Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basupi ba ga Jehofa—Ba Gatela Pele ba Tlhatswegile Pelo ka Nitamo!

Basupi ba ga Jehofa—Ba Gatela Pele ba Tlhatswegile Pelo ka Nitamo!

Basupi ba ga Jehofa—Ba Gatela Pele ba Tlhatswegile Pelo ka Nitamo!

Pego ya Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

MO MALATSING ano a go sa tlhomama le dipelaelo, Basupi ba ga Jehofa ba farologane ka go nna Bakeresete ba ba tlhatswegileng pelo ka nitamo. Seno se ile sa tlhalosiwa sentle kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, e e neng e tshwaretswe kwa Holong ya Kopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jersey City, kwa New Jersey ka Matlhatso, October 7, 2000. *

Modulasetulo e bong John E. Barr, yo e leng mongwe wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a bolela jaana mo dikakgelong tsa gagwe tse di simololang: “Mo gare ga dimilione di le diketekete, re a itse e bile re dumela gore Morwa wa ga Jehofa yo o rategang e bong Keresete Jesu, o tlhomilwe mo setulong sa bogosi kwa legodimong, o busa gare ga baba ba gagwe.” Re ile ra bona bosupi jwa go tlhatswega pelo jaana ka go nitama ka dipego tse di itumedisang tse thataro tse di ileng tsa neelwa go tswa mo lefatsheng lotlhe.

Go Fenya Tirisabadimo ka Boammaaruri Jwa Baebele Kwa Haiti

Tirisabadimo e tletse thata kwa Haiti. Mookamedi wa Komiti ya Lekala e bong John Norman o ne a tlhalosa jaana: “Gantsi, batho ba itshireletsa ka go tsenela kobamelo ya voodoo.” Ngaka nngwe e e loang e ne ya simolola go nna le dipelaelo fa e ne e kgaogile leoto ka ntlha ya kotsi e e neng ya e tlhagela. O ne a ipotsa jaana: ‘Se se ka ntiragalela jang fa e le gore ke sireleditswe ke meya?’ Fela jaaka ba bangwe ba bantsi, monna yono o ne a rutiwa boammaaruri ke Basupi ba ga Jehofa mme a thusiwa gore a kgaogane le tirisabadimo. Sengwe se se bontshang gore go ka nna le koketsego kwa Haiti ke gore ka April 19, 2000, palo ya batho ba ba neng ba nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete e ne e feta palo ya baboledi ba Bogosi kwa nageng eo go menagane ganè.

Tlhoafalo Kwa Tshimong e Kgolo ya Korea

Kwa Korea, diperesente di le 40 tsa Basupi ba ga Jehofa di mo tirelong ya nako e e tletseng. Mookamedi wa Komiti ya Lekala e bong Milton Hamilton o ne a bolela jaana: “Ka mophato o mogolo ono, tshimo ya rona e e nang le batho ba ba fetang dimilione di le 47 e berekiwa yotlhe gangwe ka kgwedi.” Mme koketsego e bonala thata mo phuthegong ya batho ba ba dirisang puo ya diatla. Mo potologong nngwe ya batho ba ba dirisang puo ya diatla, go tshwarwa dithuto tsa magae tsa Baebele di le 800. Eno ke palogare ya thuto e le nngwe go mmoledi mongwe le mongwe. Ka maswabi, bakaulengwe ba basha ba sa ntse ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang bano ba tshwarwa sentle, mme gantsi ba fiwa ditiro tse di tlhokang boikanyegi.

Go Lepalepana le Koketsego Kwa Mexico

Tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 533 665 e ile ya bega tirelo ya tshimo kwa Mexico ka August 2000. Batho ba ba fetang palo eo gararo ba ile ba nna teng kwa Segopotsong. Mookamedi wa Komiti ya Lekala e bong Robert Tracy o ne a bolela jaana: “Mokgele wa rona monongwaga ke go aga Diholo Tsa Bogosi tse dingwe gape di le 240.” O ne a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, re sa ntse re tlhoka tse di oketsegileng thata.”

Basha ba Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico ba tlhoma sekao. Moruti mongwe wa Katoliki o ne a bolela jaana ka mosha mongwe: “Nka rata go nna le a le mongwe fela yo o tshwanang le ene mo gare ga balatedi ba me. Ke kgatlhiwa ke batho bano ka ntlha ya boikemisetso jwa bone jo bo nonofileng le tsela e e botlhale e ba dirisang Baebele ka yone. Ba ile ba femela Modimo, tota le fa matshelo a bone a le mo kotsing.”

