Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota

Tsela ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota

Tsela ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota

MOETELEDIPELE mongwe wa bodumedi wa Mobuda, Dalai Lama, o kile a re: “Ke dumela gore selo se segolo se re se tletseng mo botshelong ke go senka boitumelo.” Go tswa foo a tlhalosa gore o dumela gore motho a ka kgona go nna le boitumelo ka go thapisa, kgotsa go katisa, mogopolo le pelo. O ne a re: “Mogopolo ke sone fela selo sa konokono se se tlhokegang gore re bone boitumelo jo bo feletseng.” O dumela gore ga go tlhokege go dumela mo Modimong. *

Kafa letlhakoreng le lengwe akanya ka Jesu, yo o neng a na le tumelo e e nonofileng mo Modimong le yo dithuto tsa gagwe di amileng batho ba le dimilione di le makgolo go ralala makgolo a dingwaga. Jesu o ne a kgatlhegela go bona batho ba itumetse. O ne a simolola Thero ya gagwe e e itsegeng ya kwa Thabeng ka dilo di le robongwe tse di lereng boitumelo—dipolelo di le robongwe tse di simololang ka gore: “Go itumela . . . ” (Mathaio 5:1-12) Mo go yone thero eo, o ne a ruta bareetsi ba gagwe go tlhatlhoba, go itshekisa, le go katisa megopolo le dipelo tsa bone—ba tlose dikgopolo tsa bothubaki, tsa boitshwaro jo bo sa siamang, le tsa bogagapa mme ba tsenye dikgopolo tsa kagiso, tse di phepa, le tsa lorato. (Mathaio 5:21, 22, 27, 28; 6:19-21) Jaaka fa mongwe wa barutwa ba gagwe a ile a kgothatsa moragonyana, re tshwanetse go ‘tswelela re akanya’ ka dilo tse di ‘boammaaruri, tse di tsewang ka masisi, tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di buiwang molemo, tse di molemo, le tse di tshwanelwang ke pako.’—Bafilipi 4:8.

Jesu o ne a itse gore boitumelo jwa boammaaruri bo akaretsa kamano e o nang le yone le ba bangwe. Rona batho ka tlholego fela re rata batho ba bangwe, ka jalo ga re ka ke ra itumela ka tsela ya mmatota fa re itlhaola kgotsa fa ka metlha re tlhola re lole le batho ba bangwe. Re ka kgona go itumela fa fela re utlwa re ratiwa e bile re rata batho ba bangwe. Jesu o ne a ruta gore selo se se botlhokwa thata mo loratong loo ke kamano ya rona le Modimo. Thuto ya ga Jesu e farologana segolobogolo le ya ga Dalai Lama mo ntlheng eno, ka gonne Jesu o ne a ruta gore batho ga ba ka ke ba itumela ka tsela ya mmatota kwantle ga Modimo. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?—Mathaio 4:4; 22:37-39.

Akanya Ka Dilo Tse o di Tlhokang Semoyeng

Sengwe sa dilo tse di lereng boitumelo ke: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua jalo? Ka gonne, go farologana le diphologolo, re na le dilo tse re di tlhokang semoyeng. Ka gonne re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, go ya selekanyong se se rileng re ka kgona go nna le dinonofo tsa Modimo, tse di tshwanang le lorato, tshiamiso, boutlwelobotlhoko le botlhale. (Genesise 1:27; Mika 6:8; 1 Johane 4:8) Dilo tse re di tlhokang semoyeng di akaretsa gore re itse se re se tshelelang.

Re ka bona jang dilo tseno tse re di tlhokang semoyeng? E seng ka go tlhatlhanya mo go feteletseng kgotsa go itshekatsheka fela ka bowena. Go na le moo, Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Ela tlhoko gore Jesu o ne a re Modimo ke ene motswedi wa “lefoko lengwe le lengwe” le le botlhokwa gore re tshele. Go na le dipotso dingwe tse e leng Modimo fela yo o ka kgonang go re thusa go di araba. Tshedimosetso eo e botlhokwa thata bogolo jang gompieno, ka re bona tsela e go tletseng dikgopolo tse di farologaneng ka teng malebana le boikaelelo jwa botshelo le tsela ya go bona boitumelo. Mabenkele a a rekisang dibuka a tletse ka dibuka tse di solofetsang babadi ba tsone pholo, khumo le boitumelo. Go ile ga tlhomiwa le diaterese tsa Internet tse di buang fela ka kgang ya boitumelo.

