O ka Kgona go Itshokela go Kgobega Marapo!
O ka Kgona go Itshokela go Kgobega Marapo!
MONNA mongwe yo o botlhale o kile a kwala jaana: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Fa e le gore o kile wa kgobega marapo, ga go na pelaelo gore o dumalana le mafoko ano.
Ga go na ope yo o sa angweng ke ditlamorago tsa go kgobega marapo. Go kgobega marapo go sekae go ka nna ga tsaya letsatsi kana malatsi a le mabedi mme go tswa foo go fele. Mme fa go na le kutlobotlhoko kana go kgopisega, bothata joo bo ka nna jwa tsaya nako e telele thata. Bakeresete bangwe ba ba ileng ba ikanyega ka dingwaga di le dintsi ba ile ba kgobega marapo thata jaana mo e leng gore ba ile ba tlogela go ya dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo.
Fa o ikutlwa o kgobegile marapo, gomotsega! Batlhanka ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ile ba emelana ka katlego le go kgobega marapo mme ka thuso ya Modimo, le wena o ka kgona.
Fa ba Bangwe ba go Utlwisa Botlhoko
O ka se ka wa lebelela gore lefoko lengwe le lengwe kana kgato nngwe le nngwe ya go tlhoka go akanya di se ka tsa go utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go gana go letlelela bosaitekanelang jwa ba bangwe go kgoreletsa tirelo ya gago mo go Jehofa. Fa mongwe a go utlwisitse botlhoko, o ka nna wa fitlhela go thusa go sekaseka kafa Hana e bong mmaagwe Samuele a ileng a lepalepana le boemo jo bo kgobang marapo ka teng.
Hana o ne a batla bana ka pelo ya gagwe yotlhe, mme le fa go ntse jalo o ne a le moopa. Mosadi wa bobedi wa monna wa gagwe e bong Penina, o ne a setse a mo tsholetse barwa le barwadi. Go na le gore Penina a akanyetse Hana malebana le bothata jo a nang najo, o ne a mo leba e le mmaba wa gagwe mme a nna le boikutlo jo bo ntseng jalo mo go Hana mo e leng gore “o ne a lela e bile a sa je.”—1 Samuele 1:2, 4-7.
Ka letsatsi lengwe Hana o ne a ya go rapela kwa motlaaganeng. Eli, moperesiti yo mogolo wa Iseraele, o ne a lebile dipounama tsa gagwe di ntse di tshikinyega. E re ka Eli a ne a sa lemoge gore Hana o a rapela, o ne a swetsa ka gore o tshwanetse a bo a tagilwe. O ne a mmotsa jaana: “O tla itshwara jaaka yo o tagilweng ka lobaka lo lo kae? Tlosa beine ya gago mo go wena.” (1 Samuele 1:12-14) A o ka kgona go akanya fela gore Hana o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa jang? O ne a tlile mo motlaaganeng gore a kgothatsege. O ne a sa lebelela le e seng gore a latofadiwe ka tsela e e sa tshwanelang ke mongwe wa banna ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo Iseraele!
Boemo jono bo ne bo ka dira gore Hana a kgobege marapo thata. O ka bo a ile a tswa ka bonako mo motlaaganeng, a ikana gore a ka se tlhole a boela teng fa fela Eli e sa ntse e le moperesiti yo mogolo koo. Le fa go ntse jalo, go phepafetse gore Hana o ne a tsaya kamano ya gagwe le Jehofa e le botlhokwa thata. O ne a itse gore a ka se ka a itumela fa a ne a ka dira jalo. Motlaagana e ne le lefelo la konokono la kobamelo e e itshekileng. Jehofa o ne a beile leina la gagwe moo. Mme le mororo Eli a ne a sa itekanela, e ne e le moemedi wa ga Jehofa yo o tlhophilweng.
