A o Ka Kgona Go Itumela ka Tsela ya Mmatota?
A o Ka Kgona Go Itumela ka Tsela ya Mmatota?
GEORGE o ne a dumedisa mongwe le mongwe ka go nyenya. Mo go ene, botshelo e ne e le mpho e e botlhokwa thata e re tshwanetseng go e itumelela. O ne a itsege e le motho yo o tlholang a itumetse e bile a nna a solofetse dilo tse di molemo—tota le ka nako ya fa a simolola go tlhaselwa ke ditlhabi tsa botsofe. George o ne a itsege e le motho yo o itumetseng go fitlha ka letsatsi le a suleng ka lone. A le wena o itumetse jaaka George? A o leba letsatsi lengwe le lengwe le lesha e le mpho e re tshwanetseng go e itumelela? Kgotsa a fa letsatsi le lesha le tlhaba le go dira gore o utlwe o se na kgatlhego gongwe e bile o tlhobaela? A go na le sengwe se se go amogang boitumelo?
Boitumelo bo tlhalosiwa e le boemo jwa go ikutlwa o tsogile sentle jo go ya bokgakaleng jo bo rileng bo nnelang ruri. Bo lemotshega ka maikutlo a a jaaka go ikutlwa o ritibetse go ya go go ikutlwa o na le boipelo jo bogolo mme ka tlholego fela o eletsa gore boikutlo jono bo nne bo tswelele pele. A ruri go na le boitumelo jo bo ntseng jalo?
Gompieno, batho ba buelela kgopolo ya gore batho ba ne ba tla itumela fa fela ba ne ba humile sentle. Dimilionemilione tsa batho ba nna ba le mo lobelong ka ntlha ya go batla go huma. Ka go dira jalo, ba le bantsi ba senyegelwa ke kamano ya bone le batho ba bangwe ba bo ba senyegelwe le ke dilo tse dingwe tse di botlhokwa mo botshelong. Jaaka motlhwa mo seolong, ba nna ba kgarakgatshega ka metlha, mme ga ba na nako ya go ema ba akanya ka se ba se dirang kgotsa ga ba na nako ya batho ba bangwe. Go a utlwala he go bo “palo ya batho ba ba tlhasetsweng ke go tshwenyega thata mo maikutlong e ntse e tlhatloga,” go rialo pego nngwe mo go Los Angeles Times, “e bile batho ba ba simololang [go tshwenyega thata mo maikutlong] e ntse e nna batho ba dingwaga tse di kwa tlase. . . . Dipilisi tse di lwantshang go tshwenyega thata mo maikutlong ke dingwe tsa tse di rekisiwang thata go feta tse dingwe mo
dikhampaning tse di dirang diokobatsi.” Dimilionemilione tsa batho ba dirisa diokobatsi tse di seng kafa molaong kgotsa ba leka go itebatsa mathata a bone ka go nwa bojalwa. Ba bangwe ba nnela go reka thata fa ba utlwa ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Mo patlisisong nngwe, “go ne ga fitlhelwa gore basadi ke bone ba gantsi ba ratang go ikalafa ka go ya mabenkeleng,” go rialo lokwalodikgang lwa The Guardian. “Ke bone ba go ka diregang ka makgetlho a le mararo go feta banna gore ba ye mabenkeleng fa ba tshwenyegile thata mo maikutlong.”Le fa go ntse jalo, boitumelo jwa mmatota ga bo bonwe mo mabenkeleng, mo botlolong, mo dipilising, mo lomaong, kgotsa mo mading a o nang le one kwa bankeng. Boitumelo ga bo rekwe; bo bonwa mahala. Re ka bona kae mpho eo e e botlhokwatlhokwa? Re tla tlotla ka seo mo setlhogong se se latelang.