Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Itshokelang Maikutlo A a Sa Siamang ka Teng

Kafa o ka Itshokelang Maikutlo A a Sa Siamang ka Teng

Kafa o ka Itshokelang Maikutlo A a Sa Siamang ka Teng

● Asafe o ne a ngongorega jaana: “Eleruri ke ntlafaditse pelo ya me lefela ka ba ka tlhapela diatla tsa me lefela mo go tlhokeng molato. Ke ne ka lerediwa sebetso letsatsi lotlhe, mme kotlhao ya me e tla moso le moso.”—Pesalema 73:13, 14.

● Baruke o ne a hutsafala jaana: “A bo go latlhega nna, gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka khutsafalo! Ke lapile ka ntlha ya go fegelwa ga me, mme ga ke a bona lefelo lepe la boikhutso.”—Jeremia 45:3.

● Naomi o ne a lela jaana: “Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata. Ke ne ke tletse fa ke tsamaya, mme Jehofa o dirile gore ke boe ke iphotlhere. Lo tla bo lo mpiletsang Naomi, ka e le fa Jehofa e le ene a nkokobeditseng e bile e le Mothatayotlhe yo o mpaketseng masetlapelo?”—Ruthe 1:20, 21.

BAEBELE e na le dikao tse dintsi tsa baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa bao ka dinako tse dingwe ba ileng ba utlwa ba fekeediwa ke maikutlo a go kgobega marapo. Boammaaruri ke gore jaaka batho ba ba sa itekanelang rotlhe re a tle re nne le maikutlo a a ntseng jalo nako le nako. Bangwe ba rona ba kgobega marapo thata—gongwe e le go ya bokgakaleng jwa gore re ikutlwele botlhoko—go feta ba bangwe e le ka go bo re ile ra tlelwa ke masetlapelo.

Le fa go ntse jalo, fa maikutlo ano a sa laolwe, a ka senya botsala jwa rona le ba bangwe mmogo le botsala jwa rona le Jehofa Modimo. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o ratang go ikutlwela botlhoko o dumela jaana: “Ke ne ka gana ditaletso tse dintsi tsa go ya boitapolosong ka gonne ke ne ke akanya gore ga ke tshwanelege go nna mmogo le batho ba ba mo phuthegong.” A bo maikutlo a a ntseng jalo a ka nna le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko jang ne mo botshelong jwa motho! Ke eng se o ka se dirang go a lwantsha?

Atamela Jehofa

Mo go Pesalema 73, Asafe o ne a kwala a sa fitlhe sepe ka kakabalo ya gagwe. Fa a bapisa bothata jwa gagwe le botshelo jo bo manobonobo jwa batho ba ba boikepo, o ne a fufega. O ne a tlhokometse gore batho ba ba boikepo ba a ikgogomosa e bile ba bogale, mme go bonala go sa direge sepe ka bone. Go tswa foo Asafe o ne a belaela botlhokwa jwa go tswelela a latela tsela e e siameng.—Pesalema 73:3-9, 13, 14.

A le wena jaaka Asafe, o ile wa lemoga se se bonalang e le go atlega ga batho ba ba boikepo bao ba ipelafatsang ka bosula jwa bone? Asafe o ile a itshokela jang maikutlo a gagwe a a sa siamang? O tswelela jaana: “Ke ne ka nna ka akanya gore ke tle ke itse seno; e ne e le matshwenyego mo matlhong a me, go fitlha ke tla mo lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo. Ke ne ke batla go lemoga isagwe ya bone.” (Pesalema 73:16, 17) Asafe o ne a tsaya dikgato tse di siameng ka go leba mo go Jehofa ka thapelo. Fa re dirisa mafoko a moragonyana a ileng a dirisiwa ke moaposetoloi Paulo, Asafe o ne a gatelela “motho wa nama” ka go tsosa “motho wa semoya” mo teng ga gagwe. Ka pono e ntšha ya semoya, o ne a tlhaloganya gore Jehofa o ila bosula le gore ka nako e e tshwanetseng batho ba ba boikepo ba tla otlhaiwa.—1 Bakorintha 2:14, 15.

A bo go le botlhokwa jang ne go letla Baebele e go thusa go tlhoma mogopolo mo go se botshelo e leng sone tota! Jehofa o re gakolola gore ga se gore ga a bone se batho ba ba boikepo ba se dirang. Baebele e ruta jaana: “Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape  . . Jalo a re se leseng go dira se se molemo.” (Bagalatia 6:7-9) Jehofa o tla baya baikepi “mo lefelong le le boreledi”; o tla dira gore “ba we ba nne marope.” (Pesalema 73:18) Kgabagare go tla rena tshiamiso ya Modimo.

Thulaganyo e e tswelelang pele ya go ja dijo tsa semoya mo tafoleng ya ga Jehofa le botsala jo bo phepa le batho ba Modimo e tla go thusa go nonotsha tumelo ya gago le go fenya go kgobega marapo kana maikutlo a mangwe a a sa siamang. (Bahebera 10:25) Jaaka Asafe, ka go nna gaufi le Modimo, a ka go tshegetsa ka lorato. Asafe o tswelela jaana: “Ke na le wena ka metlha; o tshwere seatla sa me sa moja. O tla nkgoga ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkisa kgalalelong.” (Pesalema 73:23, 24) Mokeresete mongwe yo o neng a sotliwa fa a ne a le ngwana o ne a ithuta botlhale jwa mafoko ano. O bolela jaana: “Go nna gaufi le phuthego go ile ga dira gore ke lebe botshelo ka tsela e e farologaneng. Ke ne ka bona sentle gore bagolwane ba Bakeresete ba ne ba le lorato, gore e ne e se mapodise go na le moo e ne e le badisa.” Ee, bagolwane ba Bakeresete ba ba kutlwelobotlhoko ba na le seabe se se botlhokwa mo go fediseng maikutlo a a senyang.—Isaia 32:1, 2; 1 Bathesalonika 2:7, 8.

