Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Atlega Le fa O ka Tswa o Godisitswe ka Tsela Efe

O ka Atlega Le fa O ka Tswa o Godisitswe ka Tsela Efe

O ka Atlega Le fa O ka Tswa o Godisitswe ka Tsela Efe

NICHOLAS o ne a rata go tsuologa go tloga fa a sa le mmotlana. * Fa nako e ntse e ya, go kgoberega maikutlo go ne ga mo dira gore a se dirise diokobatsi sentle a bo a ineelele go nwa bobe. Nicholas o tlhalosa jaana: “Rre e ne e le lekgoba la bojalwa, mme o ne a tshwere nna le kgaitsadiake botlhoko tota.”

Go ne go lebega batsadi ba ga Malinda e le batho ba ba tlotlegang ba ba tsenang kereke ba motse wa bone. Mme ba ne ba tseneletse tota mo lekokong lengwe le le belaetsang. “Dingwe tsa dilo tse ba neng ba di dira mo lekokong leno di ne di ntshotla mme di ile tsa senya tsela e ke lebang dilo ka yone fa ke sa le ngwana,” go bolela jalo Malinda, yo jaanong a leng mo dingwageng tsa bo30. O oketsa jaana: “Ke sa le ke tshwenngwa ke moya o o ntseneng wa go ikutlwa ke itlhobogile e bile ke se na mosola go tswa bogologolong.”

Ke mang yo o ka ganetsang gore batho ba le bantsi ba ile ba amiwa ba sa le bannye ke thubakanyo, go sotliwa, go tlhokomologwa ke batsadi, le dilo tse dingwe tse di sa itumediseng? Kutlobotlhoko e e bakilweng ke go sa itumela o sa le ngwana e ka nna kgolo. Mme a dilo tse di botlhoko jalo di tshwanetse tsa thibela motho gore mo isagweng a se ka a amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo a bo a itumele? Le fa Nicholas le Malinda ba ka tswa ba godisitswe ka tsela efe, a ba ka atlega go nna batho ba ba nang le bothokgami? Akanya pele ka sekai sa ga Kgosi Josia wa Judea.

Sekao sa Dikwalo

Josia o ile a busa Juda ka dingwaga di le 31 mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E. (659-629 B.C.E.) Ka nako ya fa Josia a ne a bewa bogosi, morago ga go bolawa ga ga rraagwe, maemo kwa Juda a ne a le maswe tota. Juda le Jerusalema di ne di tletse ka baobamedi ba ga Baale le ba ba neng ba ikana ka modimo wa konokono wa Baamone, Malekame. Sefania, yo e neng e le moporofeti wa Modimo ka nako eo, o ne a re dikgosana tsa Judea e ne e le “ditau tse di kurutlang,” mme baatlhodi e ne e le “diphiri tsa maitseboa.” Ka jalo, thubakanyo le tsietso di ne di atile mo nageng eo. Ba le bantsi mo dipelong tsa bone ba ne ba re: “Jehofa ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula.”—Sefania 1:3–2:3; 3:1-5.

Josia o ne a nna mmusi yo o ntseng jang? Mokwadi wa tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bong Esera o kwala jaana: “[Josia] a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa le go tsamaya mo ditseleng tsa ga Dafide rraagwemogologolwane; mme a se ka a fapogela kafa mojeng kgotsa kafa molemeng.” (2 Ditiragalo 34:1, 2) Go bonala Josia a ile a atlega mo go direng se se siameng mo matlhong a Modimo. Mme lelapa la gagabo le ne le ntse jang?

A o Ne a Tlhokomelwa Kgotsa a Sotlega mo Bongwaneng?

Fa Josia a tsholwa ka 667 B.C.E., rraagwe, e bong Amone o ne a na le dingwaga di le 16 fela, mme rraagwemogolo e bong Manase o ne a busa Juda. Manase e ne e le nngwe ya dikgosi tse di boikepo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa busa Juda. “O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo” ka go agela Baale dibeso. O ne a ralatsa bomorwawe molelo, a dirisa maselamose, a inaakanya le boitseanape, a rotloetsa gore go dirisanwe le meya, mme a tsholola madi a mantsi a batho ba ba se nang molato. Gape Manase o ne a tsaya setshwantsho se se betlilweng sa kota e e boitshepo se a neng a se dirile a se tlisa mo ntlong ya ga Jehofa. O ne a raela Juda le Jerusalema “gore ba dire se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa a neng a di nyeleditse fa pele ga bomorwa Iseraele.”—2 Ditiragalo 33:1-9.

