Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Ithuta Sengwe mo Banyalaning ba Ntlha

Re ka Ithuta Sengwe mo Banyalaning ba Ntlha

Re ka Ithuta Sengwe mo Banyalaning ba Ntlha

MODIMO o ile a tlhatlhoba polanete ya Lefatshe. O ne a le baakanya gore batho ba nne mo go lone. O ne a bona fa sengwe le sengwe se a neng a se dira se le molemo. Tota e bile, fa tiro eno e weditswe, o ne a bolela gore e “molemo thata.” (Genesise 1:12, 18, 21, 25, 31) Le fa go ntse jalo, pele ga Modimo a konela jalo ka botlalo, o ne a bua ka sengwe se se neng ‘se se molemo.’ Gone mme, ga go na sepe se Modimo a se dirileng se sa itekanela. E ne e le fela gore popo ya gagwe e ne e ise e felele. Jehofa o ne a bolela jaana: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.”—Genesise 2:18NW.

Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore batho ba ipelele botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse, ba itumetse e bile ba sa tlhoke sepe mo lefatsheng la paradaise. Rre wa batho botlhe e ne e le Adame. Mosadi wa gagwe e bong Efa, o ne a nna “mmabatshedi botlhe.” (Genesise 3:20) Le mororo gone jaanong lefatshe le tletse bana ba bone ba ba dikete tsa dimilione, batho ga ba itekanela.

Kgang ya ga Adame le Efa e itsege thata. Mme gone e re solegela molemo jang? Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng banyalani bano ba ntlha?

“Wa ba Tlhola Nona le Tshadi”

Fa Adame a ne a taa diphologolo maina, o ne a bona fa di na le balekane mme ene a se na molekane. Ka jalo e rile a bona sebopiwa se sentle se Jehofa a neng a se bopile go tswa mo legopong la gagwe, o ne a itumela. Fa Adame a ne a lemoga gore o tshwana le ene tshe, o ne a goeletsa jaana: “Jaana yo, ke lesapo la marapo a me, le nama ya nama ya me; o tlaa bidiwa Mosadi, ka a ntshitswe mo Monneng.”—Genesise 2:18-23.

Monna o ne a tlhoka “mothusi.” Jaanong o ne a na le mothusi yo o mo tshwanelang sentle. Efa o ne a tshwanela sentle go nna motlatsi wa ga Adame—gore ba tlhokomele legae la bone la tshimo le diphologolo, a nne le bana, a mo thuse ka botlhale le go mo ema nokeng jaaka molekane wa mmatota.—Genesise 1:26-30.

Jehofa o ne a naya banyalani bano sengwe le sengwe se ba neng ba ka se eletsa. Fa Modimo a ne a lere Efa mo monneng wa gagwe mme ka go dira jalo a ba dumelela gore ba nne mmogo, o ne a simolola thulaganyo ya lenyalo le ya lelapa le le dirileng gore batho ba nne teng. Pego ya Genesise e bolela jaana: “Monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.” Mme fa Jehofa a ne a segofatsa banyalani ba ntlha a bo a ba raya a re ba ate, o ne a batla gore ngwana mongwe le mongwe a tsholwe mo lelapeng le le amegang, le le nang le rre le mmè ba ba tla mo tlhokomelang.—Genesise 1:28; 2:24.

“Mo Setshwanong sa Modimo”

Adame e ne e le morwa yo o itekanetseng wa Modimo, a bopilwe mo ‘setshwanong’ sa Gagwe. Mme e re ka ‘Modimo e le Moya,’ ba ne ba ka se tshwane ka popego. (Genesise 1:26; Johane 4:24) Setshwano e ne e le sa dinonofo tse di neng di dira gore motho a nne kwa godimo ga diphologolo. Ee, go tswa kwa tshimologong, motho o ne a bopilwe a na le dinonofo tsa lorato, botlhale, maatla le tshiamiso. O ne a filwe kgololesego ya go ka itlhophela e bile a na le selekanyo se se rileng sa bomoya. Boikutlo jo motho a tshotsweng ka jone jwa go itshwara sentle kana segakolodi, se ile sa mo thusa gore a kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang. Motho o ne a na le botlhale, jo bo neng jwa mo thusa gore a kgone go tlhatlhanya ka lebaka la go bo batho ba le teng, go ithuta ka Mmopi wa gagwe le go tlhagolela botsalano jo bogolo le Ene. E re ka Adame a ne a bopilwe ka tsela eno, o ne a na le sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka gore a dire seabe sa gagwe sa go nna mookamedi wa tiro ya Modimo ya mo lefatsheng.

