Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mosadi yo o ikanyegang wa Mokeresete o tshwanetse go gana go ya bokgakaleng bofe fa molekane wa gagwe a batla go mo tlhala?

Fa lenyalo la batho le simologa, Modimo o ne a re monna le mosadi ba tshwanetse go ‘ngaparelana.’ (Genesise 2:18-24) Batho e ne ya nna ba ba sa itekanelang mme seo sa dira gore go nne le mathata mo manyalong a mantsi mme le fa go ntse jalo, Modimo o sa ntse a batla gore balekane ba lenyalo ba ngaparelane. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Batho ba ba mo lenyalong ke ba naya ditao, lefa go ntse jalo e seng nna mme Morena, gore mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe; mme fa tota a ka mo tlogela, a a nne a sa nyalwa kgotsa go sa nneng jalo a boelane gape le monna wa gagwe; le monna yo o nyetseng ga aa tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe.”—1 Bakorintha 7:10, 11.

Mafoko ao a supa gore mo bathong ba ba sa itekanelang, ka dinako tse dingwe molekane o swetsa ka gore a tsamaye. Ka sekai, Paulo o ne a bolela gore fa molekane a tlogela yo mongwe, ka bobedi jwa bone ba tshwanetse go ‘nna ba sa nyala.’ Ka ntlha yang? Gone ke boammaaruri gore molekane yo mongwe o tlogetse yo mongwe, mme mo matlhong a Modimo bobedi jwa bone bo sa ntse bo bofilwe. Paulo o ne a ka bolela jaana ka gonne Jesu o ne a tlhomile molao ono wa lenyalo la Bakeresete: “Lefa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo [Segerika, por·neiʹa], mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Mathaio 19:9) Ee, lebaka le le lengwe fela la go tlhala le le ka fedisang lenyalo go ya ka Dikwalo ke “kgokafalo,” e leng boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Go bonala mo kgannyeng e Paulo a neng a bua ka yone, go ne go se na ope wa balekane yo o neng a dirile boitsholo jo bo sa siamang, ka gone fa monna kana mosadi a tlogela yo mongwe, lenyalo ga le a fela mo matlhong a Modimo.

Morago ga foo Paulo o ne a bua ka boemo jwa fa Mokeresete wa boammaaruri a na le molekane yo o sa dumeleng. Akanya ka kaelo eno ya ga Paulo: “Fa yo o sa dumeleng a tsamaya, mo lese a tsamaye; mokaulengwe kgotsa kgaitsadi ga a mo bokgobeng mo maemong a a ntseng jalo, mme Modimo o lo bileditse kagisong.” (1 Bakorintha 7:12-16) Mosadi yo o ikanyegang a ka dira eng fa monna wa gagwe yo o sa dumeleng a ile a mo tlogela mme a bo a batla go mo tlhala kafa molaong?

Ene a ka nna a eletsa gore monna wa gagwe a se ka a mo tlogela. A ka tswa a sa ntse a mo rata, a itse ditlhokego tsa bone tsa maikutlo le tsa tlhakanelodikobo e bile a itse gore ene le bana bape ba bannye ba ba ka tswang ba na le bone ba tlhoka go tlhokomelwa ka dilo tse di bonalang. Mme e bile a ka nna a bo a solofela gore, fa nako e ntse e ya, monna wa gagwe o tla nna modumedi mme a bo a bolokwa. Le fa go ntse jalo, fa e le gore o ile a tsaya dikgato tsa go fedisa lenyalo (ka mabaka mangwe a e seng a dikwalo), mosadi o tla “mo [lesa] a tsamaye,” jaaka Paulo a kwadile. Go tla nna fela jalo fa e le gore monna yo o dumelang o ile a itlhokomolosa tsela e Modimo a lebang lenyalo ka yone mme a batla go tsamaya.

Le fa go ntse jalo, mo boemong jo bo ntseng jalo, mosadi a ka nna a tlhoka go itshireletsa mmogo le bana kafa molaong. Jang? A ka nna a batla go bona tshwanelo ya go tsaya bana ba gagwe ba a ba ratang gore a tswelele pele go ba bontsha lorato lwa bommè, a ba rute ka boitsholo jo bo siameng, go ba thusa gore ba nne le tumelo e e theilweng mo dithutong tse di molemo tsa Baebele. (2 Timotheo 3:15) Tlhalo e ka nna ya dira gore a latlhegelwe ke ditshwanelo tsa gagwe. Ka gone, a ka nna a tsaya dikgato tsa gore a nne le moemedi yo o tshwanelang mo pele ga balaodi gore a tle a sireletse tshwanelo ya gagwe ya go ka nna le bana ba gagwe le go tlhomamisa gore monna wa gagwe o patelesega go tlamela lelapa le a le tlogelang. Mo mafelong mangwe, mosadi yo o ganang tlhalo a ka nna a saena dipampiri tsa semolao tse di tlhalosang gore a ka kgona go bona tshwanelo ya go nna le bana ba gagwe le madi a go ba tlhokomela, a dira jalo kwantle ga go dumalana le tlhalo e monna wa gagwe a e batlang. Kwa mafelong a mangwe, mafoko a a kwadilweng mo dipampiring tseo a supa gore o dumalana le tlhalo; ka gone, fa monna wa gagwe a ne a na le molato wa go dira boaka, fa mosadi a saena dipampiri tseno o tla bo a supa fa a mo tlogela.

