Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ga Jehofa ba ba Tsosolositsweng ba Mmaka mo Lefatsheng Lotlhe

Batho ba ga Jehofa ba ba Tsosolositsweng ba Mmaka mo Lefatsheng Lotlhe

Batho ba ga Jehofa ba ba Tsosolositsweng ba Mmaka mo Lefatsheng Lotlhe

“Ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa.”—SEFANIA 3:9.

1. Ke eng fa melaetsa ya katlholo e ile ya diragadiwa mo go Juda le mo ditšhabeng tse dingwe?

A BO Jehofa a ile a tlhotlheletsa Sefania go bolela melaetsa e e maatla jang ne ya katlholo! Melaetsa eo ya katlholo e ne ya diragadiwa mo go Juda le motsemogolo wa yone, e leng Jerusalema, ka gonne baeteledipele le batho botlhe ba ne ba sa dire thato ya ga Jehofa. Ditšhaba tse di bapileng le yone tse di jaaka Filisitia, Moabe le Amone, le tsone di ne di tlile go tlelwa ke bogale jwa Modimo. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya go bo di ile tsa fetsa makgolokgolo a dingwaga di ganetsa batho ba ga Jehofa setlhogo. Ka ntlha ya lone lebaka leo, mmuso wa lefatshe wa Asiria o ne o tlile go senngwa, o se kitla o tlhola o tlhongwa gape.

2. Go bonala go buiwa le bomang mo go Sefania 3:8?

2 Le fa go ntse jalo, go ne go na le batho kwa Juda ya bogologolo ba ba neng ba rata go dira se se siameng. Ba ne ba letetse go bona Modimo a atlhola baikepi e bile go bonala e le bone ba mafoko ano a neng a buiwa le bone: “‘Nnang lo ntebeletse,’ go bua Jehofa, ‘go fitlha letsatsi la go ema ga me ke emela kgapo, gonne tshwetso ya me ya boatlhodi ke go phutha ditšhaba, gore ke phuthe magosi mmogo, gore ke a tshele ka katlholo ya me, bogale jotlhe jwa me jo bo tukang; gonne lefatshe lotlhe le tla lailwa ke molelo wa tlhoafalo ya me.’”—Sefania 3:8.

‘Puo e e Itshekileng’ go Bomang?

3. Sefania o ile a tlhotlhelediwa go bolela molaetsa ofe wa tsholofelo?

3 Ee, Sefania o ne a bolela melaetsa ya ga Jehofa ya katlholo. Mme gape moporofeti yono o ne a tlhotlhelediwa go bolela le molaetsa o o itumedisang wa tsholofelo—o o neng o tla kgothatsa thata batho ba ba neng ba tla tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Jehofa Modimo o ile a bolela jaana jaaka go kwadilwe mo go Sefania 3:9: “Ka nako eo ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.”

4, 5. (a) Go tla direga eng ka batho ba ba sa siamang? (b) Ke bomang ba ba tla solegelwang molemo ke seo, mme ka ntlha yang?

4 Go ne go tla nna le batho ba ba neng ba se kitla ba newa puo e e itshekileng. Boporofeti jono bo bua jaana ka bone: “Ke tla tlosa mo gare ga gago batho ba gago ba ba itumelang ka mabela.” (Sefania 3:11) Ka gone, batho ba ba mabela ba ba neng ba nyatsa melao ya Modimo le go dira tshiamololo ba ne ba tla tlosiwa. Mme seo se ne se tla solegela bomang molemo? Sefania 3:12, 13 e a tlhalosa: “[Nna Jehofa] ke tla dira gore go sale batho ba ba ikokobeditseng ba maemo a a kwa tlase, mme ruri ba tla tshabela mo leineng la ga Jehofa. Fa e le ba ba setseng ba Iseraele bone, ga ba ne ba dira tshiamololo epe, le fa e le go bua maaka, le gone ga go ne go fitlhelwa loleme lwa tsietso mo melomong ya bone; gonne bone ba tla ja ba bo ba robala ba namaletse, mme ga go na ope yo o tla ba boifisang.”

5 Masalela a a ikanyegang a Juda wa bogologolo ke one a a neng a solegelwa molemo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba dira go dumalana le mafoko ano: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng tshwetso ya Gagwe ya boatlhodi. Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”—Sefania 2:3.

