Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwanetse go e Dumela?

A o Tshwanetse go e Dumela?

A o Tshwanetse go e Dumela?

MOITHUTI wa dingwaga tse 12 o ne a na le bothata jwa go tlhaloganya melaometheo ya dipalo tsa algebra. Morutabana wa gagwe o ne a naya tlelase palo ya algebra e e neng e bonala e le motlhofo gore ba e tlhakanye.

O ne a simolola jaana: “Dirang gore x=y mme lo bo lo dire gore ka bobedi jwa tsone di lekane le 1.”

Moithuti o ne a akanya jaana: ‘E bonala e siame.’

Le fa go ntse jalo, fa morutabana a sena go fitlha mo moleng wa bonè wa palo e go neng go bonala e dira tlhaloganyo, o ne a tla ka karabo e e gakgamatsang: “Ka jalo, 2=1!”

O ne a gwetlha baithuti ba gagwe ba ba gakgametseng a re: “Supang gore seo ga se boammaaruri.”

E re ka moithuti yo mosha yono a ne a na le kitsonyana e sekae fela ya algebra, o ne a sa kgone go bona gore a ka supa jang gore seo ga se boammaaruri. Kgato nngwe le nngwe e e tserweng go tlhakanya dipalo tseo e ne e lebega e tshwanela sentle. A mme o tshwanetse go dumela karabo e e gakgamatsang eno? Gone e bile, morutabana wa gagwe o itse dipalo thata go gaisa ene. Nnyaa ga a tshwanela! O ne a akanya jaana: ‘Ga ke tlhoke go supa gore seno ga se boammaaruri. Ka go dirisa tlhaloganyo fela ke a bona gore seno ga se utlwale.’ (Diane 14:15, 18) O ne a itse gore go ne go se na ope mo gare ga morutabana wa gagwe kana baithutikaene yo o neng a ka re diranta di le pedi di lekana le ranta e le nngwe!

Fa nako e ntse e ya moithuti wa algebra o ne a lemoga gore phoso e kae mo palong e e tlhakantsweng. Mme ka nako e tshwanang, se se diragetseng se ile sa mo ruta thuto e e molemo. Tota le fa mongwe yo o nang le kitso e ntsi a tlhalosa kgang nngwe ka tsela e e rulagantsweng sentle mme go bonala go se na tsela e a ka ganediwang ka yone, moreetsi ga a tlhoke go dumela tshwetso e e sa utlwaleng fela ka go bo a sa kgone go supa ka nako eo gore ga se boammaaruri. Moithuti yoo o ne a latela molaomotheo o o mosola thata wa Baebele o o mo go 1 Johane 4:1—wa gore o se ka wa dumela sengwe le sengwe se o se utlwang ka bonako, tota le fa go bonala se tswa mo motsweding o o ikanyegang.

Seno ga se bolele gore o tshwanetse gore ka botlhogoethata o ngaparele megopolo ya bogologolo. Ga go a siama go itlhokomolosa tshedimosetso e e ka nnang ya fetola dipono tse di phoso. Mme gape ga wa tshwanela go “tshikhinngwa ka bofefo mo go akanyeng” ga gago fa o gatelelwa ke mongwe yo o nang le kitso e ntsi kana mongwe yo o nang le taolo. (2 Bathesalonika 2:2) Le gale, morutabana o ne a batla fela go tshwara baithuti ba gagwe. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, dilo ga di dirwe ka go tlhoka molato jalo. Batho ba ka nna “bohelepa [thata] ka go loga leano la phapogo.”—Baefeso 4:14; 2 Timotheo 2:14, 23, 24.

A Baitse ba Siame ka Dinako Tsotlhe?

Le fa baitse ba ka tswa ba na le kitso e kana kang, mo tirong nngwe le nngwe, ba ka nna le megopolo e e thulanang le dipono tse di fetogang. Ka sekai, akanya ka kganetsano e e leng teng mo saenseng ya kalafi malebana le selo se se bakang bolwetse. Porofesa nngwe ya tsa kalafi kwa Harvard University o kwala jaana: “Kgang e e botlhokwa ya popego ya rona le dilo tse dingwe tse di re dikologileng tse di malebana le bolwetse ke yone e e dirang gore borasaense ba ganetsane thata.” Batho ba go tweng ke setlhopha sa ba ba dumelang taolelogale ba dumela thata gore dijini tsa rona di na le seabe se segolo mo go direng gore re tshwarwe ke malwetse a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba dumela gore tikologo e motho a leng mo go yone le tsela e a tshelang ka yone ke tsone dilo tse dikgolo tse di bakang malwetse mo mmeleng wa motho. Matlhakore oomabedi a itlhaganelela go umaka dipatlisiso le dipalopalo tse di tshegetsang se ba se bolelang. Le fa go ntse jalo, kganetsano e tswelela pele.

