Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Nonotsha yo o Lapileng

Jehofa o Nonotsha yo o Lapileng

Jehofa o Nonotsha yo o Lapileng

“[Jehofa] o naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng.”—ISAIA 40:29NW.

1. Bontsha kafa dilo tse Modimo a di dirileng di nang le maatla ka teng.

JEHOFA o na le maatla a a se nang selekanyo. Mme a bo dilo tse a di bopileng di na le maatla a a boitshegang jang ne! Atomo e nnyennye—yone e dilo tsotlhe di thaegang mo go yone—e nnye thata jaana mo e leng gore lerothodi le le lengwe la metsi le na le diatomo di le di-trillion di le lekgolo. * Dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng di ikaegile ka maatla a go tswakana ga diatomo a a tswang mo letsatsing. Mme go tlhokega maatla a a kana kang a letsatsi gore a boloke dilo di tshela mo lefatsheng? Lefatshe le amogela fela karolwana e nnye thata ya maatla otlhe a a tlhagisiwang ke letsatsi. Le fa go ntse jalo, karolo e nnye thata ya maatla a letsatsi a a welang mo lefatsheng e feta maatla otlhe a a tlhagisiwang ke madirelo otlhe a a mo lefatsheng ka bogolo jo bo se nang selekanyo.

2. Tota Isaia 40:26 ya reng ka maatla a Jehofa a nang le one?

2 Re kgatlhiwa thata ke maatla a a boitshegang a Jehofa a nang le one e ka ne re akantse ka atomo kana ka lobopo lo logolo. Ke gone ka moo a neng a ka re: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang”! (Isaia 40:26, NW) Ee, Jehofa o na le “nonofo e kgolo” e bile ke ene Motswedi wa “maatla a a boitshegang” a a dirisitsweng go bopa lobopo lotlhe.

Go Tlhokega Maatla a a Fetang a a Tlwaelegileng

3, 4. (a) Dingwe tsa dilo tse di ka re lapisang ke dife? (b) Ke potso efe e e batlang gore e sekasekwe?

3 Le fa Modimo a na le maatla a a sa lekaneng le ape, batho bone ba a lapa. Gongwe le gongwe kwa re yang gone re bona batho ba ba lapileng. Ba tsoga ba lapile, ba ya tirong kana sekolong ba lapile, ba boela gae ba lapile, e bile ba ya go robala e se fela gore ba lapile, go na le moo, ba phuegile. Bangwe ba eletsa e kete ba ka ya golo gongwe go ya go ikhutsa go sekae gone. Le rona batlhanka ba ga Jehofa re a lapa, ka gonne botshelo jwa rona jwa boineelo jwa bomodimo bo re batla gore re iteke ka natla. (Mareko 6:30, 31; Luke 13:24; 1 Timotheo 4:8) Mme go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse di monyang nonofo ya rona.

4 Le fa re le Bakeresete, seno ga se bolele gore ga re tlhagelwe ke mathata a a tlhagelang batho ba bangwe. (Jobe 14:1) Malwetse, mathata a tsa madi, kana mathata a mangwe a a tlwaelegileng mo botshelong, a ka re kgoba marapo le go re koafatsa. Mo godimo ga dikgwetlho tseno gape go na le diteko tse di nang le go wela batho ba ba bogisiwang ka ntlha ya go dira tshiamo. (2 Timotheo 3:12; 1 Petere 3:14) Ka ntlha ya ditsela tse lefatshe le re gatelelang ka tsone letsatsi le letsatsi le go ganediwa ga tiro ya rona ya go rera ka Bogosi, bangwe ba rona ba ka nna ba tsenwa ke letsapa le legolo mo ba ka ikutlwang e kete ba ka fokotsa lobelo go se kae mo go direleng Jehofa. Mo godimo ga moo, Satane Diabolo o dirisa mekgwa yotlhe e e leng gone go leka go dira gore re se ka ra tlhola re ikanyega mo Modimong. Jalo he, re ka bona jang nonofo ya semoya e e ka re thusang gore re se ka ra lapa mme ra tloga ra latlhela seditse?

