Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ikutlwa o Tlhalogantswe ka Tsela E e Sa Siamang?

A o Ikutlwa o Tlhalogantswe ka Tsela E e Sa Siamang?

A o Ikutlwa o Tlhalogantswe ka Tsela E e Sa Siamang?

ANTONIO o ne a tshwenyegile thata. Tsala ya gagwe e kgolo Leonardo o ne a simolola go mo tshela moriti o tsididi ka bonako fela go se na lebaka lepe. * Ka makgetlo a le mmalwa tsala ya ga Antonio e ne e sa arabe fa a e dumedisa mme fa ba le mmogo, go ne go ntse jaaka e kete go na le lebota fa gare ga bone. Antonio o ne a simolola go tshoga gore gongwe o ile a dira kana a bua sengwe se tsala ya gagwe e ileng ya se ka ya se tlhaloganya ka tsela e e siameng. Mme e ka bo e le eng?

Mathata a go tlhaloganya dilo ka tsela e e sa siamang a tlwaelegile. A le mantsi a one ke a a sa reng sepe mme a kgona go baakanngwa motlhofo. A mangwe a kgoba marapo tota, segolobogolo fa batho ba na le maikutlo a a sa siamang a a sa feleng ka wena go sa kgathalesege maiteko otlhe a gago a go a fedisa. Ke eng fa go nna le mathata a go tlhaloganya dilo ka tsela e e sa siamang? A ama jang batho ba ba amegang? Ke eng se o ka se dirang fa ba bangwe ba sa tlhaloganye sengwe se o se dirang? A tota ga go reye sepe gore ba bangwe ba akanya eng ka wena?

Boemo Jo bo Ka se Kang Jwa Tilwa

E re ka batho ba sa kgone go bala megopolo le maitlhomo a rona, go ise go ye kae mongwe o tla tlhaloganya mafoko kana ditiro tsa rona ka tsela e e sa siamang. Go na le ditsela tse dintsi tse di ka dirang gore motho a tlhaloganngwe ka tsela e e sa siamang. Ka dinako tse dingwe, ga re bue dilo ka tsela e e phepafetseng le e e utlwalang sentle e re tshwanetseng go dira ka yone. Medumo e mengwe le dilo tse dingwe tse di itayang tsebe di ka dira gore go nne thata gore ba bangwe ba re reetse ka kelotlhoko.

Go ka nna ga direga gore ditsela dingwe le mekgwa mengwe le yone e tlhaloganngwe ka tsela e e sa siamang. Ka sekai, motho yo o ditlhong, a ka nna a tsewa ka tsela e e sa tshwanelang e le motho yo o seng botsalano kana yo o ikgogomosang. Dilo tse di diragaletseng motho mo nakong e e fetileng di ka nna tsa mo dira gore a tsibogele maemo mangwe ka go tseega maikutlo go na le gore a dire jalo ka tsela e e siameng. Lebaka la go bo go na le pharologano ya ditso le dipuo le bontsha gore kgang ya go tlhaloganya ba bangwe ga e a tshwanela go itlhokomolosiwa. Mo godimo ga moo go na le dipego tse di seng boammaaruri le ditshebo, mme ga go a tshwanela go re gakgamatsa gore ka dinako tse dingwe, dilo tse di builweng kgotsa tse di dirilweng di ka nna tsa tlhaloganngwa ka tsela e e sa siamang go na le e go neng go ikaeletswe gore di tlhaloganngwe ka yone kwa tshimologong. Mme le fa go ntse jalo, seno sotlhe ga se gomotse bao ba akanyang gore maikaelelo a bone a tlhalogantswe ka tsela e e sa siamang.

Ka sekai, Anna o ne a bua sengwe a sa ikaelela sepe se se bosula ka go tuma ga tsala e e neng e seyo. Se a neng a se buile se ile sa buiwa gape ke ba bangwe mme se fetotswe, mme morago ga foo, Anna o ne a gakgamala a bo a tshoga fa tsala eo e ne e mo latofatsa ka bogale ka gore o fufegela go bo a ne a na le botsalano bongwe le tsala nngwe ya gagwe ya motho wa monna. Se Anna a neng a se buile se ne se sa tlhalosiwa sentle gotlhelele, mme maiteko otlhe a a neng a a dira go tlhomamisetsa tsala ya gagwe gore o ne a sa ikaelela go mo utlwisa botlhoko a ne a sa thuse sepe. Boemo joo bo ile jwa baka mahutsana a magolo, mme go ne ga feta nako e telele pele Anna a ne a ka kgona go baakanya bothata jwa go bo a ile a tlhaloganngwa ka tsela e e sa siamang.