Efa o Tlola Molao

Ga go na pelaelo gore Adame o ile a bolelela Efa ka bonako ka thibelo e le nngwe e Jehofa a neng a ba e beetse: Ba ne ba ka ja maungo a ditlhare tsotlhe tse di neng di le mo legaeng la bone la tshimo kwantle ga se le sengwe—setlhare sa kitso ya molemo le bosula. Ba ne ba sa tshwanela go ja mo go sone. Fa ba ne ba ka dira jalo, ba ne ba tla swa ka lone letsatsi leo.—Genesise 2:16, 17.

Go ise go ye kae, go ne ga tsoga kgang malebana le leungo le le ileditsweng. Efa o ne a gwetlhiwa ke noga, e moya mongwe o o sa bonaleng o neng o e dirisa go nna mmueledi. Ka go itira e kete ga e itse sepe, noga e ne ya botsa jaana: “A ruri Modimo o rile: ‘Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo’?” Efa o ne a araba ka gore ba letleletswe go ja maungo a setlhare sengwe le sengwe kwantle ga se le sengwe. Mme noga e ile ya ganetsa Modimo, ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo ketla loo swa; gonne Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.” Mosadi o ne a simolola go bona setlhare se se ileditsweng ka tsela e e farologaneng. “Setlhare se [ne se] le molemo go jewa, se bile se kgatlha mo matlhong.” Fa Efa a sena go tsiediwa ka botlalo, o ne a tlola molao wa Modimo.—Genesise 3:1-6; 1 Timotheo 2:14.

A boleo jwa ga Efa e ne e le jo bo neng bo ka se ka jwa tilwa? Le e seng! Ipeye mo boemong jwa gagwe. Se noga e neng ya se bolela se ne se sokamisa sengwe le sengwe se Modimo le Adame ba se buileng. Wena o ne o tla ikutlwa jang fa motswakwa a latofatsa mongwe yo o mo ratang e bile o mo ikanya ka gore ga a ikanyege? Efa o ne a tshwanetse go itshwara ka tsela e e farologaneng, a tenege mme a galefe a bo a gane le go reetsa. Tota e bile, noga e ne e na le tshwanelo efe ya gore e belaele go siama ga Modimo le lefoko la monna wa gagwe? Ka go tlotla molaomotheo wa botlhogo, Efa o ne a tshwanetse go batla kgakololo pele ga a ka dira tshwetso. Le rona re tshwanetse go dira jalo fa go ka direga gore re fiwe tshedimosetso e e thulanang le ditaelo tse re di filweng ke Modimo. Le fa go ntse jalo, Efa o ne a ikanya mafoko a Moraedi, a batla go itirela tshwetso ka boene gore se se molemo le se se bosula ke sefe. Fa a ntse a nnela go akanya ka seo, kgang eo e ne ya mo kgatlha le go feta. A bo a ile a dira phoso jang ne ka go nnela go eletsa selo se se sa siamang, go na le gore a tlose kgang eo mo mogopolong wa gagwe kana go tlotla ka yone le tlhogo ya lelapa!—1 Bakorintha 11:3; Jakobe 1:14, 15.

