Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ara Kwantle ga Madi—“Phetogo e Kgolo mo go Tsa Kalafi”

Go Ara Kwantle ga Madi—“Phetogo e Kgolo mo go Tsa Kalafi”

Go Ara Kwantle ga Madi—“Phetogo e Kgolo mo go Tsa Kalafi”

MAKASINE wa Maclean’s kafa tlase ga setlhogo se se reng “Go Ara Kwantle ga Madi,” o ile wa bega gore dingaka go ralala Canada di ile tsa “simolola mekgwa e mesha, eo mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, e ileng ya dira mokgwa wa go ara kwantle ga madi go nna phetogo e kgolo mo go tsa kalafi.” Brian Muirhead, yo e leng ngaka e e dirang ka diidibatsi kwa Health Sciences Centre ya Winnipeg ke mongwe wa bone. Ke eng se se ileng sa dira gore a batlisise ka kalafi e nngwe e go sa dirisiweng madi mo go yone?

Ka 1986, Dr. Muirhead o ne a amogela kgwetlho e e boima ya go ara monna mongwe wa dingwaga di le 70 yo o neng a na le tlhagala e e dutlang madi, yo ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a ileng a kopa kalafi e e se kitlang e tlhoka gore a tshelwe madi. (Ditiro 15:28, 29) Makasine wa Maclean’s o bega jaana: “Dr. Muirhead o ne a dirisa mokgwa o o sa dirisiweng thata wa go pompela motswako wa letswai mo molwetseng gore kgatelelo ya madi a gagwe e ye kwa godimo. Karo eno e ile ya atlega, seo se ile sa nonotsha boikutlo jwa ga Muirhead jo bo neng bo ntse bo gola jwa gore ‘re tshela batho madi thata. Ke ile ka akanya gore ke nako ya gore re batle tsela e e farologaneng ya go alafa.’”

Go batla go ara kwantle ga madi go ne ga “tlhotlhelediwa ke go tshwenyega ka madi a a tla abiwang mo isagweng—le ke go bo balwetse ba le bantsi ba boifa gore ba tla tsenwa ke megare ya malwetse a a bakiwang ke go tshelwa madi.” Re leboga dingaka tse di ileng tsa simolola go dira dipatlisiso ka gonne ga se fela Basupi ba ga Jehofa ba ba solegelwang molemo mme le batho ba bangwe ba bantsi. Makasine wa Maclean’s o bolela jaana: “Mo godimo ga go fokotsa go tshela batho ba le bantsi madi, karo e e sa tlhokeng madi e fokotsa dikotsi—le fa di ka tswa di le dinnye—tsa go tshwaediwa ke madi a a seng phepa.” Mme tota le madi a a “phepa” a ka nna le kotsi ya go tshwaetsa thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse ya balwetse gore e se ka ya bereka ka nakwana.

Ke eng se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba dumele thata mo go dirisiweng ga dilo tse dingwe tse e seng madi? O ka nna wa kgatlhegela go bala boroutšhara jo bo reng Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go abela yone.