Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla ba ba Tshwanetseng Kwa Kenya

Go Batla ba ba Tshwanetseng Kwa Kenya

Go Batla ba ba Tshwanetseng Kwa Kenya

KENYA ke naga ya bontle jo bogolo jwa tlholego. Dikgwa tse di godileng thata, mabala a magolo, dikaka tse di mogote thata le dithaba tse di aparetsweng ke semathana di kgabisa naga e ntle eno. Go na le diphologolo tse di fetang milione o le mongwe tsa naga koo le botshukudu ba ba nyelelang. O ka kgona go bona gape metlhape e megolo ya dithutlwa e ntse e ralala naga.

Dibopiwa tse di fofang le tsone di dintsi, go simologa ka ntsu e e maatla e e fofelang kwa godimo go fitlha ka diketekete tsa dinonyane tse di opelang monate. Mme ke mang yo o ka tlhokang go bona ditlou le ditau? Dilo tse o ka di bonang le medumo e o ka e utlwang kwa Kenya ke tse di sa lebalesegeng.

Le fa go ntse jalo, go na le modumo o mongwe o o utlwalang go ralala naga e ntle eno. Ke modumo wa mantswe a a diketekete a batho ba ba bolelang molaetsa wa tsholofelo. (Isaia 52:7) Mantswe ano a fitlhelela batho ba ditso le dipuo tse di fetang 40. Ka tsela eno, Kenya gape ke naga e ntle ya semoya.

Bontsi jwa batho ba kwa Kenya ba rata bodumedi mme ba rata go tlotla ka dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, go bona batho ba o ka buang le bone ke kgwetlho ka gonne, kwa Kenya, jaaka kwa dinageng tse dingwe, go na le diphetogo tse di diragalang.

Maemo a a boima a ikonomi a ile a pateletsa batho ba le bantsi gore ba fetole tsela e ba tshelang ka yone. Basadi, bao ka tlwaelo ba neng ba bereka kwa gae, gone jaanong ba bereka kwa diofising kana mo mebileng ba rekisa maungo, merogo, tlhapi le diroto tse di logilweng. Banna ba bereka diura tse ditelele tse di lapisang ba leka go tlamela malapa a bone. Tota le bana, ba ba tshwereng dipakete tsa matonkomane le mae a a apeilweng, ba tsamaya mo mebileng ba rekisa dilo tsa bone. Seno se dira gore go nne le batho ba le mmalwa ba ba leng kwa gae motshegare. Boemo jono bo ile jwa dira gore go tlhokege gore baboledi ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi ba dire diphetogo.

Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ile tsa gakololwa gore di tlhome mogopolo thata mo bathong ba ba seng kwa gae, ba ba dirang ditiro tsa bone tsa letsatsi, le mo ditsaleng, ba losika le borakgwebo mmogo le badirimmogo. Mme bakaulengwe ba ile ba tsibogela seo, ba bua le batho gongwe le gongwe koo ba ka ba bonang gone. (Mathaio 10:11) A maiteko ano a go pitlologa a ile a nna le matswela? Ee, go nnile le matswela! Akanya ka dikai dingwe.

Ba Losika—Baagelani ba Rona ba Bagolo Thata

Moshate wa Kenya e leng Nairobi, o na le baagi ba ba ka nnang dimilione di le tharo. Kafa ntlheng ya botlhaba jwa motse go ne go nna majoro wa sesole yo o tlogetseng tiro yo o sa bolong go tlhoa Basupi ba ga Jehofa, le mororo se se neng se mo swabisa thata e ne e le gore morwawe ka boene e ne e le Mosupi. Ka February mongwe modiredimogolo yo o tlogetseng tiro yono o ne a tsamaya dikilometara di le 160 go ya kwa ntlong ya morwawe kwa Rift Valley kwa motseng wa Nakuru. Fa a ntse a etetse koo, morwawe o ile a mo naya mpho—Buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. * Rraagwe o ne a e amogela mme a tsamaya.

Fa monna yono yo pele e neng e le modiredimogolo a fitlha kwa gae, o ne a naya mosadi wa gagwe buka eno, mme ene a simolola go e bala, a sa lemoge gore e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa. Ka bonya, boammaaruri jwa Baebele bo ile jwa simolola go ama pelo ya gagwe mme o ne a bolelela monna wa gagwe ka se a se badileng. Ka ntlha ya go batla go itse, le ene o ne a simolola go bala buka. Fa ba lemoga gore bagatisi ke bomang, ba ne ba swetsa gore ba ne ba sa bolelelwa boammaaruri kaga Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba ikgolaganya le Basupi ba lefelo la bone mme ga simololwa thuto ya Baebele. Ka go ipalela buka ka bobone, ba ne ba lemoga gore ga se tsela ya Bokeresete go dirisa kana go rekisa motsoko. (Mathaio 22:39; 2 Bakorintha 7:1) Kwantle ga go etsaetsega, ba ne ba latlha disekerete tsotlhe tse di neng di le mo lebenkeleng la bone. Morago ga dikgwedi di sekae ba ne ba tshwanelega go nna baboledi ba ba sa kolobediwang mme go ise go ye kae ba ne ba kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo.

