Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kitsiso e e Kgethegileng

Kitsiso e e Kgethegileng

Kitsiso e e Kgethegileng

KWA bofelong jwa pokano ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka October 7, 2000, modulasetulo e bong John E. Barr wa Setlhopha se se Laolang o ne a dira kitsiso e e kgethegileng. Kitsiso eno e ne e oketsa mo go se dipuo tse di neng di neelwa ke Theodore Jaracz le Daniel Sydlik di neng di se bolela.—Bona ditsebe 12-16 le 28-31 tsa makasine ono.

Mokaulengwe Barr o ne a tlhalosa ntlha e e botlhokwa ka go bolela jaana: “‘Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale’ le Setlhopha sa gagwe se se Laolang ba abetswe tiro e e botlhokwa le e kgolo thata go feta e e abetsweng mekgatlho ya semolao. Dilo tse di tlhalosiwang mo makwalong a ditshwanelo tsa mongwe le mongwe wa mekgatlho e e ntseng jalo di mmalwa thata. Le fa go ntse jalo, Mong wa rona e bong Jesu Keresete, o ile a tlhoma setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego gore a okamele ‘dilo tsa gagwe’ kana dilo tse di direlwang Bogosi mo lefatsheng.”—Mathaio 24:45-47.

Mokaulengwe Barr o ne a oketsa jaana malebana le lekgotla la Pennsylvania: “Fa e sa le Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e tlhomiwa ka 1884, e ile ya nna le seabe se se botlhokwa mo hisitoring ya rona ya motlha wa segompieno. Le fa go ntse jalo, ke sedirisiwa fela sa semolao se ‘motlhanka yo o boikanyego’ a ka se dirisang fa go tlhokega.”

Mokaulengwe Sydlik le Mokaulengwe Jaracz ba ile ba tlhalosa mo dipuong tsa bone gore, lebaka la go bo “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a tlhomilwe gore a tlhokomele dilo tsotlhe tsa Morena mo lefatsheng, ga le thibele setlhopha sa motlhanka go letla banna ba ba tshwanelegang gare ga “dinku tse dingwe” go tlhokomela maikarabelo a mangwe a tiro. (Johane 10:16) E bile ga go na lebaka lepe la Dikwalo le le gatelelang gore bakaedi botlhe kana ope fela mo mekgatlhong ya semolao e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e tshwanetse go nna Bakeresete ba ba tloditsweng.

Mokaulengwe Barr o ne a bolelela bareetsi gore bosheng jaana maloko mangwe a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a e neng e le bakaedi le badiredi ba ile, ka go rata, ba tlogela go nna maloko a ditlhopha tsa bakaedi tsa mekgatlho yotlhe e e dirisiwang ke setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” kwa United States. Go ile ga tlhophiwa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba setlhopha sa dinku tse dingwe go tsaya maemo a bone.

Tshwetso eno e molemo tota. E dira gore maloko a Setlhopha se se Laolang a kgone go dirisa nako e e oketsegileng a baakanyetsa dijo tsa semoya le go tlhokomela ka ditsela tse dingwe dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe.

Fa modulasetulo a konela, o ne a bolelela bareetsi ba gagwe ba ba itumetseng jaana: “Le mororo ditiro tse di farologaneng tsa semolao le tsa tsamaiso ya dilo di abetswe balebedi ba ba nang le maitemogelo, . . . botlhe ba direla kafa tlase ga kaelo ya semoya ya Setlhopha se se Laolang. . . . Rotlhe re ikaegile ka Jehofa ka thapelo gore a segofatse maiteko a rona rotlhe a go dira go rata ga gagwe, gore leina la gagwe le legolo le tlotliwe le go galalediwa.”