Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaisana le Phuthego ya ga Jehofa

Tsamaisana le Phuthego ya ga Jehofa

Tsamaisana le Phuthego ya ga Jehofa

“E kete Modimo wa kagiso, . . . a ka lo tlhomelela ka selo sengwe le sengwe se se molemo gore lo dire thato ya gagwe.”—BAHEBERA 13:20, 21.

1. Palo ya baagi ba lefatshe e kana kang, mme madumedi a a farologaneng a na le maloko a le kae?

KA NGWAGA wa 1999 palo ya baagi ba lefatshe e ne ya tshwara dimilione di le dikete tse thataro! The World Almanac e bontsha gore mo palong eno, ba le 1 165 000 000 ke Bamoseleme; ba le 1 030 000 000 ke Bakatoliki ya Roma; ba le 762 000 000 ke Bahindu; ba le 354 000 000 ke Babuda; ba le 316 000 000 ke Baporotesetanta; ba le 214 000 000 ke Ba-Orthodox.

2. Go ka tweng ka maemo a bodumedi a a leng gone gompieno?

2 Fa re akanya ka tsela e madumedi a kgaoganeng ka yone le tlhakatlhakano e e leng gone gompieno, a o ka re dimilione tseno tsotlhe di dira dilo go ya ka thato ya Modimo? Ga go jalo, ka “gonne Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.” (1 Bakorintha 14:33) Kafa letlhakoreng le lengwe, go tweng ka bokaulengwe jwa ditšhabatšhaba jo batlhanka ba ga Jehofa ba nang le jone? (1 Petere 2:17) Go sekaseka dilo ka kelotlhoko go bontsha gore ‘Modimo wa kagiso o ba tlhomelela ka selo sengwe le sengwe se se molemo gore ba dire thato ya gagwe.’—Bahebera 13:20, 21.

3. Go ne ga direga eng kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E., mme ka ntlha yang?

3 Ke boammaaruri gore palo ya batho ba ba kopanelang le Basupi ba ga Jehofa ga se yone e e bontshang gore Modimo o a ba amogela; e bile Modimo ga a kgatlhiwe ke dipalopalo. O ne a se ka a tlhopha Baiseraele ka gonne ba ne ba le “bantsi” go feta ditšhaba tsotlhe. Tota e bile, ba ne ba le “babotlana thata” mo go tsone. (Duteronome 7:7) Mme ka gonne Baiseraele ba ile ba se ka ba ikanyega, ka Pentekosete ya 33 C.E., Jehofa o ne a se ka a tlhola a ba amogela mme a naya phuthego e ntšha e e dirilweng ka balatedi ba ga Jesu Keresete tshiamelo eo. Ba ne ba tloditswe ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa mme ba tlhagafalela go bolelela batho ba bangwe boammaaruri ka Modimo le ka Keresete.—Ditiro 2:41, 42.

Go Gatela Pele ka Metlha

4. Ke eng fa o ka re phuthego ya pele ya Bokeresete e ne e gatela pele ka metlha?

4 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, phuthego ya Bokeresete e ne e gatela pele ka metlha, e simolola ditshimo tse disha, e dira barutwa e bile e nna le kitso e e oketsegileng ka ga maikaelelo a Modimo. Bakeresete ba pele ba ne ba tsamaisana le lesedi la semoya le le neng le gatela pele le ba neng ba le newa ka makwalo a a tlhotlheleditsweng ke Modimo. Ba ne ba kgona go wetsa bodiredi jwa bone ka ntlha ya go rotloediwa ke maeto a baaposetoloi le ba bangwe. Go buiwa thata ka seno mo Dikwalong Tsa Segerika Tsa Bokeresete.—Ditiro 10:21, 22; 13:46, 47; 2 Timotheo 1:13; 4:5; Bahebera 6:1-3; 2 Petere 3:17, 18.

