Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matsadi a Ntwa

Matsadi a Ntwa

Matsadi a Ntwa

LESOLE lengwe le le kileng la lwa mo Ntweng ya Lefatshe II le ne la bolela jaana: “Mo ntweng ga go na bafenyi. Go nna fela le ba ba fentsweng.” Batho ba le bantsi ba ka dumelana le ene. Matswela a ntwa a botlhoko thata; a nna botlhoko thata mo go ba ba fentseng le ba ba fentsweng. Le e leng morago ga gore ntwa e khutle, dimilione tsa batho di nna di boga ka ntlha ya matsadi a a botlhoko a ntwa.

Matsadi a eng? Ntwa e ka gaila baagi, e tlogela bontsi e le masiela le batlholagadi. Batho ba le bantsi ba ba falolang mo ntweng ba sala ka matsadi a a boitshegang mo mmeleng, le mabadi mo mogopolong. Dimilione tsa batho di ka sala di sotlega kana tsa patelesega go nna batshabi. A o kgona go lemoga letlhoo le kutlobotlhoko tse di salang mo dipelong tsa ba ba falolang dintwa tse di ntseng jalo?

Matsadi a a Tutetseng

Matsadi a a mo dipelong tsa batho a a bakilweng ke ntwa a nna a tutetse ka lobaka lo loleele le fa marumo a setse a beilwe fa fatshe, dithunya di didimetse, le masole a boetse gae. Dikokomana tse di latelang di ka tswelela di galefelane mo go botlhoko. Ka tsela eno matsadi a ntwa nngwe a ka baka ntwa e nngwe.

Ka sekai, Tumalano ya Versailles, e e neng ya saeniwa ka 1919 gore go fedisiwe semmuso Ntwa ya Lefatshe I ka yone, e ne ya dira gore baagi ba Jeremane ba tseye melao ya yone e le setlhogo e bile e le go ipusolosetsa. Go ya ka The Encyclopædia Britannica, melao ya tumalano eo “e ne ya galefisa Bajeremane mme ya dira gore ba batle go ipusolosetsa.” Dingwaga moragonyana, “go kgopisiwa ke tumalano eo ya kagiso go ne ga naya Hitler lebaka la go simolola ntwa” mme e ne ya nna lengwe la mabaka a a neng a baka Ntwa ya Lefatshe II.

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola kwa Poland mme ya anama go akaretsa le dinaga tsa Balkan. Matsadi a ditso tsa kgaolo eo di neng tsa tsatsankana ka one ka bo1940 a ne a dira gore go nne le ntwa kwa dinageng tsa Balkan ka bo1990. Lokwalodikgang lwa Jeremane lwa Die Zeit lo ne lwa bolela jaana: “Letlhoo le go ipusolosetsa go go sa feleng go nnile bothata jo bo ipoapoeletsang go fitlha le mo motlheng wa rona.”

Ruri matsadi a ntwa a tshwanetse go fodisiwa gore batho ba tshele ka kagiso. Seno se ka fitlhelelwa jang? Ke eng se se ka dirwang go fedisa letlhoo le kutlobotlhoko? Ke mang yo o ka fodisang matsadi a ntwa?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Fatmir Boshnjaku

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

U.S. Coast Guard photo; UN PHOTO 158297/J. Isaac