Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhoma Mogopolo mo Moyeng Mme o Tshele!

Tlhoma Mogopolo mo Moyeng Mme o Tshele!

Tlhoma Mogopolo mo Moyeng Mme o Tshele!

“Go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo.”—BAROMA 8:6.

1, 2. Baebele e bontsha pharologano efe gareng ga “nama” le “moya”?

GO NNA o le phepa mo boitsholong fa pele ga Modimo ga se kgetsi e potlana mo gare ga batho ba ba tlotlomatsang botshelo jwa go ineelela go kgotsofatsa dikeletso tsa nama. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di bontsha pharologano e kgolo gareng ga “nama” le “moya,” e bile di supa matswela a a botlhoko a a nnang teng fa motho a itetla go laolwa ke nama e e boleo le matswela a a molemo a go ineelela go tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo.

2 Ka sekai, Jesu Keresete o ile a re: “Moya ke one o o nayang botshelo; nama ga e na mosola ka gope. Mafoko a ke a buileng le lona ke moya e bile ke botshelo.” (Johane 6:63) Moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba Galatia jaana: “Nama e kgatlhanong le moya mo keletsong ya yone, le moya o kgatlhanong le nama; gonne tseno di a ganetsana.” (Bagalatia 5:17) Gape Paulo o ile a re: “Yo o jalelang nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalelang moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng.”—Bagalatia 6:8.

3. Ke eng se se tlhokegang gore motho a ikgolole mo dikeletsong le mo ditshekamelong tse di phoso?

3 Moya o o boitshepo wa ga Jehofa—maatla a gagwe a a dirang—o ka fedisa ‘dikeletso tsa senama’ tse di bosula ka katlego le tsela e e sa siamang e nama ya rona e e boleo e re laolang ka yone. (1 Petere 2:11) Gore re ikgolole mo go laolweng ke ditshekamelo tse di phoso, go botlhokwa thata gore re thusiwe ke moya wa Modimo, ka gonne Paulo o ile a kwala jaana: “Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso, mme go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” (Baroma 8:6) Go tlhoma mogopolo mo moyeng go kaya eng?

“Go Tlhoma Mogopolo mo Moyeng”

4. “Go tlhoma mogopolo mo moyeng” go kaya eng?

4 Fa Paulo a ne a kwala kaga go “tlhoma mogopolo mo moyeng,” o ne a dirisa lefoko la Segerika le le kayang “tsela ya go akanya, mogopolo, . . . maikaelelo, go tlhoafalela sengwe, go kgaratlhela sengwe.” Lediri le le amanang le lone le kaya “go akanya, go nna le mogopolo o o rileng.” Ka gone, go tlhoma mogopolo mo moyeng go kaya go laolwa le go tlhotlhelediwa ke maatla a a dirang a ga Jehofa. Go bontsha gore re iketleeditse go letla gore tsela ya rona ya go akanya, ditshekamelo tsa rona le dilo tse re di tlhoafalelang di tlhotlhelediwe gotlhelele ke moya o o boitshepo wa Modimo.

5. Re tshwanetse go dumela go tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go le kana kang?

5 Paulo o ile a gatelela kafa re tshwanetseng go tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo ka teng fa a ne a bua kaga go nna ‘batlhanka ka moya.’ (Baroma 7:6) Ka ntlha ya go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu, Bakeresete ba golotswe mo go laolweng ke boleo mme ka gone ba “sule” malebana le boemo jo ba neng ba le mo go jone pele jwa go nna batlhanka ba jone. (Baroma 6:2, 11) Batho ba ba suleng jalo ka tsela ya tshwantshetso ba sa ntse ba tshela ka tsela ya nama mme jaanong ba gololesegile gore ba ka latela Keresete e le “batlhanka ba tshiamo.”—Baroma 6:18-20.

Phetogo e e Gakgamatsang

6. Ke phetogo efe e e diragalelang batho ba ba nnang “batlhanka ba tshiamo”?

6 Ruri phetogo ya gore batho ba se tlhole e le “batlhanka ba boleo” mme ba direle Modimo e le “batlhanka ba tshiamo” ke e e gakgamatsang tota. Paulo o ile a kwala jaana malebana le batho bangwe ba ba neng ba diragalelwa ke phetogo eno: ‘Lo ne lwa tlhapisiwa lwa nna phepa, lwa itshepisiwa, mme lwa bolelwa lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona.’—Baroma 6:17, 18; 1 Bakorintha 6:11.

