Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Rata Dikgakololo Tsa ga Jehofa Fela Thata?

A o Rata Dikgakololo Tsa ga Jehofa Fela Thata?

A o Rata Dikgakololo Tsa ga Jehofa Fela Thata?

“Moya wa me o bolokile dikgakololo tsa gago, mme ke di rata fela thata.”—PESALEMA 119:167NW.

1. Ke kae koo segolobogolo go nnang go umakiwa dikgakololo tsa ga Jehofa gangwe le gape?

JEHOFA o batla gore batho ba gagwe ba itumele. Mme gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go tsamaya mo molaong le go ikobela ditaelo tsa Modimo fa e le gore re batla go nna le boitumelo jwa mmatota. O re thusa go dira jalo ka go re neela dikgakololo. Di umakwa gangwe le gape mo Dikwalong, segolobogolo mo go Pesalema 119, e go ka diregang gore e ile ya tlhamiwa ke Kgosana ya Juda e bong Hesekia. Pina eno e e monate e simolola ka mafoko ano: “Go itumela ba ba se nang molato mo tseleng ya bone, ba ba tsamayang mo molaong wa ga Jehofa. Go itumela ba ba bolokang dikgakololo tsa gagwe; ba nna ba mmatla ka pelo yotlhe.”—Pesalema 119:1, 2NW.

2. Dikgakololo tsa Modimo di amana jang le boitumelo?

2 Re ‘tsamaya mo molaong wa ga Jehofa’ ka go ithuta kitso e e boammaaruri ya Lefoko la gagwe le go e dirisa mo botshelong. Le fa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela, re tlhoka dikgakololo. Lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “dikgakololo” le bontsha gore Modimo o nna a re gopotsa molao wa gagwe, ditaelo le dikaelo. (Mathaio 10:18-20) Re tla nna re itumetse fa fela re ikobela dikgakololo tseo, ka gonne di re thusa go tila mamena a semoya a a ka felelang ka masetlapelo le khutsafalo.

Ngaparela Dikgakololo Tsa ga Jehofa

3. Go ya ka Pesalema 119:60, 61, re ka nna le tsholofelo efe?

3 Mopesalema o ile a opela jaana ka a ne a rata dikgakololo tsa Modimo thata: “Ka itlhaganela, ka se ka ka nyafala go tlhokomela ditaolo tsa gago. Megala ya boikepi e ntharile, mme ga ke a lebala molao wa gago.” (Pesalema 119:60, 61) Dikgakololo tsa ga Jehofa di re thusa go itshokela pogiso ka gonne re se na pelaelo gore Rraarona wa selegodimo a ka kgaola dikgole tsa dithibelo tse baba ba re bofang ka tsone. Fa nako e ntse e ya, o re golola mo dikgoreletsing tse di ntseng jalo e le gore re tswelele pele ka tiro ya go rera ka Bogosi.—Mareko 13:10.

4. Re tshwanetse ra tsibogela jang dikgakololo tsa Modimo?

4 Ka dinako tse dingwe dikgakololo tsa ga Jehofa di a re kgalema. E kete ka metlha re ka anaanela go kgalengwa jalo, fela jaaka mopesalema a ne a go anaanela. O ne a raya Modimo jaana a rapela: “Ke rata dikgakololo tsa gago . . . Ke ratile dikgakololo tsa gago.” (Pesalema 119:24, 119, NW) Re na le dikgakololo tsa Modimo tse dintsi go feta tse mopesalema a neng a na le tsone. Makgolokgolo a dipolelo tsa Dikwalo Tsa Sehebera tse di nopotsweng mo Dikwalong Tsa Segerika ga a re gakolole fela ditaelo tse Jehofa a neng a di naya batho ba gagwe ka nako ya Molao mme gape a re gakolola ka maikaelelo a gagwe malebana le phuthego ya Bokeresete. Fa Modimo a bona go tshwanela gore a re gakolole dilo tse di amanang le molao wa gagwe, re anaanela dikgakololo tseo. Mme fa re ‘ngaparela dikgakololo tsa ga Jehofa,’ re tla tila dithaelo tse di sa siamang tse di sa itumediseng Mmopi wa rona le tse di ka re amogang boitumelo.—Pesalema 119:31NW.

