Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boipelo Jwa ba ba Tsamayang mo Leseding

Boipelo Jwa ba ba Tsamayang mo Leseding

Boipelo Jwa ba ba Tsamayang mo Leseding

“Tlang re tsamayeng mo leseding la ga Jehofa.”—ISAIA 2:5.

1, 2. (a) Lesedi le botlhokwa go le kana kang? (b) Ke eng fa tlhagiso ya gore lefifi le tla bipa lefatshe e le masisi thata?

JEHOFA ke Motswedi wa lesedi. Baebele e mmitsa gore ke “Monei wa letsatsi gore go nne lesedi motshegare, melao ya ngwedi le dinaledi gore go nne lesedi bosigo.” (Jeremia 31:35; Pesalema 8:3) Ke ene yo o bopileng letsatsi le tota e leng boubelo jwa nuklea jo bo kgwelang maatla a a seng kana ka sepe mo lefaufaung, mangwe a one a le ka sebopego sa lesedi le mogote. Diperesente di sekae tsa maatla ao tse di fitlhang mo go rona e le lesedi la letsatsi di dira gore dilo di tswelele pele di tshela mono lefatsheng. Re ne re ka se ka ra kgona go tshela fa go ne go se na lesedi la letsatsi. Lefatshe le ne le tla nna polanete e go se nang botshelo mo go yone.

2 Re akantse ka seno, re ka tlhaloganya botlhokwa jwa maemo a a tlhalosiwang ke moporofeti Isaia. O ile a re: “Bona! lefifi le tla bipa lefatshe, le letobo le lentshontsho le tla bipa ditlhopha tsa ditšhaba.” (Isaia 60:2) Ke boammaaruri gore, fano ga go buiwe ka lesedi la mmatota. Isaia o ne a sa bolele gore nako nngwe letsatsi, ngwedi le dinaledi di ne di tla kgaotsa go bonesa. (Pesalema 89:36, 37; 136:7-9) Go na le moo, o ne a bua ka lefifi la semoya. Mme gone lefifi la semoya le kotsi tota. Kana e bile, re ka se ka ra kgona go tshela kwantle ga lesedi la semoya fela jaaka re ka se ka ra tshela kwantle ga lesedi la mmatota.—Luke 1:79.

3. Ka ntlha ya mafoko a ga Isaia, ke eng se Bakeresete ba tshwanetseng go se dira?

3 Ka ntlha ya seno, go botlhokwa thata go ela tlhoko gore le fa mafoko a ga Isaia a ile a diragadiwa mo go Juda wa bogologolo, a diragadiwa ka tsela e kgolwane gompieno. Ee, lefatshe le aparetswe ke lefifi la semoya mo motlheng wa rona. Mo maemong a a kotsi jaana, lesedi la semoya le botlhokwa tota. Ke gone ka moo go leng molemo gore Bakeresete ba sekegele kgakololo eno ya ga Jesu tsebe: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho.” (Mathaio 5:16) Bakeresete ba ba ikanyegang ba ka phatsimisetsa batho ba ba pelonolo lesedi, ka go rialo ba ba naya tshono ya go bona botshelo.—Johane 8:12.

Metlha ya Lefifi Kwa Iseraele

4. Mafoko a ga Isaia a boporofeti a diragaditswe leng la ntlha, mme gone ke maemo afe a a neng a setse a le gone mo motlheng wa gagwe?

4 Mafoko a ga Isaia a gore lefifi le tla bipa lefatshe a ne a diragadiwa la ntlha fa Juda e ne e kgakgabetse mme batho ba yone ba ile botshwarwa kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, tota le pele ga foo, bontsi mo setšhabeng bo ne bo setse bo aparetswe ke lefifi la semoya mo motlheng wa ga Isaia, e leng se se neng sa mo tlhotlheletsa go ikuela jaana mo bathong ba gaabo: “Lona banna ba ntlo ya ga Jakobe, tlang re tsamayeng mo leseding la ga Jehofa”!—Isaia 2:5; 5:20.

