Go Sireletsega mo Lefatsheng le le Diphatsa
Go Sireletsega mo Lefatsheng le le Diphatsa
GO TSAMAYA mo nageng e e tletseng dibomo tse di epetsweng go kotsi tota. Le fa go ntse jalo, a go ne go ka se thuse go nna le mmapa o o bontshang fa dibomo tseo di leng teng? Mo godimo ga moo, a re re o thapiseditswe go kgona go bona dibomo tse di farologaneng tse di epelwang. Ruri kitso e e ntseng jalo e ne e tla go thusa tota gore o se ka wa nna mo kotsing e kgolo ya gore di go golafatse kgotsa di go bolaye.
Baebele e ka tshwantshiwa le mmapa oo le go thapisediwa go kgona go bona dibomo tse di epelwang. Baebele e na le botlhale jo bo ka se tshwantshiweng le bope malebana le go tila diphatsa le go dirisana le mathata a a nnang teng mo botshelong.
Ela tlhoko tsholofetso eno e e kgothatsang e e mo go Diane 2:10, 11: “Fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago le kitso e nna monate mo moyeng wa gago, bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela.” Botlhale le temogo tse di umakwang fano ga di tswe mo mothong mme di tswa kwa Modimong. “Fa e le yo o [reetsang botlhale jwa bomodimo], o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.” (Diane 1:33) A re bone kafa Baebele e ka oketsang polokesego ya rona ka teng mme ya re thusa go tila mathata a mantsi.
Go Tila Dikotsi Tse di ka Bolayang
Dipalo tse di gatisitsweng bosheng ke World Health Organization (WHO) di bontsha gore mo lefatsheng lotlhe palo ya batho ba ba swang ngwaga le ngwaga mo dikotsing tsa tsela e ka nna 1 171 000. Go gobala batho ba bangwe ba ka nna dimilione tse 40 mme ba ba fetang dimilione tse 8 go se kae ba nna digole botshelo jwa bone jotlhe.
Le fa gone motho a ka se sireletsege gotlhegotlhe fa a kgweetsa, re ka sireletsega go se kae fa re ikobela melao ya tsela. Fa Baebele e bua ka babusi, ba e leng bone ba tlhomang melao ya tsela le go tlhomamisa gore e a dirisiwa, ya re: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Bakgweetsi ba ba ikobelang kgakololo eno ga ba itsenye mo diphatseng tse di kalo tsa go diragalelwa ke kotsi ya tsela, ka diphelelo tsa yone tse gantsi di nnang maswe tota.
Selo se sengwe se se re tlhotlheletsang go kgweetsa sentle ke go tlotla botshelo. Baebele e bolela jaana ka Jehofa Modimo: “O na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Ka jalo botshelo ke mpho e re e filweng ke Modimo. Ka jalo, ga re na tshwanelo ya go amoga ope mpho eo kgotsa go bontsha go se tlotle botshelo, go akaretsa le jwa rona tota.—Genesise 9:5, 6.
Go a utlwala gore, go tlotla botshelo go akaretsa go tlhomamisa gore dikoloi tsa rona le magae a rona di sireletsegile kafa go ka kgonegang ka teng. Kwa Iseraeleng wa bogologolo, tshireletsego e ne e le selo sa botlhokwa thata mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Ka sekai, fa go ne go agiwa ntlo, Molao wa Modimo o ne o laela gore borulelo—lefelo le go neng go dirwa ditiro di le dintsi tsa lelapa mo Duteronome 22:8) Fa mongwe a ne a ka wa ka gonne molao ono wa tshireletso o sa latelwa, Modimo o ne a bona mong wa ntlo molato. Ga go belaetse gore, go dirisa molaomotheo o o lorato o o mo molaong ono go ne go tla fokotsa dikotsi kwa tirong kgotsa le mo mafelong a boitlosobodutu.
