Nonotshiwa ke Lorato
Nonotshiwa ke Lorato
“Rata Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”—MATHAIO 22:37.
1. (a) Dilo dingwe tse Mokeresete a di kgaratlhelang ke dife? (b) Ke nonofo efe ya Bokeresete e e leng botlhokwa go gaisa tsotlhe, mme ka ntlha yang?
MOKERESETE o kgaratlhela dilo di le dintsi gore a nne modiredi yo o molemo. Buka ya Diane e gatelela botlhokwa jwa kitso, tlhaloganyo le botlhale. (Diane 2:1-10) Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa botlhokwa jwa go nna le tumelo e e tiileng le tsholofelo e e nonofileng. (Baroma 1:16, 17; Bakolosa 1:5; Bahebera 10:39) Gape go botlhokwa gore motho a nne le boitshoko le boikgapo. (Ditiro 24:25; Bahebera 10:36) Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se fa motho a se na sone, se ka nyenyefatsang dilo tse dingwe tsotlhe e bile se ka dirang gore di se ka tsa nna le mosola ope. Selo seo ke lorato.—1 Bakorintha 13:1-3, 13.
2. Jesu o ne a bontsha jang kafa lorato lo leng botlhokwa ka teng, mme seno se dira gore go bodiwe dipotso dife?
2 Jesu o ile a bontsha kafa lorato lo leng botlhokwa ka teng fa a ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:35) E re ka lorato e le lotshwao lo lo tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri, re tshwanetse go ipotsa dipotso tse di jaaka, Lorato ke eng? Ke eng fa lo le botlhokwa thata jaana mo Jesu a ileng a re, gareng ga dilo tse dingwe tsotlhe, ke lone lo lo tlhaolang barutwa ba gagwe? Re ka nna le lorato jang? Re tshwanetse go rata bomang? Mma re sekasekeng dipotso tseno.
Lorato ke Eng?
3. Lorato lo ka tlhalosiwa jang, mme ke eng fa lo amana le tlhaloganyo le pelo?
3 Tsela nngwe e lorato lo tlhalosiwang ka yone ke gore, ke ‘maikutlo a a omosang pelo a a boteng a go kgatlhegela motho yo mongwe.’ Ke nonofo e e tlhotlheletsang batho go direla ba bangwe dilo tse di molemo, ka dinako tse dingwe e le ka go intsha setlhabelo tota. Lorato jaaka fa Baebele e lo tlhalosa, lo amana le mogopolo le pelo. Mogopolo, kana tlhaloganyo, e a amega ka gonne motho yo o ratang ba bangwe o dira jalo a itse sentle e bile a lemoga gore ene le batho ba bangwe ba a ba ratang, botlhe ba na le makoa mmogo le dinonofo tse di molemo. Gape tlhaloganyo e a amega ka gonne go na le batho ba Mokeresete a ba ratang—ka dinako tse dingwe gongwe e le ba ka tlholego fela a neng a ka se ba rate—ka gonne a itse gore go ya ka se a se balang mo Baebeleng, Modimo o batla jalo. (Mathaio 5:44; 1 Bakorintha 16:14) Le fa go ntse jalo, totatota lorato lo simologa mo pelong. Go ya kafa Baebele e tlhalosang ka teng, lorato lwa mmatota ga lo amane fela le tlhaloganyo. Lo akaretsa bopeloephepa jo bo feletseng le go bula pelo yotlhe.—1 Petere 1:22.
