Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlhoo le le Tshwanetseng Le le Le sa Tshwanelang

Letlhoo le le Tshwanetseng Le le Le sa Tshwanelang

Letlhoo le le Tshwanetseng Le le Le sa Tshwanelang

BAEBELE e kgala motho yo o tlhoang monkaene. Kafa letlhakoreng le lengwe, e bua ka letlhoo le batlhanka ba Modimo ba tshwanetseng go nna nalo.

Gore re tle re tlhaloganye sentle tsela e Modimo a lebang letlhoo ka yone, re tshwanetse go lemoga gore mo Dikwalong lefoko “letlhoo” le na le bokao jo bo farologaneng. Le ka nna la kaya bobaba jo bogolo, bopelotlhoi jo gantsi bo latelwang ke bosetlhogo. Letlhoo le le ntseng jalo le ka fetoga boikutlo jo bo senyang jwa go batla go utlwisa motho yo o tlhoilweng botlhoko. “Letlhoo” gape le ka raya go nna le boikutlo jo bo nonofileng jwa go sa rate mongwe mme o sa ikaelela ka gope go mo utlwisa botlhoko, go na le moo, motho a batla fela go mo tila ka ntlha ya boikutlo joo jwa go sa mo rate. Baebele gape e dirisa lefoko “letlhoo” go kaya go rata ka selekanyo se se kwa tlase.—Genesise 29:31, 33; Duteronome 21:15, 16.

Letlhoo Le le Sa Tshwanelang

Molao wa Modimo go Baiseraele o ne o bolela jaana: “O se ka wa tlhoa morwarrago mo pelong ya gago.” (Lefitiko 19:17) Sengwe sa dilo tse di neng di tlhokega mo mothong yo o neng a tla e le mmolai yo o seng wa ka boomo mme a batla go sirelediwa mo go mongwe wa metse ya botshabelo e ne e le gore o ne a sa tlhoa motho yo a mmolaileng.—Duteronome 19:4, 11-13.

Kgakololo ya ga Jesu ya gore motho a rate baba ba gagwe e dumalana sentle le se se bolelwang ke Dikwalo Tsa Sehebera. (Mathaio 5:44) Jobe yo o ikanyegang o ne a lemoga gore go itumela ka tsela ya bopelotlhoi ka ntlha ya masetlapelo a a wetseng motho yo o mo tlhoileng thata go ne go tla bo go sa siama. (Jobe 31:29) Molao wa ga Moshe o ne o naya Baiseraele boikarabelo jwa gore ba thuse Baiseraele ba bangwe ba ba ka tswang ba ba tsaya e le baba ba bone. (Ekesodo 23: 4, 5) Go na le gore batlhanka ba Modimo ba itumelele masetlapelo a baba ba bone, ba laelwa jaana: “Fa yo o go tlhoileng a tshwerwe ke tlala, mo neye senkgwe a je; fa a nyorilwe, mo neye metsi a nwe.”—Diane 25:21.

Kgopolo ya gore baba ba ne ba tshwanetse go tlhoiwa e ne e le sengwe sa dilo tse barutisi ba ngwao ya Sejuda ba neng ba oketsa molao wa Modimo ka sone. E re ka molao o ne o laela Baiseraele gore ba rate baagelani ba bone, barutisi bano ba ne ba tsaya gore seo se raya gore ba tshwanetse go tlhoa baba ba bone. (Lefitiko 19:18) Mafoko “tsala” le “moagelani” a ne a tsewa a kaya Bajuda fela, mme ba bangwe botlhe ba ne ba tsewa e le baba ba tlholego. Go ya ka ngwao e ba neng ba tlhaloganya lefoko “moagelani” ka yone le ka ntlha ya ngwao e e neng e tlhotlheletsa bobaba mo go Baditšhaba, motho o ka kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba tsenya mafoko a a seng mo molaong a a reng “mme o tlhoe mmaba wa gago” mo Molaong wa Modimo.—Mathaio 5:43.

Go farologana le seo, Mokeresete o tshwanetse go rata baba ba gagwe, e leng batho ba ba itirang baba ba gagwe. Lorato lo lo ntseng jalo (lo ka Segerika e leng, a·gaʹpe) ga lo laolwe ke maikutlo, ga lo a theiwa fela mo kamanong e motho a nang nayo le yo mongwe, jaaka gantsi go akanngwa gore go ntse jalo, go na le moo, ke mokgwa kana lorato lwa botsalano lo lo nnang teng ka go rata, e le tshwanelo, le ka go bo e le selo se se siameng, o batla go tswa pelong go direla ba bangwe se se molemo go ya ka se se siameng.

