Boammaaruri ke Bofe ka Memeno ya Lewatle le le Suleng?
Boammaaruri ke Bofe ka Memeno ya Lewatle le le Suleng?
Dingwaga di feta 50 tse di fetileng, modisa wa Mo-Bedouin o ne a latlhela leje mo legageng mme seo sa baka gore go ribololwe se bangwe ba neng ba se bitsa selo se segolo go gaisa tsotlhe se se neng sa ribololwa ke baithutamarope mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Mo-Bedouin o ne a utlwa leje le thuba kurwana ya letsopa. Fa a ya go leba, o ne a bona momeno wa ntlha wa mememo e e neng ya didiwa Memeno ya Lewatle le le Suleng.
MEMENO eno e ile ya ngoka kgatlhego le go tsosa kgang ya moruthutha gareng ga barutegi le babegadikgang ka kakaretso. Batho ba le bantsi ba ile ba tlhakanngwa tlhogo le go bolelelwa dilo tse dintsi tse e seng boammaaruri. Go ile ga anamisiwa magatwe a gore go tserwe matsapa a magolo a go fitlha memeno eno ka gonne go boifiwa gore e senola dilo tse di neng di tla koafatsa tumelo ya Bakeresete le ya Bajuda. Mme totatota memeno eno ke ya eng? A go ka itsewe boammaaruri kaga yone e re ka go fetile dingwaga di feta 50?
Memeno ya Lewatle le le Suleng ke Eng?
Memeno ya Lewatle le le Suleng ke mekwalo ya seatla ya bogologolo ya Sejuda, e bontsi jwa yone e kwadilweng ka Sehebera, e mengwe ka Searamaika mme e mengwe e se kae ka Segerika. Bontsi jwa memeno eno le manathwana a e mengwe e kwadilwe dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng, pele ga Jesu a tsholwa. Mengwe ya memeno ya ntlha e e tserweng mo go Ba-Bedouin e ne e le mekwalo ya seatla e le supa e meleele e e neng e setse e senyegile ka ditsela tse di sa tshwaneng. Fa go ntse go phuruphudiwa magaga a mangwe, go ne ga bonwa memeno e mengwe le manathwana a memeno a le diketekete. Mo dingwageng tsa 1947 le 1956, go ne ga bonwa magaga a le 11 a a nang le memeno gaufi le Qumran, fa Lewatleng le le Suleng.
Fa go sena go balwa memeno yotlhe le manathwana a yone, palo ya yone e ne ya nna mekwalo ya seatla e ka nna 800. Mo e ka nnang kotara ya one, kgotsa memeno e feta *
200 go se kae, ke dikhopi tsa dikarolo dingwe tsa mekwalo ya Sehebera ya Baebele. Mekwalo e mengwe ke mekwalo ya Bajuda ba bogologolo e e seng ya Baebele, ya Apocrypha mmogo le ya Pseudepigrapha.Mengwe ya memeno e e ileng ya kgatlha bakanoki thata ke mekwalo e pele e neng e sa itsewe. E akaretsa ditlhaloso tsa molao wa Bajuda, melao e e rileng ya batho ba bodumedi ba ba neng ba nna kwa Qumran, maboko le dithapelo tse di dirisiwang mo kobamelong, mmogo le mekwalo ya bodumedi e e senolang ditumelo kaga go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele le metlha ya bofelo. Gape go na le dibuka tsa bogologolo thata tse di tlhomologileng tse di tlhalosang Baebele tse di tlileng pele ga tse gone jaanong di tlhalosang mokwalo wa Baebele temana ka temana.
Memeno ya Lewatle le le Suleng e Kwadilwe ke Mang?
Mekgwa e e farologaneng ya go bona gore mekwalo ya bogologolo e kwadilwe leng e bontsha gore memeno eno e ne ya kwalololwa kgotsa ya tlhamiwa mo magareng a lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E. le lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Bakanoki bangwe ba ne ba akantsha gore memeno eno e ne ya sujwa mo magageng ano ke Bajuda ba ba tswang kwa Jerusalema pele tempele e senngwa ka 70 C.E. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bakanoki ba ba batlisisang ka memeno eno ba fitlhela pono eno e sa dumalane le se se mo memenong ka boyone. Memeno e le mentsi e supa megopolo le dingwao tse di neng di ganetsana le baeteledipele ba bodumedi kwa Jerusalema. Memeno eno e senola setšhaba se se neng se dumela gore Modimo o ne a sa tlhole a amogela baperesiti le tiro e e neng e dirwa mo tempeleng kwa Jerusalema le gore o ne a leba kobamelo ya setlhopha sa bone kwa sekakeng e le e e emelang tirelo ya tempele. Ga go lebege baetapele ba tempele ya Jerusalema ba ne ba ka fitlha motlobo o o nang le memeno e e ntseng jalo.