Batlhalefi ba bantsi ba ba itsegeng ba ile ba supiwa fa ba le phoso gangwe le gape, le fa gone se ba neng ba se ruta se ne se bonala se sa kgone go ganediwa ka nako eo. Mofilosofi Bertrand Russell o ne a tlhalosa Aristotle e le mongwe wa “bafilosofi ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo go gaisa botlhe.” Le fa go ntse jalo, Russell o ile a bontsha gape gore bontsi jwa dithuto tsa ga Aristotle e ne e le “maaka a a feletseng.” O ne a kwala jaana: “Go ralala motlha wa rona, mo e ka nnang kgatelopele epe fela mo go tsa saense, mo kitsong kana mo filosofing e ne ya tshwanelwa ke go dirwa e lebane le kganetso e e tswang mo balateding ba ga Aristotle.”—History of Western Philosophy.

“Se ka Phoso se Bidiwang ‘Kitso’”

Go ka direga gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kopana le balatedi ba bantsi ba bafilosofi ba ba tumileng ba Bagerika, ba ba jaaka Socrates, Plato le Aristotle. Batho ba ba rutegileng ba nako eo ba ne ba iteba ba le botlhale thata go gaisa Bakeresete ba bantsi. Ga go na barutwa ba bantsi ba ga Jesu ba ba neng ba tsewa e le “ba ba botlhale ka tsela ya senama.” (1 Bakorintha 1:26) Tota e bile, ba ba neng ba rutegile mo filosofing ya motlha oo, ba ne ba akanya gore se Bakeresete ba neng ba se dumela e ne e le “boeleele” kana “dinyana fela.”—1 Bakorintha 1:23; Phillips.

Fa o ka bo o ne o le mongwe wa Bakeresete bao ba bogologolo, a o ka bo o ile wa kgatlhwa ke dikgang tse di tlhotlheletsang tsa batlhalefi bao ba maemo a a kwa godimo ba motlha oo kana wa tseega maikutlo ke botlhale jwa bone? (Bakolosa 2:4) Go ya ka moaposetoloi Paulo, go ka bo go ne go se na lebaka la go dira jalo. O ne a gakolola Bakeresete gore Jehofa o leba “botlhale jwa batho ba ba botlhale” le “bokgeleke jwa batho ba ba dikgeleke” ba motlha oo e le boeleele. (1 Bakorintha 1:19) O ne a botsa jaana: “Motlhalefi, mokwadi le motshwayadiphoso ba lefatshe leno ba na le eng se ba ka se supang sa botlhale jotlhe jo ba nang le jone?” (1 Bakorintha 1:20, Phillips) Le mororo bafilosofi, bakwadi le batshwayadiphoso ba motlha wa ga Paulo ba ne ba tlhalefile thata jaana, ba ne ba palelwa ke go rarabolola mathata a batho.

Ka gone, Bakeresete ba ile ba ithuta go tila se moaposetoloi Paulo a neng a re ke “dikganetso tsa se ka phoso se bidiwang ‘kitso.’” (1 Timotheo 6:20) Lebaka la go bo Paulo a ne a re kitso e e ntseng jalo ke ‘phoso’ ke ka go bo e ne e tlhaela sengwe se se botlhokwa thata—motswedi kana bosupi jo bo tswang kwa Modimong jo megopolo ya bone e neng e ka tlhotlhomisiwa ka jone. (Jobe 28:12; Diane 1:7) E re ka batho ba ba neng ba ngaparela kitso e e ntseng jalo ba ne ba tlhoka bosupi joo e bile ka nako e e tshwanang ba foufaditswe ke motsietsi yo mogolo e bong Satane, ba ne ba ka se ka le ka motlha ba solofela go bona boammaaruri.—1 Bakorintha 2:6-8, 14; 3:18-20; 2 Bakorintha 4:4; 11:14; Tshenolo 12:9.

Baebele—Kaelo e e Tlhotlheleditsweng

Bakeresete ba bogologolo ga ba ise ba ko ba belaele gore Modimo o ne a senotse go rata ga gagwe, maikaelelo le melaometheo ya gagwe mo Dikwalong. (2 Timotheo 3:16, 17) Seno se ne se ba sireletsa gore ba se ka ba ‘tsewa e le thopo ka botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho.’ (Bakolosa 2:8) Maemo a a tshwana gompieno. Go farologana le megopolo e e tlhakanyang tlhogo le e e ganetsanang ya batho, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le re naya motheo o o tlhomameng o re ka thayang se re se dumelang mo go one. (Johane 17:17; 1 Bathesalonika 2:13; 2 Petere 1:21) Kwantle ga lone re nna mo bothateng jwa go batla go aga sengwe se se tlhomameng mo motlhabeng o o sa tlhomamang wa megopolo ya batho le difilosofi.—Mathaio 7:24-27.