6. Go ne ga direga eng fa boporofeti jwa ga Sefania bo ne bo diragadiwa la ntlha?

6 Fa boporofeti jono jwa ga Sefania bo ne bo diragadiwa la ntlha, Modimo o ne a otlhaya Juda yo o sa ikanyegeng ka go dira gore Mmusomogolo wa Lefatshe wa Babelona o mo fenye mme o ise batho ba gagwe botshwarwa ka 607 B.C.E. Batho bangwe, go akaretsa le moporofeti Jeremia, ba ne ba bolokwa, mme ba bangwe bone ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa ba le kwa botshwarwa. Ka 539 B.C.E., Babelona e ne ya thankgolwa ke Bameda le Baperesia ba ba neng ba buswa ke Kgosi Kurose. Mo e ka nnang dingwaga di le pedi moragonyana, Kurose o ne a ntsha taelo e e neng ya letla gore masalela a Bajuda a boele kwa nagagaeng ya bone. Fa nako e ntse e tsamaya, tempele ya kwa Jerusalema e ne ya agiwa sesha, mme baperesiti ba ne ba boa gape ba kgona go ruta batho Molao. (Malaki 2:7) Ka jalo Jehofa o ne a segofatsa masalela a a tsosolositsweng—fa fela ba ne ba nna ba ikanyega.

7, 8. Mafoko a boporofeti a a mo go Sefania 3:14-17 a ne a bua le bomang, mme ke eng fa o rialo?

7 Sefania o ne a bolelela pele jaana malebana le batho ba ba neng ba tla bona go tsosoloswa gono: “Goa ka boipelo, wena morwadia Siona! Thela loshalaba wena Iseraele! Ipele o bo o itumele ka pelo yotlhe, wena morwadia Jerusalema! Jehofa o tlositse dikatlholo mo go wena. O fapositse mmaba wa gago. Kgosi ya Iseraele e leng Jehofa, o mo gare ga gago. Ga o ne o tlhola o boifa masetlapelo. Mo letsatsing leo Jerusalema o tla tewa go twe: ‘O se ka wa boifa, wena Siona. A diatla tsa gago di se ka tsa repa. Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago. Jaaka Yo o leng thata, o tla boloka. O tla itumela ka ntlha ya gago ka boipelo. O tla didimala mo loratong lwa gagwe. O tla ipela ka wena ka mekgosi ya boitumelo.’”—Sefania 3:14-17.

8 Mafoko ao a boporofeti a ne a bua ka masalela a a neng a phuthiwa go tswa mo botshwarong jwa Babelona mme ba busediwa kwa nageng ya borraabonemogolo. Seno se tlhalosiwa sentle mo go Sefania 3:18-20, e re balang jaana mo go yone: “‘[Nna Jehofa] ke tla phutha mmogo bone ba ba hutsafetseng thata ba ba seyong mo pakeng ya gago ya moletlo; ba ne ba seyo mo go wena, ka ntlha ya go sikara kgobo ka ntlha ya gagwe. Bona, ke tsaya kgato kgatlhanong le botlhe ba ba go bogisang, ka nako eo; mme ke tla boloka ene yo o kwetsepelang, le ene yo o phatlaletseng ke tla mo phutha. Mme ke tla ba tlhoma go nna pako le leina mo lefatsheng lotlhe la ditlhong tsa bone. Ka nako eo ke tla lo tlisa mo teng, le eleng ka nako ya go lo phutha ga me mmogo. Gonne ke tla dira gore lo nne leina le pako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe, fa ke busa batshwarwa ba lona fa pele ga matlho a lona,’ go buile Jehofa.”

9. Jehofa o ile a itirela leina jang malebana le Juda?

9 Akanya fela kafa ditšhaba tsa baba tse di neng di dikologile batho ba Modimo di ileng tsa garoga pelo ka teng! Banni ba Juda ba ile ba isiwa botshwarwa ke Babelona yo o maatla, mme go bonala ba ne ba se na tsholofelo epe ya gore ba tla tsamaya ba bona kgololesego. Mo godimo ga moo, naga ya bone e ne e kgakgabetse. Le fa go ntse jalo, ka maatla a Modimo, ba ne ba busediwa kwa nagagaeng ya bone morago ga dingwaga di le 70, fa ditšhaba tsa baba ba bone tsone di ne di tlile go nyelediwa. A bo Jehofa a ile a itirela leina le legolo jang ne ka go busa masalela ao a a ikanyegang! O ile a ba dira ‘gore ba nne leina le pako mo ditšhabeng tsotlhe.’ A bo go tsosolosiwa goo go ile ga dira gore Jehofa le ba ba neng ba sikere leina la gagwe ba bakwe thata jang ne!