Tsela ya bomodimo e Hana a ileng a arabela tatofatso ya ga Eli ka yone e re tlhomela sekao se sentle gompieno. Ga a ka a dumela gore a latofadiwe ka tsela e e sa tshwanelang mme le fa go ntse jalo o ne a araba ka tsela e e bontshang tlotlo fela thata. O ne a araba jaana: “Nnyaa morena wa me! Ke mosadi yo o moya o pitlaganeng; mme ga ke a nwa beine le bojalwa jo bo tagang, mme ke tshololela moya wa me fa pele ga ga Jehofa. O se ka wa dira lelata la gago la nna jaaka mosadi yo o se nang molemo wa sepe, gonne go fitlha jaanong ke ntse ke bua ka ntlha ya go tshwenyega ga me mo go golo le khutsafalo ya me.”—1 Samuele 1:15, 16.
A Hana o ile a itlhalosa sentle? Ka botlalo. Le fa go ntse jalo, o ne a bua ka matsetseleko le Eli, a sa 1 Samuele 1:17, 18.
leke go mo tshwaya phoso ka ntlha ya tatofatso ya gagwe e e phoso. Le ene o ne a mo araba ka bopelonomi, a bolela jaana: “Tsamaya ka kagiso, mme e kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.” Fa kgang e sena go rarabololwa, Hana “a tsamaya a ba a ja, mme sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.”—Re ithuta eng mo pegong eno? Hana o ne a baakanya go sa utlwane go go neng go le teng ka bonako, mme o ne a dira jalo ka tlotlo e kgolo. Ka ntlha ya seo, o ne a boloka botsala jo bo molemo le Jehofa le Eli. A bo gantsi re ka thibela mathatanyana gore a se ka a gola go nna a magolo ka puisano e e molemo jang ne le ka go dira ka botlhale!
Re tshwanetse go lemoga gore fa re rarabolola mathata le ba bangwe re tshwanetse gore rona le bone re ikokobetse le go fetofetoga. Fa modumedikawena a sa tsibogele maiteko a gago a go rarabolola mathata, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlogelela dilo mo diatleng tsa ga Jehofa, o tshepa gore o tla di rarabolola ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe.
A o Latlhegetswe ke Tshiamelo ya Tirelo?
Bangwe ba ile ba tshwenyega mo maikutlong ka go bo ba ne ba tshwanela gore ba tlogele tshiamelo e ba e ratang mo tirelong ya Modimo. Ba ne ba itumelela go direla bakaulengwe ba bone mme fa ba latlhegelwa ke tshiamelo eo, ba ne ba ikutlwa ba sa tlhole ba na le mosola mo go Jehofa kana mo phuthegong ya gagwe. Fa e le gore ke kafa o ikutlwang ka teng, o ka nna wa nna le temogo ka go sekaseka sekao sa mokwadi wa Baebele e bong Mareko yo gape a bidiwang Johane Mareko.—Ditiro 12:12.
Mareko o ne a tsamaya le Paulo le Barenabase mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa, mme fa ba le fa gare ga loeto lwa bone, o ne a ba tlogela mme a boela Jerusalema. (Ditiro 13:13) Moragonyana Barenabase o ne a batla go tsaya Mareko gore a tsamaye le bone mo loetong lo longwe. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela jaana: “Paulo o ne a sa bone go tshwanela gore ba mo tseye gore a tsamaye le bone, ka a ne a ba tlogetse kwa Pamfilia mme a se ka a tsamaya le bone go ya tirong.” Barenabase ga a ka a dumalana le seo. Pego ya Baebele e tswelela pele jaana: “Foo ga tsoga kgalefelano e e botlhoko, mo e leng gore [Paulo le Barenabase] ba ne ba kgaogana; mme Barenabase a tsamaya le Mareko ka mokoro ba ya Kupero. Paulo a tlhopha Silase mme a tswa a tsamaya.”—Ditiro 15:36-40.
Mareko o tshwanetse a bo a ne a ile a utlwa botlhoko thata fa a bona gore moaposetoloi Paulo yo o tlotlegang o ne a sa batle go bereka le ene le gore go ile ga nna le kganetsano malebana le go tshwanelega ga gagwe e e ileng ya dira gore Paulo le Barenabase ba kgaogane. Mme kgang ga e felele foo.