4. Lorato ke sebofo se se nonofileng ka tsela efe?
4 Batho ba ba pelotshetlha ga ba kgone go nna ditsala tsa mmatota tse di lorato ka gonne motho yo o ratang ba bangwe o iketleeleditse go baya dikgatlhego tsa batho ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe. (Bafilipi 2:2-4) Mafoko a ga Jesu a a reng, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng,” a boammaaruri tota segolobogolo fa motho a aba jalo ka lorato. (Ditiro 20:35) Lorato ke sebofo se se nonofileng. (Bakolosa 3:14) Gantsi lo akaretsa botsala, le fa go ntse jalo dibofo tsa lorato di nonofile go feta tsa botsala. Kamano ya go kgatlhegelana ga monna le mosadi wa gagwe ka dinako tse dingwe e tlhalosiwa e le lorato; le fa go ntse jalo, lorato lo Baebele e re kgothaletsang go nna le lone lo tshwarelela lobaka lo loleele go feta go kgatlhegelana fela ga mmele. Fa banyalani ba ratana tota, ba nna ba le mmogo tota le fa ba sa tlhole ba kgona go nna le kamano ya mmele ka ntlha ya makoa a botsofe kana ka ntlha ya gore mongwe wa bone a golafetse.
Lorato—Nonofo e e Botlhokwa
5. Ke eng fa lorato e le nonofo e e botlhokwa mo Mokereseteng?
5 Ke eng fa lorato e le nonofo e e botlhokwa thata mo Mokereseteng? Sa ntlha, ke ka gonne Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba ratane. O rile: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang. Dilo tseno ke a di lo laolela, gore lo ratane.” (Johane 15:14, 17) Sa bobedi, ka gonne Jehofa ke mothofatso wa lorato, mme e re ka re le baobamedi ba gagwe, re tshwanetse go mo etsa. (Baefeso 5:1; 1 Johane 4:16) Baebele e bolela gore go anya kitso kaga Jehofa le Jesu go bolela botshelo jo bo sa khutleng. A re ka re re itse Modimo fa re sa leke go tshwana le ene? Moaposetoloi Johane o ile a ntsha lebaka leno: “Yo o sa rateng ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato.”—1 Johane 4:8.
6. Lorato lo ka re thusa jang go lekalekanya dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo jwa rona?
6 Lorato lo botlhokwa ka ntlha ya lebaka leno la boraro: Lo re thusa go nna tekatekano mo dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo jwa rona e bile lo re thusa go nna le maitlhomo a a siameng mo go se re se dirang. Ka sekai, go botlhokwa gore ka metlha motho a tswelele pele a anya kitso ya Lefoko la Modimo. Mo Mokereseteng, kitso e e ntseng jalo e tshwana le dijo. E mo thusa go gola semoyeng le go dira dilo ka tsela e e dumalanang le thato ya Modimo. (Pesalema 119:105; Mathaio 4:4; 2 Timotheo 3:15, 16) Le fa go ntse jalo, Paulo o ile a tlhagisa jaana: “Kitso e a gogomosa, mme lorato lone lo a aga.” (1 Bakorintha 8:1) Nnyaa, kitso e e leng ya boammaaruri ga e na selabe sepe. Selabe se tla le rona—re na le tshekamelo ya go dira boleo. (Genesise 8:21) Fa motho a se na lorato lo lo mo tlhotlheletsang go dira dilo ka tekatekano, kitso e ka dira gore a ikgogomose, a itseye a le botoka go feta batho ba bangwe. Seo se ka se direge fa tota a tlhotlhelediwa ke lorato. “Lorato . . . ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose.” (1 Bakorintha 13:4) Mokeresete yo o tlhotlhelediwang ke lorato ga a ikgogomose tota le fa a ka nna le kitso e ntsi. Lorato lo mo dira gore a nne a ikokobeditse e bile lo mo kganela gore a se ka a batla go tseelwa kwa godimo.—Pesalema 138:6; Jakobe 4:6.
7, 8. Lorato lo re thusa jang go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa segolo?
7 Paulo o ile a kwalela Bafilipi jaana: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote le eleng segolo bogolo ka kitso e e leng yone le temogo e e tletseng; gore lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa segolo.” (Bafilipi 1:9, 10) Lorato lwa Bokeresete lo tla re thusa go sekegela tsebe kgothatso eno ya gore re tlhomamise dilo tse di botlhokwa segolo. Ka sekai, akanya ka mafoko ano a Paulo a neng a a raya Timotheo: “Fa monna mongwe a gabalalela tiro ya bolebedi, o eletsa tiro e e molemomogolo.” (1 Timotheo 3:1) Mo ngwageng wa tirelo wa 2000, palo ya diphuthego mo lefatsheng lotlhe e ne ya oketsega ka tse 1 502, e leng se se neng sa dira gore go nne le palogotlhe e ntšha ya di le 91 487. Ka ntlha ya seo, go tlhokega bagolwane ba ba oketsegileng mme batho ba ba gagamalelang tiro eno ba a akgolwa.
