Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bona Modiri wa Dilo Tse di Gakgamatsang!

Bona Modiri wa Dilo Tse di Gakgamatsang!

Bona Modiri wa Dilo Tse di Gakgamatsang!

“Ema mme o ele tlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.”—JOBE 37:14.

1, 2. Ka 1922, go ne ga ribololwa eng se se gakgamatsang, mme se ne sa tsibogelwa jang?

MOITHUTAMAROPE le motlotlegi mongwe wa Moesemane ba ne ba feditse dingwaga tse dintsi ba dira mmogo ba senka letlotlo lengwe. Kgabagare ka November 26, 1922, moithutamarope Howard Carter le Motlotlegi Carnarvon ba ne ba bona maduo a matsapa a bone—lebitla la ga Faro Tutankhamen—kwa diphupung tsa bofaro ba Egepeto mo mokgatšheng o o tumileng o o bidiwang Valley of the Kings. Ba ne ba bona kgoro nngwe e e tswetsweng mme ba phunya phatlha mo go yone. Carter o ne a somela kerese mo go yone mme a okomela mo teng.

2 Moragonyana Carter o ile a re: “Fa Motlotlegi Carnarvon a ne a sa tlhole a kgona go itshoka o ne a botsa jaana a swegaswega pelo, ‘A o bona sengwe?’ ke ne ka tshwanelwa ke go kgaratlha tota gore ke kgone go re, ‘Ee, ke bona dilo tse di gakgamatsang.’” Gareng ga diketekete tsa matlotlo a a neng a le mo phupung eo go ne go le lekesi la gouta e e bokete. O ka tswa o ile wa bona dingwe tsa ‘dilo tseno tse di gakgamatsang’ mo dinepeng kana mo musiamong. Mme gone, le fa dilo tseo tse di tshwanelang go ka bewa mo musiamong di ka tswa di gakgamatsa go le kana kang, di tshwanetse tsa bo di sa amane ka gope le botshelo jwa gago. Ka jalo, mma jaanong re bue ka dilo tse di gakgamatsang tse di go amang tota e bile di le botlhokwa mo go wena.

3. Re ka bona kae tshedimosetso malebana le dilo tse di gakgamatsang tse di ka re solegelang molemo?

3 Ka sekai, akanya ka monna yo o tshetseng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, monna yo o neng a tlotlega go feta mogaka ope fela wa difilimi, rametshameko kana motlotlegi ope fela. O ne a bidiwa gore ke monna yo mogolo go gaisa banna botlhe ba Botlhaba. O itse leina la gagwe—ke Jobe. Go ne ga kwalwa buka yotlhe e e feletseng ya Baebele ka ene. Le fa go ntse jalo, mongwe wa batho ba motlha wa ga Jobe, lekawana le le bidiwang Elihu, le ne la ikutlwa le tshwanetse go mo naya kgakololo. Tota e bile, Elihu o ne a re Jobe o ne a lebisitse tlhokomelo thata mo go ene ka namana le mo bathong ba ba neng ba nna le ene. Mo go Jobe kgaolo 37, re fitlhela kgakololo e nngwe e e opang kgomo lonaka le e e molemo e e ka solegelang mongwe le mongwe wa rona molemo tota.—Jobe 1:1-3; 32:1–33:12.

4. Go ne ga tla jang gore Elihu a bue mafoko a a kwadilweng mo go Jobe 37:14?

4 Batho ba bararo ba go ka bong go twe ke ditsala tsa ga Jobe ba ne ba bua ka boleele kaga diphoso tse ba neng ba re Jobe o di dirile kana o di akantse. (Jobe 15:1-6, 16; 22:5-10) Elihu o ile a leta ka bopelotelele go fitlha ba fetsa go bua dilo tseo. Go tswa foo o ile a bua mafoko a a nang le temogo le botlhale. O ile a bua dilo tse dintsi tse di molemo, mme gone, ela tlhoko mafoko ano a a botlhokwa: “Sekegela seno tsebe, wena Jobe; ema mme o ele tlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.”—Jobe 37:14.

Yo o Dirileng Ditiro Tseno

5. “Ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo” tse Elihu a buang ka tsone di akaretsa eng?