5. Ke eng fa phuthego ya Modimo e gatela pele gompieno, mme ke eng fa re tshwanetse go tsamaisana le yone?

5 Fela jaaka Bakeresete ba pele, Basupi ba ga Jehofa ba gompieno ba simolotse ba le babotlana mme ba nna ba gola. (Sekaria 4:8-10) Go tloga mo bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga go ile ga nna le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore moya wa Modimo o na le phuthego ya gagwe. E re ka re ile ra ikaega ka kaelo ya moya o o boitshepo e seng ka maatla a batho, re ile ra tswelela pele re gatela pele mo go tlhaloganyeng Dikwalo le go dira thato ya Modimo. (Sekaria 4:6) E re ka re le mo “metlheng ya bofelo,” go botlhokwa thata gore re tsamaisane le phuthego ya ga Jehofa e e ntseng e gatela pele. (2 Timotheo 3:1-5) Fa re dira jalo re tla kgona go boloka tsholofelo ya rona e tshela le go nna le seabe mo go neeleng bosupi ka Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng pele ga bokhutlo jwa makgaolakgang jwa tsamaiso eno ya dilo bo fitlha.—Mathaio 24:3-14.

6, 7. Re tla sekaseka dikarolo dife tse tharo tse phuthego ya ga Jehofa e ileng ya gatela pele mo go tsone?

6 Gareng ga rona go na le ba ba simolotseng go kopanela le phuthego ya ga Jehofa ka bo1920, ka bo1930, le ka bo1940. Mo dingwageng tseo tsa kwa tshimologong, ke mang gareng ga rona yo o neng a ka akanya gore phuthego e ne e tlile go gola ka tsela eno e e gakgamatsang e bo e gatele pele jaana go fitlha mo nakong eno? Akanya ka ditiragalo tse di tlhomologileng tse di ileng tsa diragala mo hisitoring ya motlha wa rona! Ruri go a re itumedisa semoyeng go ikgopotsa dilo tse Jehofa a kgonneng go di dira ka batho ba gagwe ba ba rulagantsweng go ya ka tsela ya puso ya Modimo.

7 Dafide wa bogologolo o ne a kgatlhega tota fa a ne a tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang. O ne a re: “Fa ke ne nka sekamela go di bolela le go bua ka tsone, di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.” (Pesalema 40:5) Le rona re tlhaela fela jalo, ga re kgone go umaka ditiro tsotlhe tse dikgolo le tse di molemo tse Jehofa a di dirileng mo motlheng wa rona. Le fa go ntse jalo, a re sekasekeng dikarolo tse tharo tse phuthego ya ga Jehofa e ileng ya gatela pele mo go tsone: (1) lesedi la semoya le le ntseng le golela pele, (2) bodiredi jo bo tokafaditsweng le jo bo oketsegileng le (3) diphetogo tse di tshwanelang tse di malebana le dithulaganyo tsa phuthego.

Go Lebogela Lesedi le Semoya

8. Go ya ka Diane 4:18, lesedi la semoya le ile la re thusa go lemoga eng malebana le Bogosi?

8 Diane 4:18 e itshupile e le boammaaruri malebana le go gatela pele ga lesedi la semoya. Ya re: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” A bo re leboga jang ne go nna le lesedi la semoya le le ntseng le oketsegela pele! Kwa kopanong ya Cedar Point, Ohio, ka 1919, go ne ga buiwa thata ka Bogosi jwa Modimo. Jehofa o dirisa Bogosi go itshepisa leina la gagwe le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Tota e bile go nna le lesedi la semoya go ile ga re thusa go lemoga gore go tloga ka Genesise go fitlha ka Tshenolo, Baebele e bua ka boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go itshepisa leina la gagwe ka Bogosi jwa ga Morwawe. E tsholetse batho botlhe ba ba ratang tshiamo tsholofelo e e molemolemo.—Mathaio 12:18, 21.