5. Go ka tla jang gore re rate dikgakololo tsa ga Jehofa fela thata?

5 Re tshwanetse go rata dikgakololo tsa ga Jehofa go le kana kang? Mopesalema o ile a opela jaana: “Moya wa me o bolokile dikgakololo tsa gago, Mme ke di rata fela thata.” (Pesalema 119:167, NW) Re tla rata dikgakololo tsa ga Jehofa fela thata fa re di tsaya e le dikgakololo tse di tswang kwa go Rre yo eleruri a amegang ka rona. (1 Petere 5:6, 7) Re tlhoka dikgakololo tsa gagwe, mme tsela e re di ratang ka yone e tla gola fa re ntse re bona kafa di re solegelang molemo ka teng.

Lebaka La go Bo re Tlhoka Dikgakololo Tsa Modimo

6. Lebaka lengwe la go bo re tlhoka dikgakololo tsa ga Jehofa ke lefe, mme ke eng se se ka re thusang go di gopola?

6 Lebaka lengwe la go bo re tlhoka dikgakololo tsa ga Jehofa ke ka gonne re a lebala. The World Book Encyclopedia ya re: “Ka kakaretso batho ba nna ba lebala dilo thata fa nako e ntse e ya. . . . O ka tswa o gopola nako nngwe fa o ne o palelwa ke go gopola leina kana tshedimosetso nngwe e tota o e itseng sentle. . . . Go lebala goo ga nakwana, go go diregang gangwe le gape, go bidiwa gore ke go gakega. Borasaense ba go tshwantsha le go batla selo sengwe mo ntlwaneng e e tletseng dilo tse dintsintsi. . . . Selo se se ka go thusang go gakologelwa tshedimosetso e e rileng ke fa o nna o e ithuta gangwe le gape le fa o setse o akanya gore o e itse sentle.” Go ithuta dikgakololo tsa Modimo ka tlhoafalo le ka go di boaboeletsa go ka re thusa go di gopola le go tshela ka tsone ka tsela e e tla re solegelang molemo.

7. Ke eng fa gompieno re tlhoka dikgakololo tsa Modimo go feta le fa e le leng pele?

7 Gompieno re tlhoka dikgakololo tsa ga Jehofa go feta le fa e le leng pele ka gonne boikepo bo atile go gaisa le fa e le leng pele mo hisitoring ya motho. Fa re sekegela dikgakololo tsa Modimo tsebe, re tla nna le temogo e e tla re thusang go tila go raelesega go latela ditsela tse di boikepo tsa lefatshe. Mopesalema o ile a re: “Ke setse ke na le temogo e ntsi go feta barutisi ba me botlhe, ka gonne ke tlhatlhanya ka dikgakololo tsa gago. Ke itshwara ka tlhaloganyo e kgolwane go feta banna ba bagolwane, ka gonne ke bolokile ditaelo tsa gago. Ke thibetse dinao tsa me mo tselaneng nngwe le nngwe e e bosula, ka boikaelelo jwa gore ke boloke lefoko la gago.” (Pesalema 119:99-101, NW) Fa re boloka dikgakololo tsa Modimo, re tla ipoloka re le kgakala le ‘tsela nngwe le nngwe e e bosula’ mme re tla tila go tshwana le bontsi jwa batho ba ba “mo lefifing mo mogopolong, e bile ba le baeng mo botshelong jo e leng jwa Modimo.”—Baefeso 4:17-19.

8. Ke eng se se ka re thusang go lebana le diteko tsa tumelo ya rona ka katlego?

8 Gape re tlhoka dikgakololo tsa Modimo ka gonne di a re nonotsha gore re kgone go itshokela diteko tse dintsi tse re lebanang le tsone mo ‘motlheng ono wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) Kwantle ga dikgakololo tse di ntseng jalo re tla nna ‘bautlwi ba ba lebalang.’ (Jakobe 1:25) Mme gone, go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo fa re le rosi le fa re le mo phuthegong ka thuso ya dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” go tla re thusa go lebana le diteko tsa tumelo ya rona ka katlego. (Mathaio 24:45-47) Dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa semoya di re thusa go lemoga se re tshwanetseng go se dira gore re itumedise Jehofa fa re iphitlhela re le mo ditekong.