5 Ela tlhoko gore Elihu ga a ka a re Jobe a ikele tlhoko, a ele ene Elihu tlhoko kana batho ba bangwe. Elihu ka botlhale o ile a kopa Jobe—le rona—gore re ele tlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa Modimo. O akanya gore polelwana e e reng “ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo” e akaretsa eng? Mo godimo ga moo, ke eng fa o tshwanetse go ela tlhoko ditiro tsa Modimo segolo jang fa o akanya ka ditlhobaelo tsa gago malebana le botsogo, tsa itsholelo, isagwe, lelapa la gago, badirikawena le baagisani ba gago? Ga go pelaelo gore ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa Modimo di akaretsa botlhale jwa gagwe le taolo e a nang le yone mo dilong tse di bopilweng tse re di bonang go re dikologa. (Nehemia 9:6; Pesalema 24:1; 104:24; 136:5, 6) Gore o lemoge seno sentle, ela tlhoko ntlha nngwe mo bukeng ya Joshua.

6, 7. (a) Jehofa o ne a dira ditiro dife tse di gakgamatsang mo motlheng wa ga Moshe le Joshua? (b) O ka bo o ile wa tsiboga jang fa o ka bo o bone nngwe ya ditiragalo tseo tsa motlha wa ga Moshe le Joshua?

6 Jehofa o ne a leretse Egepeto wa bogologolo dipetso mme go tswa foo a fatoganya Lewatle le Lehibidu ka bogare gore Moshe a kgone go golola Baiseraele ba bogologolo. (Ekesodo 7:1–14:31; Pesalema 106:7, 21, 22) Go anelwa tiragalo e e tshwanang le eno mo go Joshua kgaolo 3. Joshua yo e neng e le motlhatlhami wa ga Moshe o ne a tlile go etelela batho ba Modimo pele fa ba kgabaganya metsi a mangwe gape ba bo ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng. Joshua o ile a re: “Iitshepiseng, gonne ka moso Jehofa o tla dira dilo tse di gakgamatsang mo gare ga lona.” (Joshua 3:5) E ne e le dilo dife tse di gakgamatsang?

7 Ebu, pego eno e bolela gore Jehofa o ile a bula metsi ao a Noka ya Joredane e le gore diketekete tsa banna, basadi le bana ba kgone go kgabaganya mo mmung o o omileng. (Joshua 3:7-17) Fa re ne re le gone re lebile noka e bulega le batho bao botlhe ba kgabaganya ka pabalesego, re ka bo re ile ra kgatlhiwa ke go bona tiragalo eo e e gakgamatsang! E ne e bontsha tsela e Modimo a kgonang go laola popo ka yone. Le fa go ntse jalo, gone jaanong jaana—mo motlheng wa rona—go na le dilo tse di gakgamatsang fela jalo. Go bona gore dingwe tsa dilo tseo ke dife le gore ke eng fa re tshwanetse go di ela tlhoko, akanya ka Jobe 37:5-7.

8, 9. Jobe 37:5-7 e re lemotsha ditiro dife tse di gakgamatsang, mme gone, ke eng fa re tshwanetse go akanya ka dilo tseno?

8 Elihu o ile a re: “Modimo o duma jaaka tumo ya maru ka lentswe la gagwe ka tsela e e gakgamatsang, o dira dilo tse dikgolo tse re ka se di itseng.” Elihu o ne a akantse eng fa a re Modimo o dira dilo “ka tsela e e gakgamatsang”? Ebu, o bua ka kapoko le go na ga pula e kgolo. Dilo tseno di ka emisa tiro ya molemi mo tshimong di mo naya nako le lebaka la go akanya ka ditiro tsa Modimo. Re ka tswa re se balemi, mme gone pula le kapoko di ka re ama. Mme le rona pula le kapoko di ka kgoreletsa ditiro tsa rona go ikaegile ka gore re nna kae. A re ipha nako ya go akanya ka yo o dirileng dilo tseno tse di gakgamatsang le ka se di se bolelang? A o kile wa go dira?