go lone—bo agelelwe. “O direle borulelo jwa gago lobotana lo lo thekeletsang, gore o se ka wa tlisetsa ntlo ya gago molato wa madi ka gonne mongwe . . . a ka nna a wa mo go yone.” (Go Fenya go Tshwakgoga mo go Kotsi
Go ya ka WHO, gone jaanong go na le batho ba ba gogang motsoko ba feta dimilione di le sekete mo lefatsheng, mme o bolaya batho ba ka nna dimilione di le nnè ngwaga le ngwaga. Go letetswe gore palo eno e oketsege e bo e fitlhe go dimilione di ka nna 10 mo dingwageng tse di tlang tse 20 go ya go 30. Dimilione tsa batho ba bangwe ba ba gogang mmogo le ba ba dirisang diokobatsi tsa “go itlosa bodutu,” ba tla koafatsa botsogo jwa bone le botshelo jwa bone ka ntlha ya go tshwakgoga ga bone.
Le fa Lefoko la Modimo le sa umake ka tlhamalalo mekgwa ya go goga motsoko le go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo, melaometheo ya lone e ka re sireletsa mo go yone. Ka sekai, 2 Bakorintha 7:1 e gakolola jaana: “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya.” Ga go belaetse gore motsoko le diokobatsi di kgotlela mmele kgotsa di a o leswefatsa ka dikhemikale tse dintsi tse di kotsi. Mo godimo ga moo, Modimo o batla gore mebele ya rona e nne “boitshepo,” se se rayang gore e nne boitsheko e bo e nne phepa. (Baroma 12:1) A ga o dumalane gore go dirisa melaometheo eno go ka dira gore botshelo jwa motho bo se ka jwa nna mo kotsing thata?
Go Fenya Mekgwa e e Diphatsa
Batho ba le bantsi ba feteletsa dilo mo go jeng le mo go nweng. Diphelelo tsa go ja mo go feteletseng di ka akaretsa bolwetse jwa sukiri, kankere le bolwetse jwa pelo. Go dirisa dino tse di tagang mo go feteletseng go ka felela ka mathata a mangwe, a a jaaka go nna lekgoba la bojalwa, go ruruga sebete, go thubega ga malapa le dikotsi tsa tsela. Kafa letlhakoreng le lengwe, go itima dijo mo go feteletseng le gone go ka nna kotsi mme ga baka mathata a a diphatsa a go ja a a jaaka anorexia nervosa.
Le fa Baebele e se buka ya tsa kalafi, e naya kaelo e e tlhamaletseng malebana le kafa go tlhokegang ka gone go lekanyetsa dijo le dino. “Wena, morwaaka, utlwa mme o tlhalefe, o bo o goge pelo ya gago mo tseleng. O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe. Gonne letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega.” (Diane 23:19-21) Le fa go ntse jalo, Baebele ya re go ja le go nwa go tshwanetse ga nna monate. “Motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:13.
Gape Baebele e kgothaletsa gore re nne le boikutlo jo bo siameng ka go itshidila mmele, e tlhomamisa gore “go thapisa mmele go tswela mosola go le gonnye.” Mme e oketsa jaana: “Boineelo jwa bomodimo bo tswela mosola mo dilong tsotlhe, e re ka bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” (1 Timotheo 4:8) O ka nna wa botsa jaana: ‘Boineelo jwa bomodimo bo mosola jang le gone jaanong?’ Ka ditsela di le dintsi. Kwantle ga gore boineelo jwa bomodimo bo dira gore motho a akaretse dilo tsa semoya mo botshelong jwa gagwe e leng selo sa botlhokwa, gape bo dira gore a nne le dinonofo tse di molemo tse di jaaka lorato, boipelo, kagiso le boikgapo—tse tsotlhe di dirang gore motho a lebe dilo ka tsela e e siameng a bo a nne le botsogo jo bontle.—Bagalatia 5:22, 23.