Kobamelo ya ga Jehofa e a Tlotlomala

10, 11. Go diragadiwa go gogolo ga boporofeti jwa ga Sefania jwa go tsosolosa go ne go tlile go direga leng, mme re itse seno jang?

10 Go tsosolosiwa go gongwe go ile ga direga mo lekgolong la ntlha la Motlha wa Rona, fa Jesu Keresete a ne a phuthela masalela a Iseraele mo kobamelong ya boammaaruri. Seo e ne e le malebela fela a tiragalo e e neng e sa ntse e tlile go direga, ka gonne go diragadiwa ga teng go gogolo go ne go sa ntse go tlile go direga mo isagweng. Boporofeti jwa ga Mika bo ile jwa bolelela pele jaana: “Go tla diragala go ela kwa bokhutlong jwa metlha gore thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tla tlhomamisiwa thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, mme eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba di tla ologela kwa go yone.”—Mika 4:1.

11 Seno se ne se tla direga leng? Go ya ka boporofeti, go ne go tla direga “go ela kwa bokhutlong jwa metlha”—ee, mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Seno se ne se tla direga pele ga bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong e e boikepo ya dilo fa ditšhaba di sa ntse di obamela medimo ya maaka. Mika 4:5 ya re: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone.” Mme go tweng ka baobamedi ba boammaaruri? Boporofeti jwa ga Mika bo araba jaana: “Mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”

12. Kobamelo ya boammaaruri e ile ya tlotlomadiwa jang mo metlheng eno ya bofelo?

12 Ka jalo, mo metlheng eno ya bofelo, “thaba ya ntlo ya ga Jehofa e [ile ya] tlhomamisiwa thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba.” Kobamelo ya ga Jehofa ya boammaaruri e e goleditsweng e tsosolositswe, e tlhomamisitswe thata e bile e tsholeleditswe kwa godimo ga madumedi otlhe a mangwe. Jaaka fa boporofeti jwa ga Mika gape bo ile jwa bolelela pele, “ditšhaba di tla ologela kwa go yone.” Mme batho ba bodumedi jwa boammaaruri ba “tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa [bone] ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”

13, 14. Lefatshe leno le ne la tsena leng mo nakong ya “go ela kwa bokhutlong jwa metlha,” mme go ntse go direga eng ka kobamelo ya boammaaruri fa e sa le ka nako eo?

13 Ditiragalo tse di diragatsang boporofeti jwa Baebele di bontsha gore, lefatshe leno le tsene mo nakong ya “go ela kwa bokhutlong jwa metlha”—metlha ya lone ya bofelo—ka ngwaga wa 1914. (Mareko 13:4-10) Hisitori e bontsha gore Jehofa o ne a simolola go phuthela masalela a a ikanyegang a batlodiwa ba ba nang le tsholofelo ya selegodimo mo kobamelong ya boammaaruri. Seno se ne sa latelwa ke go phuthwa ga “boidiidi jo bogolo . . . [go] tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme”—ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.—Tshenolo 7:9.

14 Fa e sa le go simolola ka Ntwa ya Lefatshe I le go tla go fitlha mo motlheng ono, kobamelo ya ga Jehofa ka ba ba sikereng leina la gagwe e gatetse pele fela thata e kaelwa ke ene. Go tswa go dikete di le mmalwanyana fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, baobamedi ba ga Jehofa jaanong ba dira dimilione di ka nna thataro, ba phuthetswe mo diphuthegong di ka nna 91 000 mo mafatsheng a le 235. Ngwaga mongwe le mongwe, baboledi bano ba Bogosi ba fetsa diura tse di fetang bilione ba baka Modimo phatlalatsa. Ga go pelaelo gore Basupi bano ba ga Jehofa ke bone ba ba diragatsang mafoko ano a boporofeti jwa ga Jesu: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

15. Sefania 2:3 e diragadiwa jang gone jaanong?

15 Sefania 3:17 ya re: “Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago. Jaaka Yo o leng thata, o tla boloka.” Katlego ya semoya e batlhanka ba ga Jehofa ba nnang le yone mo metlheng eno ya bofelo e bakwa ka tlhamalalo ke go bo Modimo a le ‘mo gare ga bone’ e le mothatayotlhe wa bone. Gompieno go ntse jalo fela jaaka go ne go ntse fa Juda wa bogologolo a ne a tsosolosiwa, ka 537 B.C.E. Ka jalo re kgona go bona kafa Sefania 2:3 e diragadiwang ka tsela e kgolwane ka gone mo motlheng wa rona fa e re: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe.” Ka 537 B.C.E., lefoko “lotlhe” le ne le akaretsa masalela a Bajuda a a neng a boa kwa botshwarwa jwa Babelona. Mme jaanong le akaretsa batho ba ba pelonolo ba ditšhaba tsotlhe mo lefatsheng lotlhe, ba ba tsibogelang tiro ya go rerwa ga Bogosi mo lefatsheng lotlhe ka tsela e e molemo ba bo ba ologela kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa.’