9 Fa re bala Jobe kgaolo 38 re lemoga gore Jehofa Modimo ka boene o ile a bua ka kgang e e tshwanang fa a ntse a botsa Jobe dipotso tse di botlhokwa. Le fa Mmopi wa rona a ne a lebisitse dipotso tseno mo go Jobe, ruri le rona di ama maikutlo a rona, go nna gone ga rona le isagwe ya rona. Ka gone, mma re sekaseke se Modimo a ileng a se botsa mme re akanye ka bokao jwa sone, ee, a re direng se Jobe 37:14 e re kgothaletsang go se dira.

10. Jobe kgaolo 38 e tshwanetse go re ama jang, mme e botsa dipotso dife?

10 Kgaolo 38 e simolola jaana: “Jehofa a araba Jobe go tswa mo sefefong a re: ‘Ke mang yono yo o fifatsang kgakololo ka mafoko a a se nang kitso? Ikgatlhe lotheka, tsweetswee, jaaka monna yo o nonofileng, mma ke go botse, mme o nkitsise.’” (Jobe 38:1-3) Seno se ne sa dira gore Jobe a ipaakanyetse go reetsa. Se ne sa mo thusa gore a baakanye tsela ya gagwe ya go akanya gore e lemoge gore o ne a eme fa pele ga Mmopi wa lobopo le gore o ne a ikarabela mo go ene. Le rona ke selo se se molemo go se dira, rona le batho ba motlha wa rona. Go tswa foo Modimo o ne a umaka dingwe tsa dilo tse Elihu a ileng a di umaka. “O ne o le kae fa ke thaya lefatshe? Mpolelele, fa o tlhaloganya. Ke mang yo o tlhomileng dilekanyo tsa lone, fa e le gore o a itse, kgotsa ke mang yo o otlololetseng thapo e e lekanyang mo godimo ga lone? Metheo ya lone e e khuti e nweditswe mo go eng, kgotsa ke mang yo o beileng leje la lone la sekhutlo?”—Jobe 38:4-6.

11. Jobe 38:4-6 e tshwanetse go re lemotsha eng?

11 Jobe o ne a le kae—kgotsa ope fela wa rona—fa lefatshe le nna gone? A ke rona ba re neng re le batlhami ba dipolane tsa lefatshe mme go tswa mo dipolaneng tseo a ke rona ba re neng ra tlhoma dilekanyo tsa lone jaaka e kete ka rula kgotsa setlhamalatsi? Legoka! Batho ba ne ba ise ba nne gone ka nako eo. Modimo o botsa jaana jaaka e kete lefatshe la rona e ne e le kago: “Ke mang yo o beileng leje la lone la sekhutlo?” Re a itse gore lefatshe la rona le beilwe sekgala se se lekaneng sentle go tswa mo letsatsing gore re kgone go tshela. Gape le bogolo jo bo lekaneng. Fa lefatshe le ka bo le le legolo go sekae, gase ya haeterojene e ne e se kitla e kgona go tswa mo loaping lwa rona mme polanete ya rona e ne e se kitla e nna lefelo le le siametseng gore go ka tshelwa mo go lone. Ga go pelaelo gore, mongwe o ne a ‘baya leje la lone la sekhutlo’ mo lefelong le le tshwanetseng. A Jobe o ne a tshwanelwa ke go tlotlomalediwa seno? A rona go a re tshwanela? A kgotsa ga se Jehofa Modimo yo o tshwanelwang ke seo?—Diane 3:19; Jeremia 10:12.

Ke Motho Ofe yo o Nang le Dikarabo?

12. Potso e e bodiwang mo go Jobe 38:6 e re dira gore re akanye ka eng?

12 Gape Modimo o ne a botsa jaana: “Metheo ya lone e e khuti e nweditswe mo go eng?” A seo ga se potso e e tshwanelang? Re ka tswa re itse lereo le Jobe a neng a sa le itse—maatlakgogedi. Bontsi jwa rona re a itse gore maatlakgogedi a a tswang mo letsatsing a boloka lefatshe la rona le le mo maemong a lone, metheo ya lone e e khuti e nweditswe jaaka fa re ka rialo. Mme gone, tota ke mang yo o tlhaloganyang maatlakgogedi ka botlalo?

13, 14. (a) Re tshwanetse go dumela eng malebana le maatlakgogedi? (b) Re tshwanetse go tsibogela jang seemo se Jobe 38:6 e se tlhalosang?