Manase o ne a le bosula mo e leng gore Jehofa o ne a dira gore a golegiwe a isiwe Babelona, mongwe wa metse ya segosi ya kgosi ya Asiria. Fa Manase a le kwa botshwarong, o ne a ikwatlhaya, a ikokobetsa, mme a rapela Jehofa gore a mo itshwarele. Modimo o ne a mo utlwa fa a kopa go amogelwa mme a mmusetsa mo bogosing jwa Jerusalema. Go tswa foo Manase o ne a dira diphetogo mme a atlega ka selekanyo se se rileng.—2 Ditiragalo 33:10-17.

Bosula jwa ga Manase le go ikwatlhaya ga gagwe moragonyana go ne ga ama Amone morwawe jang? O ne a nna boikepo tota. Fa Manase a ne a ikwatlhaya a bo a tsaya matsapa go tlosa leswe le a neng a le tlisitse ka boene mo setšhabeng, Amone ene ga a ka a fetoga. Fa Amone a rua bogosi a na le dingwaga di le 22, o ne “a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka Manase rraagwe a ne a dirile.” Mo boemong jwa go ikokobeletsa Jehofa, “Amone ke ene a neng a dira gore molato o oketsege.” (2 Ditiragalo 33:21-23) Josia o ne a na le dingwaga di le thataro fela fa Amone a ne a nna kgosi ya Juda. Ruri Josia o tshwanetse a bo a godile botlhoko tota!

Puso e e boikepo ya ga Amone e ne ya fela morago ga dingwaga di le pedi fa batlhanka ba gagwe ba ne ba mo logela maano ba bo ba mmolaya. Le fa go ntse jalo, batho ba naga eo bone ba ne ba bolaya batho ba ba neng ba logetse Amone maano mme ba tlhoma morwawe e bong Josia go nna kgosi.—2 Ditiragalo 33:24, 25.

Le fa Josia a ile a golela mo maemong a a sa itumediseng, o ile a dira se se molemo mo matlhong a ga Jehofa. Puso ya gagwe e ile ya atlega mo e leng gore Baebele ya re: “Ga go a ka ga itshupa go na le kgosi epe pele ga gagwe e e neng ya boela kwa go Jehofa ka pelo yotlhe ya yone jaaka ene le ka moya otlhe wa yone le ka maatla otlhe a yone, go ya ka molao otlhe wa ga Moshe; le gone morago ga gagwe ga go a ema ope yo o tshwanang le ene.”—2 Dikgosi 23:19-25.

A bo Josia e le sekao se se kgothatsang jang ne mo bathong ba ba ka tswang ba ile ba tshwanelwa ke go golela mo maemong a a botlhoko! Re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe? Ke eng se se ileng sa thusa Josia go tlhopha tsela e e tshwanetseng le go tswelela a le mo go yone?

Leka go Itse Jehofa

Mongwe yo o neng a tlhotlheletsa botshelo jwa ga Josia sentle fa a sa le mmotlana e ne e le rraagwemogolo yo o ikwatlhaileng, e bong Manase. Baebele ga e bolele gore bobedi jono bo ne bo dirisana go le kana kang le gore Josia o ne a le kana kang fa Manase a ne a ikwatlhaya. E re ka malapa a Bajuda a ne a kitlane, Manase a ka tswa a ile a leka go falotsa setlogolwana sa gagwe mo tlhotlheletsong e e bosula e e neng e mo farafere ka go ruta setlogolwana sa gagwe go tlotla Modimo wa boammaaruri, Jehofa, le lefoko la gagwe. Peo epe fela ya boammaaruri e Manase a neng a kgona go e jala mo pelong ya ga Josia, gongwe e kopane le tlhotlheletso e nngwe e e siameng, kgabagare e ile ya nna le matswela. Fa Josia wa dingwaga tse 15 a ne a le mo ngwageng wa gagwe wa borobedi e le kgosi kwa Juda, o ne a leka go itse thato ya ga Jehofa le go e dira.—2 Ditiragalo 34:1-3.

