Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Dirang Ditsala ka Teng

Kafa o ka Dirang Ditsala ka Teng

Kafa o ka Dirang Ditsala ka Teng

“GO NNA LE TSALA E LE NNGWE FELA MO BOTSHELONG GO LEKANE; BA BABEDI KE BOTHATA; GO KA SE KGONEGE GO NNA LE BA BARARO.”—Henry Brooks Adams.

KAKGELO e e ntseng jalo e supa gore go thata go bona ditsala tsa mmatota. Gantsi batho ba ba jewang ke bodutu thata ba ba batlang ditsala ba utlwiwa ba bolela jaana: “Ga go na ope yo nka buang le ene,” “Nka se tshepe ope,” kana “Ntša ya me ke tsala ya me e kgolo.”

Go dira botsala jo bo nnelang ruri le go bo boloka ke kgwetlho. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo mmarakeng mongwe e bontsha gore “kwa United States diperesente di le 25 tsa batho ba ba godileng ba jewa ke ‘bodutu jo bo masisi’ mme . . . kwa Fora bontlhanngwe jwa batho ba mo bonosing jo bo masisi.” Go oketsega ga ditlelapa tsa go intsha le motho wa bong bo sele le go dirisa thulaganyo ya go tshwara motlotlo ka khomputara le go tlalatlala ga diphasalatso tsa makwalodikgang tse di dirilweng ke batho ba ba batlang balekane go supa gore batho ba eletsa go nna le kamano le batho ba bangwe.

Dr. David Weeks yo e leng moithutatlhaloganyo o bolela gore go jewa ke bodutu ga go ame fela boemo jwa tlhaloganyo ya motho mme go ama le boitekanelo jwa mmele wa gagwe. “Ke na le palo e ntsi ya balwetse ba ba nang le tlhobaelo ya letshogo le go tshwenyega mo maikutlong ba re ka ba tlhalosang e le batho ba ba jewang ke bodutu. Go tshwenyega thata mo maikutlong le go jewa ke bodutu thata go amana ka tsela nngwe.”

Tlhalo le go senyega ga botshelo jwa lelapa go dira gore go nne le batho ba bantsi ba ba tshelang ba le bosi. Patlisiso e e neng ya dirwa kwa Boritane e ile ya bontsha gore mo tshimologong ya lekgolo la bo21 la dingwaga, batho ba ba ka nnang diperesente di le 30 ba baagi ba setšhaba seo e tla bo e le ba malapa a motho a le mongwe.

Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di ile tsa bolelela pele gore moya wa bopelotshetlha o tla ata mo “malatsing a bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Go bonala fa batho ba le bantsi ba rata thata dithoto tse di jaaka ntlo kana koloi, kana ba rata ditiro tsa bone thata go gaisa go nna le botsalano le batho ba bangwe. Mokwadi mongwe e bong Anthony Storr o bolela jaana: “Go na le gore batho ba ba ntseng jalo ba tlhome megopolo ya bone mo balekaneng ba bone ba lenyalo le mo baneng ba bone, matshelo a bone a remeletse thata mo tirong ya bone.”

DITSALA TSA MMATOTA DI TLHWATLHWAKGOLO

Boleng jwa botshelo jwa gago bo ikaegile thata ka boleng jwa botsala jwa gago. Gantsi batho ba ba itshelelang ba le nosi ga ba a itumela ka gonne ga ba na ditsala tse ba ka abelanang dilo tsa bone natso kana maikutlo a bone. Mafoko ano a ga Jesu Keresete a boammaaruri: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Fa mmoki mongwe wa Moesemane e bong George Byron a boeletsa boammaaruri jwa mafoko ano, o ne a kwala jaana: “Botlhe ba ba batlang go bona boipelo, ba tshwanetse go bo abelana le ba bangwe.”