5, 6. Ke dilo dife tse di neng tsa dira gore go nne le lefifi mo motlheng wa ga Isaia?

5 Isaia o porofetile mo Juda “mo metlheng ya ga Usia, Jothame, Ahase le Hesekia dikgosi tsa Juda.” (Isaia 1:1) E ne e le nako e e thata ya dikhuduego tsa sepolotiki, boitimokanyi mo bodumeding, go se atlhole ka tshiamo, le go gatelelwa ga bahumanegi. Tota le ka nako ya puso ya dikgosi tse di ikanyegang, tse di jaaka Jothame, dibeso tsa medimo ya maaka di ne di bonwa mo dithoteng tse dintsi. Ka nako ya fa go busa dikgosi tse di sa ikanyegeng, maemo a ne a nna maswe le go feta. Ka sekai, Kgosi Ahase yo o boikepo o ne a ba a dira bosula jo bo feteletseng jwa go ntshetsa modimo Moleke ditlhabelo ka bana ba gagwe. Seo e ne e le lefifi tota!—2 Dikgosi 15:32-34; 16:2-4.

6 Boemo bo ne bo le letobo le mo ditšhabeng tse dingwe. Moabe, Edoma le Filisitia ba ne ba tshosetsa Juda ba le fa melelwaneng ya gagwe. Bogosi jwa bokone jwa Iseraele e ne e le mmaba wa bone yo o itsegeng le mororo ba ne ba amana ka losika. Kgakajana kwa bokone, Siria e ne e tsenya Juda tsebetsebe. Yo o neng a le kotsi le go feta e ne e le Asiria yo o setlhogo yo ka metlha a neng a senka tshono ya go atolosa maatla a gagwe. Ka nako e Isaia e neng e le moporofeti ka yone, Asiria o ne a gapa setšhaba sa Iseraele gotlhelele mme a batla a nyeletsa le Juda. Nako nngwe Asiria o ne a gapa motse mongwe le mongwe o o thekeleditsweng wa Juda kwantle fela ga Jerusalema.—Isaia 1:7, 8; 36:1.

7. Iseraele le Juda di ne tsa tlhopha tsela efe, mme Jehofa o ne a tsibogela seo jang?

7 Batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone ba ne ba lebana le masetlapelo ao ka gonne Iseraele le Juda ba ile ba se ka ba ikanyega. Fela jaaka batho ba ba umakilweng mo bukeng ya Diane, e ne e le batho “ba ba tlogelang ditselana tsa thokgamo gore ba tsamaye mo ditseleng tsa lefifi.” (Diane 2:13) Mme gone, le fa Jehofa a ne a galefetse batho ba gagwe, o ne a se ka a ba latlha gotlhelele. Go na le moo, o ne a tlhoma Isaia le baporofeti ba bangwe go aba lesedi la semoya ba le abela motho ope fela mo setšhabeng yo o neng a sa ntse a batla go direla Jehofa ka boikanyegi. Lesedi le le neng le tswa mo baporofeting bano le ne le le botlhokwa tota. Le ne le naya motho botshelo.

Dinako Tsa Lefifi Gompieno

8, 9. Ke dilo dife tse di dirang gore lefatshe le nne mo lefifing gompieno?

8 Boemo jwa motlha wa ga Isaia bo ne bo tshwana thata le maemo a gompieno. Mo motlheng wa rona, baeteledipele ba batho ba tlhanogetse Jehofa le Kgosi e a e tlhomileng, Jesu Keresete. (Pesalema 2:2, 3) Baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba tsieditse matsomane a bone. Baeteledipele bano ba bolela gore ba direla Modimo, mme gone, bontsi jwa bone ba rotloetsa batho go direla medimo ya lefatshe leno—boratanaga, bosole, dikhumo le batho ba maemo—re sa bue sepe ka go ruta dithuto tsa boheitane.