5. Ke eng fa re tlhoka maatla a a fetang a motho gore re dire bodiredi jwa Bokeresete?

5 Re tshwanetse go ikaega ka Jehofa, Mmopi yo o maatla otlhe, fa re batla go nonofa semoyeng. Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha gore bodiredi jwa Bokeresete bo ne bo tla tlhoka batho ba ba sa itekanelang maatla a a fetang a a tlwaelegileng. O ile a kwala jaana: “Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa, e le gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Bakeresete ba ba tloditsweng ba dira “bodiredi jwa tetlanyo” ka go engwa nokeng ke ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya botshelo jwa mo lefatsheng. (2 Bakorintha 5:18; Johane 10:16; Tshenolo 7:9) E re ka rona batho ba ba sa itekanelang re lebana le diteko fa re ntse re dira tiro ya Modimo, re ka se ka ra e dira ka maatla a rona fela. Jehofa o re thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo mme ka gone bokoa jwa rona bo tlotlomatsa maatla a gagwe. A bo re gomodiwa jang ne ke go itse gore “Jehofa o tshegeditse basiami”!—Pesalema 37:17.

‘Jehofa ke Maatla a Rona a Botlhaga’

6. Dikwalo di re tlhomamisetsa jang gore Jehofa ke Motswedi wa rona wa nonofo?

6 Rraarona wa selegodimo o na le “nonofo e kgolo” mme a ka kgona go re nonotsha motlhofo fela. Tota e bile, re bolelelwa jaana: “[Jehofa] o naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng. Basimane ba tla lapa le go felelwa ke nonofo, le makau a tla kgopiwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.” (Isaia 40:29-31, NW) Ka ntlha ya dikgatelelo tse di ntseng di oketsega, ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re lapile fela jaaka motabogi yo o ikutlwang e kete maoto a gagwe ga a tlhole a kgona go mo sikara. Le fa go ntse jalo, re tloga re wetsa lobelo, ka gone ga re a tshwanela go ineela. (2 Ditirafalo 29:11) Mmaba wa rona e bong Diabolo o tsamayatsamaya “jaaka tau e e kurutlang,” mme o batla go re emisa. (1 Petere 5:8) A re se lebale gore ‘Jehofa ke nonofo le thebe ya rona,’ mme o re abetse dilo tse dintsi tse di ‘nayang yo o lapileng maatla.’—Pesalema 28:7.

7, 8. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Jehofa o ne a nonotsha Dafide, Habakuke le Paulo?

7 Jehofa o ne a nonotsha Dafide gore a kgone go lebana ka katlego le dikgoreletsi tse dikgolo. Ke gone ka moo Dafide a ileng a kwala jaana a na le tumelo e kgolo le tshepo: “Re tla bona maatla a botlhaga ka Modimo, mme ene ka boene o tla gataka baba ba rona.” (Pesalema 60:12, NW) Jehofa o ne a nonotsha le Habakuke gore a kgone go wetsa tiro ya gagwe ya boporofeti. Habakuke 3:19 (NW), ya re: “Jehofa Morena Molaodimogolo ke maatla a me a botlhaga; mme o tla dira gore dinao tsa me di tshwane le tsa dikgama tse ditonanyana, e bile o tla dira gore ke gate mo mafelong a me a a kwa godimo.” Sekai se sengwe se re se elang tlhoko ke sa ga Paulo, yo o ileng a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya [Modimo] yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

8 Jaaka Dafide, Habakuke le Paulo, re tshwanetse go bontsha gore re dumela gore Modimo o kgona go re nonotsha le gore o na le maatla a go re namola. E re ka re lemoga gore Morena Molaodimogolo Jehofa ke Motswedi wa “maatla a botlhaga,” a jaanong re sekasekeng dingwe tsa ditsela tse ka tsone re ka bonang nonofo ya semoya go tswa mo dilong tse dintsi tse Modimo a re tlamelang ka tsone.

Dilo Tsa Semoya Tse di re Nonotshang

9. Dikgatiso tsa Bokeresete di na le seabe sefe mo go re otleng?

9 Go ithuta Dikwalo ka tlhagafalo ka thuso ya dikgatiso tsa Bokeresete go ka re nonotsha le go re otla. Mopesalema o ile a opela jaana: “Go itumela motho yo o . . . [natefelelwang] ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. Mme ruri o tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” (Pesalema 1:1-3, NW) Fela jaaka re tshwanelwa ke go ja gore re nonofe mo mmeleng, re tshwanelwa ke go ja dijo tsa semoya tse Modimo a re tlamelang ka tsone ka Lefoko la gagwe le ka dikgatiso tsa Bokeresete e le gore re nne re nonofile semoyeng. Ka gone, go botlhokwa thata gore re ithute ka tsela e e molemo re bo re tlhatlhanye.