Paulo le Silase ba ne ba sa ntse ba tlhoka mongwe yo o ka ba patang mo loetong lwa bone. Fa ba fitlha kwa Lisetera, ba ne ba bona mongwe yo o ka tsayang boemo jwa ga Mareko, e ne e le lekawana lengwe le le bidiwang Timotheo. Mme Timotheo, a ka tswa a ne a kolobeditswe dingwaga di le pedi kana di le tharo fela ka nako ya fa a tlhophiwa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Mareko o ne a ntse a kopanela le phuthego ya Bokeresete fa e sa le e simologa—tota e bile, o kopanetse le yone nako e telele go feta Paulo ka boene. Le fa go ntse jalo, Timotheo ke ene yo o neng a amogela tshiamelo ya kabelo eo.—Ditiro 16:1-3.
Mareko o ne a itshwara jang fa a utlwa gore mo boemong jwa gagwe go tserwe lekawana le le se nang maitemogelo go le kalo? Baebele ga e tlhalose. Le fa go ntse jalo, e bontsha gore Mareko o ne a nna a tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa. O ne a dirisa ditshiamelo tse a neng a na le tsone. Le mororo a ne a sa kgone go dira le Paulo le Silase, o ne a kgona go tsamaya le Barenabase go ya Kupero, e leng lefelo le Barenabase a goletseng kwa go lone. Mareko o ne a dira gape le Petere kwa Babelona. Kgabagare, o ne a nna le tshono ya go dira le Paulo—le Timotheo—kwa Roma. (Bakolosa 1:1; 4:10; 1 Petere 5:13) Moragonyana, Mareko o ne a bo a tlhotlhelediwa go kwala nngwe ya Diefangele di le nnè!
Go na le thuto e e botlhokwa mo go seno sotlhe. Mareko ga a ka a itshwenya thata ka go latlhegelwa ke tshiamelo mo a neng a palelwa ke go anaanela tse a neng a sa ntse a na le tsone. Mareko o ne a nna a tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa mme Jehofa o ne a mo segofatsa.
Ka gone, fa o latlhegetswe ke tshiamelo, o se ka wa kgobega marapo. Fa o nna le boikutlo jo bo siameng mme o nna o tshwaregile, o ka nna wa bona 1 Bakorintha 15:58.
ditshiamelo tse dingwe. Go na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.—Motlhanka yo o Ikanyegang o Kgobega Marapo
Ga go motlhofo go lwa ntwa e e thata ya tumelo. Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa kgobega marapo. Mme o ka nna wa ba wa ikutlwa o le molato go bo o kgobegile marapo, o swetsa ka gore motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo ga a tshwanela go ikutlwa jalo. Akanya ka Elija, mongwe wa baporofeti ba ba tlhomologileng ba kwa Iseraele.
Fa Kgosigadi Jesebele wa kwa Iseraele, yo o neng a tlhotlheletsa kobamelo ya ga Baale ka tsela e e feteletseng a utlwa gore Elija o bolaile baporofeti ba ga Baale, o ne a ikana gore o tla mmolaya. Elija o ne a kile a lebana le baba ba bagolo go gaisa Jesebele, mme ka tshoganyetso fela, a kgobega marapo mo a bileng a ne a batla go swa. (1 Dikgosi 19:1-4) Seo se ne se ka diragala jang? O ne a lebetse sengwe.
Elija o ne a lebetse go ikanya Jehofa jaaka Motswedi wa maatla a gagwe. Ke mang yo o neng a file Elija maatla a go tsosa baswi le go lebana le baporofeti ba ga Baale? Ke Jehofa. Kwantle ga pelaelo, Jehofa o ne a tla mo naya maatla a go lebana le bogale jwa ga Kgosigadi Jesebele.—1 Dikgosi 17:17-24; 18:21-40; 2 Bakorintha 4:7.
Go ka direga ka nakwana gore le fa e le mang a okaoke go ikanya Jehofa. Jaaka Elija, ka dinako tse dingwe o ka nna wa leba bothata jo bo rileng ka leitlho la motho go na le gore o lebane le jone ka go dirisa “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” (Jakobe 3:17) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a latlha Elija ka ntlha ya go lebala ga gagwe ga nakwana.