Kobamelo ya Boammaaruri e a Atlega

16. Go ka direga gore baba ba rona ba tsibogela jang katlego ya batlhanka ba ga Jehofa mo motlheng wa gompieno?

16 Morago ga 537 B.C.E., batho ba le bantsi mo ditšhabeng tse di bapileng le batlhanka ba Modimo ba ne ba gakgamadiwa ke go bona kobamelo ya boammaaruri e tsosolosiwa mo nagagaeng ya bone. Mme gone, go tsosolosiwa gono go ne ga direga ka selekanyo se se botlana fela thata. A o ka akanya fela se batho bangwe—le e leng baba ba batho ba Modimo—ba se buang e re ka jaanong ba bona kgolo e e gakgamatsang, katlego le go gatela pele ga batlhanka ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno? Go ka direga thata gore bangwe ba baba bano ba ikutlwa fela jaaka Bafarasai ba ne ba ikutlwa fa ba ne ba bona kafa batho ba neng ba ologela kwa go Jesu ka teng. Ba ne ba tlhaeletsa jaana: “Bonang! Lefatshe le mo setse morago.”—Johane 12:19.

17. Mokwadi mongwe o ile a reng ka Basupi ba ga Jehofa, mme ba ile ba oketsega go le kana kang?

17 Porofesa Charles S. Braden o ile a bua jaana mo bukeng ya gagwe ya These Also Believe: “Basupi ba ga Jehofa ba akareditse lefatshe lotlhe ka tsela ya mmatota ka tiro ya bone ya go neela bosupi. Ruri go ka bolelwa gore ga go na le fa e le bodumedi bo le bongwe fela mo lefatsheng lotlhe jo bo tshwanang le Basupi ba ga Jehofa mo go bontsheng tlhoafalo e kgolo jaana le go dira bo sa kgaotse mo maitekong a jone a go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Go a bonala gore mokgatlho ono o tla nna o nonofa go ya pele.” A bo a ne a opile kgomo lonaka jang ne! Fa a ne a kwala mafoko ao dingwaga di ka nna 50 tse di fetileng, go ne go na le Basupi ba le 300 000 fela ba ba neng ba rera mo lefatsheng lotlhe. O tla reng gompieno fa a bona gore ke palo e e fetang eo ga 20—dimilione di ka nna thataro—e e rerang dikgang tse di molemo?

18. Puo e e itshekileng ke eng, mme Modimo o e abetse bomang?

18 Modimo o ile a solofetsa jaana ka moporofeti wa gagwe: “Ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng, gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.” (Sefania 3:9) Mo metlheng eno ya bofelo, Basupi ba ga Jehofa ke bone ba ba bitsang leina la ga Jehofa, ba ba mo direlang ka kutlwano le ka lorato ba sa kgaoganngwe ke sepe, ee, “ba le seoposengwe.” Ke bone ba Jehofa a ba abetseng puo e e itshekileng. Puo eno e e itshekileng e akaretsa go tlhaloganya boammaaruri ka Modimo le maikaelelo a gagwe ka tsela e e tshwanetseng. Ke Jehofa fela yo o ka dirang gore re bo tlhaloganye jalo a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo. (1 Bakorintha 2:10) O abetse bomang moya wa gagwe? O o abetse fela “ba ba mo utlwang jaaka mmusi.” (Ditiro 5:32) Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba iketleeleditseng go ikobela Modimo go nna Mmusi wa bone mo go sengwe le sengwe. Ke gone ka moo ba abelwang moya wa Modimo e bile ba bua le puo e e itshekileng, boammaaruri ka ga Jehofa le dilo tse di molemo tse a di ikaeletseng. Ba dirisa puo eno e e itshekileng go baka Jehofa mo lefatsheng lotlhe ka selekanyo se se boitshegang le se se golelang pele.