Tsala ke eng? Dikishinare nngwe e tlhalosa tsala e le “motho yo o atamalaneng le yo mongwe ka ntlha ya lorato kana ka ntlha ya go mo tseela kwa godimo.” Tsala ya mmatota e ka go thusa gore o akanye ka dilo tse di siameng. E ka go kgothatsa le go go aga ka dinako tsa fa go tlhokega. E bile e ka utlwa botlhoko le wena. Kgosi Solomone o ne a bolela jaana: “Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.” (Diane 17:17) Le fa dithoto di ka nna tsa felelwa ke boleng jwa tsone fa nako e ntse e ya, botsala jwa mmatota bo a gola e bile bo a nonofa fa nako e ntse e ya.

Dikwalo di kgothatsa Bakeresete gore ba ‘pitlologe’ mo loratong lwa bone. (2 Bakorintha 6:13) Go botlhale go ikatametsa mo go ba bangwe. Mo go Moreri 11:1, 2 re bala jaana: “Latlhela dijo tsa gago mo metsing, gonne o tlaa di bona morago ga malatsi a le mantsi. Naya batho ba supa kabelo, ee, le ba fera mebedi; gonne ga o itse go re go tlaa nna bosula bofe mo lefatsheng.” Molaomotheo ono o dira jang mo kgannyeng ya botsala? Fa o dirile botsala le batho ba bantsi, bangwe ba bone ba ka nna ba go thusa fa o nna le mathata.

Ditsala tsa boammaaruri di ka go sireletsa ka tsela e nngwe gape. Diane 27:6 ya re “Ditlhabo tse di ntshitsweng ke tsala di boikanngo.” Le fa gone batho ba bantsi ba ka go baka, ke ditsala tsa mmatota fela tse di ka go tseelang kwa godimo jaana di bo di go bontshe phoso e e masisi le go go naya kgakololo e e mosola ka tsela e e lorato.—Diane 28:23.

Ditsala tse o atamalaneng thata le tsone tse di molemo ke dingwe tsa dimpho tse di sa tlwaelegang tse di ka go tlhotlheletsang ka tsela e e siameng. Mo go Ditiro kgaolo 10, re bala ka tiragalo nngwe mo botshelong jwa molaodi wa sesole sa Baroma e bong Korenelio, yo moengele a ileng a mmolelela gore dithapelo tsa gagwe di utlwilwe. Fa Korenelio a ntse a letetse go etelwa ke moaposetoloi Petere, “o ne a [phutha] ba losika lwa gagwe le ditsala tse a atamalaneng thata le tsone.” Ditsala tse dikgolo tseo tsa ga Korenelio e ne e le bangwe ba Baditšhaba ba ntlha ba ba neng ba sa rupisiwa ba ba neng ba amogela dikgang tse di molemo le go tlodiwa ka moya o o boitshepo, ba nna le tsholofelo ya go busa le Keresete mo Bogosing jwa Modimo. A bo ditsala tse Korenelio a atamalaneng thata le tsone di ile tsa segofala jang ne!—Ditiro 10:24, 44.

Mme gone, wena o ka dira jang ditsala? Baebele, e e buang thata ka botsala, e araba ka go neela kgakololo e e mosola. (Bona lebokoso le le fa tlase fano.)

MO O KA DIRANG DITSALA TSA MMATOTA TENG

Lefelo le le molemolemo le o ka dirang ditsala mo go lone ke mo phuthegong ya Bokeresete. Sa ntlha, o ka dirisa tshono ya go tsalana le Jehofa, yo e leng Mmopi wa gago le Rrago wa selegodimo o bo o tsalana le Jesu Keresete Mmoloki wa gago. Jesu yo o go laletsang gore o nne tsala ya gagwe o ne a bolela jaana: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13, 15) Fa o dira gore Jehofa le Jesu Keresete e nne ditsala tsa gago, o ka tlhomamisega gore ba tla go “amogelel[a] mo mafelong a bonno a bosakhutleng.” Ee, go tsalana le Jehofa le Jesu go raya botshelo jo bo sa khutleng.—Luke 16:9; Johane 17:3.

