Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Balebedi le Batlhanka ba Bodiredi ba Tlhomiwa ka Tsela ya Puso ya Modimo

Balebedi le Batlhanka ba Bodiredi ba Tlhomiwa ka Tsela ya Puso ya Modimo

Balebedi le Batlhanka ba Bodiredi ba Tlhomiwa ka Tsela ya Puso ya Modimo

“Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone.”—DITIRO 20:28.

1, 2. Isaia 60:22 e diragadiwa jang?

BOGOLOGOLO Jehofa o ne a bolelela pele gore mo motlheng wa bokhutlo go ne go tla direga sengwe se se sa tlwaelegang. Go ne ga bolelelwa pele jaana ka moporofeti Isaia: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.”—Isaia 60:22.

2 A go na le bosupi jwa gore boporofeti jono bo a diragadiwa gompieno? Ee, go ntse jalo! Ka bo1870 go ne ga tlhongwa phuthego e le nngwe ya batho ba ga Jehofa kwa Allegheny, Pennsylvania, U.S.A. Fa e sa le ka nako eo fa ba ne ba sa le babotlana ka palo, go setse go na le diphuthego di le dikete di le masome mo lefatsheng ka bophara. Dimilione tsa baboledi ba Bogosi—setšhaba se se thata—jaanong ba kopanela le diphuthego tse di fetang 91 000 mo dinageng tse 235 go ralala lefatshe. Ga go pelaelo gore seno se tlhomamisa gore Jehofa o akofisa tiro ya go phuthwa ga baobamedi ba gagwe pele ga “pitlagano e kgolo” e simolola, e gone jaanong e leng gaufi thata.—Mathaio 24:21; Tshenolo 7:9-14.

3. Go bolelang go kolobediwa mo ‘leineng la Rara, la Morwa le la moya o o boitshepo’?

3 Fa dimilione tseno di sena go ineela ka namana mo go Jehofa go dumalana le ditaelo tsa ga Jesu, di ne tsa kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Mathaio 28:19) Go kolobediwa “mo leineng la Rara” go bolela gore batho bano ba ba ineetseng ba tsaya Jehofa e le Rraabone wa selegodimo le Moneibotshelo wa bone e bile ba ikobela bolaodi jwa gagwe. Go kolobediwa ‘mo leineng la Morwa’ go bontsha gore ba tsaya Jesu Keresete e le Morekolodi, Moeteledipele le Kgosi ya bone. Gape ba tsaya tsia seabe se moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang, o nang le sone mo go ba kaeleng mo botshelong. Seno se bontsha gore ba kolobeditswe mo ‘leineng la moya o o boitshepo.’

4. Badiredi ba Bakeresete ba tlhomiwa jang?

4 Fa barutwa ba basha ba kolobediwa, ba tlhomiwa go nna badiredi ba ga Jehofa Modimo. Ba tlhongwa ke mang? Ka tsela nngwe mafoko ano a a kwadilweng mo go 2 Bakorintha 3:5 a a dira mo go bone: “Go tshwanelega sentle ga rona [go nna badiredi] go tswa mo Modimong.” Ba ne ba ka se eletse go nna le tshiamelo epe e kgolo go feta eno ya go tlhomiwa ke Jehofa Modimo ka boene! Fa ba sena go kolobediwa, ba tla tswelela pele ba gola semoyeng e le badiredi ba “dikgang tse di molemo” fa fela ba ineela go kaelwa ke moya wa Modimo e bile ba tswelela pele ba dirisa Lefoko la gagwe.—Mathaio 24:14; Ditiro 9:31.

Go Tlhomiwa ka Tsela ya Puso ya Modimo e Seng ya Temokerasi

5. A balebedi ba Bakeresete le batlhanka ba bodiredi ba tlhophiwa ka tsela ya temokerasi? Tlhalosa.

5 Palo e e ntseng e oketsega ya badiredi ba ba tlhagafetseng e tlhoka balebedi ba ba tshwanelegang sentle le thuso e e molemo ya batlhanka ba bodiredi go tlhokomelwa ka dilo tsa semoya. (Bafilipi 1:1) Banna bano ba semoya ba tlhomiwa jang? E seng ka mekgwa e e dirisiwang mo go Labokeresete. Ka sekai, balebedi ba Bakeresete ga ba kgethiwe ka tsela ya temokerasi, ke gore, ka go boutelwa ke bontsi jwa batho ba ba kopanelang le bone mo phuthegong. Go na le moo, ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo. Seo se bolelang?