19. Go bua puo e e itshekileng go akaretsa eng?

19 Go bua puo e e itshekileng ga go akaretse fela go dumela boammaaruri le go bo ruta batho ba bangwe, go na le moo, go akaretsa le gore motho a dire gore boitsholo jwa gagwe bo dumalane le melao le melaometheo ya Modimo. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba etelela pele mo go batleng Jehofa le mo go bueng puo e e itshekileng. Akanya fela ka se ba kgonneng go se dira! Le fa palo ya batlodiwa e ngotlegile go fitlha go ba le 8 700 fela, batho ba bangwe ba ka nna dimilione tse thataro ba etsa tumelo ya bone ka go batla Jehofa le go bua puo e e itshekileng. Batho bano ke ba palo e e ntseng e oketsega ya boidiidi jo bogolo go tswa mo ditšhabeng tsotlhe ba ba bontshang go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu, ba dira tirelo e e boitshepo mo lolwapeng lwa mo lefatsheng lwa tempele ya Modimo ya semoya, mme ba tla falola “pitlagano e kgolo” e e tla tlogang e wela lefatshe leno le le boikepo.—Tshenolo 7:9, 14, 15.

20. Go tlile go diragala eng ka batlodiwa ba ba ikanyegang le batho ba boidiidi jo bogolo?

20 Boidiidi jo bogolo bo tla tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo. (2 Petere 3:13) Jesu Keresete le batlodiwa ba ba 144 000 ba ba tsoseditsweng kwa botshelong jwa selegodimo go ya go nna dikgosi le baperesiti le ene ba tla bopa puso e ntšha e e tla bong e busa lefatshe. (Baroma 8:16, 17; Tshenolo 7:4; 20:6) Bafalodi ba pitlagano e kgolo ba tla bereka go dira gore lefatshe le nne paradaise e bile ba tla tswelela pele ba bua puo e e itshekileng e ba e abetsweng ke Modimo. Ka tsela nngwe le bone mafoko ano a a ba ama: “Bomorwao [le bomorwadio] botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa, mme kagiso ya bomorwao e tla nna kgolo. O tla tlhomamisiwa ka thata mo tshiamong.”—Isaia 54:13, 14.

Tiro ya go Ruta e Kgolo go Gaisa Tsotlhe mo Hisitoring

21, 22. (a) Jaaka fa Ditiro 24:15 e bontsha, ke bomang ba ba tla tshwanelwang ke go rutwa puo e e itshekileng? (b) Ke tiro efe ya go ruta e e sa tshwaneng le epe e e tlileng go dirwa mo lefatsheng mo pusong ya Bogosi?

21 Setlhopha se segolo thata sa batho ba ba tla newang tshono ya go ithuta puo e e itshekileng mo lefatsheng le lesha e tla nna ba go buiwang ka bone mo go Ditiro 24:15, e e reng: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” Mo nakong e e fetileng, dimilione di le dikete tsa batho di ile tsa tshela tsa bo tsa swa ba ise ba nne le kitso ya boammaaruri kaga Jehofa. O tla dirisa thulaganyo e e molemo go ba tsosetsa mo botshelong. Mme batho bao ba ba tsositsweng ba tla tshwanelwa ke go rutwa puo e e itshekileng.

22 A bo e tla bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go nna le seabe mo tirong eo e kgolo ya go ruta! E tla bo e le thulaganyo ya go ruta e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone mo hisitoring ya batho. E tla wediwa yotlhe mo pusong e e molemo ya ga Keresete Jesu ya Bogosi jwa gagwe. Ka ntlha ya gone, batho kgabagare ba tla bona Isaia 11:9 e diragadiwa, e e reng: “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”

23. Ke eng fa o ka re rona batho ba ga Jehofa re na le tshiamelo e kgolo?

23 A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne mo metlheng eno ya bofelo go ipaakanyetsa nako eo e e molemolemo e mo go yone kitso ya go itse Jehofa e tla bong e tletse ka lefatshe! E bile, a bo gone jaanong re na le tshiamelo e e molemo jang ne go nna batho ba Modimo, re bona go diragadiwa go gogolo ga mafoko a a kwadilweng mo go Sefania 3:20! Mo go yone Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Ke tla dira gore lo nne leina le pako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe.”

O ne O Tla Araba Jang?

• Boporofeti jwa ga Sefania jo bo malebana le go tsosolosa bo ile jwa diragadiwa ka ditsela dife?

• Kobamelo ya boammaaruri e ntse e atlega jang mo metlheng eno ya bofelo?

• Ke tiro efe e kgolo ya go ruta e e tla dirwang mo lefatsheng le lesha?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Batho ba ga Jehofa ba ile ba boela nagagaeng ya bone go ya go tsosolosa kobamelo e e itshekileng. A o a itse gore seno se tshwantshetsa eng gompieno?

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ka go bua “puo e e itshekileng,” Basupi ba ga Jehofa ba abela batho molaetsa wa Baebele o o gomotsang