13 Buka e e sa tswang go gatisiwa bosheng jaana ya setlhogo se se reng The Universe Explained e a dumela gore ‘maatlakgogedi ke maatla a tlholego a a itsegeng go gaisa otlhe mme e le a a sa tlhaloganngweng sentle go gaisa otlhe.’ E oketsa jaana: “Go bonala maatlakgogedi a lefatshe a kgabaganya lefaufau ka ponyo ya leitlho a dira jalo go sa bonale gore a tsamaya ka eng. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, bomankge ba fisikisi ba simolotse go fopholetsa gore maatlakgogedi a ka tswa a tsamaisiwa ka makhubu a a dirilweng ka dikarolwana tse di bidiwang di-graviton . . . Mme gone ga go motho ope yo o tlhomamisegang gore a di teng.” Akanya gore seo se bolelang.

14 Saense e gatetse pele ka dingwaga di le 3 000 fa e sa le Jehofa a botsa Jobe dipotso tseo. Le fa go ntse jalo, bomankge ba fisikisi kgotsa rona ga re kgone go tlhalosa ka botlalo maatlakgogedi a a bolokang lefatshe la rona le le mo bonnong jwa lone jo bo tshwanetseng gore re kgone go itumelela go tshela mo go lone. (Jobe 26:7; Isaia 45:18) Seno ga se reye gore rotlhe re dire dipatlisiso tse di tseneletseng go sekaseka masaitsiweng a maatlakgogedi. Go na le moo, go ela tlhoko le e leng karolo eno e le nngwe ya ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo go tshwanetse ga tlhotlheletsa tsela e re mo lebang ka yone. A o gakgamadiwa ke botlhale le kitso tse a nang le tsone, e bile a o kgona go lemoga lebaka la go bo re tlhoka go ithuta go le gontsi ka thato ya gagwe?

15-17. (a) Jobe 38:8-11 e ne ya bua thata ka eng, mme seno se dira gore go bodiwe dipotso dife? (b) Go tshwanetse ga dumelwa eng malebana le kitso kaga mawatle le go nama ga one mo lefatsheng?

15 Mmopi o ne a tswelela pele a botsa: “Ke mang yo o thibetseng lewatle ka dikgoro, le le neng la tswa jaaka e kete le pomponyega go tswa mo sebopelong; fa ke ne ke baya leru go nna seaparo sa lone le letobo le lentshontsho jaaka letsela le le hapang, mme ka le tlhomela molao wa me ka ba ka tlhoma mophakalego le dikgoro, mme ka tswelela ka re, ‘O ka tla bokgakala jo bo kana, mme e seng go feta; mme bona, makhubu a gago a a tlotlometseng a lekanyeditswe’?”—Jobe 38:8-11.

16 Go thibela lewatle go akaretsa dikontinente, mawatle a magolo le makhubu. Motho o na le lobaka lo lokae a etse dilo tseno tlhoko le go ithuta ka tsone? O na le dingwaga di le diketekete—mme mo lekgolong la dingwaga le le fetileng o dirile jalo ka tsela e e tseneletseng. O ka nna wa akanya gore bontsi jwa dilo tse re tshwanetseng go di itse ka tsone di setse di tlhomamisitswe jaanong. Le fa go ntse jalo, mo ngwageng ono wa 2001, fa o ka sekaseka kgang eno mo dilaeboraring tse dikgolo kana wa dirisa sedirisiwa sa dipatlisiso se segolo sa Internet go bona dintlha tsa bosheng, o tla fitlhela eng?

17 Mo bukeng nngwe ya ditshupiso e e ratiwang thata o tla fitlhela mafoko ano: “Go nama ga boalo jwa dikontinente le ga madutelo a mawatle mo boalong jwa lefatshe le go nama ga dipopego dingwe tse dikgolo tsa lefatshe ga go bolo go nna mangwe a mathata a a akabatsang borasaense thata a ba ntseng ba batlisisa ka one le go a fopholetsa.” Fa e sena go bolela jalo, saetlopedia eno e e sa tswang go nopolwa e ntsha dilo di le nnè tse di ka tswang e le tlhaloso ya dilo tseno mme e bo e bolela gore ditlhaloso tseno ke “dingwe tsa dilo tse dintsi tse di fopholediwang.” Jaaka fa o ka tswa o itse, go fopholetsa “ke go tlhalosa sengwe ka tsela e e ka nnang ya fetolwa ka gonne go se na bosupi jo bo lekaneng.”