6. (a) Tsela ya mmatota ya puso ya Modimo ke eng? (b) Ke eng fa go tlhomiwa ga balebedi le batlhanka ba bodiredi e le ga puso ya Modimo?

6 Tota re ka re, tsela ya mmatota ya puso ya Modimo ke fa Modimo e le ene yo o laolang dilo. Basupi ba ga Jehofa ba ikobela bolaodi jwa Modimo ka go rata ba dirisana mmogo go dira thato ya gagwe. (Pesalema 143:10; Mathaio 6:9, 10) Balebedi ba Bakeresete, kana bagolwane, le batlhanka ba bodiredi ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo ka gonne go buelelwa le go tlhongwa ga banna bao ba ba nang le maikarabelo go dirwa go ya ka thulaganyo ya Modimo e e tlhomilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Ke boammaaruri gore Jehofa o na le tshwanelo ya go tlhoma gore phuthego ya gagwe e tsamaisiwe jang e re ka e le ene “tlhogo ya botlhe.”—1 Ditiragalo 29:11; Pesalema 97:9.

7. Basupi ba ga Jehofa ba etelelwa pele jang?

7 Basupi ba ga Jehofa ba farologana le bontsi jwa ditumelo tsa Labokeresete ka gonne ga ba itlhophele thulaganyo ya bodumedi e ba batlang go tsamaisa dilo ka yone. Bakeresete bano ba ba tlhoafetseng ba leka go kgomarela melao ya ga Jehofa. Balebedi ba bone ga ba tlhomiwe mo maemong a bone ka mokgwa wa tsamaiso ya kereke, taolo ya baruti kana ya puso ya kereke. Batho ba ga Jehofa ga ba ineele fa batho bangwe ba lefatshe ba leka go itshunya nko mo tseleng eno ya go tlhoma balebedi. Ba ema ba tlhomame ba etsa kgato e e molemo e e neng ya tsewa ke baaposetoloi ba lekgolo la ntlha la dingwaga fa ba ne ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Ka gone, Basupi ba ikobela Modimo mo dilong tsotlhe. (Bahebera 12:9; Jakobe 4:7) Go dira dilo ka tsela ya puso ya Modimo go dira gore Modimo a re amogele.

8. Dithulaganyo tsa temokerasi le tsa puso ya Modimo di farologana jang?

8 E re ka re le batlhanka ba Molaodi yo Mogolo wa Puso ya Modimo e bong Jehofa, go ka nna molemo fa re ka nna re gakologelwa dipharologanyo gareng ga thulaganyo ya puso ya Modimo le ya temokerasi. Dithulaganyo tsa temokerasi di tlhoka gore go nne le palo e e lekanang ya baemedi mme gantsi di lemotshega ka gore go nna le batho ba ba lwelang go tlhophelwa maemo a a rileng ka diboutu tsa bontsi. Ga go dirisiwe dithulaganyo tse di ntseng jalo fa go tlhomiwa batho ka tsela ya puso ya Modimo. Ga ba tlhophiwe ke batho; e bile ga go dirwe dilo go ya ka tsamaiso nngwe ya semolao. Go bonala Paulo a ne a bua ka go tlhomiwa ga gagwe ke Jesu le Jehofa go nna “moaposetoloi mo ditšhabeng,” fa a ne a raya Bagalatia a re o tlhomilwe jalo e le “yo o sa tsweng mo bathong e bile a sa nna ene ka motho, fa e se ka Jesu Keresete le Modimo Rara, yo a mo tsositseng mo baswing.”—Baroma 11:13; Bagalatia 1:1.

Go Tlhomiwa ka Moya o o Boitshepo

9. Ditiro 20:28 ya reng ka go tlhomiwa ga balebedi ba Bakeresete?

9 Paulo o ile a gakolola balebedi ba kwa Efeso gore ba tlhomilwe ke Modimo ka moya o o boitshepo. O ile a re: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.” (Ditiro 20:28) Balebedi bao ba Bakeresete ba ne ba tshwanetse go tswelela pele ba gogwa ke moya o o boitshepo fa ba ntse ba dira ditiro tsa bone tsa go nna badisa ba letsomane la Modimo. Fa monna yo o tlhomilweng a sa tlhole a dira dilo go ya ka melao ya Modimo, fa go ntse go ya moya o o boitshepo o tla kaela dilo gore a tlosiwe mo maemong ao.