Adame o Reetsa Lentswe la Mosadi wa Gagwe

Go ise go ye kae Efa o ne a tlhotlheletsa Adame gore a kopanele le ene mo boleong jwa gagwe. Re ka tlhalosa jang go nna bokoa ga gagwe a bo a ineela? (Genesise 3:6, 17) Adame o ne a lebana le kgwetlho ya gore a ikanyege mo go mang. A o ne a tla utlwa Mmopi wa gagwe, yo o neng a mo file sengwe le sengwe, mmogo le molekane wa gagwe yo o rategang e bong Efa? A Adame o ne a tla batla kaelo ya Modimo malebana le gore a dire eng jaanong? Kana a monna yono o ne a tla kopanela le mosadi wa gagwe mo boleong? Adame o ne a itse sentle gore se mosadi wa gagwe a neng a solofetse go se bona ka go ja loungo lo lo ileditsweng a ka se ka a se bona. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Adame o ne a sa tsiediwa, mme mosadi o ne a tsiediwa ka botlalo mme a simolola go nna mo tlolong.” (1 Timotheo 2:14) Ka jalo Adame o ne a tlhopha ka boomo go tlontlolola Jehofa. Go bonala fa go boifa ga gagwe go kgaogana le mosadi wa gagwe go ne go gaisa tumelo ya gagwe ya gore Modimo o tla baakanya boemo.

Tsela e Adame a ileng a itshwara ka yone e ne e le kotsi. Go ne go tshwana le gore o ile a bolaya bana botlhe ba Jehofa ka kutlwelobotlhoko a ileng a mo letla gore a nne le bone, ka gonne botlhe ba ile ba tsholwa ba na le boleo jo bo isang losong. (Baroma 5:12) A bo ditlamorago tsa go tlhoka kutlo ka ntlha ya bopelotshetlha di nnile maswe jang ne!

Ditlamorago Tsa Boleo

Ditlamorago tsa boleo tse di neng tsa latela ka bonako e nnile ditlhong. Go na le gore banyalani bano ba itlhaganele ka boitumelo go ya go bua le Jehofa, ba ile ba iphitlha. (Genesise 3:8) Botsalano jwa bone le Modimo bo ne bo senyegile. Fa ba ne ba bodiwa gore ba dirile eng, ga ba a ka ba ikwatlhaya, le mororo ka bobedi jwa bone ba ne ba itse gore ba ne ba tlodile molao wa Modimo. Ba ne ba furalela bomolemo jwa Modimo ka go ja loungo lo lo ileditsweng.

Ka ntlha ya seo, Modimo o ne a bolela gore botlhoko jwa go tshola bana bo ne bo tla oketsega. Keletso ya ga Efa e ne e tla nna mo monneng wa gagwe mme ene o ne a tla mo laola. Go leka go batla go itaola ga gagwe go ile ga felela ka se se farologaneng gotlhelele le se a neng a se solofetse. Jaanong Adame o ne a tla ja maungo a mmu ka botlhoko. Go na le gore a kgore mo Edene kwantle ga go bereka ka natla, o ne a tla tshwanela gore a kgaratlhe gore a kgone go tshela go fitlha a boela mo loroleng lo a bopilweng ka lone.—Genesise 3:16-19.

Kgabagare, Adame le Efa ba ne ba lelekwa mo tshimong ya Edene. Jehofa o ne a bolela jaana: “Bonang, motho o diregile jaaka mongwe wa rona, o itse molemo le bosula; jaanong e ka tla ya re gongwe a ntsha seatla sa gagwe a tsaya le ga sone setlhare sa botshelo, a ja, a tshela ka bosenabokhutlo . . . ” Mokanoki mongwe e bong Gordon Wenham o bolela jaana: “Polelwana eo ga e a felela” mme rona re tshwanetse go feleletsa mogopolo wa Modimo—gongwe re re, “mma ke mo leleke mo tshimong.” Gantsi mokwadi wa Baebele o bega mogopolo wa Modimo o o feletseng. Wenham o tswelela ka gore, mme fano, “go sa konelweng ga polelwana eno go supa kafa Modimo a neng a itlhaganetse ka teng. E ne ya re a ise a fetse go bua a bo a setse a ba lelekile mo tshimong.” (Genesise 3:22, 23) Morago ga foo, go bonala fa dipuisano tsotlhe fa gare ga Jehofa le banyalani bao ba ntlha di ile tsa fela.