7. Ke eng fa go le botlhokwa go leba dilo go ya kafa Jehofa a di lebang ka teng?

7 Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira gore re diragalelwe ke phetogo eo e e gakgamatsang, ke go ithuta tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng mopesalema Dafide o ile a kopa Modimo jaana ka tlhoafalo: “Nkitsise ditsela tsa gago, Jehofa . . . Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute.” (Pesalema 25:4, 5) Jehofa o ne a reetsa Dafide, mme A ka araba le dithapelo tse di ntseng jalo tsa batlhanka ba gagwe ba gompieno. E re ka ditsela tsa Modimo le boammaaruri jwa gagwe di le phepa e bile di le boitshepo, go tlhatlhanya ka tsone go tla re thusa fa re ka raelwa go diragatsa dikeletso tse di sa siamang tsa nama ya rona.

Seabe se se Botlhokwa sa Lefoko la Modimo

8. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re ithute Baebele?

8 Lefoko la Modimo, Baebele, le tlhotlheleditswe ka moya wa gagwe. Ka gone, tsela nngwe e e botlhokwa e re ka dirang gore moya oo o dire mo go rona ka yone ke go bala le go ithuta Baebele—fa go kgonega, letsatsi le letsatsi. (1 Bakorintha 2:10, 11; Baefeso 5:18) Go tlatsa dipelo le megopolo ya rona ka boammaaruri le melaometheo ya Baebele go tla re thusa go nitama fa re tlhaselwa semoyeng. Ee, fa re raelwa go dira boitsholo jo bo sa siamang, moya wa Modimo o ka re gopotsa dikgakololo le melaometheo e e kaelang ya Dikwalo e e ka re nonotshang gore re ikemisetse go dira dilo ka tsela e e dumalanang le thato ya Modimo. (Pesalema 119:1, 2, 99; Johane 14:26) Ka gone, ga re ne re tsietsega re bo re tsaya tsela e e phoso.—2 Bakorintha 11:3.

9. Go ithuta Baebele go nonotsha jang tshwetso ya rona ya go ngomaela kamano ya rona le Jehofa?

9 Fa re ntse re ithuta Dikwalo ka tlhoafalo le ka tlhagafalo re thusiwa ke dikgatiso tse di thailweng mo Baebeleng, moya wa Modimo o tlhotlheletsa dipelo le megopolo ya rona, o dira gore tsela e re tlotlang melao ya ga Jehofa ka yone e gole. Kamano ya rona le Modimo e nna selo se se botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa rona. Fa re lebana le thaelo, ga re letle mogopolo wa rona go tlelwa ke kakanyo ya gore go dira sengwe se se sa siamang go monate. Go na le moo, selo se re amegang ka sone ka nako eo ke gore re ikanyege mo go Jehofa. Go anaanela thata kamano e re nang le yone le ene go re tlhotlheletsa go lwantsha tshekamelo epe fela e e ka e senyang.

“Abo ke Rata Molao wa Gago Jang Ne!”

10. Ke eng fa motho a tlhoka go ikobela molao wa ga Jehofa gore a kgone go tlhoma mogopolo mo moyeng?

10 Fa e le gore re batla go tlhoma mogopolo mo moyeng, ga go a lekana go nna fela le kitso ya Lefoko la Modimo. Kgosi Solomone o ne a itse melao ya ga Jehofa sentle, le fa go ntse jalo, o ile a palelwa ke go e latela mo karolong ya bofelo ya botshelo jwa gagwe. (1 Dikgosi 4:29, 30; 11:1-6) Fa e le gore re batho ba ba lebang dilo ka tsela ya semoya, re tla lemoga gore go botlhokwa go ikobela molao wa Modimo ka pelo yotlhe, e seng fela go itse se Baebele e se bolelang. Seno se bolela gore re sekaseke melao ya ga Jehofa ka kelotlhoko le go leka ka bojotlhe gore re e latele. Mopesalema o ne a na le boikutlo jo bo ntseng jalo. O ne a opela jaana: “Abo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:97) Fa ruri re amegile ka go latela molao wa Modimo, re simolola go nna le dinonofo tsa bomodimo. (Baefeso 5:1, 2) Go na le gore re pheulwe motlhofo fela ke go kgatlhegela go dira se se sa siamang, re tla bontsha maungo a moya, mme keletso ya go itumedisa Jehofa e tla re thusa go fularela “ditiro tsa nama” tse di boikepo.—Bagalatia 5:16, 19-23; Pesalema 15:1, 2.