8 Le fa go ntse jalo, batho ba ba gagamalelang tiro ya go nna balebedi ba tla bo ba dira dilo ka tekatekano fa ba sa lebale boikaelelo jwa tiro eo. Go nna fela le taolo kana go tseelwa kwa godimo ga se gone ga botlhokwa. Bagolwane ba ba itumedisang Jehofa ba tlhotlhelediwa ke go mo rata le go rata bakaulengwe ba bone. Ga ba batle tlotlomalo kana go laola ba bangwe. Fa moaposetoloi Petere a sena go gakolola bagolwane ba phuthego gore ba nne le boikutlo jo bo molemo, o ile a gatelela gore go botlhokwa gore ba nne le “kgobalalo ya mogopolo.” O ile a gakolola botlhe mo phuthegong jaana: “Ikokobetseng tlase ga seatla se se thata sa Modimo.” (1 Petere 5:1-6) Mongwe le mongwe yo o gagamalelang tiro eno o dira sentle fa a akanyetsa sekao sa bagolwane ba bantsi mo lefatsheng lotlhe ba ba dirang ka natla, ba le boikokobetso mme ka jalo ba itumelelwa thata mo diphuthegong tsa bone.—Bahebera 13:7.
Maitlhomo a a Siameng a re Thusa go Itshoka
9. Ke eng fa Bakeresete ba nna ba gopotse masego a Jehofa a ba solofeditseng one?
9 Botlhokwa jwa go tlhotlhelediwa ke lorato bo 1 Timotheo 4:8) Mokeresete yo o dumelang ditsholofetso tseno a sa belaele sepe e bile a tlhatswegile pelo gore Jehofa “o nna moduedi wa ba ba [mo] senkang ka tlhoafalo,” o thusiwa go ema a tlhomame mo tumelong. (Bahebera 11:6) Bontsi jwa rona re tlhoafaletse go bona ditsholofetso tsa Modimo di diragala e bile re bua jaana jaaka moaposetoloi Johane: “Amen! Tla, Morena Jesu.” (Tshenolo 22:20) Ee, go tlhatlhanya ka masego a re tlileng go a bona fa re ikanyega go re nonotsha gore re kgone go itshoka fela jaaka Jesu le ene a ile a kgona go itshoka ka ntlha ya go nna a gopotse ka “boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.”—Bahebera 12:1, 2.
bonala ka tsela e nngwe. Baebele e solofetsa batho ba ba latelelang boineelo jwa bomodimo ka ntlha ya lorato masego a magolo gone jaanong le masego a a molemo thata mo isagweng. (10, 11. Go tlhotlhelediwa ke lorato go re thusa jang go itshoka?
10 Mme go tweng fa maitlhomo a rona a go direla Jehofa e le fela ka go bo re batla go tshela mo lefatsheng le lesha? Fa go ntse jalo, go ka nna motlhofo gore re fele pelo kana re kgobege marapo fa maemo a nna thata kana fa dilo di sa direge ka nako e re di solofetseng ka yone kana ka tsela e re di solofetseng ka yone. Re ka nna ra nna mo kotsing e e masisi ya go katogela go sele. (Bahebera 2:1; 3:12) Paulo o ile a bua ka motho mongwe yo e kileng ya bo e le mopati wa gagwe e bong Demase, yo o neng a mo tlogela. Ka ntlha yang? Ka gonne o “ne a rata tsamaiso ya jaanong ya dilo.” (2 Timotheo 4:10) Batho bape fela ba ba direlang ba na le mabaka a bogagapa ba mo kotsing ya go dira se se tshwanang. Ba ka nna ba ngokwa ke ditshono tse lefatshe le nang le tsone gone jaanong mme ba simolola go ikgogona go intsha setlhabelo gore ba nne le tsholofelo ya go bona masego a a tlang.