Le fa go ntse jalo, megopolo ya batho mo dilong tse di tshwanang le tseno gantsi ke e e phoso. Gantsi e sekametse mo go kgotsofatseng dikeletso tsa bopelotshetlha kgotsa mo go ikgodiseng. E theilwe mo kitsong e e tlhaelang le mo boitemogelong jo bonnye, mme gantsi e ikaegile ka dilo tse di seng boammaaruri. Ka sekai, bakwadi ba le bantsi ba dibuka tsa dikgakololo ba sekametse thata mo go theyeng dikgopolo tsa bone mo thutong ya “kgopolo ya go itlhagela fela ga dilo,” e e bolelang gore maikutlo a batho a tswa mo go se se tsewang gore ke bagologolwane ba rona ba diphologolo. Boammaaruri ke gore boiteko le fa e le bofe jwa go bona boitumelo jo bo theilweng mo thutong e e itlhokomolosang seabe se Mmopi wa rona a nang le sone ga bo ka ke jwa thusa ka sepe mme kgabagare bo tla re tlogela re swabile. Moporofeti mongwe wa bogologolo o kile a bolela jaana: “Ba ba botlhale ba tlhabilwe ke ditlhong. . . . Bonang! Ba ganne lefoko la ga Jehofa, mme ba na le botlhale bofe?”—Jeremia 8:9.

Jehofa Modimo o itse tsela e re dirilweng ka yone e bile o itse le se se tla dirang gore re itumele ka tsela ya mmatota. O a itse gore ke ka ntlha yang fa a ile a baya motho mo lefatsheng le gore isagwe e re tshwaretse eng, mme o re bolelela tshedimosetso eo mo Baebeleng. Se a se senolang mo bukeng e e tlhotlheleditsweng eo se dira gore batho ba ba nang le tshekamelo e e molemo ba arabele ka tsela e e tshwanetseng e bile se dira gore ba itumele. (Luke 10:21; Johane 8:32) Go ne go ntse jalo ka barutwa ba babedi ba ga Jesu. Ba ne ba hutsafetse thata morago ga loso lwa gagwe. Mme e ne ya re fa ba sena go utlwa go tswa mo go Jesu yo o tsositsweng ka boene ka seabe sa gagwe mo maikaelelong a Modimo ka poloko ya batho, ba ne ba bolela jaana: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?”—Luke 24:32.

Boipelo jo bo ntseng jalo bo a gola fa re letla boammaaruri jwa Baebele go re kaela mo botshelong. Mo ntlheng eno boitumelo bo ka tshwantshiwa le motshewagodimo. O tlhaga fa maemo a le mantle, mme o bonala sentle—e bile e ka tlhaga e le mebedi—fa maemo a tshwanela sentle. Jaanong mma re bone dikai di sekae tse di bontshang kafa go dirisa dithuto tsa Baebele go ka dirang gore re itumele le e leng go feta ka gone.

Dira Gore Botshelo Jwa Gago Bo se Ka Jwa Raraana

Sa ntlha, leba kgakololo ya ga Jesu mo kgannyeng ya dikhumo. Fa a sena go ntsha kgakololo ka ga gore motho a se ka a dira gore go lelekisa dikhumo e nne sone selo se segolo mo botshelong, o ne a bua sengwe se se sa tlwaelegang. O ne a re: “Fa leitlho la gago le sa raraana, mmele otlhe wa gago o tla tlala lesedi.” (Mathaio 6:19-22) Totatota, o ne a re fa ka bogagapa re lelekisa dikhumo, go nna le maatla, kgotsa le fa e le ofe wa mekgele e mengwe e batho ba ipeelang yone, re tla latlhegelwa ke dilo tse di botlhokwa thata. Ka gonne, jaaka fa Jesu a ile a bua nako nngwe, “le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Fa re dira gore dilo tse tota di leng botlhokwa di tle pele, tse di jaaka kamano ya rona le Modimo, malapa a rona, le dilo tse dingwe tse di amanang le tseo, ka tsela eo “leitlho” la rona le tla nna le “sa raraana,” le sa tlhakatlhakana.

