Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Sianang ka Tsela e e Ntseng Jalo’

‘Sianang ka Tsela e e Ntseng Jalo’

‘Sianang ka Tsela e e Ntseng Jalo’

IPONE o le mo setadiamong sa metshameko se se tletseng ka batho ba ba itumetseng. Baatleletiki ba tsena mo lebaleng. Batho ba a duduetsa fa bagaka ba bone ba tlhaga. Go na le baatlhodi ba ba tla tlhomamisang gore melao e a tshegediwa. Fa dilo di ntse di tswelela pele, go utlwala meduduetso ya phenyo le selelo sa go swaba. Bafenyi ba duduelediwa ka loshalaba lo logolo!

O tlile motshamekong, e seng wa motlha wa segompieno, mme o o neng o le teng dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng kwa Isthmus ya kwa Korintha. Dingwaga dingwe le dingwe tse pedi go tloga ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E. go ya go lekgolo la bonè la dingwaga C.E., go ne go nna le Metshameko e e tumileng ya Isthmus. Tiragalo eno e ne e gapa kgatlhego ya Gerika yotlhe malatsi a le mantsi. Metshameko eno e ne e se kgaisano e e tlwaelegileng fela ya baatleletiki. Baatleletiki e ne e le letshwao la gore sesole se ipaakantse. Bafenyi—bao ba neng ba galalediwa jaaka bagaka—ba ne ba amogela dirwalo tse di neng di dirilwe ka matlhare a ditlhare. Ba ne ba fiwa dimpho tse dintsintsi mme puso e ne e ba naya madi a mantsi a phenshene ya botshelo jotlhe.

Moaposetoloi Paulo o ne a itse ka Metshameko ya Isthmus e e neng e tshwarelwa gaufi le Korintha mme o ne a tshwantsha botshelo jwa Mokeresete le kgaisano ya baatleletiki. Fa a ne a umaka basiani, batshameki ba ba mekamekanang le boramobole, o ne a tshwantsha sentle matswela a go ithapisa sentle, go dira maiteko a a tshwanetseng le boitshoko. Le gale, Bakeresete ba a neng a ba kwalela le bone ba ne ba itse ka metshameko eno. Ga go na pelaelo gore bangwe ba bone ba ne ba kile ba nna bangwe ba baduduetsi mo setadiamong. Ka gone ba ne ba ka kgona go tlhaloganya dipapiso tsa ga Paulo motlhofo. Go tweng ka rona gompieno? Le rona re mo lobelong—lwa botshelo jo bo sa khutleng. Go umaka ga ga Paulo dikgaisano tseo go ka re solegela molemo jang?

‘Go Gaisana Go ya Ka Melao’

Ditshwanelego tsa go tsena mo metshamekong ya bogologolo di ne di gagametse thata. Moopamokgosi o ne a tla tlisa moatleletiki mongwe le mongwe mo pele ga babogedi a bo a goeletsa jaana: ‘A go na le mongwe yo o ka latofatsang monna yono ka tlolomolao epe fela? A ke serukhutlhi kana a o bosula mme a botshelo le maitseo a gagwe a sokame?’ Go ya ka Archaeologia Graeca, “ga go na motho ope yo o itsegeng ka bokebekwa kana a amana [thata] le jone yo o neng a letlelelwa go tsena mo kgaisanong.” Mme batho ba ba neng ba tlola melao ya metshameko ba ne ba otlhaiwa botlhoko ka tsela ya gore batlolamolao ba ne ba thibelwa go tsena mo kgaisanong.

Kgang eno e re thusa go tlhaloganya mafoko ano a ga Paulo: “Fa motho a gaisana le eleng mo metshamekong, ga a rwesiwe serwalo fa a sa gaisana go ya ka melao.” (2 Timotheo 2:5) Ka mo go tshwanang, gore re siane mo lobelong lwa botshelo, re tshwanetse go dira dilo tse Jehofa a di batlang, re latela melao ya gagwe e e kwa godimo ya boitsholo jaaka e tlhalositswe mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhagisa jaana: “Go akanya ga pelo ya motho [go bosula] go tswa bokaung jwa gagwe.” (Genesise 8:21) Ka gone, tota le fa re setse re tsene mo lobelong, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re nne re gaisane go ya ka melao gore Jehofa a tswelele pele a re amogela le gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.