O ka tsalana jang le bone ka tsela e e lorato? Dilo tse di batlegang gore o nne moeng mo tenteng ya ga Jehofa o le mongwe wa ditsala tsa gagwe di tlhalosiwa mo go Pesalema 15. E bule mo Baebeleng ya gago mme o bale ditemana tse tlhano tsa pesalema eo. Mo godimo ga moo, Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.”—Johane 15:14.

Ee, ka go ithuta ka kelotlhoko le go dirisa kaelo e e mo Lefokong la Modimo e leng Baebele, o supa fa o batla go nna tsala ya ga Jehofa le Jesu. Gore o tle o dire seo, o tshwanetse go nna teng ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete, koo go abiwang kitso ya ga Jehofa Modimo gone. Dira maiteko ka metlha a go reetsa Jehofa mme fa o dira jalo o tla atamela gaufi le ene le Morwawe.

Kwa dipokanong, gape o ka itlwaelanya le batho ba ba ratang Jehofa le ba ba supang maungo a moya—lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori le boikgapo—mo botshelong jwa bone. (Bagalatia 5:22, 23) Fa o tlhoafetse kaga go dira ditsala le go tlogela go jewa ke bodutu, nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete beke nngwe le nngwe. Go dira jalo go dira gore o nne mo lefelong le le siameng ka nako e e tshwanelang gore o dire botsala jo bo nnelang ruri le batho ba Modimo a ba segofaditseng.

DITSALA TSE DI NNELANG RURI

Botsala jwa mmatota ke mpho e e molemo e e tswang kwa go Jehofa Modimo. E tswa mo bothong jwa gagwe le tsela e a ntseng ka yone. E re ka a le lorato e bile a na le moya wa go aba ka bopelotshweu, o dirile gore lefatshe le tlale ka dibopiwa tse di botlhale tse o ka tsalanang le tsone. Itsalanye le Bakeresetekawena. Ba kgothatse. Bereka le bone mo bodireding. Rapela le bone o bo o ba rapelele ka metlha. Fa o dira jalo o tla bo o etsa Jehofa le Morwawe e bong Jesu Keresete.

Botsala ke mpho e mongwe le mongwe a ka kgonang go e aba le go e amogela. E tla re go ise go ye kae o bo o nna le tshono ya go oketsa setlhopha sa ditsala tsa gago. O ka kgona go tsalana le dimilione tse di tshelang gone jaanong mmogo le batho ba dikokomana tse di fetileng ba ba robetseng mo losong, ba letetse tsogo ya baswi ka nako ya fa “loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:4; Johane 5:28, 29) Dira maiteko gone jaanong a go nna botsalano mme o tsalane le batho ba ba ratang Jehofa. Tsalana le Jehofa Modimo le Jesu Keresete ka go reetsa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Fa o dira jalo, o ka se tlhole le ka motlha o jewa ke bodutu gape.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

DIKGATO TSE THATARO TSA GO NNA LE BOTSALA JO BO NNELANG RURI

1. NNA TSALA. Aborahame o ne a bidiwa “tsala ya ga Jehofa” ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e sa reketleng. (Jakobe 2:23) Mme go ne go na le lebaka le lengwe gape. Baebele e bolela gore Aborahame o ne a supa gore o rata Modimo. (2 Ditirafalo 20:7) O ne a tsaya kgato pele go itsise Jehofa kafa a ikutlwang ka teng. (Genesise 18:20-33) Ee, go tlhokega gore motho a tseye kgato go supa botsala jwa gagwe. Jesu o ne a re: “Tlwaelang go naya, mme batho ba tla lo naya.” (Luke 6:38) Go kgothatsa kana go thusa motho e ka nna sone selo se se dirang gore botsala jo bogolo bo gole. Mokwadi wa ditlhamo wa kwa Amerika e bong Ralph Waldo Emerson o kile a bolela jaana: “Tsela e le yosi fela ya go nna le tsala ke go nna tsala.”

