Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Go Nna Kutlo—Ke Thuto e e Botlhokwa mo Baneng?

A Go Nna Kutlo—Ke Thuto e e Botlhokwa mo Baneng?

A Go Nna Kutlo—Ke Thuto e e Botlhokwa mo Baneng?

SETLHOGO sa lokwalodikgang longwe se ne se balega jaana: “Batsadi ba Batla Batho ba ba Tlhomologileng, E seng Bana ba ba Kutlo Fela.” Ntlhanyana e e begilweng eno e ne e theilwe mo patlisisong e e neng e dirilwe kwa New Zealand, e e neng ya bontsha gore ke “diperesente di le 22 fela tsa batho ba ba arabileng ba ba neng ba akanya gore bana ba tshwanetse go rutiwa go nna kutlo kwa gae.” Patlisiso eo e ne ya bega gape gore batsadi gompieno ba dumela gore go botlhokwa thata go ruta bana dilo tse di jaaka maitseo a mantle, go ikemela le go nna le maikarabelo.

Mo motlheng ono wa go itshepa le go ikgatlhegela, ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba sa rate kgang ya go nna kutlo le go e ruta bana. Mme a go nna kutlo ga bana go tshwanetse ga tsewa fela e le selo sa bogologolo se se fetilweng ke nako? Kana a ke nngwe ya dithuto tse di botlhokwa tse bana ba ka di ithutang le go solegelwa molemo ke tsone? Se se botlhokwa le go feta, Jehofa Modimo, Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa, o leba jang kgang ya go nna kutlo mo batsading mme melemo mengwe e e nnang teng ka ntlha ya go nna le kutlo eo ke efe?—Ditiro 17:28; Baefeso 3:14, 15.

“Seno se Siame”

Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Efeso jaana: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame.” (Baefeso 6:1) Ka gone, lebaka le legolo la go nna kutlo jalo ke ka go bo go tsamaisana le molao wa Modimo wa tshiamo. Jaaka Paulo a tlhalosa, “seno se siame.”

Tumalanong le seno, re tlhokomela gore Lefoko la Modimo le tlhalosa kotlhao e e newang ke batsadi ka lorato e le mokgabiso o montle, “serwalo se sentle mo tlhogong ya gago sa dithunya tse di tshophilweng le sebaga se sentle mo molaleng wa gago,” le jaaka sengwe se se “[itumedisang] thata mo Moreneng.” (Diane 1:8, 9; Bakolosa 3:20) Go farologana le seo, go sa utlwe batsadi go dira gore motho a se ka a amogelwa ke Modimo.—Baroma 1:30, 32.

“Gore Dilo di go Tsamaele Sentle”

Paulo o ne a tlhalosa molemo o mongwe wa kutlo fa a ne a kwala jaana: “‘Tlotla rrago le mmago’; se e leng taelo ya ntlha e e nang le tsholofetso: ‘Gore dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.’” (Baefeso 6:2, 3; Ekesodo 20:12) Go utlwa batsadi ba gago go ka dira jang gore dilo di go tsamaele sentle?

Sa ntlha, a ga go boammaaruri gore batsadi ba godile e bile ba na le maitemogelo? Le fa gone go ka bonala ba sa itse sepe ka dikhomputara kana dithuto tse dingwe tse di rutwang kwa sekolong, ba itse mo gontsi ka botshelo le go lebana le mathata a botshelo. Kafa letlhakoreng le lengwe, basha bone ga ba kgone go akanyetsa dilo ka tekatekano e leng selo se motho a kgonang go se dira fa a godile. Ka gone, ba rata go itlhaganelela go dira ditshwetso, gantsi ba ineela mo kgatelelong e e sa siamang ya balekane e gantsi e ba utlwisang botlhoko. Baebele e bolela sentle jaana: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” Seno se ka rarabololwa jang? “Thupa ya kotlhao ke yone e e tla bo tlosetsang kgakala le ene.”—Diane 22:15.

Melemo ya go nna kutlo e feta kgakala botsalano jo ngwana le motsadi ba nang le jone. Gore batho ba utlwane le go gatela pele, ba tshwanetse go dirisana mmogo, e leng selo se ka bosone se tlhokang gore batho ba nne kutlo. Ka sekai, mo lenyalong, go iketleeletsa go ineela, go na le go batla dilo fela le go sa amege ka ditshwanelo le maikutlo a yo mongwe, ke gone go dirang gore go nne le kagiso, kutlwano le boitumelo. Kwa tirong, go botlhokwa gore mothapiwa a ikokobetse gore kgwebo kana tiro le fa e le efe e atlege. Malebana le melao le ditao tsa puso, go nna kutlo ga go dire fela gore motho a se ka a otlhaiwa mme gape go dira gore a babalesege le go sireletsega ka selekanyo se se rileng.—Baroma 13:1-7; Baefeso 5:21-25; 6:5-8.

Gantsi basha ba ba sa ikobeleng taolo e nna bothata mo setšhabeng. Mme go farologana le seo, thuto ya go nna kutlo e motho a e ithutang fa a sa ntse a le ngwana e ka mo thusa thata mo botshelong jwa gagwe jotlhe. A bo go le molemo jang ne go ithuta seno o sa ntse o le ngwana!

Tuelo e Kgolo ya go Nna Kutlo

Go nna kutlo ga go dire fela gore go nne le boitumelo mo dikamanong tsa lelapa le melemo e mengwe e e nnelang ruri mme gape go dira gore motho a nne le motheo o a ka agang botsalano jo bo botlhokwa go gaisa mo go jone—jo bo fa gare ga motho le Mmopi wa gagwe. E re ka ‘Mmopi yo Mogolo’ e le “motswedi wa botshelo”, re tshwanetse go nna kutlo mo go Jehofa Modimo ka botlalo.—Moreri 12:1; Pesalema 36:9.

Lefoko “kutlo” ka dipopego tsa lone tse di farologaneng le tlhaga makgetlo a feta 160 mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, go buiwa thata ka melao, ditaelo, ditaolo, ditshwetso tsa boatlhodi le ditao tsa Modimo, tseo tsotlhe re tlhokang go di ikobela. Ga go na pelaelo epe gore Modimo o tsaya go nna kutlo e le selo se se tlhokegang gore a re amogele. Ee, go nna kutlo ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa tse di ka thusang motho go aga botsalano le Jehofa. (1 Samuele 15:22) Ka maswabi, ka tlholego batho ga ba rate go nna kutlo go na le moo ga ba utlwe. Baebele e bolela jaana: “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Ka gone, motho ga a tshwanela go ithuta go nna kutlo fa a sa ntse a le ngwana fela mme o tshwanetse go dira jalo botshelo jotlhe. Go dira jalo go lere tuelo e kgolo.

Gakologelwa gore jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa, taolo ya go nna kutlo mo batsading e na le tsholofelo e e nang le melemo e mebedi, e leng, gore “dilo di go tsamaele sentle le gore o tle o tshele nako e telele mo lefatsheng.” Tsholofelo eno e tlhomamisiwa sentle mo go Diane 3:1, 2: “Morwaaka, o se ka wa lebala molao wa me, mme a pelo ya gago e boloke ditaelo tsa me, gonne o tla okelediwa boleele jwa malatsi le dingwaga tsa botshelo le kagiso.” Tuelo e kgolo ya bao ba leng kutlo ke go nna le botsalano le Jehofa gone jaanong le go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la kagiso.—Tshenolo 21:3, 4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Go nna kutlo go dira gore go nne le boitumelo mo dikamanong tsa lelapa, kwa tirong mmogo le mo dikamanong tsa motho le Jehofa