Batho ba le bantsi mo tikologong le mo phuthegong ba tla bo ba sa itse mabaka otlhe, a a jaaka gore a go tlhalanwe ka mabaka a a kafa Dikwalong. Ka gone, pele ga dilo di fitlha bokgakaleng joo, go tla nna molemo gore mosadi a itsise molebedi yo o okamelang le mogolwane yo mongwe mo phuthegong ka dintlha tseno (fa go kgonega a kwale). Ka tsela eo, dintlha tseo di tla bo di le teng fa go ka tsoga dipotso ka nako eo kana moragonyana.

A re boeleng gape kwa kakgelong ele ya ga Jesu: “Lefa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” Fa e le gore tota monna yo o nyetseng o na le molato wa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo mme a bo a batla go nna a nyalane le mosadi wa gagwe, mosadi (yo o se nang molato mo sekaing sa ga Jesu) o tshwanetse go tlhopha gore a o a mo itshwarela mme a bo a tswelela a kopanela bolao jwa lenyalo le ene kana a se ka a mo amogela. Fa a iketleeditse go itshwarela le go tswelela a nna le monna wa gagwe wa kafa molaong, ga a iitshekolole ka go dira jalo.—Hosea 1:1-3; 3:1-3.

Mo kgannyeng ya fa monna yo o dirileng boitsholo jo bo sa siamang a batla go tlhala, mosadi a ka nna a bo a sa ntse a iketleeditse go mo itshwarela, a solofetse gore o tla boela mo go ene. Ke mosadi yo o tla dirang tshwetso, a ikaegile ka segakolodi sa gagwe le ka maemo a a amang kgang eo gore a o tla lwantsha kgato ya gagwe ya go batla go tlhala. Mo mafelong mangwe fa mosadi a lwantsha kgang ya tlhalo, a ka nna a kgona go saena makwalo a a supang gore o tla amogela tshwanelo ya go nna le bana ba gagwe le gore o tla tlamelwa ka madi mme a sa supe gore o dumalana le tlhalo; go saena ga gagwe makwalo a a ntseng jalo ka bo gone go ka se supe gore o ne a tlogela monna wa gagwe. Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe, mosadi yo o lwantshang tlhalo a ka nna a kopiwa gore a saene makwalo a a supang gore o dumalana le tlhalo; go saena ga gagwe makwalo a a ntseng jalo go tla supa sentle gore o tlogela monna wa gagwe yo o molato.

Go tila go sa utlwane go go ka nnang teng le mo kgannyeng eno, go tla nna molemo fa mosadi a ka naya baemedi ba phuthego lekwalo le le tlhalosang gore go tsewa dikgato dife le gore o ikutlwa jang ka gone. A ka nna a tlhalosa gore o boleletse monna wa gagwe gore o iketleeditse go mo itshwarela le go nna mosadi wa gagwe. Seo se tla raya gore o ne a tlhalwa a sa batle; go na le gore a se ka a amogela monna wa gagwe, o ne a sa ntse a iketleeditse go mo itshwarela. Fa a sena go tlhalosa ka tsela eo gore o iketleeditse go itshwarela le go nna a ntse a nyetswe, fa a saena dipampiri tse di supang fela gore dikgang tsa madi kana tsa ditshwanelo tsa go tsaya bana di tshwanetse go rarabololwa jang go ka se supe gore o tlogela monna wa gagwe. *

Fa a setse a bontshitse gore o iketleeditse go itshwarela tota le morago ga tlhalo, ga go na ope gare ga ene le monna wa gagwe yo o tla bong a gololesegile go nyalana le motho yo mongwe. Fa go itshwarela ga mosadi, e leng molekane yo o se nang molato go ile ga ganwa, mme moragonyana a bo a swetsa go tlogela monna wa gagwe ka ntlha ya boitsholo jwa gagwe jo bo sa siamang, ba tla bo ba gololesegile ka bobedi jwa bone. Jesu o ne a bontsha gore molekane yo o se nang molato o na le tshwanelo ya go dira tshwetso e e ntseng jalo.—Mathaio 5:32; 19:9; Luke 16:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Dithulaganyo tsa molao le makwalo a teng di farologana go ya ka mafelo. Ditumalano tse di leng malebana le tlhalo tse di kwadilweng mo makwalong a semolao di tshwanetse go tlhatlhobiwa ka kelotlhoko pele ga go saeniwa. Fa molekane yo o se nang molato a saena makwalo a a supang gore o dumalana le tlhalo e molekane wa gagwe a e batlang, seo se bolela gore o tlogela molekane wa gagwe.—Mathaio 5:37.