Mongwe a ka nna a re: ‘Iketle pele, a ga go boammaaruri gore mabaka a saense a ile a supa gore Baebele e phoso mme ka gone ga e tlhole e ikanyega fela jaaka go ntse ka difilosofi tsa batho tse di nnang di ntse di fetoga?’ Ka sekai, Bertrand Russell o ile a bolela gore “Copernicus, Kepler le Galileo ba ne ba tshwanela gore ba lwantshe Aristotle mmogo le Baebele gore ba tle ba gatelele mogopolo wa gore lefatshe ga le mo bogareng jwa lobopo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mme a ga go boammaaruri gore gompieno ka sekai, baithutapopo ba gatelela gore Baebele e ruta gore lefatshe le bopilwe ka malatsi a le supa a diura di le 24, fa mabaka otlhe a supa gore lefatshe ka bolone le na le dingwaga di le diketekete tsa dimilione?

Tota mme, Baebele ga e bolele gore lefatshe le mo bogareng jwa lobopo. E ne e le thuto e e neng e rutwa ke baeteledipele ba dikereke bao bone ka bobone ba neng ba sa latele Lefoko la Modimo. Pego ya Genesise e dumela gore lefatshe le na le dingwaga di le diketekete tsa dimilione e bile letsatsi lengwe le lengwe la go bopiwa ga lone e ne e se la diura di le 24. (Genesise 1:1, 5, 8, 13, 19, 23, 31; 2:3, 4) Go sekaseka Baebele ka boikanyegi go supa gore le mororo e se buka e e rutang saense, ga se “dinyana fela.” Totatota, e dumalana ka botlalo le saense e e supilweng fa e le boammaaruri. *

‘Maatla a go Akanya’

Le mororo barutwa ba le bantsi ba ga Jesu e ne e le banna le basadi ba ba tlwaelegileng fela, bao ba ka tswang ba ne ba sa rutega thata, ba ne ba na le thuso e nngwe e e tswang kwa Modimong. Go sa kgathalesege gore ba godisitswe jang, botlhe ba ne ba newa maatla a go akanya le bokgoni jwa go tlhalosa mabaka. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresetekaene gore ba dirise ‘maatla a bone a go akanya’ ka botlalo gore “[ba] iponele se thata ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:1, 2.

Ka ‘maatla a bone a go akanya’ a ba a filweng ke Modimo, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bona sentle gore filosofi epe fela kana thuto e e neng e sa dumalane le Lefoko la Modimo le le senotsweng di ne di sa thuse sepe. Ka dinako tse dingwe banna ba ba tlhalefileng ba motlha wa bone ba ne ba ‘hupetsa boammaaruri’ e bile ba itlhokomolosa bosupi jo bo ba dikologileng jwa gore go na le Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Le mororo ba ne ba gatelela gore ba botlhale, ba ne ba nna dieleele.” E re ka ba ne ba gana boammaaruri kaga Modimo le maikaelelo a gagwe, “ba ne ba nna tlhogo e lolea mo dikakanyong tsa bone mme pelo ya bone e e seng kgeleke e ne ya fifala.”—Baroma 1:18-22; Jeremia 8:8, 9.

Gantsi batho ba ba bolelang gore ba tlhalefile, ba swetsa ka gore “Ga go na Modimo” kana “Baebele ga e a tshwanela go ikanngwa” kana “Ga re mo ‘malatsing a bofelo.’” Megopolo e e ntseng jalo e boeleele mo matlhong a Modimo fela jaaka go ntse ka karabo ya gore “2=1.” (1 Bakorintha 3:19) Le fa batho ba ka nna le taolo e e kana kang, ga o patelesege go amogela se ba se bolelang fa ba ganetsana le Modimo, ba itlhokomolosa Lefoko la gagwe e bile ba ganela dilo tse di tlwaelegileng. Sa bofelo, gantsi tsela e e botlhale ke go “[dira gore] Modimo o fitlhelwe o le boammaaruri, lefa motho mongwe le mongwe a fitlhelwa a le moaki.”—Baroma 3:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Go bona ditlhaloso tse di oketsegileng, bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? le ya Is There a Creator Who Cares About You?, tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Go farologana le megopolo e e sa tlhomamang ya batho, Baebele e re neela motheo o o tlhomameng wa go dumela

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Left, Epicurus: Photograph taken by courtesy of the British Museum; upper middle, Plato: National Archaeological Museum, Athens, Greece; right, Socrates: Roma, Musei Capitolini