Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Naya Batho ba Gagwe Lefelo la Boikhutso

Jehofa o Naya Batho ba Gagwe Lefelo la Boikhutso

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Jehofa o Naya Batho ba Gagwe Lefelo la Boikhutso

MOTSAMAI yo o lapileng o itumelela go bona lefelo la boikhutso le le nang le moriti mo tselaneng e e mo dithabeng. Kwa Nepal, mafelo a a ntseng jalo a boikhutso a bidiwa chautara. Chautara e e tlwaelegileng e ka nna ya bo e le fa thoko ga setlhare se se godileng thata sa banyan, lefelo le le nang le moriti le o ka nnang mo go lone le go ikhutsa mo go lone. Fa motho a tlhoma chautara o bontsha bopelonomi mme bontsi jwa batho ba ba dirang tiro e e molemo eno ba nna ba sa itsiwe.

Dilo tse di diragetseng kwa Nepal di supa kafa Jehofa Modimo a ileng a nna Motswedi wa boipelo le boitapoloso jwa semoya ka teng mo “batsamaing” ba bantsi ba ba lapileng mo tsamaisong eno ya dilo.—Pesalema 23:2.

• Lil Kumari o nna kwa toropong e ntle ya Pokhara, e o ka kgonang go bona Dithaba tsa Himalaya tse dintle tse di apesitsweng ke kapoko fa o le mo go yone. Mme e re ka Lil Kumari a ne a tshwenyegile ka lotseno lwa lelapa, o ne a akanya gore ga a na tsholofelo epe. Fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a mo etela, o ne a kgatlhwa ke tsholofelo e e itumedisang ya Baebele mme a kopa thuto ya Baebele ya legae gone fela foo.

Le mororo Lil Kumari a ne a itumelela thuto, go ne go se motlhofo gore a tswelele pele ka gonne o ne a ganediwa thata mo lelapeng. Mme le fa go ntse jalo ga a ka a kgobega marapo. O ne a nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete mme o ne a dirisa dilo tse a neng a di ithuta, segolobogolo kgang ya go ikokobetsa ga mosadi yo o nyetsweng. Ka ntlha ya seo, monna wa gagwe le mmaagwe ba ne ba lemoga gore go ithuta Baebele ga ga Lil Kumari go solegela lelapa lotlhe molemo.

Monna wa gagwe mmogo le bangwe ba losika ba ithuta Lefoko la Modimo gone jaanong. Kwa kopanong ya bosheng e e neng e tshwerwe kwa Pokhara, Lil Kumari o ne a itumelela thulaganyo mmogo le ba losika lwa gagwe ba le 15. O bolela jaana: “Legae la me ke lefelo la boikhutso ka gonne jaanong lelapa la gaetso le kopane mmogo mo kobamelong ya boammaaruri mme ke ile ka nna le kagiso ya mmatota ya mogopolo.”

• Le mororo go tlhaola batho go ya ka maemo a bone go sa dumelelwa semolao kwa Nepal, go tlhotlheletsa thata tsela e batho ba tshelang ka yone koo. Ka gone, ba bantsi ba batla go itse gore Baebele ya reng malebana le go lekalekana ga batho le go sa tlhaole batho. Fa Surya Maya a utlwa gore “Modimo ga o tlhaole,” botshelo jwa gagwe le jwa lelapa la gagwe bo ne jwa fetoga fela thata.—Ditiro 10:34.

Surya Maya o ne a ngomotswe pelo thata ke tshiamololo ya go tlhaola batho go ya ka maemo a bone le mokgweleo o a neng a o rwele wa ditso le dingwao tse di neng di nweleletse mo go ene. E re ka Surya Maya e ne e le mosadi yo o tlhoafetseng, ka dingwaga di le dintsi o ne a kopa thuso mo medingwaneng ya gagwe. Mme dithapelo tsa gagwe di ne di sa arabiwe. Ka letsatsi lengwe fa a ntse a kopa thuso, setlogolo sa gagwe sa mosetsana se se nang le dingwaga di le thataro e bong Babita o ne a mo atamela mme a mmotsa jaana: “Ke eng fa o kopa thuso mo medingwaneng e e sa kgoneng go dira sepe?”

Mmaagwe Babita o ne a ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Babita o ne a laletsa nkokoagwe ka matlhagatlhaga go ya pokanong ya Bokeresete. Fa Surya Maya a ya, o ne a gakgamala go bona batho ba ditlhopha tse di farologaneng ba itumelela botsala kwantle ga go tlhaolana. O ne a kopa thuto ya Baebele gone fela foo. Le mororo seno se ne sa dira gore a kgaphelwe kwa thoko ke baagelani ba gagwe, ga a ka a kgobega marapo; mme tota le go sa kgone ga gagwe go bala le go kwala sentle ga go a ka ga mo kgoreletsa gore a gatele pele mo semoyeng.

Go fetile dingwaga di le robedi, mme maloko a le marataro a lelapa la gagwe, go akaretsa le monna wa gagwe le bana ba gagwe ba bararo jaanong ke Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong Surya Maya ke modiredi wa nako e e tletseng, mmulatsela wa ka metlha, mme o itumelela go thusa ba bangwe gore ba ikimolole mekgweleo e e boima mo lefelong la boikhutso la mmatota le e leng Jehofa fela a kgonang go le naya batho.