Batho ba bangwe fa ba gola ba ne ba utlwa dilo tsa semoya fela ka mongwe wa losika, mongwe yo ba mo itseng, kgotsa moagelani fela. Le fa go ntse jalo, peo e e jetsweng jalo e ka ungwa sentle moragonyana fa e tlhokomelwa. Malinda, yo o umakilweng pelenyana, o ne a na le moagelani yo o molemo yo o godileng yo o neng a na le go tlisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! kwa ntlong ya gagwe ka metlha. O bolela jaana a mo gopola ka boitumelo: “Selo se se neng sa nkgatlha thata ka moagelani wa me ke gore o ne a sa keteke malatsi a boikhutso. Seno se ne se le botlhokwa mo go nna ka gonne ka Halloween le ka malatsi a mangwe a boikhutso lekoko le le belaetsang le batsadi ba me ba neng ba le mo go lone le ne le dira meetlo ya lone.” Dingwaga di le lesome moragonyana, fa Malinda a ne a lalediwa ke tsala nngwe gore a tle kwa pokanong ya Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a gakologelwa moagelani yono mme a amogela taletso eo ka bonako. Seo se ne sa mo thusa go batla boammaaruri.

Ikokobeletse Modimo

Mo pusong ya ga Josia go ile ga nna le diphetogo tse dikgolo tsa bodumedi mo nageng ya Juda. Fa Josia a sena go tswa letsholo kgatlhanong le kobamelo ya medingwana ka dingwaga di le thataro le go phepafatsa naga ya Juda, o ne a simolola go baakanya ntlo ya ga Jehofa. Fa tiro eo e ntse e tsweletse pele, a bo Moperesiti yo Mogolo Hilekia a ne a bona sengwe sa botlhokwa jang ne! O ne a bona khopi ya ntlhantlha ya “buka ya molao wa ga Jehofa.” Fa Hilekia a sena go naya Shafane mokwaledi buka eno ya botlhokwa e e bonweng, o ne a begela kgosi se se diragetseng. A ditiragalo tseno di ne tsa dira gore Josia wa dingwaga tse 25 a ikgantshe?—2 Ditiragalo 34:3-18.

Esera o kwala jaana: “Fela fa kgosi e sena go utlwa mafoko a molao, ka yone nako eo ya gagoganya diaparo tsa yone.” Seno se ne se bontsha go hutsafala go tswa pelong ka gonne o ne a lemoga gore borraabonemogologolwane ba ne ba sa diragatsa melao yotlhe ya Modimo. Sesupo sa boikokobetso ruri! Ka yone nako eo kgosi e ne ya roma setlhopha sa banna ba batlhano go ya go botsa Jehofa ka moporofeti wa mosadi Huleda. Setlhopha seno se se neng se romilwe se ne sa tlisa pego e e reng: ‘Go tla tla masetlapelo ka gonne go tlodilwe Molao wa ga Jehofa. Mme ka gonne, wena, Kgosi Josia, o ile wa ikokobetsa, o tla phuthelwa kwa phupung ka kagiso mme ga o na go bona masetlapelo.’ (2 Ditiragalo 34:19-28) Jehofa o ile a rata boikutlo jwa ga Josia.

Le fa re ka tswa re godisitswe jang, le rona re ka ikokobeletsa Modimo wa boammaaruri, Jehofa, mme ra bontsha go mo tlotla le go tlotla Lefoko la gagwe, Baebele. Nicholas, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a dira fela jalo. A re: “Le fa botshelo jwa me bo ne bo tletse mathata ka ntlha ya go sa dirise diokobatsi sentle le go nwa bobe, ke ne ke kgatlhegela Baebele e bile ke eletsa go nna le se ke se tshelelang. Kgabagare, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa, ka fetola tsela e ke tshelang ka yone, mme ka amogela boammaaruri.” Ee, re ka tlotla Modimo le Lefoko la gagwe le fa re ka tswa re godisitswe jang.