11 Le fa gone go se molato e bile e le ga tlholego gore motho a eletse go bona masego a mo isagweng le go namolwa mo ditekong, lorato lo dira gore re lemoge se e tshwanetseng go nna sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. Selo sa botlhokwa ke go dira thato ya ga Jehofa e seng ya rona. (Luke 22:41, 42) Ee, lorato lo a re nonotsha. Lo dira gore re kgotsofalele go letela Modimo wa rona ka bopelotelele, re kgotsofalela dilo dipe fela tse a re segofatsang ka tsone e bile re tshepa ka botlalo gore o tla re abela sengwe le sengwe se a re solofetsang sone ka nako ya gagwe e e tshwanetseng—le tse dingwe tse dintsi. (Pesalema 145:16; 2 Bakorintha 12:8, 9) Kafa letlhakoreng le lengwe, lorato lo re thusa go tswelela pele re direla kwantle ga bogagapa ka gonne “lorato . . . ga lo batle melemo ya lone.”—1 Bakorintha 13:4, 5.
Bakeresete ba Tshwanetse go Rata Bomang?
12. Go ya ka Jesu, re tshwanetse go rata bomang?
12 Jesu o ile a bolela molao o o tlhalosang ka kakaretso batho ba re tshwanetseng go ba rata fa a ne a nopola dipolelwana tse pedi tse di tswang mo Molaong wa ga Moshe. O ile a re: “O tshwanetse go rata Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago” a ba a re “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”—Mathaio 22:37-39.
13. Re ka ithuta go rata Jehofa jang le mororo re sa kgone go mmona?
Genesise 2:5-23) Re ile ra ithuta tsela e a ileng a dirisana le batho ka yone, gore o ile a se ka a re latlha fa lelapa la ntlha la batho le ne le leofa, go na le moo, o ile a tsaya dikgato tsa go re rekolola. (Genesise 3:1-5, 15) O ile a nna pelonomi mo bathong ba ba neng ba ikanyega, mme kgabagare a re neela Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore re itshwarelwe maleo. (Johane 3:16, 36) Fa kitso ya rona e ntse e oketsega jalo e ne ya dira gore kanaanelo ya rona ka Jehofa e gole. (Isaia 25:1) Kgosi Dafide o ile a re o ne a rata Jehofa ka ntlha ya tlhokomelo ya Gagwe e e lorato. (Pesalema 116:1-9) Gompieno Jehofa o amega ka rona, o a re kaela, o a re nonotsha e bile o a re kgothatsa. Fa re ntse re ithuta thata ka ene, tsela e re mo ratang ka yone le yone e a gola.—Pesalema 31:23; Sefania 3:17; Baroma 8:28.
13 Go tswa mo mafokong ano a ga Jesu, go mo pepeneneng gore wa pele yo re tshwanetseng go mo rata ke Jehofa. Le fa go ntse jalo, ga re tsalwe re na le lorato lo lo nonofileng sentle lwa go rata Jehofa. Ke selo se re tshwanetseng go lwela go nna le sone. Fa re ne re simolola go utlwa ka ene, re ne ra mo kgatlhegela ka ntlha ya se re neng re se utlwa ka ene. Ka bonya ka bonya re ile ra ithuta kafa a ileng a baakanyetsa batho lefatshe ka teng. (Re ka Bontsha Lorato Jang?