Selo se segolo se se ka re thusang go dira jalo ke go rata Modimo. (Mareko 12:29-31) Lorato lo lo ntseng jalo lo tla dira gore re batle go itumedisa Jehofa le go dira dilo go ya ka go rata ga gagwe.—1 Johane 5:3.

‘Apolang Bokete Bongwe le Bongwe’

Mo metshamekong ya bogologolo, basiani ba ne ba sa imelwe ke diaparo kana didirisiwa. Buka ya The Life of the Greeks and Romans e bolela jaana: “Mo mabelong a dinao, . . . bagaisani ba ne ba tlhaga ba sa apara sepe.” Go sa apare diaparo ga baatleletiki go ne go ba thusa gore ba nne bonako, ba tsamaye ka bofefo le gore ba dire ka bonatla. Ba ne ba sa felelwe ke maatla ka ntlha ya bokete jo bo sa tlhokegeng. Gongwe Paulo o ne a akantse ka seno fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “[A] re apoleng bokete bongwe le bongwe . . . , mme a re sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.”—Bahebera 12:1.

Ke mefuta efe ya bokete e e ka re kgoreletsang mo lobelong lwa botshelo? O mongwe e ka nna go eletsa go kokoanya dilo tse di bonalang tse di sa tlhokegeng kana go tswelela pele ka mokgwa wa botshelo jwa maemo a a kwa godimo. Bangwe ba ka nna ba ikanya khumo gore e ba sireletse kana ba e bona e le yone e e tla dirang gore ba itumele. “Bokete” jo bogolo jalo bo ka nna jwa dira gore mosiani a ngodiege go ya bokgakaleng jwa gore kgabagare, Modimo a bo a sa tlhole a le botlhokwa thata jalo mo go ene. (Luke 12:16-21) Botshelo jo bo sa khutleng bo ka nna jwa bonala e le tsholofelo e e kgakala. Motho a ka nna a akanya ka gore ‘Lefatshe le lesha le tla tla ka letsatsi lengwe, mme fa re sa ntse re letile re ka nna ra solegelwa molemo ka botlalo ke dilo tse lefatshe leno le re nayang tsone.’ (1 Timotheo 6:17-19) Go nna le pono e e ntseng jalo ya go rata dilo tse di bonalang go ka re faposa motlhofo mo lobelong lwa botshelo kana ga dira gore re palelwe le ke go lo simolola.

Mo Therong ya mo Thabeng, Jesu o ne a bolela jaana: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” Mme fa a sena go bolela kafa Jehofa a tlhokomelang diphologolo le dimela ka se di se tlhokang ka teng le go bolela gore batho ba botlhokwa go di feta, o ne a kgothatsa jaana: “Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse merafe e di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo senke pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:24-33.

‘Sianang ka Boitshoko’

Ga se mabelo otlhe a dinao a bogologolo a e neng e le a sekgala se sekhutshwane. Lobelo longwe lo go tweng ke doʹli·khos, lo ne lo tsaya sekgala sa dikilometara di le nnè. E ne e le teko e e boima ya maatla le boitshoko. Go ya ka ngwao, ka 328 B.C.E., fa moatleletiki mongwe yo o bidiwang Ageas, a sena go fenya mo lobelong lono, o ne a tsamaya a sianela kwa motseng wa gagabo kwa Argos, go ya go bega ka phenyo ya gagwe. Ka letsatsi leo, o ne a siana dikilometara di ka nna 110!

Lobelo lwa Bokeresete le lone ke lobelo lwa sekgala se seleele lo lo re lekang gore re na le boitshoko jo bo kana kang. Go tlhokega gore re itshoke mo lobelong lono go fitlha kwa bofelong gore re amogelwe ke Jehofa le gore re bone sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng. Paulo o ne a siana lobelo lono ka tsela e e ntseng jalo. Fa a atamela bofelo jwa botshelo jwa gagwe, o ne a kgona go bolela jaana: “Ke tlhabane tlhabano e e molemomogolo, ke siane tshiano go ya bofelong, ke bolokile tumelo. Go tswa mo nakong eno go ya pele ke beetswe serwalo sa tshiamo.” (2 Timotheo 4:7, 8) Jaaka Paulo, le rona re tshwanetse go siana “go ya bofelong.” Fa boitshoko jwa rona bo ngotlega fela ka go bo lobelo lo le loleelenyana go feta kafa re neng re lebeletse gore lo tla nna ka teng, ga re kitla re bona tuelo ya rona. (Bahebera 11:6) A bo e tla bo e le bomadimabe jang ne, e re ka re setse re le gaufi thata jaana le bofelo jwa lobelo!