Gantsi tsela e batho ba go lebang ka yone e ikaegile ka tsela e ba tlhaloganyang maikaelelo a gago ka yone. Ka gone, ke ga tlholego gore o utlwe botlhoko fa batho ba ka tlhalosa maitlhomo a gago ka tsela e e sa siamang. O ka nna wa galefa, o akanya gore ga go na lebaka lepe la gore ope a go tlhaloganye ka tsela e e sa siamang. Go leba dilo ka tsela e e ntseng jalo ke go tlhoka tekatekano, go tshwaya diphoso e bile ke selo se se sa siamang gotlhelele, mme go ka go utlwisa botlhoko thata—segolobogolo fa e le gore o amega ka se batho ba ba dirang ditatofatso tseo tse di seng tekatekano ba se akanyang.

Le fa gone o ka tswa o kgopisiwa ke tsela e batho ba go atlholang ka yone, o tshwanetse go tlotla tsela e ba bangwe ba akanyang ka yone. Ga se tsela ya Bokeresete go itlhokomolosa se ba bangwe ba se akanyang, mme le ka motlha ga re batle go dira gore mafoko kana ditiro tsa rona di nne le ditlamorago tse di utlwisang ba bangwe botlhoko. (Mathaio 7:12; 1 Bakorintha 8:12) Ka jalo, ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwanela gore o baakanye tsela e e sa siamang e mongwe a go lebang ka yone. Le fa go ntse jalo, go tshwenyegela thata gore a amogele se o se buang ga go ka ke ga nna le matswela, go tla dira gore o latlhegelwe ke seriti kana o ikutlwe o sa ratwe. Gone mme, botlhokwa jwa gago jwa mmatota ga bo a ikaega ka se ba bangwe ba se akanyang.

Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa lemoga gore go tshwaiwa ga gago diphoso go a tshwanela. Seo le sone se ka go utlwisa botlhoko, mme fa o iketleeditse go dumela diphoso tsa gago ka boikanyegi, go diragalelwa ke dilo tse di ntseng jalo go ka go solegela molemo, go go tlhotlheletsa gore o dire diphetogo tse di tlhokegang.

Ditlamorago Tse di sa Itumediseng

Go tlhaloganngwa ka tsela e e sa siamang go ka felela ka ditlamorago tse di masisi kana go ka nna ga se ka ga felela ka tsone. Ka sekai, fa o utlwa monna mongwe a buela kwa godimo mo resetšhurenteng, o ka nna wa swetsa ka gore ke motho yo o ratang batho kana ke mponeng. O ka tswa o le phoso. Motho yo a buang nae a ka tswa a sa kgone go utlwa sentle. Kana gongwe morekisi mongwe o bonala a se botsalano, mme le fa go ntse jalo, gongwe ga a ikutlwe sentle. Le mororo tsela e e ntseng jalo ya go tlhaloganya dilo ka tsela e e sa siamang e ka nna ya dira gore o nne le maikutlo a a sa siamang, maikutlo ao a ka nna a se ka a felela ka ditlamorago tse di masisi kana tse di nnelang ruri. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go sa tlhaloganye dilo ka tsela e e siameng go ka baka kotsi. Akanya ka ditiragalo tse pedi mo hisitoring ya Iseraele wa bogologolo.

Fa Nahashe, kgosi ya Amone e sena go swa, Dafide o ne a romela barongwa ba gagwe go ya go gomotsa morwawe e bong Hanune, yo o neng a simolotse go busa mo boemong jwa ga rraagwe. Le fa go ntse jalo, loeto lwa barongwa lo ile lwa tlhaloganngwa ka tsela e e sa siamang e le lwa bobaba lwa go tla go tlhola naga ya Baamone, e leng selo se se ileng sa dira gore Hanune a tlhabise barongwa bao ditlhong mme go tswa foo a bo a tsosa ntwa kgatlhanong le Iseraele. Ka ntlha ya seo, go ile ga swa bobotlana batho ba ba ka nnang 47 000—e le fela ka ntlha ya go sa tlhaloganye maitlhomo a a siameng.—1 Ditiragalo 19:1-19.