Adame le Efa ga ba a ka ba swa ka tsela ya mmatota ka letsatsi leo la diura di le 24. Le fa go ntse jalo, ba ne ba swa ka tsela ya semoya. E re ka ba ne ba itlhobogantse gotlhelele le Motswedi wa botshelo, ba ne ba simolola go koafala ba ya losong. Akanya fela gore go tshwanetse ga bo go ne go le botlhoko jang fa ba ne ba simolola go bona loso ka lekgetlho la ntlha fa morwaabone wa bobedi e bong Abele a ne a bolawa ke Kaine, leitibolo la bone!—Genesise 4:1-16.

Morago ga foo, ga go itsiwe go le gontsi malebana le se se ileng sa diragala ka banyalani bao ba ntlha. Morwaabone wa boraro e bong Sethe, o ne a tsholwa fa Adame a ne a le dingwaga di le 130. Adame o ile a swa dingwaga di le 800 moragonyana, a le dingwaga di le 930, fa a sena go nna le “tshimane le tshetsana.”—Genesise 4:25; 5:3-5.

Thuto mo go Rona

Mo godimo ga go senola lebaka la go bo maemo a batho a senyegile thata jaana gompieno, pego ya banyalani ba ntlha e re ruta thuto e e botlhokwa. Go leka go gana go laolwa ke Jehofa Modimo ka tsela epe fela ke boeleele fela. Batho ba ba leng botlhale tota ba dumela mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe, e seng mo kitsong ya bone e ba ka tswang ba akanya gore e ba lekane. Jehofa ke ene a laolang gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe mme fa re dira se se siameng re a mo ikobela. Go dira se se sa siamang go raya go tlola melao ya gagwe le go itlhokomolosa melaometheo ya gagwe.

Modimo o ile a naya batho sengwe le sengwe se ba se batlang mme o sa ntse a dira jalo—botshelo jo bo sa khutleng, kgololesego, kgotsofalo, boitumelo, boitekanelo, kagiso, katlego le go bona dilo tse disha. Le fa go ntse jalo, gore re itumelele dilo tseno tsotlhe, go batla re lemoge gore re ikaegile ka mo go feletseng ka Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa.—Moreri 3:10-13; Isaia 55:6-13.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

A Adame le Efa—Ke Tlhamane Fela?

Bababelona, Baasiria, Baegepeto le batho ba bangwe ba bogologolo ba ne ba dumela thata mo paradaiseng ya ntlha e e latlhegileng ka ntlha ya boleo. Mme pego e e neng e itsege thata mo go tse dingwe tse dintsi e ne e le ya setlhare sa botshelo se loungo lwa sone lo neng lo tla dira gore batho ba ba lo jang ba tshele ka bosakhutleng. Ka jalo batho ba a gakologelwa gore go ile ga direga sengwe se se utlwisang botlhoko kwa Edene.

Gompieno, batho ba le bantsi ba tsaya pego ya Baebele ya ga Adame le Efa e le tlhamane fela. Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba le bantsi ba dumela gore batho botlhe ke lelapa le le lengwe fela le le tswang mo mothong a le mongwe. Baithutabodumedi ba le bantsi ba bona go le thata go ganetsa gore ditlamorago tsa boleo jwa ntlha jo bo dirilweng ke mogologolwane wa botlhe di ile tsa fetisediwa mo bathong. Fa ba dumela gore batho ba tswa mo bathong ba ba farologaneng, go ne go tla ba patelela gore ba bolele gore boleo jo bo dirilweng kwa tshimologong bo dirilwe ke bagologolwane ba ba farologaneng. Mme seo ka bosone, se ne se tla ba patelela gore ba ganetse gore Keresete, “Adame wa bofelo,” o ile a golola batho. Mme Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba se na mathata a a ntseng jalo. Ba ne ba dumela gore pego ya Genesise e boammaaruri.—1 Bakorintha 15:22, 45; Genesise 1:27; 2:24; Mathaio 19:4, 5; Baroma 5:12-19.