Bothokgami mo Gare ga Dikgaruru Kwa Sierra Leone

Fa e sa le ka April 1991, fa ntwa ya selegae e ne e simologa kwa Sierra Leone, go ile ga bolawa, ga gobadiwa kana ga golafadiwa diketekete tsa batho. Mookamedi wa Komiti ya Lekala e bong Bill Cowan o bega jaana: “Ntwa le mathata di ile tsa ama batho thata. Ba le bantsi ba ba neng ba sa kgatlhegele molaetsa wa rona ba reetsa ka kgatlhego jaanong. Ga se selo se se sa tlwaelegang gore batho ba tswe fela kwa mebileng ba tsene mo Holong ya rona ya Bogosi go nna teng mo pokanong ya bone ya ntlha. Gantsi bakaulengwe ba emisiwa mo mebileng ba kopiwa thuto ya Baebele.” Le mororo naga e tswelela pele e na le maemo a a sa iketlang, tiro ya go rera ka Bogosi e ntse e ungwa maungo kwa Sierra Leone.

Thulaganyo e Kgolo ya go Aga mo Afrika Borwa

Gone jaanong, go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di le dikete di le mmalwa mo tshimong e e tlhokomelwang ke ofisi ya lekala ya Afrika Borwa. Go setse go agilwe diholo di le makgolokgolo. Leloko lengwe la Komiti ya Lekala e bong John Kikot o ne a tlhalosa jaana: “Go na le gore bakaulengwe ba rona ba kopanele mo mekhukhung kana kafa tlase ga setlhare, jaaka ba ne ba dira pele, ba kopanela mo mafelong a a tshwanetseng a a nang le manno a a siameng. Le mororo bontsi jwa Diholo tseno tsa Bogosi e le tsa mofuta wa maemo a a kwa tlase, gantsi di tlhomologa jaaka dikago tse dintle thata mo mafelong a di leng mo go one. Mo mafelong mangwe, go ile ga fitlhelwa gore morago ga go agiwa ga Holo ya Bogosi, phuthego e tla oketsega go menagane gabedi mo ngwageng o o latelang.”

Kokomana e Ntšha ya Basupi Kwa Ukraine

Mo ngwageng wa tirelo wa 2000, naga eno e ile ya nna le tlhora ya baboledi ba le 112 720. Ba ba fetang 50 000 ba batho bano ba ile ba ithuta boammaaruri jwa Baebele mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. Mookamedi wa Komiti ya Lekala e bong John Didur o ne a bolela jaana: “Eleruri, Jehofa o tsositse kokomana e ntšha ya Basupi ba basha gore e bolele ka leina la gagwe!” O ne a oketsa jaana: “Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, re ile ra tsamaisa dimakasine tse di fetang dimilione di le 50, e leng palo e e lekanang le baagi ba naga. Kgwedi nngwe le nngwe, re amogela palogare ya makwalo a le sekete go tswa mo bathong ba ba kgatlhegang ba ba kopang tshedimosetso e e oketsegileng.”

Dikarolo Tse Dingwe Tse di Amang Maikutlo Tsa Thulaganyo Eno

Daniel Sydlik, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a neela puo e e gapang mogopolo. Setlhogo se se reng “Kafa Setlhopha se se Laolang se Farologanang ka Teng le Lekgotla la Semolao,” se se tlhagang mo makasineng ono se theilwe mo puong eno e e rutang.

Theodore Jaracz, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a neela puo eno e e dirang gore motho a akanye ya setlhogo se se reng “Balebedi le Batlhanka ba Bodiredi ba Tlhomiwa ka Tsela ya Puso ya Modimo.” Sengwe sa ditlhogo tse di tlhagang mo makasineng ono se theilwe mo puong eo.

Pokano ya ngwaga le ngwaga e ile ya akaretsa gape le puo e e neng e ama maikutlo e e neng e neelwa ke leloko la Setlhopha se se Laolang e bong David Splane, malebana le temana ya ngwaga ya 2001. Setlhogo seo se se theilweng mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo sa re: “Lo eme lo feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.” (Bakolosa 4:12) Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe ba ititeile sehuba go dira jalo fa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka boikanyegi mo lefatsheng lotlhe—Mathaio 24:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Thulaganyo eno e ne e golagantswe le mafelo a le mmalwa go dirisiwa megala ya dieleketoroniki, palogotlhe ya ba ba neng ba le teng ya nna 13 082.