Solegelwa Molemo ke Thulaganyo ya ga Jehofa

Josia gape o ne a tlotla baporofeti ba ga Jehofa thata. Ga a ka a botsa kwa moporofeting wa mosadi Huleda fela, mme o ne a tlhotlhelediwa thata ke baporofeti ba bangwe ba motlha wa gagwe. Ka sekai, Jeremia le Sefania ba ne ba bolela ka tlhoafalo dikatlholo kgatlhanong le kobamelo ya medingwana e e neng e dirwa kwa Juda. A bo Josia a tshwanetse a bo a ile a nonotshiwa jang ne ke go ela tlhoko molaetsa wa bone fa a ntse a le mo letsholong kgatlhanong le kobamelo ya maaka!—Jeremia 1:1, 2; 3:6-10; Sefania 1:1-6.

“Mong,” Jesu Keresete, o tlhomile setlhopha sa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng—“motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”—gore se abe dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45-47) Setlhopha sa motlhanka se dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le thulaganyo ya phuthego go bontsha melemo ya go utlwa kgakololo ya Baebele e bile se naya dikakantsho tse di molemo malebana le go e dirisa mo matshelong a rona letsatsi le letsatsi. A bo go tshwanela jang ne gore re dirise thulaganyo ya ga Jehofa go re thusa go fenya maikutlo ape a a tseneletseng a a sa siamang! Nicholas o ne a tlhoile taolo go tswa fa a sa le mmotlana. Le fa a ntse a ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, bokoa jono bo ne jwa mo thibela go direla Jehofa ka botlalo. Go fetola boikutlo jono e ne e se kgetsi e potlana mo go ene. Mme fa nako e ntse e ya o ne a atlega. Jang? Nicholas o tlhalosa jaana: “Ka thuso ya bagolwane ba babedi ba ba tlhaloganyang, ke ne ka dumela gore ke na le bothata mme ka simolola go dirisa kgakololo ya bone e e lorato e e tswang mo Dikwalong.” O oketsa jaana: “Le mororo ke tle ke galefe ka dinako tse dingwe, jaanong ke latlhile mokgwa wa me wa go tsuologa.”

Malinda le ene o kopa kgakololo ya bagolwane fa a dira ditshwetso tsa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Gore a dirisane le maikutlo a go tlhoka tsholofelo le go ikutlwa a se na mosola a a sa leng a nna nao a sa le monnye, o fitlhela ditlhogo tse di farologaneng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di le mosola thata. A re: “Ka dinako tse dingwe ke amiwa ke serapa fela kgotsa seele—thathana fela—mo setlhogong. Dingwaga di ka nna robongwe tse di fetileng, ke ne ka simolola go boloka ditlhogo tse di ntseng jalo mo bukaneng ya ditsebe tse di kgonang go tswa gore ke kgone go di bona motlhofo.” Gompieno, dibukana tsa gagwe tse tharo di na le ditlhogo di ka nna 400!

Nnyaa, batho ga ba tlhoke go boga ditlamorago tsa kgodiso e e sa itumediseng botshelo jwa bone jotlhe. Ka thuso ya ga Jehofa ba ka atlega semoyeng. Fela jaaka go godisiwa sentle go sa tlhomamise gore motho o tla boloka bothokgami, go se godisiwe sentle le gone ga go thibele motho gore a se ka a boifa Modimo.

Fa buka ya Molao e sena go bonwa fa go ntse go baakanngwa tempele, Josia o ne a ‘dira kgolagano fa pele ga ga Jehofa ya go sala Jehofa morago le go mo utlwa ka pelo yotlhe ya gagwe le ka moya otlhe wa gagwe.’ (2 Ditiragalo 34:31) Mme o ile a ema mo maikanong ao go fitlha losong. Malinda le Nicholas le bone fela jalo ba ititeile sehuba gore ba tla nna ba ikanyega mo go Jehofa Modimo le go atlega mo go nneng batho ba bothokgami. E kete le wena o ka ititaya sehuba gore o nne o le gaufi le Modimo mme o mo direle ka boikanyegi. O ka tlhomamisa gore o tla atlega, gonne Jehofa o solofetsa jaana: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”—Isaia 41:10, 13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Le fa Josia a godile botlhoko, o ile a leka go itse Jehofa mme a atlega mo botshelong

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bagolwane ba ka go thusa go fenya mokgwa mongwe o o tseneletseng mo bothong jwa gago

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

“Tora ya Tebelo” le “Tsogang!” di ka go thusa go nna o ikanyega