11. O ka tlhalosa jang tsela e go ikobela molao wa ga Jehofa o o iletsang kgokafalo go re sireletsang ka yone?

11 Re ka dira jang gore re godise tsela e re tlotlang molao wa ga Jehofa le go o rata ka yone? Tsela nngwe ke go sekaseka melemo ya one ka kelotlhoko. Akanya ka molao wa Modimo o o laelang gore batho ba ba nyalaneng e nne bone fela ba ba tlhakanelang dikobo mme o iletsa kgokafalo le boaka. (Bahebera 13:4) A go ikobela molao ono go re tima sengwe se se molemo? A Rre yo o lorato wa selegodimo o ne a ka tlhoma molao o o re timang sengwe se se ka re solegelang molemo? Legoka! Bona fela se se diragalelang bontsi jwa batho ba ba sa tsheleng go ya ka melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Go ima motho a sa batle gantsi go dira gore batho ba ntshe dimpa kana gongwe ba nyalane pele ga nako le go se itumele mo lenyalong. Bontsi jwa bone ba tshwanelwa ke go godisa ngwana kwantle ga monna kana mosadi. Mo godimo ga moo, batho ba ba gokafalang ba itsenya mo kotsing ya go tsenwa ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 6:18) Mme fa motlhanka wa ga Jehofa a gokafala, seno se ka mo ama maikutlo ka tsela e e sa itumediseng. A ka fetsa masigo a sa kgone go robala e bile a kgoberegile maikutlo a leka go gatelela segakolodi se se molato se se mo tshwenyang. (Pesalema 32:3, 4; 51:3) Ka gone, a ga go mo pepeneneng gore molao wa ga Jehofa o o iletsang kgokafalo o diretswe go re sireletsa? Ee, ruri re bona melemo e megolo ka go ipoloka re le phepa mo boitsholong!

Rapelela Thuso ya ga Jehofa

12, 13. Ke eng fa go tshwanela gore re rapele fa re tlelwa ke dikeletso tse di sa siamang?

12 Ruri go tlhoma mogopolo mo moyeng go re tlhoka gore re rapele go tswa pelong. Go a tshwanela gore re kope moya wa Modimo gore o re thuse ka gonne Jesu o ile a re: “Fa lona . . . lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) Fa re rapela, re ka umaka kafa re ikaegileng ka moya ono ka teng gore o re thuse mo makoeng a rona. (Baroma 8:26, 27) Fa re lemoga gore re simolola go nna le dikeletso kana maikutlo a a sa siamang, kana fa modumedikarona yo o lorato a re lemotsha seo, go ka nna molemo fa re ka umaka bothata jono ka tlhamalalo mo dithapelong tsa rona mme ra kopa Modimo gore a re thuse go fenya ditshekamelo tseno.

13 Jehofa a ka re thusa go tlhoma mogopolo wa rona mo dilong tse di siameng, tse di boitsheko, tse di molemo le tse di tlotlegang. Mme a bo go tshwanela jang ne go mo rapela ka tlhoafalo gore “kagiso ya Modimo” e dibele dipelo tsa rona le maatla a rona a go akanya! (Bafilipi 4:6-8) Ka gone, a re rapeleng Jehofa gore a re thuse go “latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo.” (1 Timotheo 6:11-14) Ka thuso ya Rraarona wa selegodimo, ditlhobaelo le dithaelo tsa rona di ka se gole go ya bokgakaleng jwa gore re palelwe ke go di laola. Go na le moo, botshelo jwa rona e tla nna jo bo nang le kagiso e e tswang mo Modimong.

