Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Kotsi e e Bofitlha mo Boitekanelong Jwa Setšhaba”

“Kotsi e e Bofitlha mo Boitekanelong Jwa Setšhaba”

“Kotsi e e Bofitlha mo Boitekanelong Jwa Setšhaba”

PATLISISO nngwe ya bosheng e e malebana le go leba tlhakanelodikobo mo khomputareng e ile ya bontsha gore palo e e gakgamatsang e e kana ka nngwe tharong ya bagolo ba ba dirisang Internet kwa United States ba ile ba bula mofuta mongwe wa thulaganyo ya tlhakanelodikobo. Gone jaanong batho ba le bantsi ba ineela mo dikeletsong tsa bone tsa tlhakanelodikobo ka go dirisa Internet. Dr. Al Cooper, yo e leng moithutatlhaloganyo yo o neng a dira patlisiso eno o bolela jaana: “Se ke go runya ga kotsi e e sa iponatsheng tota mo boitekanelong jwa setšhaba, gareng ga tse dingwe e le ka gonne ke batho ba sekae fela ba ba lemogang gore go kotsi kana ba ba tsayang gore go masisi go le kana kang.”

Ke bomang ba ba leng mo kotsing ya tlhakanelodikobo eno e e laolwang ka khomputara? Dr. Cooper o bolela jaana: “Ke batho ba ba dirisang khomputara bao dikeletso tsa bone tsa go tlhakanela dikobo di ntseng di gateletswe e bile di sa dire thata mo botshelong jwa bone jotlhe,” mme e re “ka tshoganyetso fela ba bone ditshono tse dintsintsi tsa tlhakanelodikobo” mo teng ga Internet.

Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba ratang go bula dithulaganyo tsa khomputara tsa tlhakanelodikobo ba tsaya gore mokgwa ono ga o kotsi. A go ntse jalo? Fela jaaka motho yo o tshwakgotsweng ke diokobatsi a tlwaela seokobatsi se se mo tshwakgolang, batho ba bantsi ba ba tshwakgotsweng ke tlhakanelodikobo ya mo khomputareng le bone ba batla “selekanyo” se se oketsegileng sa tlhakanelodikobo mo Internet gore ba tle ba kgotsofatse dikeletso tsa bone. Ebu, ba ka nna ba bo ba ya bokgakaleng jwa go latlhegelwa ke tiro ya bone kana kamano ya bone le balekane ba bone!

Le fa go ntse jalo, batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ba na le lebaka le le oketsegileng la go tila go bula dithulaganyo tsa tlhakanelodikobo mo Internet. Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana. Ka ntlha ya dilo tseo tšhakgalo ya Modimo e a tla.” (Bakolosa 3:5, 6) Gore motho a tle a kgone go ‘bolaya ditokololo tsa mmele wa gagwe’ mo kgannyeng ya keletso ya tlhakanelodikobo, o tshwanetse go tlhagolela lorato lo lo nonofileng ka Jehofa Modimo. (Pesalema 97:10) Fa a iphitlhela a ngokelwa mo kotsing eno e e sa iponatseng ya boitekanelo mo setšhabeng ya thulaganyo ya tlhakanelodikobo e e mo khomputareng, o tshwanetse go nonotsha lorato lwa gagwe mo go Jehofa ka go ithuta Lefoko la Modimo e leng Baebele. Botsalano jo bo phepa le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi bo ka nna mosola thata mo go thuseng motho go nonotsha boikaelelo jwa gagwe jwa go itumedisa Modimo.