14. Re ka bontsha jang gore re rata Modimo ka lorato lwa mmatota?
14 Ke boammaaruri gore, batho ba le bantsi go ralala lefatshe ba re ba rata Modimo, le fa go ntse jalo, tsela e ba dirang dilo ka yone e latola seo. Re ka itse jang gore eleruri re rata Jehofa? Re ka bua le ene ka thapelo mme re mmolelele kafa re ikutlwang ka teng. Mme re ka itshwara ka tsela e e bontshang gore re a mo rata. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Lefa e le mang yo ruri a bolokang lefoko la [Modimo], ammaaruri lorato lwa Modimo lo itekanedisitswe mo mothong yono. Ka seno re na le kitso ya gore re seoposengwe le ene.” (1 Johane 2:5; 5:3) Gareng ga dilo tse dingwe, Lefoko la Modimo le re laela gore re kopane mmogo mme re tshele botshelo jo bo phepa le jwa boitsholo jo bo siameng. Re tila go nna boitimokanyo, re bua boammaaruri e bile re lwela go akanya dilo tse di siameng. (2 Bakorintha 7:1; Baefeso 4:15; 1 Timotheo 1:5; Bahebera 10:23-25) Re bontsha lorato ka go thusa batho ba ba tlhokang thuso ya dilo tse di bonalang. (1 Johane 3:17, 18) E bile ga re ikgogone go bolelela batho ba bangwe ka Jehofa. Seno se akaretsa go nna le seabe mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mathaio 24:14; Baroma 10:10) Go ikobela Lefoko la Modimo mo dilong tse di ntseng jalo ke sesupo sa gore re rata Jehofa ka lorato lwa mmatota.
15, 16. Go rata Jehofa go ile ga ama botshelo jwa batho ba le bantsi jang ngogola?
15 Go rata Jehofa go thusa batho go dira ditshwetso tse di siameng. Ngogola lorato lo lo ntseng jalo lo ile lwa tlhotlheletsa batho ba le 288 907 go neela botshelo jwa bone mo go ene le go bontsha tshwetso eo ka go kolobediwa mo metsing. (Mathaio 28:19, 20) Boineelo jwa bone bo ne bo na le bokao. Bo ne jwa bontsha gore ba fetotse botshelo jwa bone. Ka sekai, Gazmend e ne e le mogaka yo o tumileng thata wa basketball kwa Albania. Go fetile dingwaga di sekae ene le mosadi wa gagwe ba ithuta Baebele mme kgabagare ba ne ba tshwanelega go nna baboledi ba Bogosi lemororo ba ne ba faraferwe ke dikgoreletsi. Ngogola, Gazmend o ne a kolobediwa, e le mongwe wa ba le 366 ba ba neng ba kolobediwa kwa Albania mo ngwageng wa tirelo wa 2000. Lekwalodikgang lengwe le ne la kwala kgang ka ga gagwe mme la re: “O itse se a se tshelelang mme ka ntlha ya seno ene le lelapa la gagwe ba itumelela botshelo go feta lefa e le leng pele. Selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe jaanong ke gore a ka thusa batho ba bangwe go le kana kang e seng gore a ka iponela go le gontsi go le kana kang mo botshelong.”
16 Kgaitsadi mongwe yo o sa tswang go kolobediwa yo o berekang mo khampaning ya oli kwa Guam le ene o ne a solofediwa sengwe se se eletsegang. Morago ga go nna a tlhatlosiwa maemo ka dingwaga tse dintsi, kgabagare o ne a solofediwa tshono ya go nna mosadi wa ntlha mo hisitoring ya khampani eo go nna motlatsa mookamedi. Le fa go ntse jalo, jaanong o ne a neetse botshelo jwa gagwe mo go Jehofa. Ka jalo e ne ya re fa kgaitsadi yono yo mosha a sena go tlotla ka kgang eno le monna wa gagwe, o ne a se ka a amogela tshono eo, go na le moo o ne a rulaganya gore a newe tiro ya nakwana e le gore a kgone go gatela pele go nna modiredi wa nako e e tletseng wa mmulatsela. Go rata Jehofa go ne ga mo tlhotlheletsa gore a batle go mo direla e le mmulatsela go na le go gagamalela go ikgobokanyetsa madi mo lefatsheng leno. Tota e bile, lorato lo lo ntseng jalo lo ne lwa tlhotlheletsa batho ba le 805 205 mo lefatsheng lotlhe go nna le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa tiro ya bobulatsela mo ngwageng wa tirelo wa 2000. A bo babulatsela bano ba ile ba bontsha lorato le tumelo ka tsela e kgolo jang ne!