Seabe se se Botlhokwa sa Dipokano Tsa Rona

9. Ke bomang ba e leng “dimpho ka banna,” mme ba thusa badumedikabone jang?

9 Ka tsela nngwe re gopodiwa dikgakololo tsa Modimo kwa dipokanong tsa Bokeresete, tse mo go tsone re rutiwang ke bakaulengwe ba ba tlhomilweng. Moaposetoloi Paulo o ile a bolela gore fa Jesu a ne a “tlhatlogela kwa godimo [o ne] a namola batshwarwa; a naya dimpho [ka] banna.” Paulo o ile a oketsa jaana: “[Keresete] a naya bangwe e le baaposetoloi, bangwe e le baporofeti, bangwe e le baefangele, bangwe e le badisa le ba ba rutang, ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi, go dira tiro ya bodiredi, go agiwa ga mmele wa ga Keresete.” (Baefeso 4:8, 11, 12) A bo re leboga jang ne go bo ‘dimpho tseno ka banna’—bagolwane ba ba tlhomilweng—di re gopotsa dikgakololo tsa ga Jehofa fa re kopane mmogo mo kobamelong!

10. Kgangkgolo ya Bahebera 10:24, 25 ke eng?

10 Go anaanela dilo tse Modimo a re tlamelang ka tsone go tla re tlhotlheletsa go nna gone mo dipokanong tse tlhano tsa phuthego beke nngwe le nngwe. Paulo o ile a gatelela botlhokwa jwa go kopana mmogo ka metlha. O ile a kwala jaana: “A re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme segolobogolo ka lo bona letsatsi le atamela.”—Bahebera 10:24, 25.

11. Re solegelwa molemo jang ke nngwe le nngwe ya dipokano tsa rona tsa beke le beke?

11 A o anaanela tsela e dipokano tsa rona di re thusang ka yone? Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke e re nonotsha tumelo, e re thusa go tshela go ya ka dikgakololo tsa ga Jehofa, e bile e re nonotsha go kgona go emelana le “moya wa lefatshe.” (1 Bakorintha 2:12; Ditiro 15:31) Mo Pokanong ya Phatlalatsa dibui di re ruta tao e e tswang mo Lefokong la Modimo, go akaretsa le dikgakololo tsa ga Jehofa le ‘mafoko a a molemo a botshelo jo bo sa khutleng’ a ga Jesu. (Johane 6:68; 7:46; Mathaio 5:1–7:29) Bokgoni jwa rona jwa go ruta bo a nonotshiwa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Pokano ya Tirelo e re thusa thata gore re tokafatse tsela e re rutang dikgang tse di molemo ka yone ka ntlo le ntlo, mo maetong a go boela, le mo dithutong tsa magae tsa Baebele le mo dikarolong tse dingwe tsa bodiredi jwa rona. Setlhopha se sennye kwa Thutong ya Buka ya Phuthego se re naya tshono e e molemo ya go bua dikakgelo tse gantsi di akaretsang dikgakololo tsa Modimo.

12, 13. Batho ba Modimo ba ile ba bontsha jang gore ba anaanela dipokano tsa Bokeresete kwa nageng nngwe ya Asia?

12 Go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa phuthego go re gakolola ditaelo tsa Modimo e bile go re thusa go nna re nonofile semoyeng mo ntweng, mo mathateng a tsa ikonomi le dilo tse dingwe tse di lekang tumelo ya rona. Bakeresete ba le 70 ba naga nngwe ya Asia ba ba neng ba lelekilwe mo matlong a bone mme ba patelesega go ya go nna kwa gare ga sekgwa ba ne ba lemoga kafa dipokano di leng botlhokwa ka teng. Ba ile ba ikaelela go tswelela pele ba kopana mmogo ka metlha ka go boela kwa motseng wa bone o o neng o sentswe ke ntwa go ya go tlhatlhamolola masalela a Holo ya Bogosi go ya go e aga sesha kwa sekgweng.

13 Batho ba ga Jehofa ba sa ntse ba mo direla ka tlhoafalo morago ga go itshokela dingwaga tse dintsi tsa ntwa kwa karolong e nngwe ya yone naga eno. Mongwe wa bagolwane ba koo o ne a bodiwa jaana: “Ke eng se se neng sa thusa bakaulengwe go nna ba le seoposengwe?” O ile a araba jang? “Mo dingwageng tseno tse 19, ga go ise go ko go direge gore re se ka ra tshwara dipokano. Ka dinako tse dingwe bakaulengwe bangwe ba ne ba sa kgone go nna gone ka ntlha ya go latlhelwa ga dibomo le mathata a mangwe, mme gone, ga go ise go ko go direge gore re se ka ra tshwara pokano epe.” Ga go pelaelo gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba lemoga botlhokwa jwa go ‘se lese go phuthega mmogo ga bone.’