Pelenyana ga foo mo hisitoring ya Iseraele, kgang nngwe e e neng ya tlhaloganngwa ka tsela e e sa siamang e ne ya rarabololwa ka tsela e e farologaneng. Ditso tsa ga Rubene le Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase di ile tsa aga sebeso se se tlhomologileng kwa Nokeng ya Joredane. Baiseraele ba bangwe ba ile ba bona seno e le go sa ikanyege, e le go tsuologela Jehofa. Ka gone ba ne ba phuthega go tla go ba lwantsha. Pele ga ba dira sengwe se se masisi, Baiseraele ba bangwe bano ba ne ba romela barongwa gore ba ye go tlhalosa kafa ba galefileng ka teng ka ntlha ya se ba neng ba akanya gore ke go sa ikanyege. Ba dirile sentle gore ba dire jalo, ka gonne baagi ba sebeso ba ile ba araba ka gore ga ba ikaelela go latlha kobamelo e e itshekileng. Go na le moo, sebeso seo e ne e tla nna segopodiso sa go ikanyega ga bone mo go Jehofa. Bothata jono jwa go tlhaloganya dilo ka tsela e e sa siamang bo ka bo bo ile jwa dira gore go tshololwe madi, mme le fa go ntse jalo, botlhale bo ile jwa thibela ditlamorago tse di maswe jalo.—Joshua 22:10-34.

Baakanya Dilo ka Moya wa Lorato

Go a thusa go bapisa dipego tseno. Kwantle ga pelaelo, go botlhale go rarabolola bothata. Ke mang yo o itseng gore go ile ga sirelediwa matshelo a makae mo tiragalong ya bofelo e go tlotlilweng ka yone, fela ka go bo ba ile ba buisana go tswa matlhakoreng oomabedi? Gantsi matshelo a ka se ka a nna mo kotsing fa o sa tlhaloganya maitlhomo a mmatota a motho yo mongwe sentle, mme le fa go ntse jalo, botsala bo ka nna jwa senyega. Ka gone fa o akanya gore mongwe ga a go tshwara sentle, a o tlhomamisega gore o tlhaloganya dilo ka tsela e tota di ntseng ka yone, kana a o di tlhaloganya ka tsela e e sa siamang? Maikaelelo a motho yoo e ne e le eng? Mmotse. A o akanya gore ga o a tlhaloganngwa ka tsela e e tshwanetseng? Bua ka gone. O se ka wa letla gore boikgogomoso bo go thibele go bua.

Jesu o ne a neela kgakololo e e molemo ya go rarabolola mathata a go sa tlhaloganya dilo ka tsela e e siameng: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” (Mathaio 5:23, 24) Ka gone selo se se siameng se motho a ka se dirang ke go atamela motho kwa thoko, o sa tsenye batho ba bangwe. Go ka se thuse sepe fa motho yo o go kgopisitseng a utlwa pele ka ngongorego ya gago mo mothong o sele. (Diane 17:9) Mokgele wa gago e tshwanetse ya nna go dira kagiso ka moya wa lorato. Tlhalosa bothata o ritibetse, ka mafoko a a utlwalang sentle le a a sa raraanang e bile e se a a latofatsang. Tlhalosa kafa boemo jono bo dirang gore o ikutlwe ka teng. Morago ga foo, reetsa pono ya motho yo mongwe sentle. O se ka wa itlhaganela go akanyetsa motho se se sa siamang. Ikemisetse go naya motho yo mongwe lebaka le le utlwalang la go bo a go tlhalogantse ka tsela e e sa siamang. Gakologelwa, lorato lo “dumela dilo tsotlhe.”—1 Bakorintha 13:7.

Gone ke boammaaruri gore le fa bothata jwa go sa tlhaloganye dilo ka tsela e e sa siamang bo ka rarabololwa, go sa ntse go ka nna ga bo go na le maikutlo a go utlwa botlhoko kana ditlamorago tse di sa itumediseng tse di nnang lobaka lo loleele. Go ka dirwa eng? Mo go tlhokegang teng, go tla bo go siame go kopa maitshwarelo go tswa pelong, le go tsaya kgato epe fela e e ka thusang go baakanya dilo. Mo maemong ano otlhe, motho yo o utlwisitsweng botlhoko o tla bo a dira sentle go latela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:13, 14; 1 Petere 4:8.