10. Re ka bona leng nako ya go ithuta le go tlhatlhanya?

10 Go tlhatlhanya ka “dilo tse di boteng tsa Modimo” go solegela molemo tota. (1 Bakorintha 2:10) Mme gone re ka bona leng nako ya go tlhatlhanya? Morwa wa ga Aborahame e bong Isake o ne “a tswela kwa nageng go le maitseboa, a ya go tlhatlhanya.” (Genesise 24:63-67) Mopesalema Dafide o ne a ‘tlhatlhanya ka Modimo mo ditebelong tsa bosigo.’ (Pesalema 63:6NW) Re ka nna ra ithuta Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone mo mosong, maitseboa, bosigo—ee, nako nngwe le nngwe fela. Go ithuta le go tlhatlhanya jalo go re isa kwa go se sengwe sa dilo tse Jehofa a re nonotshang semoyeng ka tsone—thapelo.

11. Ke eng fa re tshwanetse go gagamalela go rapela ka metlha?

11 Go rapela Modimo ka metlha go a re nonotsha. Ka gone, a re ‘tshwareleleng mo thapelong.’ (Baroma 12:12) Ka dinako tse dingwe, re tshwanelwa ke go kopa botlhale le nonofo ka tlhamalalo gore re kgone go itshokela teko nngwe. (Jakobe 1:5-8) A gape re lebogeng Modimo le go mmaka fa re lemoga go diragadiwa ga maikaelelo a gagwe kana fa re lemoga gore o re nonotshitse gore re tswelele pele ka tirelo ya gagwe. (Bafilipi 4:6, 7) Fa re nna re rapela Jehofa ka metlha, le ka motlha a ka se re latlhe. Dafide o ile a opela jaana: “Bonang, Modimo ke mothusi wa me.”—Pesalema 54:4.

12. Ke eng fa re tshwanetse go kopa Modimo go re fa moya wa gagwe o o boitshepo?

12 Rraarona wa selegodimo o a re tlhagafatsa e bile o re nonotsha ka moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a a dirang. Paulo o ile a kwala jaana: “Ke obela Rara mangole . . . e le gore a tle a lo neye go ya ka dikhumo tsa kgalalelo ya gagwe gore lo thatafadiwe mo mothong yo lo leng ene mo teng ka maatla ka moya wa gagwe.” (Baefeso 3:14-16) Re tshwanetse go rapelela moya o o boitshepo, re tshepa ka botlalo gore Jehofa o tla re segofatsa ka one. Jesu o ile a tlhalosa jaana: Fa ngwana a kopa tlhapi, a rre yo o lorato a ka mo naya noga? Nnyaa. Ke gone ka moo a ileng a konela ka gore: “Fa lona, le mororo lo le [baleofi mme ka jalo go ka twe lo] boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, abo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:11-13) A re rapeleng re na le tshepo e e ntseng jalo mme ka metlha re sa lebale gore batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ka ‘thatafadiwa’ ka maatla a a tlang ka moya wa gagwe.

Phuthego E a Re Nonotsha

13. Re tshwanetse go leba jang dipokano tsa Bokeresete?

13 Jehofa o re nonotsha ka dipokano tsa phuthego ya Bokeresete. Jesu o ile a re: “Koo go nang le ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegile ka leina la me, ke gone koo mo gare ga bone.” (Mathaio 18:20) Fa Jesu a ne a solofetsa jalo, o ne a tlotla ka dilo tse di tshwanetseng go elwa tlhoko ke ba ba eteletseng pele mo phuthegong. (Mathaio 18:15-19) Le fa go ntse jalo, ka tsela nngwe mafoko ano a ama dipokano tsa rona tsotlhe, dikopano tse dinnye le tse dikgolo, tse di bulwang le go tswalwa ka thapelo ka leina la gagwe. (Johane 14:14) Ka gone, ke tshiamelo e kgolo go nna gone mo dikokoanong tse di ntseng jalo tsa Bokeresete, e kane go tlile ba se kae fela mo go tsone kana go tlile diketekete. Ka jalo a re bontsheng go anaanela dipaka tseno tse di diretsweng go re nonotsha semoyeng le go re tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemo.—Bahebera 10:24, 25.