9 Mo dinageng ka go latelana, madumedi a Labokeresete a ile a nna le seabe mo dintweng le dikgotlhang tsa semorafe tse di felelang ka kgailo ya merafe le masetlapelo a mangwe. Mo godimo ga moo, go na le gore dikereke di buelele boitsholo jo bo siameng jwa Baebele, bontsi jwa tsone di mpampetsa boitsholo jo bo sa siamang jo bo jaaka kgokafalo le bosodoma kana di bo ema nokeng ka tlhamalalo. Ka ntlha ya go fularela melao ya Baebele ka tsela e e ntseng jalo, matsomane a Labokeresete a tshwana le banna ba mopesalema wa bogologolo a buang jaana ka bone: “Ga ba a itse, e bile ga ba tlhaloganye; ba nna ba tsamayatsamaya mo lefifing.” (Pesalema 82:5) Eleruri, Labokeresete o mo lefifing le legolo fela jaaka Juda wa bogologolo.—Tshenolo 8:12.

10. Lesedi le phatsima jang mo lefifing gompieno, mme batho ba ba pelonomi ba solegelwa molemo jang?

10 Jehofa o dira gore lesedi le phatsime mo lefifing le le ntseng jalo ka ntlha ya batho ba ba pelonomi. O dira jalo ka go dirisa batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba mo lefatsheng, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” mme batlhanka bano ba ‘phatsima jaaka masedi mo lefatsheng.’ (Mathaio 24:45; Bafilipi 2:15) Setlhopha seo sa motlhanka se phatsimisa lesedi la semoya le le theilweng mo Lefokong la Modimo Baebele, se engwe nokeng ke dimilione tsa ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Lesedi leo le dira gore batho ba ba pelonomi ba nne le tsholofelo, le ba thusa go nna le botsala le Modimo e bile le ba thusa gore ba tile dirai tsa semoya mo lefatsheng leno le le fifetseng. Le botlhokwa, le naya motho botshelo.

“Ke Baka Leina la Gago”

11. Ke tshedimosetso efe e Jehofa a neng a dira gore e nne gone mo motlheng wa ga Isaia?

11 Mo metlheng ya lefifi e Isaia a neng a tshela mo go yone le mo metlheng e e lefifi le e leng go feta morago ga eo, fa Bababelona ba ne ba isa setšhaba sa ga Jehofa kwa botshwarong, Jehofa o ne a ba neela kaelo ya mofuta ofe? Mo godimo ga go ba neela kaelo ya boitsholo, o ne a ba tlhalosetsa sentle go sa le gale kafa a neng a tla diragatsa maikaelelo a gagwe malebana le batho ba gagwe ka teng. Ka sekai, akanya ka dipolelelopele tse di molemo tse di mo go Isaia kgaolo 25 go ya go 27. Mafoko a dikgaolo tseno a bontsha kafa Jehofa a neng a dira dilo ka gone ka nako eo le kafa a di dirang ka gone gompieno.

12. Isaia o bua mafoko afe a a tswang pelong?

12 Sa ntlha, Isaia o bolela jaana: “Wena Jehofa, o Modimo wa me. Ke a go godisa, ke baka leina la gago.” A mafoko a pako e e tswang pelong! Mme ke eng se se neng sa dira gore moporofeti a rapele thapelo e e ntseng jalo? Lebaka la konokono le senolwa mo karolong ya bobedi ya temana eno, e mo go yone re balang jaana: “Gonne [Jehofa] o dirile dilo tse di gakgamatsang, maikaelelo go tswa metlheng ya bogologolo, ka boikanyegi, ka go ikanngwa.”—Isaia 25:1.

13. (a) Ke kitso efe e e neng ya nonotsha tsela e Isaia a neng a anaanela Jehofa ka yone? (b) Sekao sa ga Isaia se ka re ruta eng?