Matswela a a Botlhoko a Boitsholo Jo bo Sa Siamang
Gompieno dimilione tsa batho ga ba na boithibo gotlhelele mo boitsholong. Nngwe ya diphelelo tsa seo ke leroborobo la bolwetse jwa AIDS. Go ya ka WHO, batho ba feta dimilione di le 16 ba setse ba sule fa e sa le leroborobo la AIDS le simologa, mme gone jaanong batho ba ka nna dimilione di le 34 ba na le HIV, mogare o o bakang AIDS. Batho ba le bantsi ba tsenwe ke mogare wa AIDS ka ntlha ya go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi, dimao tse di nang le megare tse di dirisiwang ke batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi, kgotsa go tshelwa madi a a nang le megare.
Diane 7:23 e tlhalosa matswela a a boifisang a kgokafalo e re ke ‘motswi o o fatolang sebete.’ Gantsi thosola e tlhasela sebete, fela jaaka bolwetse jwa sebete bo dira. Ee, a bo kgakololo e e lorato ya Baebele ya gore Bakeresete ba ‘ithibe mo mading le mo kgokafalong’ e le mo nakong jang ne!—Ditiro 15:28, 29.
Diphelelo tse dingwe tsa maitsholo a a sa siamang di akaretsa bolwetse jwa herpes, rasephiphi, bolwetse jwa sebete jwa B le jwa C le thosola. Le fa maina ano a tsa kalafi a ne a sa dirisiwe mo metlheng ya Baebele, dikarolo tsa mmele tse di tlhaselwang ke malwetse mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo a a neng a tlwaelegile ka nako eo di ne di itsewe. Ka sekai,Seru sa go Rata Madi
E re ka batho ba le bantsi ba batla go huma ka bonako, ba itsenya mo dikotsing tse dikgolo ka madi a bone. Ka maswabi, gantsi go itsenya mo kotsing jalo go felela ka gore ba felelwe ke madi. Le fa go ntse jalo, Baebele e raya motlhanka wa Modimo e re: “A a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.” (Baefeso 4:28) Ke boammaaruri gore ga se gore ka dinako tsotlhe motho yo o dirang ka natla o a huma. Le fa go ntse jalo o nna a ritibetse maikutlo, o a itlotla e bile gongwe o na le madi ao a ka a ntshang moneelo mo tirong nngwe e e mosola.
Baebele e tlhagisa jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe . . . ba itlhabakakile ka ditlhabi 1 Timotheo 6:9, 10) Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi “ba ba ikemiseditseng go huma” ba feleletsa ba humile. Mme ka diphelelo dife? A botsogo jwa bone, malapa a bone, bomoya jwa bone le eleng boroko jwa bone ga di amege ka tsela e e botlhoko?—Moreri 5:12.
tse dintsi.” (Motho yo o botlhale o lemoga gore “botshelo . . . ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Mo ditšhabeng tse dintsi motho o tlhoka go nna le madi le dilwana dingwe. E bile tota, Baebele e bolela gore “madi [ke] tshireletso,” mme e oketsa ka go re “molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:12) Kitso e e tshwanetseng le botlhale ga di tshwane le madi ka gonne tsone di ka re thusa mo maemong otlhe, mme segolobogolo a a amang botshelo jwa rona.—Diane 4:5-9.
Fa re Tla bo re Sirelediwa ke Botlhale Fela
Botlhale jwa boammaaruri bo tla tloga bo “boloka beng ba jone ba tshela” ka tsela e e iseng e ko e diragale—ka go ba sireletsa mo ‘pitlaganong e kgolo’ e e ntseng e atamela ka bofefo, fa Modimo a tla bo a senya baikepi. (Mathaio 24:21) Ka nako eo batho ba tla bo ba latlhela madi a bone mo mebileng jaaka “selo se se ilegang,” go ya ka Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne ba tla bo ba ithutile botlhoko gore gouta le selefera di ka se ka tsa ba naya botshelo “mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa.” (Esekiele 7:19) Kafa letlhakoreng le lengwe, “boidiidi jo bogolo,” jo ka botlhale bo neng jwa ‘ipolokela matlotlo kwa legodimong’ ka go baya dilo tsa semoya kwa pele mo matshelong a bone bo tla solegelwa molemo ke letlotlo leo le le nnetseng ruri mme bo bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Tshenolo 7:9, 14; 21:3, 4; Mathaio 6:19, 20.