Lorato lwa a·gaʹpe lo fenya bobaba, ga lo letle motho go itlhokomolosa melaometheo e e siameng le go ipusolosetsa go ya ka bosula jo o bo diretsweng. Fa batho ba ganetsa motlhanka wa Modimo le go mmogisa ka ntlha ya tsela ya gagwe ya Bokeresete mme ba dira jalo ka ntlha ya go sa itse, o tla ba rapelela gore matlho a bone a bulege gore ba bone boammaaruri ka Modimo le maikaelelo a Gagwe.—Mathaio 5:44.

Tila Letlhoo Le le Sa Tshwanelang

Fa batho ba ba kileng ba tlhoana ba nna Bakeresete, ga ba tlhole ba dira jalo. (Tito 3:3) Motho yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe o sa ntse a tsamaya mo lefifing, mme fa a ka bolela gore o rata Modimo o tla bo a bua maaka tota. Go tlhoa mokaulengwe wa gago go tshwana le go mmolaya.—1 Johane 4:20; 3:15.

Go tseega maikutlo go ka dira gore motho a se ka a nna le pono e e lekalekaneng malebana le lorato le letlhoo, jaaka go ka tswa go ne go ntse ka Dafide malebana le morwawe e bong Abesalome. (2 Samuele 18: 33; 19:1-⁠6) Ka gone, le ene “yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao.”—Diane 13:⁠24.

Ka go tlotla bonosi jwa ba bangwe le go ba akanyetsa ka lorato, motho a ka tila go dira gore a tlhoiwe go sa tlhokege. Ke ka moo go nang le kgakololo eno: “Dira gore lonao lwa gago lo ye ka sewelo kwa ntlong ya mongwe ka wena, gore a tle a se ka a go kgora mme a go tlhoa.”—Diane 25:17.

Letlhoo le le Tshwanetseng

Mo maemong a a rileng le ka dinako tse di rileng go a tshwanela go tlhoa. “[Go na le] . . . nako ya go rata le nako ya go tlhoa.” (Moreri 3:1, 8) Go buiwa tota le ka Jehofa gore o ne a tlhoile Esau. (Malaki 1: 2, 3) Mme go ka se twe seno se ile sa dirwa ka go bo Modimo a ile a dirisa maatla a gagwe ka tsela e e sa tshwanelang. Esau o ile a itshupa a sa tshwanela lorato lwa ga Jehofa ka go nyatsa le go rekisa tshwanelo ya gagwe ya botsalwapele mme ka go dira jalo o ne a nyatsa gape le ditsholofelo tsa bomodimo le masego a a tsamaisanang le tsone. Mo godimo ga moo, o ne a loga maano a go bolaya morwarraagwe e bong Jakobe.—Genesise 25:32-34; 27: 41-43; Bahebera 12:14-16.

Go bontsha boikanyegi jwa mmatota mo go Jehofa, batlhanka ba gagwe ba tlhoa se a se tlhoileng le ba a ba tlhoileng. Mopesalema o ne a kwala jaana: “A ga ke a ba tlhoa batho ba ba go tlhoileng thata, wena Jehofa, Le gone a ga ke ile ba ba go tlhanogelang? Ke ba tlhoile ka letlhoo le le feletseng. Ba fetogile baba ba mmatota mo go nna.”—Pesalema 139:21, 22.

Mme letlhoo leno ga se la go batla go utlwisa ba bangwe botlhoko e bile ga le tshwane le bopelotlhoi kana bopelompe. Go na le moo, le nna teng ka ntlha ya go ila gotlhelele se se boikepo, go tila se se bosula le ba ba tlhoileng Jehofa ka mo go feletseng. (Baroma 12: 9, 17, 19) Go a tshwanela gore Bakeresete ba tlhoe bao go se nang pelaelo gore ke baba ba Modimo, ba ba jaaka Diabolo le badimona ba gagwe, mmogo le banna ba ka boomo le ka go itse ba ileng ba nna kgatlhanong le Jehofa.

Le fa gone Bakeresete ba sa rate batho ba ba fetolang bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo go nna seipato sa boitshwaro jo bo repileng, ga ba tlhoe batho ba ba ileng ba dira sengwe se se sa siamang mme ba tshwanelwa ke go bontshiwa kutlwelobotlhoko. Go na le gore ba tlhoe modiraphoso yo o ikwatlhayang, ba tlhoa ditiro tse di bosula, ee, “le eleng seaparo sa kafa teng se se mathegetsweng ke nama.”—Jude 4, 23.