13 Mo motlheng wa ga Isaia Jehofa o ne a setse a diretse Iseraele dilo tse dintsi tse di molemo, mme dilo tseno di ne di begilwe mo dikwalong. Go bonala Isaia a ne a tlwaelane le dikwalo tseno. Ka sekai, o ne a itse gore Jehofa o ne a golola batho ba gagwe mo bokgobeng kwa Egepeto le go ba namola mo bogaleng jwa masole a ga Faro kwa Lewatleng le Lehibidu. O ne a itse gore Jehofa o ile a etelela batho ba gagwe pele go ralala sekaka mme a ba gorosa mo Nageng e e Solofeditsweng. (Pesalema 136:1, 10-26) Dipego tse di ntseng jalo tsa ditiragalo di bontsha gore Jehofa Modimo o a ikanyega. “Maikaelelo” a gagwe—dilo tsotlhe tse a ikaeletseng go di dira—di a diragala. Kitso e e boammaaruri e e tswang mo Modimong e ne ya thusa Isaia go nna a tsamaya mo leseding. Ka gone, o ne a nna sekao se se molemo mo go rona. Fa re ithuta Lefoko le le kwadilweng la Modimo ka kelotlhoko re bo re le dirisa mo botshelong jwa rona, re tla nna re le mo leseding.—Pesalema 119:105; 2 Bakorintha 4:6.

Motse o a Senngwa

14. Go bolelelwa pele eng ka motse, mme go ka direga gore motse oo ke ofe?

14 Sekai sa kgakololo ya Modimo re se fitlhela mo go Isaia 25:2, e re balang jaana mo go yone: “Gonne o dirile motse mokoa wa maje, motse o o sireletsegileng marope a a wang, tora ya bonno ya batswakwa gore e se ka ya nna motse, o o se kitlang o agiwa sesha ka bosakhutleng.” Motse ono ke ofe? Go ka direga gore Isaia o ne a bua ka Babelona ka tsela ya boporofeti. Ee, nako e ne ya goroga ya gore Babelona a nne mokoa fela wa maje.

15. Ke ‘motse ofe o mogolo’ o o leng gone gompieno, mme go tla direga eng ka one?

15 A motse o o umakilweng ke Isaia o na le setshwani sa one gompieno? Ee. Buka ya Tshenolo e bua ka “motse o mogolo o bogosi jwa one bo leng godimo ga dikgosi tsa lefatshe.” (Tshenolo 17:18) Motse oo o mogolo ke “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:5) Gompieno, karolo e kgolo ya Babelona o Mogolo ke Labokeresete, e baruti ba yone ba etelelang pele mo go ganetseng tiro ya go rera ka Bogosi ya batho ba ga Jehofa. (Mathaio 24:14) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Babelona wa bogologolo, Babelona o Mogolo o tla tloga a senngwa ka tsela e ka yone a se kitlang a tlhola a tsoga gape.

16, 17. Baba ba ga Jehofa ba ile ba mo galaletsa jang bogologolo le mo motlheng wa rona?

16 Isaia o porofeta eng gape kaga “motse o o sireletsegileng”? Isaia o bua le Jehofa a re: “Batho ba e leng setšhaba se se nonofileng ba tla go [galaletsa]; motse wa ditšhaba tse di patikang, ba tla go boifa.” (Isaia 25:3) Motse ono o o seng botsalano, “motse wa ditšhaba tse di patikang” o ne o tla galaletsa Jehofa jang? Ebu, se lebale se se neng sa diragalela kgosi e e nonofileng go gaisa tsotlhe tsa Babelona e bong Nebukadenesare. Morago ga go diragalelwa ke tiragalo e e neng ya dira gore a lemoge bokoa jwa gagwe, o ne a patelesega go bolela bogolo jwa ga Jehofa le go nna mothata yotlhe ga Gagwe. (Daniele 4:34, 35) Fa Jehofa a dirisa maatla a gagwe, tota le baba ba gagwe ba patelesega go lemoga ditiro tsa gagwe tse di maatla le mororo ba dira jalo ka go okaoka.