9, 10. Ka bo1920, go ile ga lemogiwa eng malebana le Bogosi le kaga diphuthego tse pedi tse di ganetsanang, mme seo se thusitse go le kana kang?

9 Kwa kopanong ya 1922 ya Cedar Point, sebuisegolo e bong J. F. Rutherford, o ne a kgothaletsa batho ba Modimo go re “itsiseng, itsiseng, itsiseng Kgosi le Bogosi jwa yone.” Mo setlhogong se se reng “Go Tsalwa ga Setšhaba,” se se neng sa gatisiwa mo go Tora ya Tebelo ya March 1, 1925 (ka Seesemane), go ne ga lebisiwa tlhokomelo mo tshedimosetsong ya semoya malebana le dipolelelopele tse di neng tsa bolelela pele ka go tlhongwa ga Bogosi jwa Modimo ka 1914. Gape ka bo1920 go ne ga lemogiwa gore go na le diphuthego tse pedi tse di ganetsanang—ya ga Jehofa le ya ga Satane. Di tsweletse pele di a lwa mme re tla fenya fa fela re nna re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa.

10 Tshedimosetso eo ya semoya e ile ya re thusa jang? E re ka Bogosi jwa Modimo le Kgosi Jesu Keresete e se karolo ya lefatshe, le rona re ka se nne karolo ya lone. Ka go nna re itlhaotse mo lefatsheng, re bontsha gore re ema kafa letlhakoreng la boammaaruri. (Johane 17:16; 18:37) Fa re lemoga mathata a a raraaneng a a farafereng tsamaiso eno e e boikepo, a bo re leboga jang ne go bo re se karolo ya phuthego ya ga Satane! Mme a bo re le lesego jang ne go bo re sireletsegile semoyeng mo phuthegong ya ga Jehofa!

11. Ke leina lefe la Dikwalo le batho ba Modimo ba neng ba ipitsa ka lone ka 1931?

11 Kwa kopanong ya kwa Columbus, Ohio, ya 1931, Isaia 43:10-12 e ne ya tlhalosiwa sentle. Baithuti ba Baebele ba ile ba amogela leina le le ba tlhaolang e bong Basupi ba ga Jehofa. A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go itsise leina la Modimo e le gore batho ba bangwe ba kgone go le bitsa gore ba bolokwe!—Pesalema 83:18; Baroma 10:13.

12. Ke tshedimosetso efe ya semoya malebana le boidiidi jo bogolo e e neng ya tlhagisiwa ka 1935?

12 Pele ga dingwaga tsa bo1930, bontsi jwa batho ba Modimo ba ne ba etsaetsega malebana le tsholofelo ya bone ka botshelo jwa mo isagweng. Bangwe ba ne ba akanya ka botshelo jwa kwa legodimong mme gone ba kgatlhiwa thata ke se Baebele e se rutang kaga lefatshe la paradaise. Kwa kopanong ya Washington, D.C. ka 1935, go ne ga itumedisa tota go utlwa gore matšhutitšhuti a magolo, kana boidiidi jo bogolo, jwa Tshenolo kgaolo 7 ke setlhopha se se nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Fa e sa le go tloga ka nako eo, go phuthiwa ga boidiidi jo bogolo go gatetse pele ka lobelo lo logolo thata. A ga re lebogele gore jaanong boidiidi jo bogolo ga e tlhole e le masaitseweng mo go rona? Kgang ya go phuthwa ga batho ka dipalo tse dikgolo go tswa mo ditšhabeng tsotlhe, mo merafeng yotlhe le mo ditemeng tsotlhe e re tlhotlheletsa go akofisa dikgato tsa rona fa re ntse re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa.