14. Re ka ithuta eng mo go se Ana yo o neng a tsofetse a neng a itlwaeditse go se dira?

14 Ana wa motlholagadi wa dingwaga tse 84 o ne “a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha.” Ke gone ka moo a neng a le gone fa lesea Jesu le ne le lerilwe morago fela ga le sena go tsholwa. (Luke 2:36-38) A o leka ka natla gore o se tlolwe ke pokano epe? A o leka ka bojotlhe go nna gone mo thulaganyong nngwe le nngwe ya dikopano tse dinnye le tse dikgolo? Tao e e molemo ya semoya e re e neelwang mo dikokoanong tseno e re bontsha sentle gore Rraarona wa selegodimo o tlhokomela batho ba gagwe. (Isaia 40:11) Dikokoano tseno gape di dira gore go nne le boipelo, mme go nna gone ga rona go supa gore re anaanela dikgakololo tsa ga Jehofa.—Nehemia 8:5-8, 12.

Dikgakololo Tsa ga Jehofa Di a Re Tlhaola

15, 16. Go ikobela dikgakololo tsa ga Jehofa go ama boitshwaro jwa rona jang?

15 Go ikobela dikgakololo tsa Modimo go re tlhaola mo lefatsheng leno le le boikepo. Ka sekai, go sekegela tsebe dikgakololo tsa Modimo go re thusa go se inaakanye le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. (Duteronome 5:18; Diane 6:29-35; Bahebera 13:4) Go tshela go ya ka dikgakololo tsa Modimo go ka re thusa thata gore re se raelesege go bua maaka, go se ikanyege kana go utswa. (Ekesodo 20:15, 16; Lefitiko 19:11; Diane 30:7-9; Baefeso 4:25, 28; Bahebera 13:18) Go ikobela dikgakololo tsa ga Jehofa gape go re kganela gore re se ka ra ipusolosetsa, go nna ka sekgopi kana go seba ba bangwe.—Lefitiko 19:16, 18; Pesalema 15:1, 3.

16 Fa re sekegela dikgakololo tsa Modimo tsebe re tla nna re le boitsheko kana re tlhaoletswe tirelo ya gagwe. Mme a bo go le botlhokwa jang ne gore re nne re itlhaotse mo lefatsheng leno! Jesu o ne a kopela balatedi ba gagwe jaana fa a ne a rapela Jehofa mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng: “Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe. Ke a go lopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe. Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:14-17) A re tsweleleng pele re anaanela Lefoko la Modimo le le re thusang go nna re itlhaoletse tirelo ya gagwe e e boitshepo.

17. Go ka direga eng fa re ka itlhokomolosa dikgakololo tsa Modimo, ka jalo re tshwanetse go dira eng?

17 Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re batla gore a tswelele pele a re amogela mo tirelong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, fa re ne re ka itlhokomolosa dikgakololo tsa Modimo, re ne re ka fekeediwa ke moya wa lefatshe o o rotloediwang thata mo dipuong tsa lone, dibuka, boitlosobodutu le boitshwaro. Mme ruri ga re batle go nna barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba tlhogoethata, ba ba boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo—fa re umaka e se kae fela ya mekgwa ya batho ba ba itlhobogantseng le Modimo. (2 Timotheo 3:1-5) E re ka re le kwa tengteng ga malatsi a bofelo a tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, a re nneng re rapelele thuso ya bomodimo gore re tswelele pele re ikobela dikgakololo tsa ga Jehofa mme ka go dira jalo re nne re ‘itebeletse kafa lefokong la gagwe.’—Pesalema 119:9.

18. Go ikobela dikgakololo tsa Modimo go tla dira gore re tseye dikgato dife tse di molemo?

18 Dikgakololo tsa ga Jehofa ga di re tlhagise fela ka dilo tse re sa tshwanelang go di dira. Go ikobela dikgakololo tsa ga Jehofa go tla dira gore re tseye dikgato tse di molemo, go re tlhotlheletsa gore re mo ikanye le go mo rata ka botlalo ka pelo yotlhe, moya otlhe, mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona. (Duteronome 6:5; Pesalema 4:5; Diane 3:5, 6; Mathaio 22:37; Mareko 12:30) Gape dikgakololo tsa Modimo di re tlhotlheletsa go rata moagelani wa rona. (Lefitiko 19:18; Mathaio 22:39) Re bontsha go rata Modimo le moagelani segologolo ka go dira thato ya Modimo le go itsise batho ba bangwe “kitso ya Modimo” e e nayang botshelo.—Diane 2:1-5.