17 A Babelona o Mogolo o kile a patelesega go lemoga ditiro tse di maatla tsa ga Jehofa? Ee. Mo ntweng ya lefatshe ya ntlha, batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ne ba rera mo dipitlaganong. Ka 1918 ba ne ba ya botshwarong ka tsela ya semoya fa baokamedi ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba tshwerwe. Tiro ya go rera ka tsela e e rulagantsweng e ne ya batla e ema. Morago ga foo, ka 1919, Jehofa o ne a ba tsosolosa le go ba tlhagafatsa ka moya wa gagwe, mme go tswa foo ba simolola go diragatsa kabelo ya bone ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe le le agilweng. (Mareko 13:10) Dilo tseno tsotlhe di ne tsa bolelelwa pele mo bukeng ya Tshenolo, go akaretsa le tsela e go neng go tla ama baganetsi ba bone ka yone. Ba ne “ba tshoga ba bo ba naya Modimo wa legodimo kgalalelo.” (Tshenolo 11:3, 7, 11-13) Ga se gore botlhe ba ne ba sokologa, go na le moo, ba ne ba patelesega go lemoga maatla a ga Jehofa ka nako eo, fela jaaka Isaia a ile a bolelela pele.

“Kago e e Thata mo Mothong wa Maemo a a Kwa Tlase”

18, 19. (a) Ke eng fa baganetsi ba paletswe ke go fedisa bothokgami jwa batho ba ga Jehofa? (b) “Pina ya ba ba patikang” e tla hupediwa jang?

18 Fa Isaia jaanong a bua ka tsela e Jehofa a dirisanang ka bopelonomi ka yone le batho ba ba tsamayang mo leseding, o raya Jehofa a re: “O fetogile kago e e thata mo mothong wa maemo a a kwa tlase, o kago e e thata mo go yo o humanegileng mo matshwenyegong ao a nang le one, botshabelo mo puleng ya matsubutsubu, moriti mo mogoteng, fa go tsubutla ga ba ba patikang go ntse jaaka pula ya matsubutsubu mo loboteng. O fenya modumo wa batswakwa jaaka mogote mo nageng e e se nang metsi, mogote o o nang le moriti wa leru. Pina ya ba ba patikang e a hupediwa.”—Isaia 25:4, 5.

19 Fa e sa le ka 1919 bapatiki ba ile ba leka sengwe le sengwe go fedisa bothokgami jwa baobamedi ba boammaaruri, mme ba ile ba palelwa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa ke kago ya phemelo le botshabelo jwa batho ba gagwe. O ba sireletsa mo mogoteng o o fisang wa dipogiso e bile o ema jaaka lobota lo lo sa reketleng go ba sireletsa mo matsubutsubung a ditlhaselo tsa baganetsi. Rona ba re tsamayang mo leseding la Modimo re tlhoafaletse go bona nako ya fa ‘pina ya ba ba patikang e hupediwa.’ Ee, re letile ka tlhoafalo go bona letsatsi le mo go lone baba ba ga Jehofa ba tla bong ba sa tlhole ba le gone.

20, 21. Ke mokete ofe o Jehofa a o rulagantseng, mme mokete oo o tla akaretsa eng mo lefatsheng le lesha?

20 Jehofa ga a sireletse batlhanka ba gagwe fela. O a ba tlamela fela jaaka Rre yo o lorato. Fa a sena go golola batho ba gagwe mo Babelona o Mogolo ka 1919, o ne a ba rulaganyetsa mokete o mogolo wa phenyo, motlele wa dijo tsa semoya. Seno se ne sa bolelelwa pele mo go Isaia 25:6, e re balang jaana mo go yone: “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.” A bo re le lesego jang ne go nna le seabe mo moketeng oo! (Mathaio 4:4) Ruri ‘tafole ya ga Jehofa’ e tletse ka dijo tse di molemo. (1 Bakorintha 10:21) Re abelwa sengwe le sengwe sa semoya se re se tlhokang ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”