10. Moya o o boitshepo o na le seabe se se botlhokwa jang mo go tlhomiweng ga batho ka tsela ya puso ya Modimo?

10 Ke eng fa moya o o boitshepo o na le seabe se se botlhokwa? Sa ntlha, pego e mo go yone go tlhalosiwang ditshwanelego tsa go nna molebedi wa semoya e ne ya tlhotlhelediwa ka moya o o boitshepo. Fa Paulo a ne a kwalela Timotheo le Tito, o ile a tlhalosa ditekanyetso tse balebedi le batlhanka ba bodiredi ba neng ba tshwanetse go di fitlhelela. O ne a umaka ditshwanelego tse di farologaneng di ka nna 16 fa di feletse. Ka sekai, balebedi ba ne ba tshwanetse go se nne le se ba ka tshwaiwang phoso ka sone, ba nne tekatekano mo mekgweng, ba itekanele sentle mo mogopolong, ba dira dilo ka thulaganyo, ba tshola baeng, ba tshwanelega go ruta, e bile e le ditlhogo tsa malapa tse di tlhomang sekao. Ba ne ba tshwanetse go nna tekatekano mo go nweng dinotagi, ba ne ba sa tshwanela go rata madi e bile ba ne ba tshwanetse go nna le boikgapo. Banna ba ba neng ba kgaratlhela go nna batlhanka ba bodiredi le bone ba ne ba beetswe ditekanyetso tse di ntseng jalo tsa maemo a a kwa godimo.—1 Timotheo 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9.

11. Dingwe tsa ditshwanelego tse banna ba ba kgaratlhelang go nna le maikarabelo mo phuthegong ba tshwanetseng go nna le tsone ke dife?

11 Go sekaseka ditshwanelego tseno go bontsha gore batho ba ba etelelang pele mo kobamelong ya ga Jehofa ba tshwanetse go tlhoma sekao mo boitsholong jwa Bokeresete. Banna ba ba kgaratlhelang maikarabelo a phuthego ba tshwanetse go bontsha gore ba kaelwa ke moya o o boitshepo. (2 Timotheo 1:14) Go tshwanetse ga bonala sentle gore moya wa Modimo o tlhagisa maungo a “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo” mo banneng bano. (Bagalatia 5:22, 23) Maungo a a ntseng jalo a tla bonala mo tseleng e ba dirisanang ka yone le badumedi ka bone le batho ba bangwe. Ke boammaaruri gore ba bangwe ba ka bontsha maungo mangwe a moya ka tsela e e molemo thata go feta ba bangwe, fa ba bangwe bone ba ka nna le ditshwanelego dingwe tsa go nna molebedi ka selekanyo se segolwane go feta ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ka kakaretso, tsela ya botshelo ya botlhe ba ba solofetseng go tlhomiwa go nna balebedi kana batlhanka ba bodiredi e tshwanetse go bontsha gore ke banna ba semoya, ba ba dirang dilo go ya ka ditshwanelego tse di mo Lefokong la Modimo.

12. Ke bomang ba go ka tweng ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo?

12 Fa Paulo a ne a kgothaletsa ba bangwe gore ba nne baetsi ba gagwe, o ne a ka dira jalo a na le kgololesego ya puo ka gonne ene ka boene o ne a etsa Jesu Keresete, yo o neng ‘a re tlogelela sekao gore re latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.’ (1 Petere 2:21; 1 Bakorintha 11:1) Ka gone, batho ba ba nang le ditshwanelego tsa Dikwalo ka nako ya fa ba tlhomiwa go nna balebedi kana batlhanka ba bodiredi go ka twe ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo.

13. Moya o o boitshepo o thusa jang batho ba ba buelelang banna bangwe go nna badiredi mo phuthegong?

13 Go na le sengwe gape se se bontshang kafa moya o o boitshepo o nnang le seabe ka teng fa go buelelwa motho go nna molebedi. Jesu o ile a re ‘Rara yo o kwa legodimong o naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.’ (Luke 11:13) Ka gone, fa bagolwane ba phuthego ba kopana go buelela banna bangwe go newa maikarabelo mo phuthegong, ba rapelela moya wa Modimo gore o ba kaele. Ba ba buelela jalo go ya ka se se kwadilweng mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo, mme moya o o boitshepo o ba thusa go lemoga fa e le gore motho yo o akanyediwang go tlhomiwa o a tshwanelega go ya ka Dikwalo. Batho ba ba ba buelelang ga ba a tshwanela go tlhotlhelediwa thata ke tebego ya motho, thutego ya gagwe, kana bokgoni jo a nang le jone. Selo sa konokono se ba se lebelelang ke gore a motho yoo ke motho wa semoya tota, yo maloko a phuthego a se kitlang a okaoka go mo kopa kgakololo ya semoya.

