Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ka Bolumo e le Nngwe

Baebele ka Bolumo e le Nngwe

Baebele ka Bolumo e le Nngwe

BAKERESETE ba bogologolo e nnile bone ba ntlha go dira dikhopi tsa Baebele ba dirisa codex—buka, e seng momeno. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ga ba ka ba simolola ka bonako go gatisa bolumo e le nngwe e e nang le dibuka tsotlhe tsa Baebele. Kgato e e botlhokwa ya go gatisa Dibaebele tsa bolumo e le nngwe e ile ya simololwa mo lekgolong la borataro la dingwaga ke Flavius Cassiodorus.

Flavius Magnus Aurelius Cassiodorus o ne a tsholwa mo e ka nnang ka 485-490 C.E. a tsholelwa mo lelapeng le le humileng kwa Calabria, kwa ntlheng ya borwa jwa se gompieno e leng Italy. O ne a tshela ka nako ya dikhuduego mo hisitoring ya Italy fa setlhaketlhake seno se ne se gapiwa, la ntlha ke Ba-Goth mme morago ga foo ke Ba-Byzantium. Fa Cassiodorus a le dingwaga tse di ka nnang 60 kana 70, o ne a tlhoma ntlo ya baitlami ya Vivarium le laeborari gaufi le ntlo ya gagwe kwa Squillace, kwa Calabria.

Morulaganyi wa Baebele yo o Kelotlhoko

Nngwe ya dilo tse Cassiodorus a neng a tshwenyegile thata ka tsone e ne e le go dira gore batho ba nne le Baebele. Mokwalahisitori Peter Brown o kwala jaana: “Go ya ka pono ya ga Cassiodorus, dikgatiso tsotlhe tsa Selatini di ne di tshwanetse go dirisiwa go anamisa Dikwalo. Dilo tsotlhe tse pele di neng di dirisediwa go thusa go bala le go kwalolola ditemana tsa bogologolo di ne di tshwanetse go dirisediwa go thusa go tlhaloganya Dikwalo le go di kwalolola ka botlhale. Jaaka thulaganyo e ntšha ya polanete, setso sotlhe sa Selatini se ne se tshwanetse go taboga go dikologa letsatsi le legolo le e leng Lefoko la Modimo.”

Cassiodorus o ne a phuthela baranodi le batlhami ba thutapuo kwa ntlong ya baitlami kwa Vivarium go sekaseka Baebele yotlhe mme a okamela tiro e e boima ya go e kwala. O ne a naya banna ba le mmalwa fela ba ba rutegileng tiro eno. Ba ne ba sa tshwanela go itlhaganelela go fetola se go akanngwang fela gore ke diphoso tsa mokwalo. Fa ba ne ba belaela sengwe ka puo e e dirisitsweng, go ne go amogelwa thata se se buiwang ke mekwalo ya seatla ya bogologolo ya Baebele go gaisa ya Selatini e e neng e dirisiwa. Cassiodorus o ne a kaela jaana: “Dikarolwana tsotlhe ka thutapuo . . . ga di a tshwanela go fetolwa, ka gonne temana e go itsiweng e tlhotlheleditswe ga ya tshwanela go fitlhelwa e sa bue se mekwalo ya ntlhantlha e se buang. . . . Tsela ya Baebele ya go bitsa mafoko, tshwantshiso le maele a teng ga a tshwanela go fetolwa, tota le fa a utlwala a sa tlwaelega mo Selatineng, fela jaaka fa tsela ya go kwalwa ga mainatota a ‘Sehebera’ le yone e sa tshwanela go fetolwa.”—The Cambridge History of the Bible.

Codex Grandior

Bakwalolodi ba ba kwa ntlong ya baitlami kwa Vivarium ba ne ba laelwa gore ba gatise bobotlana dikgatiso tse tharo tse di farologaneng tsa Baebele ka Selatini. Nngwe ya tseno, e e neng e na le dibolumo di le robongwe, e ka tswa e ne e na le mokwalo wa Selatini wa Bogologolo, thanolo e e neng ya tlhaga mo lekgolong la bobedi la dingwaga. Kgatiso ya bobedi e ne e na le Vulgate ya Selatini, e Jerome a neng a e fetsa mo e ka nnang mo tshimologong ya lekgolo la botlhano la dingwaga. Ya boraro, Codex Grandior, mo go rayang “codex e kgolwane,” e ne ya ntshiwa mo ditemaneng tse tharo tsa Baebele. Dikgatiso tsoopedi tsa bofelo di ile tsa kopanya dibuka tsotlhe tsa Baebele go di dira bolumo e le nngwe.

Go bonala fa Cassiodorus e nnile ene wa ntlha go gatisa Dibaebele tsa Selatini ka bolumo e le nngwe, a di bitsa pandectae. * Ga go na pelaelo gore o ne a bona gore go molemo go le kana kang go kopanya dibuka tsotlhe tsa Baebele go di dira bolumo e le nngwe, ka go dira jalo a fedisa tiro e e jang nako ya go leba dibolumo di le dintsi.