13. Ke kgangkgolo efe e go neng ga buiwa thata ka yone kwa kopanong ya 1941 ya St. Louis?

13 Kwa kopanong ya 1941 ya St. Louis, Missouri, go ne ga buiwa thata ka kgangkgolo e e tshwanetseng go ama batho botlhe. Ke kgang ya bobusi kana bolaodi jwa lobopo lotlhe. Ke kgangkgolo e e tshwanetseng go rarabololwa ka bonako, mme letsatsi le legolo le le le boifisang la go dira jalo le atamela ka bofefo! Gape selo se se neng sa gatelelwa ka 1941 ke kgang e e amanang le eo ya boikanyegi, jo bo re nayang sebaka sa gore mongwe le mongwe wa rona a bontshe gore o eme fa kae malebana le bolaodi jwa Modimo.

14. Kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya 1950, go ne ga lemogiwa eng ka dikgosana tse di umakilweng mo go Isaia 32:1, 2?

14 Kwa kopanong ya 1950 ya ditšhabatšhaba kwa New York City, dikgosana tsa Isaia 32:1, 2 di ne tsa tlhalosiwa sentle gore ke bomang. E ne e le nako e e itumedisang thata fa Mokaulengwe Frederick Franz a ne a bua ka setlhogo seo a bo a tlhalosa gore batho bano ba e tlileng go nna dikgosana mo lefatsheng le lesha ba ne ba le teng mo gare ga rona. Kwa kopanong eo le tse dingwe tse di neng tsa latela, go ile ga nna le matlhasedi a a farologaneng a masha a lesedi la semoya. (Pesalema 97:11) A bo re leboga jang ne go bo tsela ya rona “e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo”!

Go Gatela Pele mo Bodireding Jwa Rona

15, 16. (a) Re ile ra gatela pele jang mo bodireding jwa rona ka bo1920 le bo1930? (b) Ke dikgatiso dife tse di ileng tsa nonotsha bodiredi jwa rona jwa Bokeresete thata mo masomeng a bosheng jaana a dingwaga?

15 Tsela ya bobedi e phuthego ya ga Jehofa e ileng ya gatela pele mo go yone e amana le tiro ya rona e kgolo—go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20; Mareko 13:10) Gore re kgone go wetsa tiro eno, phuthego e ile ya nna ya re bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng go oketsa bodiredi jwa rona. Ka 1922 Bakeresete botlhe ba ne ba kgothalediwa go nna le seabe mo tirong ya go rera. Mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go dira gore a phatsimise lesedi la gagwe mme ka go dira jalo a nne le seabe ka namana mo go neeleng bosupi ka boammaaruri. (Mathaio 5:14-16) Ka 1927 go ne ga tsewa dikgato tsa go dirisa letsatsi la Sontaga mo bodireding jwa tshimo. Go tloga ka February 1940, go ile ga tlwaelega go bona Basupi mo mebileng mo mafelong a kgwebo ba tsamaisa Tora ya Tebelo le Consolation (e jaanong e leng Tsogang!).

16 Mo ngwageng wa 1937 go ne ga simololwa ga dirisiwa bukana ya Model Study, go gatelelwa botlhokwa jwa go dira maeto a go boela kwa bathong gore ba rutwe boammaaruri jwa Baebele. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, tiro ya go tshwara dithuto tsa Baebele e ne ya gatelelwa thata. Karolo eno ya bodiredi e ne ya nonotshiwa thata fa go ne go gatisiwa buka ya “Let God Be True” ka 1946 le ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng ka 1968. Gone jaanong re dirisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go ithuta buka eno go thaya motheo o o nonofileng wa Dikwalo wa go dira barutwa.

Go Gatela Pele le go Itshekisiwa ga Phuthego

17. Phuthego ya ga Jehofa e ile ya gatela pele jang go tsamaisana le Isaia 60:17?

17 Tsela ya boraro e phuthego ya ga Jehofa e ileng ya gatela pele mo go yone e amana le go itshekisiwa ga phuthego. Go ya ka Isaia 60:17, Jehofa o ile a solofetsa jaana: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” Go tsamaisana le boporofeti jono, go ile ga tsewa dikgato go tokafatsa tsela ya go okamela tiro ya go rera ka Bogosi le ya go disa letsomane.