14. Tiro ya bagolwane ba Bakeresete e re solegela melemo ka tsela efe?

14 Bagolwane ba Bakeresete ba a re thusa semoyeng le go re kgothatsa. (1 Petere 5:2, 3) Paulo o ne a thusa diphuthego tse a neng a di direla e bile a di kgothatsa, fela jaaka balebedi ba ba etang ba dira gompieno. Tota e bile, o ne a tlhoafalela thata go kopana le badumedikaene e le gore go nne le go agana le go kgothatsana gareng ga bone. (Ditiro 14:19-22; Baroma 1:11, 12) E kete re ka bontsha go anaanela bagolwane ba rona le balebedi ba bangwe ba Bakeresete, ba ba nang le seabe se segolo mo go re nonotsheng semoyeng.

15. Badumedikarona ba re kopanelang le bone mo phuthegong ba ka nna jang “thuso e e nonotshang”?

15 Badumedikarona, ba re kopanelang le bone mo phuthegong ya rona ba ka nna “thuso e e nonotshang.” (Bakolosa 4:10, 11) Jaaka ‘balekane ba boammaaruri’ ba ka re thusa ka dinako tsa mathata. (Diane 17:17, NW) Ka sekai, fa batlhanka ba Modimo ba ba 220 ba ne ba gololwa kwa kampeng ya pogiso ya Sachsenhausen e e neng e tlhokometswe ke badisa ba Banasi ka 1945, ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya mosepele wa dikilometara tse 200. Ba ne ba tsamaya ba le setlhopha, mme ba ba nonofileng go se kae ba ne ba tsamaya ba goga ba ba bokoanyana ka dikolotsana tse dinnye. Matswela e ne ya nna eng? Mo mosepeleng oo wa loso o o neng wa bolaya bagolegwa ba kampa ya pogisetso ba ba fetang 10 000, go ne ga se ka ga swa ope wa Basupi ba ga Jehofa. Dipego tse di ntseng jalo tse di tlhagang mo dikgatisong tsa Watch Tower, go akaretsa le Yearbook of Jehovah’s Witnesses le Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo, di bontsha gore Modimo o nonotsha batho ba gagwe gore ba se ka ba lapa.—Bagalatia 6:9. *

Go Nonotshiwa ke Bodiredi Jwa Rona Jwa Tshimo

16. Go nna le seabe ka metlha mo bodireding go re nonotsha jang semoyeng?

16 Go nna le seabe ka metlha mo tirong ya rona ya go rera ka Bogosi go a re nonotsha semoyeng. Tiro e e ntseng jalo e re thusa go tlhoma mogopolo mo Bogosing jwa Modimo le go nna re akantse ka botshelo jo bosakhutleng le masego a jone. (Jude 20, 21) Ditsholofetso tsa Dikwalo tse re buang ka tsone mo bodireding jwa rona di re thusa go nna le tsholofelo le go nna re ititeile sehuba jaaka moporofeti Mika yo o ileng a re: “Re tlaa sepela ka leina la ga Jehofa Modimo wa rona, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.”—Mika 4:5.

17. Ke dikakantsho dife tse re di newang malebana le dithuto tsa magae tsa Baebele?

17 Botsala jwa rona le Jehofa bo a nonofa fa re ntse re dirisa Dikwalo thata mo go ruteng batho ba bangwe. Ka sekai, fa o tshwere thuto ya legae ya Baebele o dirisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, go molemo fa o bala le go tlotla ka dikwalo di se kae tse di umakilweng. Seno se thusa moithuti e bile se nonotsha tsela ya rona ya semoya ya go tlhaloganya dilo. Fa moithuti a na le bothata jwa go tlhaloganya thuto nngwe ya Baebele kana setshwantsho, lo ka ithuta kgaolo e le nngwe ya buka ya Kitso mo makgetlhong a a fetang le le lengwe. A bo go itumedisa jang ne go ipaakanyetsa sentle le go dira maiteko a magolo go thusa ba bangwe go tsalana le Modimo!