Ela tlhoko gore Jesu o ne a sa buelele botshelo jwa boitlami kgotsa jwa go ithontsha dilo ka tsela e e feteletseng. Tota e bile, Jesu ka boene o ne a sa tshele botshelo jwa boitlami. (Mathaio 11:19; Johane 2:1-11) Go na le moo, o ne a ruta gore batho ba ba lebang botshelo e le tsela ya go ikgobokanyetsa dikhumo fela ba latlhegelwa ke se tota botshelo e leng sone.

Fa ngaka nngwe e e alafang malwetse a tlhaloganyo kwa San Francisco, U.S.A., e ne e bua ka batho bangwe ba ba ileng ba huma thata fa ba sa ntse ba le babotlana, o ne a bolela gore mo go bone madi ke “motswedi wa go ngomoga pelo le go tlhakana tlhogo.” O ne a oketsa ka gore batho bano “ba reka matlo a le mabedi kgotsa a le mararo, sejanaga, ba dirisa madi ba reka dilo. Mme fa dilo tseno di sa ba kgotsofatse [ka mafoko a mangwe, di sa dira gore ba itumele], ba simolola go tshwenyega thata mo maikutlong, ba ikutlwa ba se na botlhokwa jwa sepe e bile ba sa itse gore ba direng ka botshelo jwa bone.” Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba tsayang kgakololo ya ga Jesu tsia ya gore ba tshele botshelo jo bo sa raraanang ka dilo tse di bonalang le ba ba nnang le sebaka sa dilo tsa semoya go direga thata gore ba bone boitumelo jwa mmatota.

Tom, yo e leng moagi yo o nnang kwa Hawaii, o ne a ithaopela go thusa go aga mafelo a kobamelo kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific koo batho ba se nang go le kalo ga dilo tse di bonalang. Tom o ne a lemoga sengwe ka batho bano ba ba sa tsheleng botshelo jwa dikhumokhumo. O ne a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete mo ditlhaketlhakeng tseno ba ne ba itumetse ka tsela ya mmatota. Ba ne ba nthusa go bona sentle gore madi le dilo tse o nang le tsone ga se tsone tse di tla go thusang go bona boitumelo.” Gape o ne a etse tlhoko baithaopi ba ba neng ba bereka le ene mo ditlhaketlhakeng tseno mme o ne a lemoga tsela e ba neng ba kgotsofetse ka yone. Tom a re: “Ba ne ba ka kgona go itirela madi a mantsi fela. Mme ba itlhophetse go baya dilo tsa semoya kwa pele le go tshela botshelo jo bo sa raraanang.” E re ka Tom a ne a tlhotlhelediwa ke dikao tseno, o ne a tlhofofatsa botshelo jwa gagwe gore a kgone go dirisa nako e ntsi a thusa lelapa la gagwe le go dira dilo tsa semoya—selo se a iseng a ko a tsamaye a se ikwatlhaele.

Boitumelo le go Itlotla

Sengwe se se botlhokwa se se tla go thusang go itumela ke go ikutlwa o na le seriti, kgotsa go itlotla. Ka ntlha ya go sa itekanelang ga batho le makoa a a bakwang ke gone, bangwe ba na le pono e e sa siamang ka bone ka bobone, mme mo go ba le bantsi ba bone, maikutlo ano a sa le a simolola ba sa ntse ba le bannye. Go ka nna ga nna thata go fenya maikutlo a a nweleletseng kwa teng, mme gone go a kgonega go a fenya. Selo se se ka go thusang ke go dirisa Lefoko la Modimo.

Baebele e tlhalosa tsela e Mmopi a ikutlwang ka yone ka rona. A pono ya gagwe ga e botlhokwa go feta ya motho le fa e le ofe—tota le e leng go feta ya rona ka borona? Modimo, yo e leng mothofatso ya lorato, o re leba kwantle ga go re tlhaola kgotsa go nna le maikutlo ape a bopeloetlhoi mo go rona. O re leba go ya ka se re leng sone, le go ya ka se re ka kgonang go nna sone. (1 Samuele 16:7; 1 Johane 4:8) Tota e bile o leba ba ba batlang go mo itumedisa ba le botlhokwa thata, ee, ba eletsega, le fa ba ka tswa ba sa itekanela go le kana kang.—Daniele 9:23; Hagai 2:7.

Gone ke boammaaruri gore Modimo ga a itlhokomolose makoa a rona le maleo ape a re a dirang. O lebeletse gore re leke ka natla go dira se se siameng, e bile o a re tshegetsa fa re dira jalo. (Luke 13:24) Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko.” Gape ya re: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema? Gonne o na le boitshwarelo jwa boammaaruri, gore o tle o boifiwe.”—Pesalema 103:13; 130:3, 4.