14. Re ithuta eng go tswa mo go Ditiro 6:1-3?

14 Le fa gone ditlhopha tsa bagolwane le balebedi ba ba etang di nna le seabe go buelela bakaulengwe go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi, totatota ba tlhomiwa go ya ka thulaganyo e e neng ya tlhomiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Nako nngwe go ne go tlhokega banna ba ba tshwanelegang semoyeng go tlhokomela kabelo nngwe ya botlhokwa. Setlhopha se se laolang se ne sa kaela jaana: “Itshenkeleng banna ba le supa mo gare ga lona ba ba tlhomamisitsweng, ba ba tletseng moya le botlhale, gore re tle re ba tlhome go okamela tiro e e botlhokwa eno.” (Ditiro 6:1-3) Le fa banna ba ba neng ba sekaseka kgang eno e le bone ba ba neng ba buelela banna bao, ba ne ba tlhomiwa ke banna ba ba ikarabelang ba ba kwa Jerusalema. Le gompieno go dirwa fela jalo.

15. Setlhopha se se Laolang se na le seabe jang mo go tlhomeng banna?

15 Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se tlhoma maloko a Dikomiti Tsa Makala ka tlhamalalo. Fa Setlhopha se se Laolang se dira tshwetso ya gore se ka tlhoma bomang mo maemong ao a a boima, se akanyetsa mafoko ano a ga Jesu: “Mongwe le mongwe yo o neng a newa go le gontsi, go tla batliwa go le gontsi mo go ene; le yo batho ba neng ba mmaya go tlhokomela go le gontsi, ba tla batla mo go ene go feta mo go tlwaelegileng.” (Luke 12:48) Mo godimo ga go tlhoma maloko a Dikomiti Tsa Makala, Setlhopha se se Laolang se tlhoma bagolwane ba Bethele le balebedi ba ba etang. Le fa go ntse jalo, ba abela bakaulengwe bangwe ba ba ikanyegang go thusa mo tirong ya go tlhoma ba bangwe. Go na le sekao sengwe sa Dikwalo sa nako e e fetileng le mo kgannyeng eno.

‘Tlhoma Banna, Jaaka Ke ne Ka go Naya Ditaelo’

16. Ke eng fa Paulo a ile a tlogela Tito kwa Kereta, mme seno se bontsha eng malebana le go tlhomiwa ga batho gompieno ka tsela ya puso ya Modimo?

16 Paulo o ne a raya modirikaene e bong Tito a re: “Ka lebaka leno ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o baakanye dilo tse di neng di le bogole le gore o tlhome banna ba bagolwane mo metseng ka go tlhatlologana, jaaka ke ne ka go naya ditaelo.” (Tito 1:5) Go tswa foo Paulo o ile a tlhalosa ditshwanelego tse Tito a neng a tshwanetse go di lebelela mo banneng ba ba neng ba tla tshwanelegela tiro eo. Ka gone, le gompieno Setlhopha se se Laolang se tlhoma bakaulengwe ba ba tshwanelegang mo makaleng go se emela fa go tlhomiwa bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Go elwa tlhoko gore batho ba e nnang baemedi ba Setlhopha se se Laolang ba tlhaloganya sentle e bile ba latela dikaelo tsa Dikwalo tse di malebana le go tlhoma batho bao. Ka gone, banna ba ba tshwanelegang go direla mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tlhomiwa ka kaelo ya Setlhopha se se Laolang.

17. Batho ba buelelwa jang go nna balebedi le batlhanka ba bodiredi kwa ofising ya lekala?

17 Fa balebedi le batlhanka ba bodiredi ba buelelwa kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower, banna ba ba nang le maitemogelo ba ikaega ka moya wa Modimo go ba kaela fa ba ba tlhoma. Banna bano ba ikutlwa ba na le boikarabelo, ba lemoga gore ga ba a tshwanela go potlakela go baya monna ope diatla, e le gore ba se ka ba tlhakanela le ene mo maleong a gagwe.—1 Timotheo 5:22.

18, 19. (a) Go tlhomiwa ga batho bangwe go dirwa jang? (b) Thulaganyo yotlhe ya go buelela batho le go ba tlhoma e dirwa jang?