18. Bontsha kafa buka ya Kitso e dirisiwang ka tsela e e molemo ka teng.

18 Ngwaga le ngwaga buka ya Kitso e dirisiwa ka tsela e e molemo go thusa diketekete tsa batho go nna batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, mme seno se akaretsa batho ba le bantsi ba ba sa itseng sepe ka Baebele. Ka sekai, monna mongwe wa Mohindu wa kwa Sri Lanka o ne a kile a utlwa Mosupi a bua ka Paradaise fa e sa ntse e le ngwana. Dingwaga morago ga moo o ne a bua le mosupi yono mme go ise go ye kae monna wa mosupi yono o ne a simolola go ithuta Baebele le ene. Tota e bile, lekawana leno le ne la simolola go ithuta letsatsi le letsatsi, mme o ne a setse a feditse buka ya Kitso mo lobakeng lo lo khutshwane thata. O ne a simolola go nna gone mo dipokanong tsotlhe, a kgaogana le bodumedi jwa gagwe jwa pele, mme a nna mmoledi wa Bogosi. Ka nako e a neng a kolobediwa ka yone o ne a setse a ithuta Baebele le motho mongwe yo o neng a tlwaelane le ene.

19. Fa re ntse re batla pele Bogosi, ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone?

19 Go batla pele Bogosi go dira gore re nne le boitumelo jo bo re nonotshang. (Mathaio 6:33) Le fa re lebana le diteko tsa methalethale, re tswelela pele re itumetse e bile re bolela dikgang tse di molemo ka tlhagafalo. (Tito 2:14) Ba le bantsi ba rona ba kgona go dira diura tse di batlegang mo tirong ya bobulatsela, mme ba bangwe ba direla kwa go tlhokegang bareri thata gone. E ka ne re dira dilo tse di direlwang Bogosi ka ditsela tseno kana tse dingwe, re dumela re sa belaele gore Jehofa ga a kitla a lebala tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng leina la gagwe.—Bahebera 6:10-12.

Tswelela Pele o Nonotshiwa ke Jehofa

20. Re ka bontsha jang gore re ikanya gore Jehofa o tla re nonotsha?

20 A ka pelo yotlhe re tsweleleng pele re bontsha gore re solofetse mo go Jehofa le gore re ikanya gore o tla re nonotsha. Re ka dira jalo ka go dirisa ka botlalo dilo tsa semoya tse a re tlamelang ka tsone ka “motlhanka yo o boikanngo.” (Mathaio 24:45) Go ithuta Lefoko la Modimo re le rosi le re le phuthego ka thuso ya dikgatiso tsa Bokeresete, go rapela go tswa pelong, thuso ya semoya ya bagolwane, dikao tse di molemo tsa badumedikarona ba ba ikanyegang le go nna le seabe ka metlha mo bodireding ke dingwe tsa dilo tse di nonotshang botsala jwa rona le Jehofa e bile di re nonotsha go tswelela pele mo tirelong ya gagwe e e boitshepo.

21. Moaposetoloi Petere le Paulo ba ile ba tlhalosa jang kafa nonofo e e tswang mo Modimong e tlhokegang ka teng?

21 Le fa re le batho ba ba bokoa, Jehofa o tla re nonotsha gore re dire thato ya gagwe fa re ikaega ka thuso ya gagwe. Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana e re ka a ne a etse tlhoko gore o tlhoka thuso eno: “Fa mongwe a direla, a a direle a ikaegile ka nonofo e Modimo o e nayang.” (1 Petere 4:11) Mme Paulo o ne a bontsha kafa a ikaegileng ka teng ka nonofo e e tswang mo Modimong fa a ne a re: “Jalo ke natefelelwa ke makoa, ke dithogo, ke makgetlo a letlhoko, ke dipogiso le mathata, ka ntlha ya ga Keresete. Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakorintha 12:10) E kete re ka bontsha go tlhatswega pelo go go ntseng jalo mme ra galaletsa Morena Molaodi Jehofa, yo o nonotshang ba ba lapileng.—Isaia 12:2.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Palo eno ke 1 a latelwa ke bonnoto ba le 20.

^ ser. 15 Tse di gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O ne O Tla Araba Jang?

• Ke eng fa batho ba ga Jehofa ba tlhoka maatla a a fetang a a tlwaelegileng?

• Ke bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo bontshang gore Modimo o nonotsha batlhanka ba gagwe?

• Dingwe tsa dilo tsa semoya tse Jehofa a re nonotshang ka tsone ke dife?

• Re ka bontsha jang gore re ikaegile ka Modimo go bona nonofo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Botsala jwa rona le Jehofa bo a nonofa fa re ntse re dirisa Baebele go ruta ba bangwe