Fa fela re sa ntse re le batho ba ba sa itekanelang, go tla nna le bothata jwa go tlhaloganya dilo ka tsela e e sa siamang le go utlwa botlhoko. Mongwe le mongwe a ka dira phoso kana a bua ka tsela e e lebegang e le ya go sa amege kana ya go tlhoka bopelonomi. Baebele e tlhalosa jaana: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” (Jakobe 3:2) E re ka Jehofa Modimo a itse seno sentle, o re file ditaelo tseno: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago, gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla. Gape, o se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong, gore o tle o se ka wa utlwa motlhanka wa gago a go hutsa. Gonne pelo ya gago e itse sentle gore wena, e leng wena, o hutsitse ba bangwe gantsi.”—Moreri 7:9, 21, 22.

“Jehofa o Tlhatlhoba Dipelo”

Go tweng fa e le gore go bonala go sa kgonege go fetola tsela e e sa siamang e motho yo mongwe a go lebang ka yone. O se ka wa kgobega marapo. Tswelela o tlhagolela dinonofo tsa Bokeresete le go di bontsha ka bojotlhe jo o ka kgonang ka jone. Kopa Jehofa gore a go thuse go tokafatsa mo o tlhokang go dira jalo gone. Botlhokwa jwa gago jwa mmatota ga bo a ikaega ka batho ba bangwe. Ke Jehofa fela yo o ka kgonang go “tlhatlhoba dipelo” sentle. (Diane 21:2) Tota le Jesu o ne a tseelwa kwa tlase e bile batho ba ne ba mo nyatsa, mme seo ga se a ka sa ama tsela e Jehofa a mo lebang ka yone. (Isaia 53:3) Le fa gone bangwe ba ka go atlhola ka tsela e e sa siamang, o ka kgona go ‘tshololela pelo ya gago’ mo go Jehofa, o tshepa gore o a go tlhaloganya “gonne Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (Pesalema 62:8; 1 Samuele 16:7) Fa o tswelela ka go dira se se siameng, fa nako e ntse e tsamaya, batho ba ba ileng ba nna le megopolo e e sa siamang ka wena ba ka nna ba lemoga phoso ya bone mme ba fetola pono ya bone.—Bagalatia 6:9; 2 Timotheo 2:15.

A o gakologelwa Antonio, yo o umakilweng mo tshimologong ya setlhogo seno? O ne a ipeta sebete go dirisa kgakololo ya Dikwalo, mme a bua le tsala ya gagwe Leonardo, a mmotsa gore o dirileng se se mo kgopisitseng. Matswela e nnile eng? Leonardo o ne a gakgametse. O ne a araba ka gore Antonio ga a dira sepe se se mo kgopisitseng mme a mo tlhomamisetsa gore o ne a sa ikaelela go itshwara ka tsela epe e e farologaneng mo go ene. Fa e le gore o ne a bonala a se botsalano, gongwe e ne e le fela gore o ne a akantse ka sengwe. Leonardo o ne a kopa maitshwarelo go bo a ile a utlwisa tsala ya gagwe botlhoko a sa ikaelela mme a mo leboga go bo a ile a mo tlhokomedisa ka kgang eno. O ne a oketsa ka gore mo nakong e e tlang, o tla nna kelotlhoko thata gore a se ka a dira gore ba bangwe ba nne le kgopolo e e ntseng jalo. Bothata joo bo ile jwa fela, mme ditsala tse pedi tseo di ile tsa tswelela e ntse e le ditsala tse dikgolo jaaka pele.

Ga go ke go nna monate fa o ikutlwa gore o tlhalogantswe ka tsela e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, fa o dira gotlhe mo o ka go kgonang go baakanya dilo le go dirisa melaometheo ya Dikwalo ya lorato le go itshwarela, go na le kgonego e kgolo ya gore, le wena o ka nna le matswela a a ntseng jalo a a molemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Go dirisitswe maina mangwe a e seng a mmatota mo setlhogong seno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go baakanya dilo ka moya wa lorato le wa go itshwarela go ka felela ka matswela a a itumedisang