Go Tswa Letlotlo mo Matlakaleng

Mo dikarolong dingwe tsa kgaolo ya moshate, go na le metsana e e atang e go nnang diketekete tsa batho mo go yone. Fano go na le matlo a mantsi a a tlhomaganeng a a agilweng ka seretse, legong, dithatana tsa tshipi kana ka disenke. Fa go se na tiro kwa madirelong le kwa difeketiring, batho ba itlhamela ditiro. Badiri ba Jua kali (mo go rayang “letsatsi le le bogale” ka Seswahili) ba berekela mo letsatsing, ba dira bomphatšhane ka dithaere tsa koloi tse di kgologolo kana mabone a lookwane ka dithini tse di latlhilweng. Ba bangwe ba furutlholola mo teng ga mekoa ya dithuthubudu kana mo teng ga dibini tsa matlakala ba batla dipampiri, dithini le mabotlolo tse madirelo a ka di dirisang gape.

A matlakala a ka ntsha letlotlo? Ee! Mokaulengwe mongwe o gakologelwa jaana: Monna mongwe yo o nonofileng, yo o boatla yo o tshotseng kgetsi e kgolo ya polasitiki e e tletseng dikuranta le dimakasine tse di latlhilweng o ne a tsena mo Holong ya rona ya Kopano. Fa a sena go mpolelela gore leina la gagwe ke William, o ne a mpotsa jaana: “A o na le dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Ke ne ke tshogile, ke ipotsa gore o ka tswa a batla go dira eng. Fa ke mmontsha dikhopi di le tlhano tsa makasine oo, o ne a di sekaseka bongwe ka bongwe mme a re: ‘Ke tla di tsaya tsotlhe.’ Ke ne ke gakgametse, mme ka boela kwa kamoreng ya me ka tla le buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. * Ke ne ka mmontsha setshwantsho sa Paradaise mme ka mo tlhalosetsa gore re ithuta Baebele le batho mahala. Go tswa foo ke ne ka akantsha jaana: ‘William, ke eng o sa tle ka moso, mme re tla simolola go ithuta?’ O ne a dira fela jalo!

“Ka Sontaga mongwe o ne a tla pokanong ya gagwe ya ntlha. Ke ne ke neela puo ya phatlalatsa ka letsatsi leo. Fa William a tsena, o ne a leba bareetsi ka bonako, a mpona mo seraleng a bo a tswa a taboga mo holong. Ke ne ka mmotsa moragonyana gore ke eng fa a ne a dira jalo. O ne a araba jaana ka ditlhong: ‘Batho ba ne ba le phepa thata. Ke ne ka tshoga.’

“Fa William a ntse a gatela pele mo thutong ya gagwe, boammaaruri jwa Baebele bo ile jwa simolola go fetola botshelo jwa gagwe. O ne a tlhapa, a beola moriri wa gagwe, a apara diaparo tse di phepa, mme go ise go ye kae a nna teng ka metlha kwa dipokanong. Fa go gololwa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng re ne ra simolola go e ithuta. Kgabagare, o ne a setse a neetse dipuo tse pedi mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme a bo a nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Ke ne ka itumela thata go mo amogela jaaka mokaulengwe wa me wa semoya fa a ne a kolobediwa kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe.”

William o simolotse go bona kae mosola wa makasine wa Tora ya Tebelo? “Ke ne ka bona dingwe tsa tsone mo gare ga dipampiri tse di latlhilweng mo matlakaleng.” Ee, o bone letlotlo ka tsela eo e e sa tlwaelegang!