Sekgele

Bafenyi ba dikgaisano tsa diatleletiki tsa kwa Gerika wa bogologolo ba ne ba fiwa dirwalo tse gantsi di neng di dirilwe ka matlhare a ditlhare mme di kgabisitswe ka dithunya. Mo Metshamekong ya Pythian, bafenyi ba ne ba fiwa dirwalo tse di dirilweng ka setlhare sa laurel. Mo Metshamekong ya Olimpiki ba ne ba fiwa dirwalo tse di dirilweng ka matlhare a motlhware wa naga mme mo Metshamekong ya Isthmus ba ne ba fiwa dirwalo tse di dirilweng ka phaene. Mokanoki mongwe wa Baebele o ile a bolela jaana: “Go tlhotlheletsa bagaisani gore ba tswelele pele ka tlhoafalo, go ne go adiwa dirwalo, maduo a phenyo le dikala tsa mokolana, mo godimo ga letshego kana mo tafoleng e e beilweng mo setadiamong ka nako ya kgaisano, gore bagaisani ba di bone sentle.” Mo mofenying, go rwala serwalo e ne e le letshwao la tlotlo e kgolo. Fa a boela gae, o ne a tsena mo motseng a palame kara ka tsela ya phenyo.

E re ka Paulo a ne a akantse ka seno, o ne a botsa babadi ba gagwe ba kwa Korintha jaana: “A ga lo itse gore basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele? Sianang ka tsela ya gore lo se gape. . . . Jaanong bone, legale, ba dira jalo e le gore ba tle ba bone serwalo se se senyegang, mme rona se se sa senyegeng.” (1 Bakorintha 9:24, 25; 1 Petere 1:3, 4) A bo e le pharologano e kgolo jang ne! Go farologana le dirwalo tse di swabang tsa metshameko ya bogologolo, sekgele se se letetseng batho ba ba sianang mo lobelong lwa botshelo go ya bofelong se ka se ka sa senyega.

Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana ka serwalo seno se se botoka: “Fa modisa yo mogolo a bonatshitswe, lo tla amogela serwalo se se sa swabeng sa kgalalelo.” (1 Petere 5:4) A go na le sekgele se se leng teng mo lefatsheng leno se se ka bapisiwang le bosasweng, sekgele sa botshelo jo bo sa senyegeng mo kgalalelong ya legodimo le Keresete?

Gompieno, bontsi jwa basiani ba Bakeresete ga ba a tlodiwa ke Modimo gore e nne barwa ba gagwe ba semoya, e bile ga ba na tsholofelo ya selegodimo. Ga ba sianele go bona sekgele sa bosasweng. Le fa go ntse jalo, Modimo o baya le mo pele ga bone sekgele se se sa lekaneng le sepe. Ke botshelo jo bo sa khutleng jwa boitekanelo mo lefatsheng la paradaise kafa tlase ga Bogosi jwa legodimo. Go sa kgathalesege gore Mokeresete o sianela sekgele sefe, o tshwanetse go siana ka tlhoafalo e kgolo le matlhagatlhaga go feta mosiani le fa e le ofe mo kgaisanong ya diatleletiki. Ka ntlha yang? Ka gonne sekgele seo se ka se ka sa swaba le ka motlha: “Seno ke selo se se solofeditsweng se ene ka boene a neng a se re solofetsa, e leng botshelo jo bo sa khutleng.”—1 Johane 2:25.