2. IPHE NAKO YA GO NNA TSALA. Batho ba le bantsi ba eletsa melemo ya go nna le ditsala. Le fa go ntse jalo, ba tshwaregile thata mo ba sa ipheng nako e e tlhokegang go nna le tsone. Baroma 12:15, 16 e re kgothaletsa gore re itumelele katlego ya ba bangwe, re utlwe botlhoko le bone le go swaba le bone. Ya re: “Ipeleng le batho ba ba ipelang; lelang le batho ba ba lelang. Nnang le mogopolo o o tshwanang ka ba bangwe jaaka o lo nang le one ka lona.” Le mororo Jesu Keresete e ne e le monna yo o neng a tshwaregile, ka metlha o ne a ipha nako le ditsala tsa gagwe. (Mareko 6:31-34) Gakologelwa, botsala, fela jaaka semela se se thunyang, bo tlhoka go nosediwa le go tlhokomelwa gore bo gole—mme seo se tlhoka nako.

3. REETSA FA BA BANGWE BA BUA. Gantsi batho ba ba reetsang sentle le ka kelotlhoko ba go fitlhela go le motlhofo go nna le ditsala. Morutwa Jakobe o ne a bolela jaana: “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua.” (Jakobe 1:19) Fa o tlotla le batho ba bangwe, bontsha gore o amega kafa ba ikutlwang ka gone. Ba kgothaletse go bua ka bone ka bobone. Nna wena yo o etelelang pele go ba tlotla. (Baroma 12:10) Fa o dira jalo ba tla batla go nna le wena. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e nna wena fela o buang mo motlotlong mongwe le mongwe, kana o nna o ntse o ipaya kwa pele, o tla nna le bothata jwa go bona mongwe yo o tla batlang go go reetsa kana yo o amegang ka maikutlo a gago kana ka dilo tse o di tlhokang.

4. ITSHWARELE. Jesu o kile a raya Petere a re a iketleeletse go itshwarela “go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.” (Mathaio 18:21, 22) Tsala ya mmatota e itlhaganelela go itlhokomolosa diphoso tse di sa reng sepe. Ka sekai: Batho bangwe ga ba rate go ja moretlwa ka ntlha ya dithapo tsa one tse dinnye. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ratang leungo leno, ga ba tlhokomele dithapo tsa lone. Ditsala tsa mmatota di ratwa ka ntlha ya dinonofo tsa bone tse dintle; diphosonyana tsa bone di a itlhokomolosiwa. Paulo o ile a kgothatsa jaana: “Tswelelang lo iphapaanyelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.” (Bakolosa 3:13) Batho ba ba ithutang go itshwarela ga ba latlhegelwe ke ditsala tsa bone.

5. TLOTLA GO NNA NOSI GA BA BANGWE. Mongwe le mongwe, go akaretsa le ditsala tsa gago, o tlhoka go nna nosi ka dinako dingwe. Diane 25:17 e bolela jaana ka botlhale: “A lonao lwa gago lo se tsene bobe mo ntlong ya wa gaeno; o ka tla wa mo lapisa, mme a go ila.” Ka gone, nna tekatekano ka makgetlo le boleele jwa nako e o etelang ditsala tsa gago ka yone. Tila go batla gore e nne ditsala tsa gago fela, e leng selo se se ka bakang lefufa. Nna kelotlhoko fa o bua ka dilo tse o di ratang le kafa o ikutlwang ka teng ka dilo dingwe. Se se dira gore motho a nne le botsala jo bo molemo le jo bo itumedisang.

6. NNA PELOTSHWEU. Motho o nna le ditsala ka go nna pelotshweu. Moaposetoloi Paulo o gakolola gore re ‘abe ka bopelontle le go iketleeletsa go abelana.’ (1 Timotheo 6:18) Ka sekai, kgothatsa ba bangwe. (Diane 11:25) Nna motho yo o ratang go akgola ba bangwe le go ba aga. Fa o amega ka mmatota ka boitekanelo jwa ba bangwe, ba tla go rata. Akanya ka se o ka ba direlang sone go na le go tlhoma mogopolo mo goreng bone ba ka go direla eng.