Re ka nna le isagwe eno e e sireletsegileng jang? Jesu o araba jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Dimilione tsa batho di bone kitso eno mo Lefokong la Modimo, Baebele. Batho bano ga ba nne le tsholofelo e e molemo ka isagwe fela mme gape ba nna le selekanyo se se rileng sa kagiso le tshireletsego gone jaanong. Ke fela jaaka mopesalema a ile a bolela: “Ke tla rapama ke bo ke robala ka kagiso, gonne wena o le nosi, Jehofa, o dira gore ke nne ka polokesego.”—Pesalema 4:8.
A o ka akanya ka motswedi ope o mongwe wa tshedimosetso o o ka thusang go fokotsa dilo tse di diphatsa mo botsogong jwa gago le mo botshelong jwa gago kafa Baebele e dirang ka teng? Ga go na buka epe e nngwe e e nang le tlhotlheletso jaaka Baebele, e bile ga go na buka epe e nngwe e e ka go thusang go sireletsega tota mo lefatsheng la gompieno le le diphatsa. Ke eng fa o sa e tlhatlhobe go ya pele?
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Botsogo jo bo Botoka le Tshireletsego—Ka Thuso ya Baebele
Mosadi mongwe yo o bidiwang Jane * o ne a itlwaetsa go dirisa motokwane, motsoko, khokeine, di-amphetamine, LSD le diokobatsi tse dingwe go itebatsa mathata a botshelo. Gape o ne a nwa bojalwa thata. Go ya ka Jane, monna wa gagwe o ne a se botoka ka gope. Isagwe ya bone e ne e lebega e le letobo. Mme Jane o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. O ne a simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go bala Tora ya Tebelo le makasine o o tsamayang le one wa Tsogang!, a di bala le monna wa gagwe. Ka bobedi ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi. Fa ba ntse ba tlhaloganya melao e e kwa godimo ya ga Jehofa, ba ne ba tlogela gotlhelele go tlhola ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Ga felela ka eng? Jane o ne a kwala jaana dingwaga di se kae moragonyana: “Botshelo jwa rona jo bosha bo re leretse boitumelo jo bogolo. Ke leboga Jehofa thata ka maatla a Lefoko la gagwe a go phepafatsa le ka botshelo jo bo gololesegileng le jo bo itekanetseng jo re nang le jone jaanong.”
Mosola wa go nna mothapiwa yo o ikanyegang o bontshiwa sentle ke kgang ya ga Kurt, yo tiro ya gagwe e neng e akaretsa go tlhokomela dikhomputara. Go ne go tlhokega dilwana tse disha, mme mothapi wa ga Kurt o ne a mo naya tiro ya go ya go di reka ka tlhwatlhwa e e botokanyana. Kurt o ne a bona morekisi yo o tshwanelang mme ba dumalana ka tlhwatlhwa. Le fa go ntse jalo, tlelereke ya morekisi e ne ya dira phoso fa e kwala lenaane la ditlhwatlhwa, mo e leng gore tlhwatlhwa e ne e kgaotswe ka mo e ka nnang R290 000. Fa Kurt a lemoga phoso eno, o ne a founela khampani eo, mme manejara o ne a bolela gore mo dingwageng tse 25 tse a di berekileng, o ne a ise a ke a bone motho yo o ikanyegang jaana. Kurt o ne a tlhalosa gore segakolodi sa gagwe se ne se kaelwa ke Baebele. Go ne ga felela ka gore manejara a kope dikhopi di le 300 tsa makasine wa Tsogang! e e neng e bua ka boikanyegi mo kgwebong gore a tle a di neye badirikaene. Fa e le Kurt ene, o ne a tlhatlosediwa maemo ka ntlha ya go ikanyega ga gagwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 30 Maina a fetotswe.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.”—ISAIA 48:17