Se Hutsafatse Moya

14. Ke eng fa moya wa Modimo o re tlhotlheletsa go nna phepa?

14 Batlhanka ba ga Jehofa ba ba godileng semoyeng ba dirisa kgakololo ya ga Paulo ka namana: “Lo se ka lwa tima molelo wa moya.” (1 Bathesalonika 5:19) E re ka moya wa Modimo e le “moya o o boitshepo,” o phepa, o itshekile. (Baroma 1:4) Fa re na le moya oo, o tla re tlhotlheletsa go nna boitshepo kana go nna phepa. O re thusa go tshela botshelo jo bo phepa jwa go ikobela Modimo. (1 Petere 1:2) Mokgwa ope fela o o leswe o nyenyefatsa moya oo mme seo se ka felela ka matswela a a sa itumediseng. Jang?

15, 16. (a) Re ka hutsafatsa moya wa Modimo jang? (b) Re ka tila jang go hutsafatsa moya wa ga Jehofa?

15 Ebu, Paulo o ile a kwala jaana: “Lo se ka lwa bo lo hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo, o ka one lo tshwaetsweng letsatsi la go gololwa ka thekololo.” (Baefeso 4:30) Dikwalo di tlhalosa moya wa ga Jehofa e le letshwao, kana ‘sesupo sa se se neng se tla,’ mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang. Mme seo ke botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (2 Bakorintha 1:22; 1 Bakorintha 15:50-57; Tshenolo 2:10) Moya wa Modimo o ka kaela batlodiwa le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya mo lefatsheng go tshela botshelo jwa go ikanyega e bile o ka ba thusa go tila ditiro tsa boleo.

16 Moaposetoloi o ne a tlhagisa malebana le ditshekamelo tsa go bua maaka, go utswa, boitsholo jo bo tlhabisang ditlhong, jalo le jalo. Fa re itetla go kgatlhegela dilo tse di ntseng jalo, re tla bo re dira dilo ka tsela e e kgatlhanong le kgakololo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya. (Baefeso 4:17-29; 5:1-5) Ka gone, ka tsela nngwe re a bo re hutsafatsa moya wa Modimo, mme ruri ga re batle go dira selo se se ntseng jalo. Ka gone, fa mongwe wa rona a ka simolola go itlhokomolosa kgakololo ya Lefoko la ga Jehofa, re ka simolola go nna le maikutlo le mekgwa e e ka felelang ka go dira boleo jwa ka boomo mme ra se ka ra tlhola re amogelwa gotlhelele ke Modimo. (Bahebera 6:4-6) Lefa gone jaanong re ka nna ra bo re sa itlwaetsa go dira boleo, re ka tswa re ya ntlheng eo. Re tla bo re hutsafatsa moya fa re nnela go dira dilo kgatlhanong le kaelo ya one. Gape re tla bo re dipela e bile re hutsafatsa Jehofa, motswedi wa moya o o boitshepo. Le ka motlha ga re batle go dira jalo ka gonne re rata Modimo. Go na le moo, bogolo re ka rapela Jehofa gore a re thuse gore re se ka ra hutsafatsa moya wa gagwe, mme re kgone go tlotlomatsa leina la gagwe le le boitshepo ka go tswelela pele re tlhoma mogopolo mo moyeng.

Tswelela Pele o Tlhoma Mogopolo mo Moyeng

17. Mengwe ya mekgele ya semoya e re ka ipeelang yone ke efe, mme ke eng fa go le molemo go leka go e fitlhelela?

17 Tsela e e molemo thata e e ka re thusang go tswelela re tlhoma mogopolo mo moyeng ke go itlhomela mekgele ya semoya le go lwela go e fitlhelela. Mekgele ya rona e ka akaretsa go tokafatsa mekgwa ya rona ya go ithuta, go oketsa seabe sa rona mo tirong ya go rera, kana go gagamalela tshiamelo e e rileng ya tirelo, e e jaaka bodiredi jwa bobulatsela, tirelo ya Bethele kana tiro ya borongwa, go ikaegile ka maemo a rona. Seno se tla re thusa go tlhoma mogopolo wa rona mo dilong tsa semoya le go re thusa go se ineelele bokoa jwa rona jwa nama kana go gagamalela dikhumo le dikeletso tse di sa dumalaneng le dikwalo tse batho ba di ratang thata mo tsamaisong eno ya dilo. Ruri eno ke tsela e e molemo ya go dira dilo ka gonne Jesu o ile a kgothatsa jaana: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa. Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane lefa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa. Gonne kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.”—Mathaio 6:19-21.