Le fa gone go tshwanetse ga bo go ne go na le setlhopha sa bakwalolodi kwa Qumran, go bonala bontsi jwa memeno eno e tserwe go sele mme ya tlisiwa foo ke badumedi bangwe. Ka tsela nngwe, Memeno ya Lewatle le le Suleng ke motlobo o mogolo wa memeno. Fela jaaka laeborari nngwe le nngwe, motlobo ono o ka tswa o akaretsa megopolo e mentsi e e sa tshwaneng, e se gore tota yotlhe e bontsha ditumelo tsa bodumedi tsa babadi ba yone. Le fa go ntse jalo, mekwalo eo e e kwadilweng ka dikhopi di le dintsi e tshwanetse ya bo e bontsha dilo tse di kgethegileng tse di neng di ratiwa le tse di neng di dumelwa ke setlhopha seno.
A Banni ba Kwa Qumran E ne E le Ba-Essene?
Fa e le gore memeno eno e ne e le laeborari ya kwa Qumran, banni ba teng e ne e le bomang? Porofesa Eleazar Sukenik, yo o neng a tsaya memeno e meraro a e isa kwa Hebrew University ya Jerusalema ka 1947, e ne e le ene wa ntlha go akantsha gore memeno eno e ne e le ya setšhaba sa Ba-Essene.
Ba-Essene e ne e le lekoko la Bajuda le le neng la umakwa ke bakwadi ba lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Josephus, Philo wa kwa Alexandria le Pliny wa Mogolwane. Ga go itsewe sentle gore totatota Ba-Essene ba tswa kae, mme go lebega ba ile ba tlhaga mo motlheng wa khuduego morago ga go tsuologa ga ga Makabise mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. * Josephus o ne a bega go nna teng ga bone ka nako eo, fa a ntse a tlhalosa kafa bodumedi jwa bone bo farologanang ka teng le jwa Bafarasai le Basadukai. Pliny o ne a umaka lefelo la Ba-Essene gore le gaufi le Lewatle le le Suleng fa gare ga Jeriko le Enegedi.
Porofesa James VanderKam, mokanoki wa Memeno ya Lewatle le le Suleng, o akantsha gore “Ba-Essene ba ba neng ba nna kwa Qumran e ne e le karolwana fela ya mokgatlho o mogolo wa Ba-Essene,” o Josephus a neng a re le ka tswa le na le maloko a ka nna dikete di le nnè. Le fa ba sa tshwane gotlhelele le tsela e ba tlhalosiwang ka yone, tlhaloso e e mo mekwalong ya kwa Qumran e lebega e tshwanela Ba-Essene thata go feta setlhopha sepe se sengwe sa Bajuda se se neng se itsege ka nako eo.
Bangwe ba ile ba bolela gore Bokeresete bo simologile kwa Qumran. Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le dintsi tse bodumedi jwa lekoko la kwa Qumran le jwa Bakeresete ba bogologolo bo farologanang Mathaio 15:1-20; Luke 6:1-11) Go ka bolelwa se se tshwanang le ka go itlhaolela kwa thoko ga Ba-Essene mo setšhabeng, go dumela ga bone tlholelo le gore moya ga o swe, le kafa ba neng ba gatelela go sa nyale ka teng le megopolo ya masaitseweng malebana le go dirisana le baengele mo kobamelong ya bone. Seno se bontsha fa ba sa dumalane le dithuto tsa ga Jesu le tsa Bakeresete ba bogologolo.—Mathaio 5:14-16; Johane 11:23, 24; Bakolosa 2:18; 1 Timotheo 4:1-3.
thata ka tsone. Mekwalo ya kwa Qumran e na le melao e e gagametseng thata ya Sabata le go amega mo go feteletseng ka boitsheko jwa kobamelo. (Ga go Bipiwe Sepe, Ga go Memeno e e Fitlhilweng
Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga Memeno ya Lewatle le le Suleng e sena go bonwa, go ne ga dirwa dikgatiso tse di farologaneng tse di neng tsa dira gore bakanoki mo lefatsheng lotlhe ba kgone go bona memeno eo ya pele. Le fa go ntse jalo, manathwana a le diketekete a a neng a tswa mo go lengwe la magaga, le le itseweng e le Legaga la bo4, a ne a tsosa mathata a magolo. A ne a tserwe ke setlhotshwana sa boditšhabatšhaba sa bakanoki ba ba neng ba le kwa Jerusalema Botlhaba (e ka nako eo e neng e le karolo ya Joredane) kwa Palestine Archaeological Museum. Go ne go se na bakanoki bape ba Bajuda le fa e le ba Baiseraele mo setlhopheng seno.
