Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe waBatho Ba ba Tlhokomelanang

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe waBatho Ba ba Tlhokomelanang

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe waBatho Ba ba Tlhokomelanang

FA MOTHO a lebile fela, o bona batho. Ba le bantsi ba bone ba tsofetse, bangwe ba bone ba golafetse thata jaana mo e leng gore ga ba kgone le go tsamaya. Go na le basadi ba ba imileng le banyalani ba basha ba ba nang le bana ba bannye ba ba ba setseng morago. Botlhe ke batshabi—banna, basadi le bana—bao ba ileng ba patelelwa ke ntwa ya selegae, masetlapelo a tlholego kana maemo a mangwe gore ba tshabe kwa magaeng a bone go ya go batla botshabelo kwa nageng e e gaufi. Ba bangwe ba ile ba patelelwa gangwe le gape gore ba tswe mo ba nnang teng. Fa dikgaruru di simologa fela kana go nna le masetlapelo a tlholego, ba phamola dilwana di sekae fela tsa ntlo, ba phutha bana ba bone, ba bo ba tshabela kwa lefelong le le babalesegileng. Morago ga foo, fa maemo a boela gape a siama, batshabi ba le bantsi ba boela kwa gae go ya go aga matlo a bone sesha le go simolola botshelo kwa tshimologong gape.

Mo dingwageng tse di fetileng, Central African Republic e ile ya bulela batshabi ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng dikgoro. Bosheng jaana, batho ba ba makgolokgolo, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi, ba ile ba patelesega go tshaba kwa Democratic Republic of Congo e e tlhasetsweng ke ntwa go ya kwa lefelong le le batlang le babalesegile la Central African Republic.

Bakaulengwe ba a Thusa

Basupi ba ba kwa Central African Republic ba ile ba go tsaya e le tshiamelo go rulaganya tsela ya go ba thusa. Bakaulengwe ba Bakeresete ba ba neng ba goroga ba ne ba boloketswe marobalo. Kwa tshimologong, go ile ga bonwa diphaposi kwa matlong a bakaulengwe, mme fa palo ya batshabi e ntse e oketsega, go ne go bonala go tlhokega gore go dirwe dithulaganyo tse dingwe tse dikgolo. Diholo dingwe tsa Bogosi di ile tsa fetolwa go nna mafelo a borobalo. Basupi ba lefelo leo ba ile ba simolola go tsenya mabone a a oketsegileng, diphaepe tsa metsi, ba bo ba tshela semente fa fatshe gore batho ba ba tla robalang foo ba nne sentle. Batshabi ba ne ba bereka le bakaulengwe ba lefelo leo go tlhoma mafelo ano a nakwana a borobalo. Go ne ga rulaganngwa thulaganyo e e feletseng ya dipokano tsa Bokeresete ka puo ya Selingala gore batho ba ba gorogang ba tle ba otliwe ka dijo tsa semoya tse di bolokang botshelo. Tirisanommogo e ntle eo gareng ga Basupi ba lefelo leo le baeng ba bone e ne ya supa gore bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba ke selo sa mmatota.

Malapa a batshabi a ne a sa goroge mmogo ka metlha. Ka dinako tse dingwe, maloko a lelapa a a neng a kgaogane a ne a kopana gape kwa lefelong le ba neng ba ya kwa go lone. Go ne go na le lenaane la bao ba fitlhileng ba babalesegile kwa Holong nngwe le nngwe ya Bogosi. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go batla ba ba neng ba sa ntse ba timetse. Ofisi ya lekala e e neng e kaela tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo nageng eo e ne ya ntsha dikoloi tse tharo ka letsatsi go thusa Basupi ba ba neng ba sa ntse ba le mo tseleng le go batla bape ba ba ka tswang ba timetse. Dikoloi tseo di ne di bonwa ka letshwao le legolo le le kwadilweng “WATCH TOWER—Jehovah’s Witnesses.”

Akanya kafa setlhopha sa bana ba le supa ba batshabi ba ba neng ba kgaogane le batsadi ba bone ba ileng ba itumela ka teng fa ba ne ba bona bene ya Mosupi mongwe wa ga Jehofa. Ba ne ba tabogela kwa beneng eo ka bonako mme ba itlhalosa gore ke Basupi ba ga Jehofa. Bakaulengwe ba ne ba ba thusa go tsena mo beneng mme ba ba isa Holong ya Bogosi, koo kgabagare ba neng ba kopana gape le malapa a bone.

Ke eng se se ileng sa thusa Bakeresete ba ba tlhoafetseng bano go itshokela maemo a a ntseng jalo, e seng gangwe fela, mme ka makgetlonyana a mantsi? Ba ne ba tlhatswegile pelo ka botlalo gore re tshela mo malatsing a bofelo a go ileng ga bolelelwa pele ka one mo Dikwalong Tse di Boitshepo.—2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 6:3-8.

Ka jalo, ba itse gore go ise go ye kae Jehofa Modimo o tla fedisa dintwa, letlhoo, thubakanyo le dikgotlhang. Bothata jwa botshabi e tla nna selo sa nako e e fetileng. Gone jaanong, go dumalana le kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo go 1 Bakorintha 12:14-26, Basupi ba ga Jehofa ba leka go tlhokomelana. Le mororo ba kgaogantswe ke dinoka, melelwane, dipuo le sekgala, ba amega ka ba bangwe, ka gone ba itlhaganela go tsaya kgato fa mongwe a tlhoka thuso.—Jakobe 1:22-27.

[Mmapa mo go tsebe 30]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AFRICA

Central African Republic

Democratic Republic of Congo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Diholo tse tharo tsa Bogosi di ile tsa fetolwa mafelo a boamogelo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dikago tsa matlwana a boapeelo di ile tsa tlhomiwa ka bonako

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go ile ga goroga ba ba oketsegileng

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ba sa tswa go tsholwa mme e setse e le batshabi