Ka jalo, ithute go iteba ka tsela e Modimo a go lebang ka yone. Go itse gore o leba ba ba mo ratang e le ba ba eletsegang le gore o a ba tshepa—le fa ba ka tswa ba iteba ba sa tshwanela—go ka thusa thata go dira gore motho a itumele.—1 Johane 3:19, 20.

Tsholofelo—E Botlhokwa Gore Motho a Bone Boitumelo

Kgopolo nngwe ya bosheng jaana e e atileng thata e e bidiwang mogopolo wa go nna le tsholofelo e bontsha gore go solofela dilo tse di molemo, go go bakwang ke go nna le maikutlo a a siameng le go tlhoma matlho fela mo dinonofong tse di molemo tse motho a nang le tsone, go ka dira gore motho a itumele. Batho ba le bantsi ba tla dumela gore go solofela dilo tse di molemo mo botshelong le mo isagweng go dira gore re itumele. Le fa go ntse jalo, go solofela dilo tse di molemo jalo go tshwanetse ga bo go theilwe mo dilong tse di boammaaruri, e seng fela mo dilong tse motho a di akanyang mme a eletsa gore di direge. Mo godimo ga moo, le fa motho a ne a ka solofela dilo tse di molemo go le kana kang kgotsa a akanyetsa dilo ka tsela e e molemo go le kana kang, seo se ka se ka sa fedisa ntwa, tlala, bolwetse, kgotlelo, botsofe kgotsa loso—dilo tse di amogang batho ba le bantsi boitumelo. Le fa go ntse jalo, go solofela dilo tse di molemo le gone go na le mo go thusang gone.

Go a kgatlha go lemoga gore Baebele ga e dirise polelwana go solofela dilo tse di molemo; e dirisa lefoko tsholofelo—lefoko le le maatlanyana go feta polelwana eo. Vine’s Complete Expository Dictionary e tlhalosa “tsholofelo” jaaka fa e dirisiwa mo Baebeleng e le “go lebelela sengwe se se molemo ka tshepo, . . . go lebelela se se molemo o itumetse.” Mo Baebeleng, tsholofelo ga se kgang fela ya go leba boemo ka tsholofelo ya gore bo tla siama. Gape e bua ka selo se tsholofelo ya gago e tlhomilweng mo go sone. (Baefeso 4:4; 1 Petere 1:3) Ka sekai, tsholofelo ya Mokeresete ke gore dilo tsotlhe tse di sa eletsegeng tse di umakilweng mo serapeng se se fetileng di tla tloga di fedisiwa. (Pesalema 37:9-11, 29) Mme e akaretsa se se fetang seo.

Bakeresete ba solofetse nako ya fa batho ba ba ikanyegang ba tla bong ba nna le botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:42, 43) Fa Tshenolo 21:3, 4 e atologa ka tsholofelo eo, e bolela jaana: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

Mongwe le mongwe yo o lebeletseng go bona isagwe e e ntseng jalo o na le lebaka la go itumela, tota le fa maemo a gagwe a gone jaanong a se mantle jaaka fa a ne a ka eletsa. (Jakobe 1:12) Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o sa itlhatlhobele Baebele mme o bone gore ke ka ntlha yang fa o ka kgona go e dumela. Nonotsha tsholofelo ya gago ka go dirisa nakonyana letsatsi le letsatsi o bala Baebele. Go dira jalo go tla go nonotsha semoyeng, go go thusa go tila dilo tse di amogang batho boitumelo, mme go tla dira gore o ikutlwe o kgotsofetse. Ee, selo sa konokono se se tla go thusang go bona boitumelo jwa mmatota ke go dira thato ya Modimo. (Moreri 12:13) Botshelo jo bo theilweng mo go utlweng melao ya Baebele ke botshelo jo bo itumedisang, ka gonne Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:28.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Babuda ba re ga go tlhokege gore motho a dumele mo Modimong.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Boitumelo ga bo ka ke jwa bonwa ka go ikgobokanyetsa mahumo, go itlhaola, kgotsa go ikanya kitso e nnye ya batho

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Botshelo jo bo theilweng mo go utlweng Lefoko la Modimo ke botshelo jo bo itumedisang

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tsholofelo ya Mokeresete e dira gore motho a itumele