21 Mme go na le sengwe gape mo moketeng ono o o tswang mo Modimong. Mokete wa semoya o re nang le one o re gakolola ka motlele wa dijo tsa mmatota o o tla bong o le gone mo lefatsheng le lesha le Modimo a re solofeditseng lone. Ka nako eo, “mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi” o tla akaretsa dijo tse dintsi tsa mmatota. Go tla bo go se na ope yo o bolawang ke tlala ka tsela ya mmatota kana ya semoya. A bo seo se tla imolola batho ba ba ikanyegang ba ba bogang ka ntlha ya “ditlhaelo tsa dijo” tse di boleletsweng pele tse e leng karolo ya “sesupo” sa go nna gone ga ga Jesu! (Mathaio 24:3, 7) Ruri mafoko a mopesalema a ba gomotsa tota. O ile a re: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

22, 23. (a) Ke “mologo” ofe kana “sebipo,” se se tla fedisiwang, mme seno se tla dirwa jang? (b) ‘Kgobo ya batho ba ga Jehofa’ e tla tlosiwa jang?

22 Jaanong reetsa tsholofetso e e molemo le go feta. Fa Isaia a tshwantsha boleo le loso le “mologo,” kana “sebipo,” a re: “Mo thabeng eno ruri [Jehofa] o tla kometsa sefatlhego sa sebipo se se bipileng ditšhaba tsotlhe, le mologo o o logagantsweng mo ditšhabeng tsotlhe.” (Isaia 25:7) A ko o akanye fela! Boleo le loso tse di ntseng di imetsa batho fela jaaka kobo e e hupetsang, ga di kitla di tlhola di nna gone. A bo re tlhoafaletse thata jang ne go bona letsatsi la fa melemo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo e tla bo e diragadiwa ka botlalo mo bathong ba ba kutlo le ba ba ikanyegang!—Tshenolo 21:3, 4.

23 Fa moporofeti yono yo o tlhotlheleditsweng a bua ka nako eo e e molemolemo o re tlhomamisetsa jaana: “[Modimo] o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe. Mme kgobo ya batho ba gagwe o tla e tlosa mo lefatsheng lotlhe, gonne Jehofa ka boene o go buile.” (Isaia 25:8) Ga go kitla go nna le motho ope yo o swang ka ntlha ya loso lwa tlholego kana go lela ka ntlha ya go swelwa ke moratiwa. A phetogo e e molemo ruri! Mo godimo ga moo, ga go kitla go tlhola go utlwiwa gope kgobo le maaka a Modimo le batlhanka ba gagwe ba sa bolong go nna ba a itshokela. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o tla fedisa motswedi wa one—ramaaka, e bong Satane Diabolo le losika lotlhe lwa ga Satane.—Johane 8:44.

24. Batho ba ba tsamayang mo leseding ba tsibogela jang ditiro tse di maatla tse Jehofa a ba direlang tsone?

24 Fa batho ba ba tsamayang mo leseding ba akanya ka dilo tseno tse di bontshang maatla a ga Jehofa, ba tlhotlheletsega go tlhaeletsa jaana: “Bona! Yono ke Modimo wa rona. Re solofetse mo go ene, mme o tla re boloka. Yono ke Jehofa. Re solofetse mo go ene. A re ipeleng mme re itumelele go bolokwa ke ene.” (Isaia 25:9) Batho ba ba siameng ba tla tloga ba nna le lebaka la go ipela. Lefifi le tla tlosiwa gotlhelele mme batho ba ba ikanyegang ba tla phatsimelwa ke lesedi la ga Jehofa ka bosakhutleng. A go ka nna le tsholofelo e e molemo go feta eno? Legoka!

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng fa gompieno go le botlhokwa go tsamaya mo leseding?

• Ke eng fa Isaia a ile a galaletsa leina la ga Jehofa?

• Ke eng fa baba ba se kitla ba kgona go fedisa bothokgami jwa batho ba Modimo?

• Batho ba ba tsamayang mo leseding ba tlile go bona masego afe a a molemo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Baagi ba Juda ba ne ba ntshetsa Moleke ditlhabelo ka bana

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go itse ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa go ne ga tlhotlheletsa Isaia go galaletsa leina la ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Basiami ba tla phatsimelwa ke lesedi la ga Jehofa ka bosakhutleng