Amogela Kgakololo ya ga Jehofa

Baruke, mokwaledi wa ga moporofeti Jeremia, o ne a hutsafala ka ntlha ya tiro ya gagwe e e neng e dira gore a tshwenyege mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, Jehofa ka bopelonomi o ne a dira gore Baruke a bone boammaaruri. “‘Fa e le wena, o nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla. Gonne bona, ke tlisa masetlapelo mo nameng yotlhe,’ go bua Jehofa, ‘mme ke tla go naya moya wa gago e le thopo mo mafelong otlhe a o tla yang kwa go one.’”—Jeremia 45:2-5.

Jehofa o ne a tlhalosa ka puo e e tlhamaletseng gore bopelotshetlha jwa ga Baruke ke jone jo bo dirang gore a betwe ke pelo. Baruke o ne a sa kgone go itumelela tiro e Modimo a neng a mo e file mme ka nako e e tshwanang a ipatlela dilo tse dikgolo. Le wena o ka fitlhela gore kgato e e siameng tota ya go fenya go kgobega marapo ke go tila dilo tse di go itayang tsebe mme o nne le kagiso ya mogopolo e e nnang teng ka ntlha ya go nna le kgotsofalo ya bomodimo.—Bafilipi 4:6, 7.

Naomi wa motlholagadi ga a ka a letla go ngomoga pelo go dira gore a se ka a tswa kwa Moaba fa monna wa gagwe le barwa ba gagwe ba swa. Le fa go ntse jalo, go na le bosupi jwa gore ka nakonyana o ne a utlwile botlhoko thata ka ntlha ya gagwe le ka ntlha ya betsi ba gagwe ba babedi. Fa Naomi a ba laela gore ba tsamaye o ne a bolela jaana: “Ka ntlha ya lona, go botlhoko thata mo go nna go bo seatla sa ga Jehofa se ntsogologetse.” Mme fa a fitlha gape kwa Bethelehema, o ne a bua jaana a gatelela: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi [“Boitumelo Jwa Me”]. Lo mpitse Mara [“Botlhoko”] ka gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata.”—Ruthe 1:13, 20.

Le fa go ntse jalo, Naomi ga a ka a ikgogona ka ntlha ya khutsafalo—mo go Jehofa le batho ba gagwe. Fa a ne a le kwa Moaba o ne a utlwile gore “Jehofa o lebisitse tlhokomelo mo bathong ba gagwe ka go ba naya senkgwe.” (Ruthe 1:6) O ne a tlhaloganya gore lefelo le le mo siametseng ke go nna le batho ba ga Jehofa. Morago ga foo Naomi o ne a boela Juda le ngwetsi ya gagwe e bong Ruthe mme o ne a kaela Ruthe ka kelotlhoko gore a itshware jang mo go mongwe wa losika lwa bone e bong Boase, morekolodi wa gagwe.

Ka mo go tshwanang gompieno, batho ba ba ikanyegang ba ba ileng ba latlhegelwa ke balekane ba bone ka ntlha ya loso ba itshokela go ngomoga pelo ka katlego ka go tshwarega mo phuthegong ya Bokeresete. Jaaka Naomi, ba nna ba ikotla ka dilo tsa semoya, ba bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.

Melemo ya go Dirisa Botlhale Jwa Bomodimo

Dipego tseno tsa Baebele di naya motho temogo ya gore o ka lebana jang le ditlamorago tsa maikutlo a a sa siamang. Asafe o ne a batla thuso kwa lefelong la ga Jehofa la kobamelo mme a letela Jehofa ka bopelotelele. Baruke o ne a reetsa kgakololo ya go tila go itewa tsebe ke dilo tse di bonalang. Naomi o ne a nna a tshwaregile mo gare ga batho ba ga Jehofa, a baakanyetsa lekgarebana Ruthe ditshiamelo tse a tla nnang natso mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri.—1 Bakorintha 4:7; Bagalatia 5:26; 6:4.

O ka fenya go kgobega marapo le maikutlo a mangwe a a sa siamang ka go akanya ka diphenyo tse Jehofa a ileng a di naya batho ba gagwe, motho ka namana le ba le setlhopha. Go dira jalo, tlhatlhanya ka sesupo se segolo sa ga Jehofa sa lorato sa go go neela setlhabelo sa thekololo. Anaanela lorato lwa boammaaruri lwa bokaulengwe jwa Bokeresete. Tlhoma mogopolo wa gago mo botshelong jwa gago mo lefatsheng la Modimo le lesha le le gaufi. Mme e kete o ka arabela jaana jaaka Asafe: “Fa e le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna. Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa, gore ke bolele ditiro tsotlhe tsa gago.”—Pesalema 73:28.