Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Ithekela Nako E e Go Siametseng’?

A o ‘Ithekela Nako E e Go Siametseng’?

A o ‘Ithekela Nako E e Go Siametseng’?

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a gakolola Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Efeso jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baefeso 5:15, 16) Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore ba gakololwe jaana? Go araba potso eo re tlhoka kitso ka maemo a Bakeresete ba motse oo wa bogologolo ba neng ba lebane le one.

Efeso e ne e itsege ka khumo ya yone e ntsi, boitshwaro jo bo maswe mo go feteletseng, bokebekwa jo bo anameng le ditiro tse di farologaneng tsa bodimona. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba teng ba ne ba tshwanelwa ke go lebana le ditumelo tsa borafilosofi malebana le nako. Bagerika ba e seng Bakeresete kwa Efeso ba ne ba sa dumele gore nako e tsamaela ntlha e le nngwe fela. Filosofi ya Segerika e ne e ba rutile gore botshelo bo boaboelediwa ka medikologo e e sa feleng. Motho yo o neng a senyaka nako ya gagwe mo modikologong mongwe wa botshelo o ne a ka e bona gape mo modikologong o mongwe. Tsela eno ya go akanya e ka nna ya bo e ile ya tlhotlheletsa Bakeresete ba Baefeso gore ba se ka ba tsaya tsia dinako tse Jehofa a di rulaganyeditseng ditiragalo, go akaretsa le nako e a e beetseng go diragatsa katlholo ya gagwe. Ka gone, kgakololo ya ga Paulo ya go ‘ithekela nako e e siameng’ e ne e tshwanela.

Paulo o ne a sa bue ka nako ka kakaretso fela. Lefoko la Segerika le a le dirisitseng le bontsha nako e e tlhomilweng, nako e e tshwanelang boikaelelo bongwe. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba dirise ka botlhale nako e e tshwanetseng, kgotsa motlha o o siameng, o ba neng ba le mo go one ka nako eo pele ga o khutla mme boutlwelobotlhoko jwa Modimo le poloko e a neng a re o ba fa yone e fela.—Baroma 13:11-13; 1 Bathesalonika 5:6-11.

Le rona re tshela mo motlheng o o ntseng jalo o o siameng. Go na le gore Bakeresete ba tshameke ka motlha ono wa kamogelo o o ka se kang wa tlhola o tla gape ka go latelela menate ya nakwana ya lefatshe leno, ka botlhale ba dirisa nako e ba nang le yone go dira “ditiro tsa boineelo jwa bomodimo” mme ka jalo ba nonotsha kamano ya bone le Mmopi, Jehofa Modimo.—2 Petere 3:11; Pesalema 73:28; Bafilipi 1:10.