18 Dikitsiso tsa go tlhomiwa ga batho bangwe di ka dirwa ka lekwalo le le nang le setempe sa semolao go tswa kwa lekgotleng la semolao. Lekwalo le le ntseng jalo le ka dirisiwa go tlhoma bakaulengwe ba ba fetang a le mongwe mo phuthegong.

19 Go tlhomiwa ga batho jalo ka tsela ya puso ya Modimo go tswa kwa go Jehofa ka Morwawe le sedirisiwa sa Modimo se se bonalang sa mo lefatsheng e leng, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le Setlhopha se se Laolang. (Mathaio 24:45-47) Thulaganyo eno yotlhe ya go buelela le go tlhoma batho jalo e kaelwa ke moya o o boitshepo. Go ntse jalo ka gonne ditshwanelego tsa gone di kwadilwe mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo mme batho ba ba tlhomiwang jalo ba bontsha go nna le maungo a moya oo. Ka gone, go tlhomiwa ga bone go tshwanetse ga tsewa e le go go dirilweng ka moya o o boitshepo. Fela jaaka balebedi le batlhanka ba bodiredi ba ne ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ntse fela jalo le gompieno.

Go Lebogela Kaelo ya ga Jehofa

20. Ke eng fa re ikutlwa ka tsela e e tshwanang le ya ga Dafide jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 133:1?

20 Mo nakong eno e mo go yone go nang le kgatelopele ya semoya le koketsego ya dilo tsa puso ya Modimo mo tirong ya go rera ka Bogosi, re lebogela gore Jehofa ke ene yo segolobogolo a ikarabelelang ka tiro ya go tlhoma balebedi le batlhanka ba bodiredi. Thulaganyo eno ya Dikwalo e thusa gore dilo di dirwe go ya ka melao ya Modimo ya tshiamo ya maemo a a kwa godimo mo gare ga rona Basupi ba ga Jehofa. Mo godimo ga moo, moya wa Bokeresete o banna bano ba nang le one le maiteko a ba a dirang di na le seabe se segolo mo go direng gore go nne le kagiso le kutlwano mo batlhankeng ba ga Jehofa. Ka gone, fela jaaka mopesalema Dafide, re tlhotlheletsega go tlhaeletsa jaana: “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!”—Pesalema 133:1.

21. Isaia 60:17 e diragadiwa jang gompieno?

21 A bo re leboga Jehofa jang ne ka ntlha ya kaelo e a re nayang yone ka Lefoko la gagwe le moya o o boitshepo! Mme mafoko ano a a kwadilweng mo go Isaia 60:17 a na le bokao jo bo botlhokwa tota: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” Jaaka fa dithulaganyo tsa puso ya Modimo di ntse di dirisiwa ka botlalo kgato ka kgato mo Basuping ba ga Jehofa, re ile ra bona maemo ano a a molemo mo phuthegong yotlhe ya Modimo ya mo lefatsheng.

22. Ke eng se re tshwanetseng go se lebogela, mme ke eng se re tshwanetseng go ikemisetsa go se dira?

22 Re lebogela thata dithulaganyo tsa puso ya Modimo tse re nang le tsone. E bile re lebogela thata tiro e e boima mme gone e le e e kgotsofatsang e e dirwang ke balebedi le batlhanka ba bodiredi ba ba tlhomilweng ka tsela ya puso ya Modimo. Re tlotlomatsa Rraarona yo o lorato wa selegodimo ka pelo yotlhe, yo o re abetseng letlotlo la dilo tsa semoya le yo o re segofaditseng thata jaana. (Diane 10:22) Ka gone, a re ikemisetseng go tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa. Mo godimo ga tsotlhe, a re tsweleleng pele re dira mmogo ka kutlwano e le gore leina le legolo le le le boitshepo la ga Jehofa le tlotlwe, le bakwe le bo le galalediwe.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re ka re go tlhomiwa ga balebedi le batlhanka ba bodiredi go dirwa ka tsela ya puso ya Modimo e seng ya temokerasi?

• Banna ba Bakeresete ba ba nang le maikarabelo ba tlhomiwa jang ke moya o o boitshepo?

• Setlhopha se se Laolang se nna le seabe jang mo go tlhomiweng ga balebedi le batlhanka ba bodiredi?

• Ke eng fa re tshwanetse go leboga Jehofa ka ntlha ya go tlhomiwa ga batho ka tsela ya puso ya Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba na le tshiamelo ya go direla ka go tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo