Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Tshegediwa ke Jehofa Botshelo Jwa me Jotlhe

Ke ne Ka Tshegediwa ke Jehofa Botshelo Jwa me Jotlhe

Kgang ya Botshelo

Ke ne Ka Tshegediwa ke Jehofa Botshelo Jwa me Jotlhe

JAAKA GO BOLETSE FORREST LEE

Mapodise a ne a sa tswa go re amoga dikeramofono le dikgatiso tsa rona tsa Baebele. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya dira gore baganetsi ba nne le lebaka la go tlhotlheletsa molaodimogolo yo mosha wa Canada go itsise fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e se kafa molaong. Seno se ne sa direga ka July 4, 1940.

ERE ka re ne re sa kgobiwa marapo ke se se diragetseng, re ne ra ya go tsaya dikgatiso tse di oketsegileng go tswa mo di neng di beilwe teng mme ra tswelela ka tiro ya rona ya go rera. Ka metlha ke gakologelwa mafoko ano a ga Rre a a neng a a bua ka nako eo a re: “Ga re emise motlhofo fela. Jehofa o re laetse gore re rere.” Ka nako eo, ke ne ke le mosimanyana yo o matlhagatlhaga wa dingwaga di le lesome. Mme tota le gompieno, go ikemisetsa ga ga Rre le go tlhoafalela bodiredi ga gagwe e sa ntse e le segopotso sa ka metlha sa kafa Modimo wa rona Jehofa, a tshegetsang batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka teng.

Mo lekgetlong le le latelang fa mapodise a ne a re emisa, ga a ka a tsaya fela dikgatiso tsa rona mme gape a ile a isa Rre kgolegelong, a tlogela Mmè a le nosi ka bana ba le banè. Seo se ile sa diragala ka September 1940 kwa Saskatchewan. Go ise go ye kae morago ga foo ke ne ka kobiwa kwa sekolong ka go bo ke ne ke latela segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele mme ke sa dumedise folaga kana go opela pina ya setšhaba. Go tsweletsa dithuto tsa me ka poso go ile ga dira gore ke nne le thulaganyo e e fetofetogang, mme ka kgona go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera.

Ka 1948 go ile ga nna le kitsiso ya gore go tlhokega babulatsela, badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa, gore ba fudugele ka kwa lebopong le le kwa botlhaba jwa Canada. Ke ne ka ya go bulatsela kwa Halifax, Nova Scotia le kwa Cape Wolfe, kwa Setlhaketlhakeng sa Prince Edward. Ngwaga o o latelang, ke ne ka amogela taletso ya go ya go dira kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Toronto ka dibeke tse pedi. Dibeke tse pedi tseo di ile tsa fetoga dingwaga tse di fetang tse thataro tsa tirelo e e nang le matswela. Kgabagare ke ne ka kopana le Myrna, yo le ene o neng a rata Jehofa mme re ne ra nyalana ka December 1955. Re ne ra nna kwa Milton, Ontario, mme go ise go ye kae go ile ga tlhomiwa phuthego e ntšha koo. Phaposi e e kafa tlase ga ntlo ya rona e ne ya nna Holo ya Bogosi.

Keletso ya go Oketsa Bodiredi Jwa Rona

Mo dingwageng tse di latelang, re ne ra nna batsadi ba bana ba le barataro ba ba ileng ba latelana ka bonako thata. Morwadiarona e bong Miriam e ne e le wa ntlha. Morago ga moo ga latela Charmaine, Mark, Annette, Grant mme la bofelo ga tla Glen. Gantsi e ne e re fa ke boa kwa tirong, ke bo ke fitlhela bana ba dutse fa fatshe go dikologa leiso, Myrna a ba balela Baebele, a tlhalosa dipego tsa Baebele le go ba ruta go rata Jehofa ka mmatota. Ka ntlha ya kemonokeng ya gagwe e e lorato, bana ba rona botlhe ba ile ba nna le kitso e ntle ya Baebele ba sa ntse ba le bannye.

Tlhoafalo ya ga rre ka bodiredi e ile ya nwelelela mo mogopolong le mo pelong ya me. (Diane 22:6) Ka gone, ka 1968, fa malapa a Basupi ba ga Jehofa a ne a lalediwa go fudugela kwa Bogare le Borwa jwa Amerika go ya go thusa ka tiro ya go rera, lelapa la rona le ne le eletsa go arabela taletso eo. Ka nako eo bana ba rona ba ne ba na le dingwaga tse di tlogang go 5 go ya go 13 mme go ne go se na ope mo go rona yo o neng a itse Se-Spain. Ke latela kaelo e e neng e ntshitswe, ke ne ka ya kwa dinageng tse di farologaneng go ya go tlhola maemo a botshelo. Fa ke se na go boa, jaaka lelapa re ne ra sekaseka ditlhopho tse re nang natso ka thapelo mme ra swetsa ka go fudugela kwa Nicaragua.

Go Direla Kwa Nicaragua

Ka October 1970 re ne re le mo ntlong ya rona e ntšha, mme mo dibekeng di le tharo ke ne ka abelwa puo e khutshwane mo thulaganyong ya pokano ya phuthego. Ke ne ka neela puo ya me ka bothata ka Se-Spain se se bokoa thata mme ka konela ka go laletsa phuthego yotlhe gore e tle kwa lelapeng la rona go tla go itumelela cerveza ka Matlhatso ka 9:30 a.m. Tota ke ne ke batla go re servicio, lefoko le le rayang tirelo ya tshimo, mme tota ke ne ke laletsa mongwe le mongwe go tla go nwa bojalwa. Go ithuta puo eo e ne e le kgwetlho tota!

La ntlha, ke ne ka kwala se ke tla se buang mo seatleng sa me mme go tswa foo ke bo ke ikatisetsa go se bua fa ke ntse ke ya kwa ntlong. Ke ne ke a tle ke re: “Fa o tsaya buka eno re go tshwarela thuto ya Baebele ya legae ya mahala.” Motho mongwe yo o neng a amogela buka moragonyana o ne a bolela gore o ne a tshwanela gore a tle kwa dipokanong tsa rona gore a tle go utlwa gore ke ne ke leka go mmolelela eng. Monna yono o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A bo go bonala sentle jang ne gore Modimo ke ene yo o dirang gore dipeo tsa boammaaruri di gole mo dipelong tse di ikokobeditseng, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bolela!—1 Bakorintha 3:7.

Morago ga dingwaga tse di ka nnang pedi kwa motsengmogolo wa Managua, re ne ra kopiwa go fudugela kwa borwa jwa Nicaragua. Fa re le koo re ne ra bereka le phuthego ya kwa Rivas le ditlhopha tse di kwa thoko tse di gaufi tsa batho ba ba kgatlhegang. Pedro Peña, Mosupi mongwe yo o ikanyegang yo o godileng, o ne a tsamaya le nna fa re ne re etela ditlhopha tseno. Sengwe sa tsone se ne se le kwa setlhaketlhakeng sa lekgwamolelo kwa Lake Nicaragua, koo go neng go na le lelapa le le lengwe fela la Basupi ba ga Jehofa.

Le mororo lelapa leno le ne le se na dilo tse di bonalang, le ile la dira maiteko a magolo go bontsha gore le anaanela go bo re ba etetse. Re ne re baakanyeditswe dijo maitseboa a re fitlhileng ka one. Re ne ra nna beke, mme bontsi jwa batho ba ba rategang ba ba neng ba rata Baebele ba ne ba ja dijo tsa bone mmogo le rona. Re ne ra itumelela go bona batho ba le 101 ba nna teng mo puong ya phatlalatsa ya Baebele ka Sontaga.

Ke akanya gore maatla a ga Jehofa a a tshegetsang a ne a lemotshega fa ka lekgetlo lengwe re ne re tshwanetse go etela setlhopha sengwe sa batho ba ba kgatlhegang kwa dithabeng gaufi le molelwane wa Costa Rica. Ka letsatsi le re neng re tshwanetse go tsamaya ka lone, Pedro o ne a tla go ntsaya, mme ke ne ke robetse ke tshwerwe ke malaria. Ke ne ka bolela jaana: “Pedro, nka se kgone go tsamaya.” O ne a baya seatla sa gagwe mo phatleng ya me mme a araba ka go re: “Korose ya gago e kwa godimo, mme o tla tshwanela gore o tle! Bakaulengwe ba re letile.” Go tswa foo o ne a rapela nngwe ya dithapelo tse di tswang pelong thata tse ke iseng nke ke di utlwe.

Morago ga moo, ke ne ka re: “Tsamaya o ye go itseela fresco (senō sengwe sa maungo). Ke tla bo ke siame mo e ka nnang ka metsotso e le lesome.” Go ne go na le malapa a mabedi a Basupi kwa lefelong le re neng ra le etela mme a ne a re tlhokomela sentle thata. Letsatsi le le latelang re ne ra tsamaya le bone go ya go rera, le fa gone ke ne ke sa ntse ke le bokoa ka ntlha ya korose. A bo go ne go nonotsha jang ne go bona batho ba ba fetang lekgolo kwa pokanong ya rona ya Sontaga!

Re Fuduga Gape

Ka 1975 ngwana wa rona wa bosupa e bong Vaughn, o ne a tsholwa. Ngwaga o o latelang, re ne ra tshwanela gore re boele kwa Canada ka ntlha ya mabaka a madi. Go ne go se motlhofo go tswa kwa Nicaragua ka gonne re ile ra utlwa gore maatla a ga Jehofa a a tshegetsang a dira tota fa re le koo. Ka nako ya fa re tsamaya, batho ba ba fetang 500 mo tshimong ya phuthego ya rona ba ne ba nna teng kwa dipokanong.

Pelenyana ga foo, fa nna le morwadiarona Miriam re ne re tlhomiwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Nicaragua, Miriam o ne a mpotsa jaana: “Rra, fa o ka tshwanela go boela kwa Canada, a o tla ntlogela gore ke sale mono?” Ke ne ke sa ikaelela go tsamaya le ka motlha, ka gone ke ne ka bolela jaana: “Ee, ke tla go tlogela!” Ka gone fa re tsamaya, Miriam o ne a sala mme a tswelela ka bodiredi jwa gagwe jwa nako e e tletseng. Moragonyana, o ne a nyalana le Andrew Reed. Ka 1984 ba ne ba nna teng kwa setlhopheng sa bo77 sa Gileate, e leng sekolo sa borongwa sa Basupi ba ga Jehofa, seo ka nako eo se neng se le kwa Brooklyn, kwa New York. Gone jaanong Miriam o direla kwa Dominican Republic le monna wa gagwe, a diragatsa keletso ya gagwe e e ileng ya tsenngwa mo go ene ke barongwa ba ditswerere ba Nicaragua.

Ka nako eo, mafoko a ga Rre a a reng “ga re emise motlhofo fela,” a ne a sa ntse a le mo pelong ya me. Ka jalo ka 1981 fa re ne re bolokile madi a a lekaneng go boela kwa Amerika Bogare, re ne ra fuduga gape, mo nakong eno re fudugela kwa Costa Rica. Fa re ntse re direla koo, re ne ra lalediwa go ya go thusa ka tiro ya go aga dikago tsa lekala la bone le lesha. Le fa go ntse jalo, ka 1985, morwaarona Grant o ne a tlhoka tlhokomelo ya kalafi, ka gone re ne ra boela kwa Canada. Glen o ne a sala kwa Costa Rica gore a bereke mo tirong ya go aga lekala, fa Annette le Charmaine bone ba ne ba direla e le babulatsela ba ba kgethegileng. Rona ba re neng re tlogile kwa Costa Rica re ne re sa akanye le gore re tla tsamaya re boela gape koo.

Go Itshokela Bomadimabe

Letsatsi la September 17, 1993, le ne la tlhaba sentle go se bothata bope. Nna le morwaarona wa leitibolo e bong Mark re ne re rulela borulelo. Re ne re dira mmogo e bile re tlotla ka dilo tsa semoya, jaaka re ne re tlwaetse. Ka tsela nngwe ke ne ka se ka ka itshegeletsa sentle mme ka wa mo borulelong. Fa ke phaphama, se ke neng ke se bona fela e ne e le mabone a a tshubilweng le batho ba ba apereng bosweu. Ke ne ke le mo kamoreng ya batho ba ba gobetseng ya kokelo.

Ka ntlha ya se Baebele e se bolelang, selo sa ntlha se ke ileng ka se dira e ne e le go re: “Ga ke batle madi, ga ke batle madi!” (Ditiro 15:28, 29) A bo go ne go kgothatsa jang ne go utlwa Charmaine a bolela jaana: “Go siame, Ntate. Rotlhe re fano.” Moragonyana ke ne ka utlwa gore dingaka di ile tsa bona karata ya me ya kalafi mme go tshelwa madi ga go a ka ga dirwa kgang. Ke ne ke robegile thamo mme ke ne ke sule ditokololo gotlhelele e bile ke sa kgone go hema ka bonna.

E re ka ke ne ke sa kgone go dira sepe, ke ne ke tlhoka go tshegediwa ke Jehofa go feta le fa e le leng pele. E re ka ke ne ke arilwe gore ke tsenngwe tšhupu ya go hema, seo se ile sa thibela moya o o yang kwa dirweng tsa me tse di ntshang lentswe. Ke ne ke sa kgone go bua. Batho ba ne ba tshwanetse go leba dipounama tsa me gore ba tle ba tlhaloganye gore ke batla go reng.

Ditshenyegelo di ile tsa oketsega ka bonako. E re ka mosadi wa me le bontsi jwa bana ba me ba ne ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng, ke ne ke ipotsa gore a ba tla tshwanela gore ba tlogele tirelo eno gore ba tle ba tlhokomele maikarabelo ano a tsa madi. Le fa go ntse jalo, Mark o ne a kgona go bona tiro e e ileng ya thusa gore a kgone go duelela bontsi jwa ditshenyegelo tseno mo dikgweding di le tharo fela. Ka ntlha ya seo, botlhe ba ile ba kgona go tswelela ka bodiredi jwa nako e e tletseng kwantle ga nna le mosadi wa me.

Dikarata tse di makgolokgolo le makwalo a a tswang kwa dinageng di le thataro tse di farologaneng di ne di tletse mo maboteng a kamore ya me ya kokelo. Jehofa o a ntshegetsa tota. Phuthego le yone e ne ya thusa lelapa la me ka go ba tlamela ka dijo ka nako ya dikgwedi di le tlhano le sephatlo tse ka tsone ke neng ke le kwa phaposing ya balwetse ba ba lwalang thata. Letsatsi le letsatsi, go ne go nna le mogolwane wa Mokeresete yo o neng a tla go tlhola motshegare otlhe le nna, a mpalela Baebele le dikgatiso tsa Baebele, mmogo le go nkanela maitemogelo a a kgothatsang. Malapa a mabedi a ne a baakanyetsa pokano nngwe le nngwe ya phuthego le nna, ka gone ke ne ke se nke ke latlhegelwa ke dijo tse di botlhokwa tsa semoya.

Fa ke sa ntse ke le kwa kokelong, ke ne ka direlwa thulaganyo ya gore ke nne teng kwa thulaganyong ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe. Badiri ba kokelo ba ile ba rulaganya gore go nne le mooki yo o kwadisitsweng kafa molaong le moitse wa bothata jwa go hema gore ba tsamaye le nna letsatsi lotlhe. A bo go ne go itumedisa jang ne go kopana gape le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete! Nka se ka ka lebala gore ke ile ka bona makgolokgolo a salane morago, mongwe le mongwe a letile tshono ya gagwe ya go ntumedisa.

Go Boloka Bomoya

Mo e ka nnang ngwaga morago ga kotsi eno, ke ne ka kgona go boela gae le lelapa la me, le fa gone ke ne ke sa ntse ke tlhoka go tlhokomelwa ke mooki ka diura di le 24 ka letsatsi. Bene e e dirilweng ka tsela e e kgethegileng e nthusa gore ke kgone go ya dipokanong, tseo ke di fosang ka sewelo. Le fa go ntse jalo, ke tshwanetse go dumela gore go tlhoka boikemisetso tota go ya. Fa e sa le ke boetse gae, ke ile ka kgona go nna teng kwa dikopanong tsotlhe tsa kgaolo.

Kgabagare, ka February 1997, ke ne ka kgona go bua gape ka selekanyo se sennye. Bangwe ba baoki ba me ba reetsa ka kanaanelo fa ke ba bolelela ka tsholofelo ya me e e theilweng mo Baebeleng. Mooki mongwe o mpaletse buka yotlhe ya Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi Jwa Modimo mmogo le dikgatiso tse dingwe tsa Watch Tower. Ke dirisa thobane fa ke kwalelana le batho ka khomputara. Le fa gone go tlanya ka tsela eno go lapisa, go a thusa ka gonne ke kgona go nna le seabe mo bodireding.

Ke nna le ditlhabi tsa ditshika thata. Mme le fa go ntse jalo, go bonala fa ke bolelela ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele kana fa ke bo balelwa, ke ikutlwa botokanyana. Ka dinako tse dingwe ke dira tiro ya go neela bosupi jwa mmila le mosadi wa me yo o ntshegetsang, yo o nthanolelang fa ke tlhoka thuso. Ka makgetlo a le mmalwa ke ile ka kgona go nna mmulatsela yo o thusang. Go direla jaaka mogolwane wa Mokeresete go a intumedisa, segolobogolo fa bakaulengwe ba tla mo go nna kwa dipokanong kana ba nketela kwa gae mme ke kgona go ba thusa le go ba kgothatsa.

Mme ke tshwanetse go bua boammaaruri gore go motlhofo go tshwenyega mo maikutlong. Ka jalo fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo, ke rapela Jehofa ka bonako gore ke itumele. Ke rapela Jehofa bosigo le motshegare gore a nne a ntshegetse. Go a nkgothatsa ka metlha fa ke amogela lekwalo kana fa mongwe a nketetse. Go bala makasine wa Tora ya Tebelo kana wa Tsogang! le gone go tlatsa mogopolo wa me ka dikakanyo tse di agang. Ka dinako tse dingwe baoki ba ba farologaneng ba mpalela dimakasine tseno. Fa e sa le ke tlhagetswe ke kotsi eno, ke ile ka reetsa mmalo wa Baebele yotlhe ka dikhasete makgetlo a le supa. Tse ke ditsela dingwe tse Jehofa a ileng a ntshegetsa ka tsone.—Pesalema 41:3.

Boemo jwa me jo bo fetogileng bo ile jwa dira gore ke nne le nako e ntsi ya go tlhatlhanya malebana le kafa Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo e bong Jehofa, a re rutang ka teng go bona botshelo. O re naya kitso e e tlhomameng malebana le go rata ga gagwe le maikaelelo a gagwe, bodiredi jo bo nang le matswela, kgakololo malebana le sephiri sa boitumelo jwa lelapa le temogo ya gore re ka dirang fa re lebane le bomadimabe. Jehofa o ntshegofaditse ka mosadi yo o ikanyegang le yo o molemo. Bana ba me le bone ba ile ba nkema nokeng ka boikanyego mme go a itumedisa go bo botlhe ba ile ba nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng. Gone e bile, ka March 11, 2000, morwaarona Mark le mosadi wa gagwe e bong Allyson, ba ile ba aloga mo setlhopheng sa bo108 sa Sekolo sa Gileate mme ba ile ba abelwa go ya go direla kwa Nicaragua. Nna le mosadi wa me re ile ra kgona go nna teng fa ba ne ba aloga. Nka bolela tota gore bomadimabe bo ile jwa fetola botshelo jwa me mme e seng pelo ya me.—Pesalema 127:3, 4.

Ke lebogela Jehofa botlhale jo a bo nneileng gore ke kgone go fetisetsa boswa jwa semoya jo ke bo amogetseng mo lelapeng la me. Ke nonotshiwa le go kgothadiwa ke go bona bana ba me ba direla Mmopi wa bone ka boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga rre, yo o neng a re, “Ga re emise motlhofo fela. Jehofa o re laetse go rera.” Ebu, Jehofa o ntshegeditse mmogo le lelapa la me mo botshelong jwa rona jotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke na le Rre le bomorwarre le bokgaitsadiake, fa thoko ga ntlo ya rona ya koloi, e re neng re e dirisa ka dinako tsa bobulatsela. Ke ka fa mojeng

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le mosadi wa me, Myrna

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setshwantsho sa bosheng sa lelapa la rona

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke sa ntse ke neela bosupi ka makwalo