Go Tswa Ntlheng ya Borwa Jwa Italy go ya Ditlhaketlhakeng Tsa Boritane

Ka bonako fela morago ga loso lwa ga Cassiodorus (go ka direga gore e ne e le mo e ka nnang ka 583 C.E.), loeto lwa Codex Grandior lo ile lwa simologa. Go dumelwa gore ka nako eo, bontlhanngwe jwa laeborari ya Vivarium e ne e fuduseditswe kwa laeboraring ya Lateran kwa Roma. Ka 678 C.E., moeteledipele wa ntlo ya baitlami wa Mo-Anglo-Saxon e bong Ceolfrith o ne a tla ka codex kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Boritane fa a boela gae go tswa Roma. Ke ka tsela eno e ileng ya tsena mo gare ga dibuka tsa matlo a mabedi a baitlami a Wearmouth le Jarrow, a a neng a kaelwa ke Ceolfrith, kwa go se gone jaanong e leng Northumbria, kwa Engelane.

Baebele ya bolumo e le nngwe ya ga Cassiodorus e tshwanetse ya bo ile ya kgatlha Ceolfrith le baitlami ba gagwe, bao ba ka tswang ba ile ba kgatlhwa ke go bo go le motlhofo go e dirisa. Ka gone, mo masomeng a sekae fela a dingwaga, ba ne ba gatisa Dibaebele tse dingwe tse tharo tse di feletseng tsa bolumo e le nngwe. Khopi e le nngwe fela e e sa ntseng e le teng ya dikgatiso tseno ke bolumo e kgolo thata ya mokwalo wa seatla o o bidiwang Codex Amiatinus. E na le ditsebe di le 2 060 tsa letlalo, tseo nngwe le nngwe ya tsone e leng boleele jwa disentimetara di le 51 le bophara jwa disentimetara di le 33. Fa go akarediwa khabara ya yone, e bokima jwa disentimetara di le 25 mme e bokete jo bo fetang dikilogerama di le 34. Ke Baebele ya bolumo e le nngwe ya Selatini e e feletseng e kgologolo go di gaisa tsotlhe e e sa ntseng e le teng. Moithutabaebele mongwe yo o tumileng wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Fenton J. A. Hort o ne a bona codex eno ka 1887. Hort o ne a akgela jaana: “Tota le motho wa segompieno yo o tla bonang [mokwalo ono wa seatla] o montlentle o tla mo tlogela a gamaregile fela thata.”

Go Boela Kwa Italy

Gone jaanong ga go itsiwe gore Codex Grandior ya ntlhantlha e e kwadilweng ke Cassiodorus e kae. Mme codex e e neng ya latela morago ga yone ya Anglo-Saxon, e leng Codex Amiatinus e ne ya busediwa kwa Italy ka bonako fa e sena go wediwa. Pelenyana ga fa Ceolfrieth a swa, o ne a swetsa go boela kwa Roma. Fa a boela koo o ne a tsamaya ka mekwalo ya gagwe e meraro ya seatla ya Baebele ya Selatini gore a ye go e naya Mopapa Gregory II e le mpho. Ceolfrith o ne a swa mo tseleng, ka 716 C.E., kwa Langres, kwa Fora. Mme Baebele ya gagwe e ile ya tswelela pele ka loeto e tsamaisiwa ke ba ba neng ba tsamaya nae. Kgabagare codex eno e ne ya akarediwa mo laeboraring ya ntlo ya baitlami ya kwa Mount Amiata, kwa Italy bogare, e leng lefelo le mo go lone e ileng ya rewa leina Codex Amiatinus. Ka 1782 mokwalo ono wa seatla o ne wa fudusediwa kwa Laeboraring ya Medicean-Laurentian e e kwa Florence, kwa Italy, koo e sa ntseng e le letlotlo le legolo la laeborari eo.

Codex Gradior e re amile jang? Go tloga ka motlha wa ga Cassiodorus, bakwalolodi le bagatisi ba ile ba rata thata mokgwa wa go gatisa Dibaebele tsa bolumo e le nngwe. Go fitlha gompieno, go nna le Baebele ka tsela eno go ile ga dira gore go nne motlhofo gore batho ba e bale mme ka tsela eo maatla a yone a ba solegele molemo mo matshelong a bone.—Bahebera 4:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Go bonala fa Dibaebele tse di feletseng ka Segerika di ile tsa anama go tloga ka lekgolo la bonè kana la botlhano la dingwaga.

[Mmapa mo go tsebe 29]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Loeto lwa Codex Grandior

Ntlo ya baitlami Vivarium

Roma

Jarrow

Wearmouth

Loeto lwa Codex Amiatinus

Jarrow

Wearmouth

Mt. Amiata

Florence

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Fa godimo: Codex Amiatinus Ka fa molemeng: Setshwantsho sa ga Esera mo go Codex Amiatinus

[Motswedi wa Setshwantsho]

Biblioteca Medicea Laurenziana, Firenze