18, 19. Ke diphetogo dife tse di ileng tsa dirwa mo phuthegong go ralala dingwaga?

18 Ka 1919 go ne ga tlhomiwa Motsamaisi wa Tirelo mo phuthegong nngwe le nngwe e e neng e kopa go rulaganyediwa tirelo ya tshimo. Seno se ne sa nonotsha bodiredi jwa rona thata mo tshimong. Go boutela bagolwane le batiakone go ne ga fedisiwa ka 1932, e leng se se neng sa simolola kgato ya go ikgaoganya le mekgwa ya temokerasi ya go dira dilo. Phetogo e nngwe e kgolo e ne ya dirwa ka 1938 fa batlhanka botlhe mo phuthegong ba ne ba simolola go tlhongwa ka tsela e e dumalanang thata le dithulaganyo tsa puso ya Modimo tsa phuthego ya Bakeresete ba pele. (Ditiro 14:23; 1 Timotheo 4:14) Ka 1972 balebedi le batlhanka ba bodiredi ba ne ba tlhongwa go direla, fela jaaka go ne go ntse mo Bakereseteng ba pele. Mo boemong jwa gore go nne le monna a le mongwe fela yo e leng molebedi wa phuthego, Bafilipi 1:1 le dikwalo tse dingwe di bontsha gore batho ba ba tshwanelegelang go nna balebedi go ya ka ditshwanelego tsa Dikwalo ba tshwanetse go bopa setlhopha sa bagolwane.—Ditiro 20:28; Baefeso 4:11, 12.

19 Ka 1975 go ne ga dirwa thulaganyo ya gore dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa di okamele tiro ya lefatshe lotlhe ya phuthego ya Modimo. Dikomiti tsa Makala di ne tsa tlhongwa go okamela tiro mo ditshimong tsa tsone tse di farologaneng. Fa e sa le ka nako eo, go ile ga lebisiwa tlhokomelo mo go tlhofofatseng tiro kwa ntlokgolo le kwa makaleng a Mokgatlho wa Watch Tower e le gore go ‘tlhomamisiwe dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:9, 10) Maikarabelo a badisa ba babotlana ba ga Keresete a akaretsa go etelela pele tiro ya go rera, go ruta mo phuthegong le go disa letsomane la Modimo ka tsela e e tshwanetseng.—1 Timotheo 4:16; Bahebera 13:7, 17; 1 Petere 5:2, 3.

Jesu o Etelela Pele ka Tlhagafalo

20. Go tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa go re tlhoka go ela tlhoko eng malebana le maemo a Jesu a nang le one?

20 Go tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa e e ntseng e gatela pele go re tlhoka gore re tseye tsia seabe se Jesu Keresete a se abetsweng ke Modimo sa go nna “tlhogo ya phuthego.” (Baefeso 5:22, 23) Gape re tshwanetse go ela tlhoko Isaia 55:4 e mo go yone re bolelelwang jaana: “Bona! [Nna Jehofa] ke mo neile go nna mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba, jaaka moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” Ruri Jesu o itse go etelela dilo pele. Gape o itse dinku tsa gagwe le ditiro tsa tsone. Tota e bile, o ne a bua jaana ka makgetlo a le matlhano fa a ne a tlhatlhoba diphuthego tse supa tsa Asia Minor: “Ke itse ditiro tsa gago.” (Tshenolo 2:2, 19; 3:1, 8, 15) Gape Jesu o itse dilo tse re di tlhokang, fela jaaka Rraagwe, e bong Jehofa. Pele ga Jesu a ruta Thapelo ya Sekao, o ile a re: “Modimo Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.”—Mathaio 6:8-13.