Elija o ne a tshabetse kwa Beere-sheba mme go tswa foo a tshabela kwa nageng koo a neng a akanya gore ga go na ope yo o tla mmonang teng. Mme Jehofa o ile a mmona. O ne a romela moengele gore a mo gomotse. Moengele o ile a tlhomamisa gore Elija o nna le senkgwe se se sa tswang go besiwa gore a je le metsi a a lapolosang gore a nwe. Fa Elija a sena go ikhutsa, moengele o ile a mo kaela gore a tsamaye dikilometara tse di ka nnang 300 go ya kwa Thabeng ya Horeba, koo a neng a nonotshiwa gape ke Jehofa gone.—1 Dikgosi 19:5-8.
Fa Elija a le kwa Thabeng ya Horeba, o ne a bona pontsho e e nonotshang ya maatla a ga Jehofa. Morago ga foo, Jehofa o ile a mo tlhomamisetsa gore ga a nosi a bua le ene ka lentswe le le ritibetseng le le kwa tlase. Jehofa o ne a le mo letlhakoreng la gagwe mme le bakaulengwe ba gagwe ba le 7 000 le bone ba ne ba le kafa letlhakoreng la gagwe le mororo Elija a ne a sa itse. Kgabagare, Jehofa o ile a mo abela tiro e a tshwanetseng go e dira. Ga a ka a latlha Elija gore a se ka a tlhola a nna moporofeti wa gagwe!—1 Dikgosi 19:11-18.
Go na Le Thuso
Fa e le gore gangwe le gape o ikutlwa o kgobegile marapo go sekae, o ka nna wa fitlhela gore o ikutlwa botoka fa o ka ikhutsa mo go oketsegileng kana fa o ka ja dijo tse di nang le dikotla. Nathan H. Knorr, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa go fitlha a swa ka 1977, o kile a bolela gore gantsi mathata a magolo a bonala a le mannye thata morago ga fa motho a letse a robetse sentle. Le fa go ntse jalo, fa bothata bo nna bo ntse bo tswelela, tharabololo e e ntseng jalo e ka nna ya bo e sa lekana—o tla tlhoka thuso ya go lwantshana le go kgobega marapo.
Jehofa o ne a romela moengele go nonotsha Elija. Gompieno, Modimo o re kgothatsa ka bagolwane le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng. Ruri bagolwane ba ka “nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo.” (Isaia 32:1, 2) Mme gore ba tle ba go kgothatse, go ka nna ga tlhokega gore e nne wena yo o yang kwa go bone. Le mororo Elija a ne a kgobegile marapo thata jalo, o ile a ya kwa Thabeng ya Horeba go ya go rutwa ke Jehofa. Re amogela thuto e e re nonotshang ka phuthego ya Bokeresete.
Fa re amogela thuso mme re lebana ka bopelokgale le diteko tse di jaaka go utlwa botlhoko kana go latlhegelwa ke ditshiamelo, re tshegetsa letlhakore la ga Jehofa la kgang e e botlhokwa. Ke kgang efe? Satane o ile bolela gore batho ba direla Jehofa fela ka ntlha ya bopelotshetlha. Satane ga a ganele gore re tla direla Modimo fa sengwe le sengwe se re tsamaela sentle mo botshelong, mme o bolela gore re tla tlogela go direla Modimo fa re lebana le mathata. (Jobe, dikgaolo 1 le 2) Fa re tswelela mo tirelong ya ga Jehofa le fa re kgobegile marapo, re tla thusa go arabela tatofatso ya ga Diabolo ya maaka.—Diane 27:11.
Hana, Mareko le Elija botlhe ba ne ba na le mathata a a ileng a dira gore ba se ka ba itumela ka nakwana. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itshokela mathata a bone mme ba tshela matshelo a a itumedisang. Ka thuso ya ga Jehofa, le wena o ka kgona go itshokela go kgobega marapo!