Go Neela Bosupi Kwa Tirong

A ka metlha re nna re ntshitse matlho dinameng gore re bone ditshono tsa go neela bosupi kwa re dirang gone? James, yo e leng mogolwane kwa phuthegong ya Nairobi, o ne a simolola go utlwa boammaaruri jwa Baebele ka tsela eno. Mme le ene o ile a nna setswerere mo go diriseng mokgwa ono go fitlhelela ba bangwe. Ka sekai, ka lekgetlo lengwe, James o ne a bona modirikaene a tla mo ofising a tsentse betšhe e e nang le mafoko a a reng “Jesu o a Boloka.” Ka go etsa moefangele Filipo, James o ne a botsa modirikaene jaana: “A tota o tlhaloganya bokao jwa mafoko ao?” (Ditiro 8:30) Potso eo e ne ya dira gore go nne le motlotlo o o monate. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele mme moragonyana monna yoo o ne a kolobediwa. A James o ile a atlega ka ba bangwe? Mma a tlhalose:

“Nna le Tom re ne re bereka mo khampaning e le nngwe. Gantsi re ne re tsamaya mmogo ka bese ya badiri. Moso mongwe, go ile ga diragala gore re nne mmogo. Ke ne ke bala nngwe ya dibuka tsa rona mme ka e tshwara ka tsela e ke neng ke tlhomamisega gore Tom o kgona go e bona sentle. Fela jaaka ke ne ke solofetse, o ne a kgatlhega mme ke ne ka mo adima buka ya me ka boitumelo. O ne a kgatlhilwe thata ke se a se badileng mme a dumela go ithuta Baebele. Gone jaanong ene le mosadi wa gagwe ke batlhanka ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa.”

James o tswelela jaana: “Gangwe le gape ka nako ya dijo tsa motshegare kwa khampaning ya rona, go nna le metlotlo e e monate. Seo se ile sa diragala ka makgetlo a a farologaneng, fa ke kopana le Ephraim le Walter. Ka bobedi jwa bone ba ne ba itse gore ke Mosupi. Ephraim o ne a rata go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba ganediwa thata jaana. Walter ene o ne a na le dipotso tse di malebana le go farologana ga Basupi le ditumelo tse dingwe. Ka bobedi jwa bone ba ne ba kgotsofetse ka dikarabo tsa Dikwalo tse ke neng ka ba naya tsone mme ba ne ba dumela go ithuta. Ephraim o ne a dira kgatelopele ka bonako. Fa nako e ntse e tsamaya, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba neela matshelo a bone mo go Jehofa. Gone jaanong ke mogolwane mme mosadi wa gagwe ke mmulatsela wa ka metlha. Le fa go ntse jalo, Walter o ne a ganediwa thata jaana mo e leng gore o ne a latlha buka e a ithutang ka yone. Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke le pelotelele, o ne a boa a ithuta gape. Le ene o ipelela tshiamelo ya go nna mogolwane.” Batho botlhe ba le 11 ba ile ba nna Bakeresete ba boammaaruri ka gonne James o ne a dirisa ditshono tsa go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo kwa a dirang gone.

Matswela a a Itumedisang Thata

Mo motsaneng mongwe mo lotshitshing lwa Lake Victoria, ditsala le ba losika ba ne ba phuthegile ba tlile phitlhong. Gare ga batho ba ba hutsafetseng bano go ne go na le Mosupi mongwe yo o godileng. O ne a atamela morutabana mongwe wa sekolo yo o bidiwang Dolly mme a mo tlhalosetsa ka boemo jwa baswi le ka boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go tlosa loso ka bosakhutleng. Fa a bona a arabela sentle, o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Fa o boela kwa toropong ya gaeno, mongwe wa barongwa ba rona o tla go etela a bo a go ruta Baebele.”

Toropo ya gaabo Dolly ke motse wa boraro o mogolo go feta e mengwe yotlhe kwa Kenya. Ka nako eo, go ne go na le barongwa ba Basupi ba le banè fela ba ba neng ba direla koo. Mokaulengwe yo o godileng yono ga a ka a itsise ope wa barongwa gore a etele Dolly. O ne a solofela fela gore go tla diragala jalo. Mme go ile ga diragala! Go ise go ye kae, kgaitsadi wa morongwa o ne a kopana le Dolly mme a ithuta le ene. Gone jaanong Dolly o kolobeditswe, morwadie yo mmotlana o ikwadisitse mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme barwa ba gagwe ba babedi le bone ba kolobeditswe. Mme gape o ile a itumelela go nna teng kwa Sekolong sa Tirelo sa Bobulatsela.

Go Tlhokomela Koketsego e e Nnang Teng

Go gatelelwa ga kgang ya go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo go ile ga thusa diketekete tse di oketsegileng go utlwa dikgang tse di molemo kwa Kenya. Go na le baboledi ba ba fetang 15 000 ba ba tshwaregileng ka tiro eno e e botlhokwa mme batho ba ba fetang 41 000 ba ile ba nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ngwaga o o fetileng. Go ralala Kenya, gantsi batho ba ba nnang teng kwa dipokanong ba feta palo ya baboledi ba Bogosi go menagane gabedi. Seno se ile sa dira gore go tlhokege Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng.