21. Tsela e Jesu a etelelang pele ka yone mo phuthegong ya Bokeresete e bonala jang?

21 Re bona jang tsela e Jesu a etelelang pele ka yone? Tsela e nngwe ke ka balebedi ba Bakeresete, “dimpho tse e leng banna.” (Baefeso 4:8) Tshenolo 1:16 e tlhalosa balebedi ba ba tloditsweng ba le mo seatleng sa moja sa ga Keresete, a ba laola. Gompieno Jesu o kaela thulaganyo eno ya bagolwane, e ka ne banna bano ba na le tsholofelo ya selegodimo kana ya selefatshe. Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo go ya ka ditshwanelego tsa Dikwalo. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, setlhopha sa banna ba bagolwane ba kwa Jerusalema se ne se bopa setlhopha se se laolang se se neng se okametse diphuthego le tiro ya go rera ka Bogosi. Gompieno phuthego ya ga Jehofa e latela thulaganyo e e ntseng jalo.

Tsamaisana le Yone!

22. Setlhopha se se Laolang se re neela thuso efe?

22 “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” yo o emelwang ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ke ene yo o abetsweng go tlhokomela ditiro tsa Bogosi. (Mathaio 24:45-47) Setlhopha se se Laolang se amegile thata ka go tlamela phuthego ya Bokeresete ka thuto ya semoya le go e kaela. (Ditiro 6:1-6) Le fa go ntse jalo, fa badumedikabone ba tlhasetswe ke masetlapelo a tlholego, Setlhopha se se Laolang se kopa mangwe a makgotla a semolao go namola le go baakanya matlo le Diholo Tsa Bogosi tse di senyegileng. Fa Bakeresete bangwe ba tshwerwe makgwakgwa kana ba bogisiwa, go tsewa dikgato tsa go ba nonotsha semoyeng. “Ka paka ya matshwenyego,” go dirwa maiteko a magolo go boloka tiro ya go rera e ntse e gatela pele.—2 Timotheo 4:1, 2.

23, 24. Jehofa o nna a tlamela batho ba gagwe ka eng le fa ba ka tswa ba lebane le maemo afe, mme re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

23 Jehofa o nna a tlamela batho ba gagwe ka dijo tsa semoya le kaelo e ba e tlhokang le fa ba ka tswa ba lebane la maemo afe. Modimo gape o abela bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo botlhale le temogo go ipaakanyetsa kgatelopele le go itshekisiwa go go sa ntseng go tla dirwa mo thulaganyong ya puso ya Modimo. (Duteronome 34:9; Baefeso 1:16, 17) Ka metlha Jehofa o re neela dilo tse re di tlhokang go dira tiro ya rona ya go dira barutwa le go wetsa bodiredi jwa rona mo lefatsheng lotlhe.—2 Timotheo 4:5.

24 Re dumela re se na pelaelo gore Jehofa ga a kitla a latlha batho ba gagwe; o tla ba falotsa “pitlagano e kgolo” e e tlang. (Tshenolo 7:9-14; Pesalema 94:14; 2 Petere 2:9) Re na le mabaka a a utlwalang a go boloka tsholofelo e re neng re na le yone pele e tlhomame go fitlha kwa bokhutlong. (Bahebera 3:14) Ka gone a re ikemisetseng go nna re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re ka re phuthego ya ga Jehofa e nna e gatela pele?

• Re bona ka eng gore batho ba Modimo ba nna le lesedi la semoya le le gatelang pele?

• Bodiredi jwa Bokeresete bo ile jwa nna jwa tokafadiwa jang?

• Ke diphetogo dife tse di tshwanelang tse di ileng tsa dirwa mo dithulaganyong tsa phuthego ya batlhanka ba ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jaaka Dafide, ga re kgone go umaka ditiro tsotlhe tse di molemo tsa ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Letsomane la Modimo le ile la solegelwa molemo ke diphetogo tse di tshwanelang tse di neng tsa dirwa mo dithulaganyong tsa phuthego