaparo.” Le fa go ntse jalo, go nwa ga ga Rafael go ne ga nna maswe le go feta. “Ke fela morago ga gore re simolole go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa monna wa me a neng a simolola go fetoga. Re ne ra ithuta ka tsholofetso ya Bogosi—gore go ise go ye kae Jehofa o tla fedisa lehuma le go gatelelwa. Kgabagare dithapelo tsa me go Modimo di ne tsa arabiwa!” Go ithuta ka ditsela tsa ga Jehofa go ne ga thusa Rafael go tlogela go nwa, mme a apara “botho jo bosha.” (Baefesia 4:24) Ene le lelapa la gagwe ba ne ba kgona go tokafatsa tsela e ba neng ba tshela ka yone. Rafael o bolela jaana: “Re ka tswa re sa huma, e bile ga re na ntlo e e leng ya rona, mme gone, re na le dilo tse re di tlhokang mo botshelong, e bile re itumetse.”

Nako ya fa Dithapelo Tsotlhe di Tla Bong di Utlwiwa

A go rapela go ne ga thusa batho bano? Ee! Mme a o lemogile gore gantsi dithapelo tsa bone di ne di arabiwa fa mongwe go tswa mo phuthegong ya Bokeresete a ne a ba thusa go atamelana le Jehofa Modimo ka go ithuta Baebele?—Ditiro 9:11.

Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a go rapela. Jaanong go ise go ye kae, thapelo ya gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng e tla arabiwa. (Mathaio 6:10) Morago ga gore Modimo a phepafatse lefatshe la rona ka go tlosa batho ba ba mo ganetsang, “lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa.” (Isaia 11:9) Morago ga moo, batho botlhe ba ba ratang Jehofa ba tla itumelela “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo”—mme dithapelo tsa bone ruri di tla arabiwa.—Baroma 8:18-21.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A o itse gore ke eng fa re tshwanetse go rapela?