Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Tla Nna le Kagiso mo Mileniamong o Mosha?

A go Tla Nna le Kagiso mo Mileniamong o Mosha?

A go Tla Nna le Kagiso mo Mileniamong o Mosha?

NGWAGA wa Ditšhabatšhaba wa Tsela ya Kagiso o ne wa amogelwa ka mekete kwa Paris le New York City ka September 14, 1999. Kokoanotheomolao ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya itsise fa seo se direlwa ngwaga wa 2000. Federico Mayor, yo pele e neng e le motsamaisimogolo wa UNESCO, o ne a dira boikuelo jo bo masisi “jwa gore go tlhongwe mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa tsela ya kagiso le thethebalo.”

UNESCO e na le polelwana e e reng “e re ka dintwa di simolola mo megopolong ya batho, go sireletsa kagiso go tshwanetse ga simololwa mo megopolong ya batho.” Go dumalana le seno, mokgatlho ono o ikaeletse go rotloetsa tsela ya kagiso ka “thuto, puisano le tirisanommogo.” Rre Mayor o ne a akgela gore ga go a lekana “go nna kagisano e bile ga go a lekana go nna batho ba ba ilang ntwa mme re tshwanetse go nna badirakagiso.”

Ka maswabi, ngwaga wa 2000 ga wa ka wa nna le kagiso gotlhelele. Hisitori ya segompieno—go akaretsa le dilo tse di diragetseng ka ngwaga wa 2000—e ile ya supa kafa batho ba palelwang ka gone ke go thibela ntwa le thubakanyo le fa gone ba dira maiteko a magolo a gore ba se ka ba palelwa.

Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re tlhokomele gore kagiso e amana le thuto tota. Dingwaga tse di ka nnang 2 700 tse di fetileng, moporofeti Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.” (Isaia 54:13) Ene moporofeti yoo o ne a bonela pele nako ya fa batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla bong ba thologela mo kobamelong e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo gore ba tle ba ithute ka ditsela tsa Gagwe. Ka matswela afe? “[Ba] tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” (Isaia 2:2-4) Go dumalana le boporofeti joo, Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro ya go ruta mo lefatsheng lotlhe e e setseng e thusitse dimilione go fenya letlhoo la bosetšhaba le la bomorafe le e leng lone le simololang dintwa tse dintsi.

Kgabagare dintwa di tla bo di sa tlhole di le gone mo Bogosing jwa Modimo, jo bo tla lereng kagiso le pabalesego tse di tla nnelang ruri mo lefatsheng. (Pesalema 72:7; Daniele 2:44) Ka nako eo, mafoko ano a mopesalema a tla bo a diragadiwa: “Tlang, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, e bong ditšhwafatso tse o di dirileng mo lefatsheng. O khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.”—Pesalema 46:8, 9.