18. Jobe 38:8-11 e go dira gore o dire tshwetso efe?

18 A seno ga se bontshe kafa dipotso tse re di balang mo go Jobe 38:8-11 di tshwanelang ka teng? Ga go na pelaelo gore ga se rona ba re tshwanetseng go bakwa malebana le go rulaganngwa ga dilo tseno tsotlhe mo polaneteng ya rona. Ga se rona ba re ileng ra tlhoma ngwedi mo mannong a yone gore maatlakgogedi a yone a dire gore go nne le makhubu a gantsi go se keng go direga gore a re khurumetse kana a khurumetse mabopo a rona. O a itse gore ke mang yo o dirileng dilo tseno, Modiri wa dilo tse di gakgamatsang.—Pesalema 33:7; 89:9; Diane 8:29; Ditiro 4:24; Tshenolo 14:7.

Naya Jehofa Tlotlo E e Mo Tshwanetseng

19. Mafoko a poko a a mo go Jobe 38:12-14 a lebisa tlhokomelo ya rona mo dilong dife tse re di bonang?

19 Batho e ka se ka ya nna bone ba ba tlotlomalediwang go dikologa ga lefatshe go go kaiwang mo go Jobe 38:12-14. Go dikologa gono ga lone go dira gore go nne le tlhabo ya letsatsi e gantsi e leng ntle thata. Fa letsatsi le ntse le tlhaba, dipopego tsa lefatshe la rona di nna di bonala sentle, fela jaaka mmopa o o nnang o fetoga ponalo ya one fa letshwao le gatelelwa mo go one. Fa re ela tlhoko go sekae motsamao wa lefatshe, re tla gakgamadiwa ke gore lefatshe ga le dikologe ka bofefo thata, e leng se se neng se ka nna kotsi, jaaka fa re ka lemoga. E bile ga le dikologe ka bonya thata go dira gore matsatsi le masigo a nne maleele thata e leng se se neng se ka dira gore go nne mogote o o feteletseng le botsididi jo bo neng bo ka dira gore go se kgonege go tshela mo go lone. Ruri re tshwanetse go itumelela gore Modimo ke ene yo o tlhomileng lobelo lwa go dikologa ga lefatshe e seng batho bangwe.—Pesalema 148:1-5.

20. O ka araba jang dipotso tse di bodiwang mo go Jobe 38:16, 18?

20 Jaanong akanya o utlwa Modimo a go botsa jaana go ya pele: “A o tlile mo metsweding ya lewatle, kgotsa a o ile wa tsamayatsamaya o batla bodiba jo bo boteng jwa metsi?” Tota le moithutalewatle a ka se ka a kgona go araba ka botlalo! “A o akanyeditse ka botlhale dibaka tse di atlhameng tsa lefatshe? Bolela, fa e le gore o go itse gotlhe.” (Jobe 38:16, 18) A o setse o kile wa etela le go sekaseka dikarolo tsotlhe tsa lefatshe, kgotsa le fa e le bontsi jwa tsone? Go etela mafelo otlhe a mantle le a a gakgamatsang a lefatshe go ne go ka tlhoka motho gore a tshele lobaka lo lo kana kang? Mme a bo e ne e tla nna dinako tse di monate jang ne!

21. (a) Dipotso tse di mo go Jobe 38:19 di ka tsosa dikakanyo dife tsa saense? (b) Kgang ya lesedi e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