Go agiwa Diholo Tsa Bogosi mo metseng e megolo le kwa mafelong a a kwa kgalala. Nngwe ya tseno ke e e kwa motseng o o kwa thoko wa Samburu e e ka nnang dikilometara di le 320 go ya ntlheng ya bokonebotlhaba jwa Nairobi. Ka 1934, motse oo o ne wa bidiwa Maralal, go go rayang “phatsimo” ka puo ya Se-Samburu, ka gonne masenke a a rulelang a ntlha a a dirisitsweng moo a ne a phatsima mo letsatsing. Dingwaga tse 62 moragonyana go ne ga agiwa moago o mongwe gape o o ruletsweng ka masenke kwa Maralal. Le yone e a “phatsima” e bile e a “tsabakela” ka gonne ke lefelo la kobamelo ya boammaaruri.

Baboledi ba le 15 ba ile ba dira maiteko a mantle a go aga Holo ya Bogosi ya ntlha mo lefelong leno le le kwa thoko kwa Kenya. Ba ne ba na le madi a mannye, ka gone bakaulengwe ba ne ba tshwanela gore ba ikaege ka dilo tse di leng teng mo lefelong la bone. Ba ne ba dira mabota ka mmu o mohibidu, o tlhakantswe le metsi ba bo ba o papiela mo gare ga dipale tse di emeng. Mabota a ile a rethefadiwa le go poleiseteriwa ka motswako wa boloko jwa kgomo le molora, mme a ne a tshwarelela dingwaga di le dintsi.

Go bona dipale tsa go aga, bakaulengwe ba ne ba kopa tetla ya go rema ditlhare. Mme sekgwa se se neng se le gaufi se ne se le bokgakala jwa dikilometara di le 10. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tshwanela gore ba tsamaye go ya kwa sekgweng, ba reme ditlhare, ba di pome ba bo ba rwalela dipale tseo gape kwa setsheng sa kago. Nako nngwe fa bakaulengwe ba ne ba tswa kwa sekgweng, ba ne ba emisiwa ke mapodise, a a neng a bolela gore tetla e ba e boneng ga e kafa molaong. Mapodise a ne a bolelela mmulatsela yo o kgethegileng gore o tshwerwe ka ntlha ya go rema ditlhare. Kgaitsadi mongwe yo o itsegeng thata mo tikologong e bile a itsiwe le ke mapodise o ne a bolela jaana: “Fa lo tshwara mokaulengwe wa rona, lo tla tshwanela gore lo re tshware rotlhe, ka gonne rotlhe re remile ditlhare!” Lepodise le ile la ba tlogela gore ba tsamaye botlhe.

Go ne go na le diphologolo tse di tlhaga kwa sekgweng, ka gone go tsamaya koo go ne go le kotsi. Ka letsatsi lengwe kgaitsadi mongwe o ne a rema setlhare. Fa setlhare seo se wela fa fatshe, o ne a bona phologolo nngwe e tlola e bo e sia. Go ya ka mmala o mosetlha o a o boneng o feta ka bonako, o ne a akanya gore ke phala fela mme moragonyana o ne a bona ka metlhala gore e ne e le tau! Le mororo go ne go na le dikotsi tse di ntseng jalo, bakaulengwe ba ile ba fetsa holo mme e eme e ntse e “tsabakela” gore e bake Jehofa.

February 1, 1963, e ne e le letsatsi le le botlhokwa mo hisitoring ya puso ya Modimo kwa Kenya. Ka letsatsi leo, go ile ga bulwa ofisi ya ntlha ya lekala, e le kamore e le nngwe fela ya disekweremetara di le 7,4. October 25, 1997 e ne e le tiragalo e nngwe e e botlhokwa mo hisitoring ya puso ya Modimo ya Kenya—letsatsi la go kgakolwa ga kago e ntšha ya Bethele e e disekweremetara di le 7 800! Kago e e fedileng eno e ne e le go konelwa go go molemolemo ga tiro ya ka natla e e dirilweng ka boineelo ya dingwaga di le tharo. Baithaopi ba ditšhaba di le 25 tse di farologaneng ba ile ba fetola lebala la diheketara di le 3,2 le le diretse le le tletseng ka mefero go nna lefelo le lentle le le tshwanang le tshingwana ya kago e ntšha ya lekala, e go nnang maloko a le 80 a lelapa la Bethele mo go lone.

Re na le mabaka a a utlwalang a go itumelela se Jehofa a se diretseng batho ba gagwe. Re mo leboga go bo a ile a tlhotlheletsa dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore ba tokafatse le go oketsa tiro ya bone ya go batla ba ba tshwanetseng kwa Kenya, a dira gore e nne naga ya bontle jwa semoya.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

^ ser. 13 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.