18. Ke eng fa go le botlhokwa jaana gore re tswelele pele re tlhoma mogopolo mo moyeng mo malatsing ano a bofelo?

18 Ruri go botlhale go tlhoma mogopolo mo moyeng le go fenya dikeletso tsa lefatshe mo ‘malatsing ano a bofelo.’ (2 Timotheo 3:1-5) Kana e bile, “lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:15-17) Ka sekai, fa mosha wa Mokeresete a gagamalela mokgele wa tirelo ya nako e e tletseng, seno se ka nna kaelo e e molemo mo dingwageng tse di gwetlhang thata tsa bosha kana tsa go fetela mo bogolong. Fa motho yo o ntseng jalo a gatelelwa go ineela, o tla kgona go nna le pono e e siameng malebana le se a batlang go se fitlhelela mo tirelong ya ga Jehofa. Motho yo o ntseng jalo yo o lebang dilo ka tsela ya semoya o tla bona go se botlhale, tota e bile e le boeleele go letla gore mekgele ya semoya e mo tswe dinaleng fela ka ntlha ya mekgele ya dikhumo kana monate ope fela wa boleo. Se lebale gore Moshe yo o neng a leba dilo ka tsela ya semoya o ne “a kgetha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.” (Bahebera 11:24, 25) E ka ne re basha kana re godile, re tlhopha go dira se se tshwanang fa re tlhoma mogopolo mo moyeng go na le go o tlhoma mo bosaitekanelang jwa rona.

19. Ke melemo efe e re ka nnang le yone fa re tswelela pele re tlhoma mogopolo mo moyeng?

19 “Go tlhoma mogopolo mo nameng go raya bobaba le Modimo,” mme “go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” (Baroma 8:6, 7) Fa re nna re tlhoma mogopolo mo moyeng, re tla nna le kagiso e kgolo. Dipelo tsa rona le maatla a rona a go akanya di tla bo di sireletsegile ka botlalo mo tlhotlheletsong ya go rata boleo ga rona. Re tla kgona go fenya dithaelo tsa go dira se se sa siamang. Mme Modimo o tla re thusa go lepalepana le kgotlhang e e agang e le gone gareng ga nama le moya.

20. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore go a kgonega gore re fenye mo ntweng gareng ga nama le moya?

20 Fa re tswelela pele re tlhoma mogopolo mo moyeng, re tla nna le kamano e e molemo le Jehofa, motswedi wa botshelo le moya o o boitshepo. (Pesalema 36:9; 51:11) Satane Diabolo le baemedi ba gagwe ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go senya kamano ya rona le Jehofa Modimo. Ba leka go laola megopolo ya rona, ka go itse gore fa re ineela, seno kgabagare se tla felela ka bobaba le Modimo le ka loso. Mme gone re ka kgona go fenya mo ntweng eno e e leng gone gareng ga nama le moya. Go ne ga nna jalo ka Paulo, ka gonne fa a ne a kwala a bua ka ntwa ya gagwe ka namana, o ile a simolola ka go botsa jaana: “Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” Go tswa foo o ne a bolela jaana ka boitumelo a bontsha gore go ka kgonega gore motho a namolwe: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Baroma 7:21-25) Le rona re ka leboga Modimo ka Keresete go bo a re diretse tsela ya go re thusa go lepalepana le makoa a rona a bosaitekanelang le go nna re tlhomile mogopolo wa rona mo moyeng ka tsholofelo e e molemolemo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 6:23.

A o A Gakologelwa?

• Go tlhoma mogopolo mo moyeng go kaya eng?

• Re ka letla jang moya wa ga Jehofa go dira mo go rona?

• Tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa go ithuta Baebele, go ikobela molao wa ga Jehofa le go mo rapela fa re ntse re lwantshana le boleo.

• Go itlhomela mekgele ya semoya go ka re thusa jang gore re tswelele re le mo tseleng ya botshelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Go ithuta Baebele go re thusa go fenya fa re tlhaselwa semoyeng

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go siame go rapela Jehofa gore a re thuse go fenya dikeletso tse di sa siamang

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Mekgele ya semoya e ka re thusa go tswelela pele re tlhomile mogopolo mo moyeng