Setlhopha seno se ne sa nna le molao wa gore se se ka sa letla memeno eno e bonwa go fitlha fa ba sena go gatisa matswela a patlisiso ya bone semmuso. Palo ya bakanoki mo setlhopheng seno e ne e sa fetoge. Fa leloko lengwe la setlhopha seno le tlhokafala, go ne go tsenngwa mokanoki a le mongwe fela yo mosha go tsaya maemo a gagwe. E re ka tiro eno e ne e le ntsi, e ne e tlhoka setlhopha se segolo thata, mme ka dinako tse dingwe, e tlhoka bokgoni jo bogolo thata mo kitsong ya Sehebera le Searamaika sa bogologolo. James VanderKam o tlhalosa jaana: “Bakanoki ba le robedi, le fa ba ne ba ka nna le bokgoni go le kana kang, ba ne ba sa lekana go berekana le manathwana a ka tshwara masome a le diketekete.”
Ka Ntwa ya Malatsi a le Marataro ka 1967, Jerusalema Botlhaba le memeno ya teng e ne ya simolola go laolwa ke Iseraele, mme ga go a ka ga dirwa phetogo epe malebana le setlhopha sa bakanoki ba memeno. Fa go gatisiwa ga dintlha tsa memeno e e tswang mo Legageng la bo4 go ntse go diega ka dingwaga le ka masome a dingwaga, bakanoki ba le bantsi ba ne ba simolola go ngongola. Ka 1977, Porofesa Geza Vermes wa Oxford University o ne a bitsa seno matlhabisaditlhong a magolo thata a tsa thuto a lekgolo la bo20 la dingwaga. Go ne ga simolola ga tlala magatwe a gore Kereke ya Katoliki e ne ka boomo e fitlha tshedimosetso ya memeno eno e e neng e tla swabisa Bokeresete.
Mo dingwageng tsa bo1980, setlhopha seno se ne kgabagare sa atolosiwa gore se nne le bakanoki ba le 20. Morago ga moo, ka 1990, setlhopha seno, se se neng se eteletswe pele ke morulaganyi wa sone yo mogolo yo o neng a sa tswa go tlhomiwa e bong Emanuel Tov, wa Hebrew University kwa Jerusalema, se ne sa atolosiwa gore se nne le bakanoki ba feta 50. Go ne ga dirwa thulaganyo e e gagametseng ya go gatisa dikgatiso tsotlhe tsa bokanoki tsa memeno e e setseng.
Go ne ga nna le phitlhelelo e e gakgamatsang e e neng e sa lebelelwa ka 1991. Sa ntlha, go ne ga gatisiwa buka ya setlhogo se se reng A Preliminary Edition of the Unpublished Dead Sea Scrolls. E ne ya gatisiwa ka khomputara go dirisiwa khopi ya khonkhodense ya setlhopha seno. Morago ga moo, Huntington Library ya kwa San Marino, kwa California, e ne ya dira kitsiso ya gore e tla dira gore mokanoki ope fela a kgone go nna le sete e e feletseng ya ditshwantsho tsa memeno eno. Go ise go ye kae, buka ya A Facsimile Edition of the Dead Sea Scrolls e ne e na le ditshwantsho tse jaanong di neng di bonwa motlhofo tsa memeno eno ya pele e e neng e sa gatisiwa.
Ka gone, mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, Memeno yotlhe ya Lewatle le le Suleng e ntse e sekasekiwa. Patlisiso e bontsha gore go ne go se sepe se se bipiwang; go ne go se na memeno epe e e fitlhilweng. Fa go ntse go gatisiwa dikgatiso tsa bofelo tsa semmuso tsa memeno eno, jaanong go sekasekwa ga yone ka botlalo go ka nna ga simolola. Jaanong go na le setlhopha se sesha sa bakanoki ba memeno. Le fa go ntse jalo, patlisiso eno e solegela baithuti ba Baebele molemo ka tsela efe?
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 6 Apocrypha (e ka tlhamalalo e kayang, “se se fitlhilweng”) le Pseudepigrapha (e ka tlhamalalo e kayang, “mekwalo e e sa tlhalosiwang sentle”) ke mekwalo ya Sejuda e e simolotseng mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E. go tla go fitlha mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Kereke ya Roma Katoliki e dumela gore mekwalo ya Apocrypha ke karolo ya mekwalo ya Baebele e e tlhotlheleditsweng, mme Bajuda le Baporotesetanta ga ba dumele dibuka tseno. Mekwalo ya Pseudepigrapha gantsi ke dipolelo tse di tlhalositsweng tsa Baebele, tse go tweng di kwadilwe ke mongwe yo o itsegeng thata wa mo Baebeleng.
^ ser. 13 Bona setlhogo se se reng “Bamakabise E ne E le Bomang?” mo go Tora ya Tebelo ya November 15, 1998, ditsebe 21-4.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Ano ke mangwe a magaga a a gaufi le Lewatle le le Suleng a go neng ga fitlhelwa memeno ya bogologolo mo go one
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Scroll fragment: Pages 3, 4, and 6: Courtesy of Israel Antiquities Authority
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]
Courtesy of Shrine of the Book, Israel Museum, Jerusalem