Go Ikobela Dikgakololo Tsa ga Jehofa go Bolela Botshelo!

19. Re ka bontsha batho ba bangwe jang gore go reetsa dikgakololo tsa ga Jehofa go a thusa e bile go molemo?

19 Fa re ikobela dikgakololo tsa ga Jehofa mme re thusa le batho ba bangwe go dira jalo, re tla ipoloka re bo re boloka ba ba re utlwang. (1 Timotheo 4:16) Re ka bontsha batho ba bangwe jang gore go sekegela dikgakololo tsa ga Jehofa tsebe ruri go a thusa e bile go molemo? Ka go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa rona. Ka gone, batho ba ba ‘sekametseng sentle mo go boneng botshelo jo bo sa khutleng’ ba tla lemoga gore ruri tsela ya go tshela e e tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo e molemo go gaisa tsotlhe. (Ditiro 13:48) Gape ba tla lemoga gore ‘ruri Modimo o gareng ga rona,’ mme go tla ba tlhotlheletsa gore ba kopanele le rona mo go obameleng Morena Molaodi Jehofa.—1 Bakorintha 14:24, 25.

20, 21. Dikgakololo tsa Modimo le moya wa gagwe di tla re thusa go dira eng?

20 Fa re tswelela pele re ithuta Dikwalo, re dirisa se re ithutang sone le go sola molemo ka botlalo dilo tsa semoya tse Jehofa a re tlamelang ka tsone, re tla rata dikgakololo tsa gagwe fela thata. Fa re reetsa dikgakololo tseno, di tla re thusa go ‘apara botho jo bosha jo bo neng jwa tlholwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego.’ (Baefeso 4:20-24) Dikgakololo tsa ga Jehofa le moya wa gagwe o o boitshepo di tla re thusa go nna le lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo—dinonofo tse di farologaneng thata le tsa lefatshe leno le le namaletseng mo maatleng a ga Satane! (Bagalatia 5:22, 23; 1 Johane 5:19) Ka gone, a re itumeleng fa re gopodiwa se Jehofa a batlang re se dira ka nako ya fa re ithuta Baebele re le rosi, fa re gopodiwa ke bagolwane ba ba tlhomilweng le kwa dipokanong tsa rona, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo.

21 Re kgona go nna le boipelo ka go bo re reetsa dikgakololo tsa ga Jehofa tota le fa re ka bogisediwa go dira tshiamo. (Luke 6:22, 23) Re ikanya Modimo gore o tla re namola mo nakeng tsa kukama. Seno se botlhokwa segolobogolo gone jaanong ka gonne ditšhaba tsotlhe di phuthelwa “kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe” kwa Haramagedona.—Tshenolo 16:14-16.

22. Re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng malebana le dikgakololo tsa ga Jehofa?

22 Fa e le gore re batla go bona mpho e e sa re tshwanelang ya botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse go rata dikgakololo tsa ga Jehofa fela thata mme re di ikobele ka pelo yotlhe. Ka gone, e kete re ka nna le boikutlo jo mopesalema a neng a na le jone fa a ne a opela jaana: “Tshiamo ya dikgakololo tsa gago ke ya bosakhutleng. Ntira gore ke tlhaloganye, gore ke nne ke tshela.” (Pesalema 119:144, NW) Mme a re ititeyeng sehuba fela jaaka mopesalema fa a ne a re: “Ke go biditse [Jehofa]. Mpoloka tlhe! Mme ke tla boloka dikgakololo tsa gago.” (Pesalema 119:146, NW) Ee, a re bontsheng ka lefoko le ka ditiro gore ruri re rata dikgakololo tsa ga Jehofa fela thata.

O ne O Tla Araba Jang?

• Mopesalema o ne a leba dikgakololo tsa ga Jehofa jang?

• Ke eng fa re tlhoka dikgakololo tsa Modimo?

• Dipokano tsa rona di na le seabe sefe mo dikgakololong tsa bomodimo?

• Dikgakololo tsa ga Jehofa di re tlhaola jang mo lefatsheng leno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mopesalema o ne a rata dikgakololo tsa ga Jehofa fela thata

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

A o etsa sekao sa ga Ana ka go lwela gore o se tlolwe ke dipokano?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go reetsa dikgakololo tsa ga Jehofa go re tlhaola re le batho ba ba phepa le ba ba amogelegang go dira tirelo ya gagwe