21 Gape leba dipotso tse di tseneletseng tse di mo go Jobe 38:19: “E kae jaanong, tsela e e yang kwa lesedi le agileng gone? Fa e le lefifi lone, le kae jaanong lefelo la lone?” O ka tswa o itse gore e setse e le lobaka lo loleele go bolelwa gore lesedi le tsamaya jaaka lekhubu, jaaka makhujwana a re ka a lebelelang mo mogobeng. Mme ka 1905, Albert Einstein o ile a tlhalosa gore lesedi le ntse jaaka diphuthelwana kana manathwana a maatla. A seo se ne sa rarabolola kgang? Ebu, saetlopedia nngwe ya bosheng e botsa jaana: “A lesedi ke lekhubu kana ke lenathwana?” E araba jaana: “Go bonala [lesedi] e ka se ka ya nna sepe sa dilo tseno ka gonne dilo tseno ka bobedi [makhubu le manathwana] di farologane thata. Karabo e e botoka thata ke gore re re lesedi ga se sepe fela sa dilo tseno.” Le fa go ntse jalo, re nna re thutafadiwa ke lesedi la letsatsi (ka tlhamalalo le e seng ka tlhamalalo) tota le fa go ise go nne le motho ope yo o kgonang go tlhalosa ditiro tsa Modimo ka botlalo mo kgannyeng eno. Re itumelela dijo le okosejene tse di nnang gone ka ntlha ya go bo dimela di dirisa lesedi leno. Ka lone re kgona go bala, go bona difatlhego tsa baratiwa ba rona le go leba phirimo ya letsatsi le dilo tse dingwe tse dintsi. Fa re ntse re dira jalo, a seno ga se a tshwanela go dira gore re anaanele ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo?—Pesalema 104:1, 2; 145:5; Isaia 45:7; Jeremia 31:35.

22. Dafide wa bogologolo o ile a tsibogela jang ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo?

22 A lebaka la go tlhatlhanya ka ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa ke fela gore di re kgatlhe, re sale re akabetse jaaka e kete di re jesa kgakge? Nnyaa. Mopesalema wa bogologolo o ile a dumela gore ga go kgonege gore re ka tlhaloganya ditiro tsotlhe tsa Modimo le go di tlhalosa. Dafide o ile a kwala jaana: “O dirile dilo di le dintsi, wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang . . . Fa ke ne nka sekamela go di bolela le go bua ka tsone, di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.” (Pesalema 40:5) Le fa go ntse jalo o ne a sa bolele gore o ne a tla nna a didimetse fela a sa bue ka ditiro tseno tse dikgolo. Dafide o ile a supa seno ka go ititaya sehuba jaaka go tlhalosiwa mo go Pesalema 9:1: “Ke tla go baka, wena Jehofa, ka pelo ya me yotlhe; ke tla bolela ditiro tsa gago tsotlhe tse di gakgamatsang.”

23. O tsibogela jang ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo mme o ka thusa ba bangwe jang?

23 A le rona ga re a tshwanela go tlhotlheletsega jalo? A tsela e re gakgamadiwang ke ditiro tse di molemo tsa Modimo ka yone ga ya tshwanela go re tlhotlheletsa go bua ka ene, ka dilo tse a di dirileng le tse a sa ntseng a tla di dira? Karabo e mo pepeneneng—re tshwanetse go “[bolela] kgalalelo ya gagwe mo ditšhabeng, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo ditšhabeng tsotlhe.” (Pesalema 96:3-5) Ee, re ka bontsha tsela e re anaanelang ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo ka yone ka boikokobetso ka go nna re itsise batho ba bangwe dilo tse re ithutileng tsone ka ga gagwe. Tota le fa ba goletse mo bathong ba ba sa dumeleng mo Mmoping, tsela e e molemo le e e utlwalang sentle e re buang le bone ka yone e ka nna ya dira gore ba lemoge gore go na le Mmopi. Mo godimo ga moo, go ka nna ga ba tlhotlheletsa gore ba batle go ithuta ka yo o ‘bopileng dilo tsotlhe,’ Jehofa, Modiri wa ditiro tse di gakgamatsang, le go batla go mo direla.—Tshenolo 4:11.

O ka Araba Jang?

• Kgothatso e e mo go Jobe 37:14 e dira gore o akanye ka ditiro dife tsa Modimo?

• Dingwe tsa dilo tse go buiwang thata ka tsone mo go Jobe 37 le 38 tse saense e sa kgoneng go di tlhalosa ka botlalo ke dife?

• O ikutlwa jang ka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo, mme seo se go tlhotlheletsa go dira eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ke mang yo o thibetseng lewatle ka dikgoro a le boloka mo mannong a lone?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ke mang yo o kileng a etela mafelo otlhe a mantle a lefatshe la rona, a Modimo o a bopileng?