E re ka mosiani wa Mokeresete a letetswe ke sekgele se se ntseng jalo se se ka se bapisiweng le sepe, o tshwanetse go leba jang dithaelo tsa lefatshe leno? O tshwanetse go di leba jaaka Paulo yo o neng a bolela jaana: “Eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi.” Tumalanong le seno, Paulo o ne a siana ka thata ruri! “Bakaulengwe, ga ke itseye gore ke setse ke se tshwere; mme go na le selo se le sengwe kaga sone: Ka ke lebala dilo tse di kwa morago e bile ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, ke latelela go ya fela kwa mokgeleng wa sekgele.” (Bafilipi 3:8, 13, 14) Paulo o ne a siana a tlhomile matlho a gagwe mo sekgeleng. Le rona re tshwanetse go dira jalo.

Sekao sa Rona se se Molemolemo

Mo metshamekong ya bogologolo, bommampodi ba ne ba tlotliwa gongwe le gongwe. Baboki ba ne ba kwala ka bone mme babetli ba ne ba betla ditshwantsho tsa bone. Mokwalahisitori e bong Věra Olivová a re ba ne ba “bona tlotlo e kgolo e bile ba tumile thata.” Mme gape e ne e le dikao tse dikgolo mo kokomaneng ya bommampodi ba basha.

“Mmampodi” yo o tlhomelang Bakeresete sekao se se molemolemo ke mang? Paulo o araba jaana: “A re sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele, jaaka re leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, Jesu. Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.” (Bahebera 12:1, 2) Ee, fa e le gore re batla go fenya mo lobelong lono lwa botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse go leba ka tlhomamo kwa Motlhomasekaong wa rona e bong Jesu Keresete. Re ka dira seno ka go bala dipego tsa Efangele ka metlha le go tlhatlhanya ka ditsela tse re ka mo etsang ka tsone. Thuto e e ntseng jalo e tla re thusa gore re lemoge gore Jesu Keresete o ne a utlwa Modimo e bile o ne a supa boleng jwa tumelo ya gagwe ka go itshoka. Ka ntlha ya go itshoka ga gagwe, o ne a duelwa ka gore a amogelwe ke Jehofa Modimo le go bona ditshiamelo tse dintsi tse dintle.—Bafilipi 2:9-11.

Gone mme, nonofo e e di gaisang tsotlhe ya ga Jesu e ne e le lorato lwa gagwe. “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13) O ne a dira gore lefoko “lorato” le nne le bokao jo bogolwane ka go re bolelela gore re rate le baba ba rona tota. (Mathaio 5:43-48) E re ka Jesu a ne a rata Rraagwe wa selegodimo, o ne a itumelela go dira go rata ga gagwe. (Pesalema 40:9, 10; Diane 27:11) Go leba Jesu jaaka Motlhomasekao wa rona le jaaka motho yo o re tlhometseng sekgala se re tshwanetseng go se siana mo lobelong lono lo lo bokete lwa botshelo le gone go tla re tlhotlheletsa gore re rate Modimo le baagelani ba rona le gore re itumele tota mo tirelong ya rona e e boitshepo. (Mathaio 22:37-39; Johane 13:34; 1 Petere 2:21) Gakologelwa gore Jesu ga a re kope go dira dilo tse di sa kgonegeng. O re tlhomamisetsa jaana: “Ke maikutlo a bori e bile ke kgobaletse mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”—Mathaio 11:28-30.

Fela jaaka Jesu, re tlhoka go tlhoma matlho a rona mo sekgeleng se se beetsweng botlhe ba ba itshokang go fitlha kwa bokhutlong. (Mathaio 24:13) Fa re gaisana go ya ka melao, fa re apola bokete bongwe le bongwe le fa re siana ka boitshoko, re ka tlhomamisega gore re tla fenya. Mokgele o re lebaneng nao o re tlhotlheletsa gore re tswelele pele! O ntšhafatsa maatla a rona ka ntlha ya boitumelo jo o dirang gore re nne le jone, boitumelo jo bo dirang gore tsela e e kwa pele ga rona e nne motlhofo go tsamaya mo go yone.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Lobelo lwa Bokeresete ke lobelo lwa sekgala se seleele—lo tlhoka boitshoko

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go farologana le baatleletiki ba ba rwesitsweng serwalo, Bakeresete ba ka lebelela go bona sekgele se se sa senyegeng

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Sekgele se tla bonwa ke botlhe ba ba itshokang go ya bokhutlong

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

Copyright British Museum