Go Tlhotlheletsega go Rata Jesu
17. Re bona sekao sefe se se molemo sa lorato mo go Jesu?
17 Jesu ke sekao se se molemo tota sa motho yo o neng a tlhotlhelediwa ke lorato. Pele ga a nna motho o ne a rata Rraagwe e bile o ne a rata batho. O ile a bua jaana a tshwantshetsa botlhale: “Ke ne ke le fa go [Jehofa], jaaka motho yo e leng tlhogo ya tiro; ke le natefelo ya gagwe ka malatsi otlhe, ke ntse ke itumela ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe. Ka itumelela lefatshe la gagwe le le nnwang; natefelo ya me le yone e le mo baneng ba batho.” (Diane 8:30, 31) Lorato lwa ga Jesu lo ne lwa mo tlhotlheletsa go tlogela bonno jwa gagwe kwa legodimong mme a tla go tsholwa e le lesea le le sa kgoneng go itshireletsa. O ne a le pelotelele e bile a le pelonomi mo bathong ba ba bonolo le ba ba boingotlo a ba a bogisiwa ke baba ba ga Jehofa. Kwa bofelong, o ne a swela batho botlhe mo thupeng ya tlhokofatso. (Johane 3:35; 14:30, 31; 15:12, 13; Bafilipi 2:5-11) A sekao se se molemo jang ne sa go tlhotlhelediwa ke se se siameng!
18. (a) Re dira jang gore re rate Jesu? (b) Re bontsha jang gore re rata Jesu?
18 Fa batho ba ba nang le pelo e e siameng ba bala dipego tsa botshelo jwa ga Jesu mo Diefangeleng 1 Petere 1:8) Re supa lorato loo fa re nna le tumelo mo go ene le go etsa botshelo jwa gagwe jwa go intsha setlhabelo. (1 Bakorintha 11:1; 1 Bathesalonika 1:6; 1 Petere 2:21-25) Ka April 19, 2000, palogotlhe ya batho ba le 14 872 086 ba ne ba gopodiwa mabaka a go bo re tshwanetse go rata Jesu fa ba ne ba nna gone mo Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa gagwe. A palo e kgolo jang ne! Mme a bo go kgothatsa jang ne go itse gore go na le batho ba bantsi jaana ba ba kgatlhegelang poloko e e nnang gone ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu! Ee ruri, re nonotshiwa ke lorato lwa ga Jehofa le Jesu mo go rona le lwa rona mo go bone.
e bile ba tlhatlhanya ka masego a mantsi a tsela ya gagwe ya boikanyegi e neng ya ba leretse one, seno se dira gore ba mo rate ka lorato lo logolo. Rona gompieno re tshwana le batho ba Petere a ileng a bua jaana le bone: “Lefa lo ise lo ke lo [bone Jesu], lo a mo rata.” (19. Ke dipotso dife tse di malebana le lorato tse di tla sekasekwang mo setlhogong se se latelang?
19 Jesu o ile a re re tshwanetse go rata Jehofa ka pelo, moya, tlhaloganyo le nonofo yotlhe. Mme gape o ile a re re tshwanetse go rata moagelani wa rona jaaka re ithata. (Mareko 12:29-31) Seo se akaretsa bomang? Mme go rata moagelani go re thusa jang go nna tekatekano le go nna le maitlhomo a a siameng? Dipotso tseno di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.
A o A Gakologelwa?
• Ke eng fa lorato e le nonofo e e botlhokwa?
• Re ka ithuta go rata Jehofa jang?
• Boitshwaro jwa rona bo bontsha jang gore re rata Jehofa?
• Re bontsha jang gore re rata Jesu?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]
Lorato lo re thusa go letela thuso ka bopelotelele
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Setlhabelo se segolo sa ga Jesu se re tlhotlheletsa go mo rata