Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa ya go Lwantsha Lehuma A ke Ya Lefela?

Ntwa ya go Lwantsha Lehuma A ke Ya Lefela?

Ntwa ya go Lwantsha Lehuma A ke Ya Lefela?

FA BAJANALA ba ba etetseng Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York City ba le kwa ntlheng ya siling e e bulegileng, e e fa godimo ga bonno jwa batho botlhe, ba bona Ofisi ya Lekgotla la Ikonomi le Tsa Loago ka diphaepe le megala ya yone e e tlhagileng. Mokaedi wa bajanala o tlhalosa jaana: “Siling eno ‘e e sa felang’ gantsi e lejwa e le letshwao le le re gakololang gore tiro ya ikonomi le ya loago ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ga e ke e fela; ka metlha go tla nna go ntse go na le sengwe se sesha se se ka dirwang go tokafatsa maemo a botshelo jwa batho mo lefatsheng.”

Le mororo Lekgotla leno le tshwaregile thata mo tirong e ntle ya go rotloetsa mongwe le mongwe go tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo, go bonala fa tiro yone e sa fele. Se se kgatlhang ke gore, ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu Keresete mo lefatsheng ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., o ne a bolela jaana: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo.” (Luke 4:18) “Dikgang tse di molemo” tse a neng a di bolela e ne e le eng? E ne e le molaetsa o o neng o le malebana le Bogosi jo Jehofa Modimo, yo e leng “kago e e thata mo go yo o humanegileng mo matshwenyegong,” a tla bo tlhomang mme Jesu Keresete e le Kgosi ya jone. Bogosi joo bo tla dira eng? Isaia o ile a porofeta jaana: “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, . . . mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng. Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:4-6, 8.

A o ka rata go itse mo go oketsegileng gore ke jang Bogosi jwa Modimo bo tla tokafatsang “maemo a botshelo jwa batho ba lefatshe,” gore ba se ka ba tlhola ba tlhoka sepe? Leba kafa tlase go utlwa kafa o ka bonang morutisi yo o tshwanelegang ka teng go go etela gore a go bontshe mo go oketsegileng malebana le se Baebele e se bolelang ka dikgang tse di ntseng jalo.