Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Batlholagadi go Fenya Diteko Tsa Bone

Go Thusa Batlholagadi go Fenya Diteko Tsa Bone

Go Thusa Batlholagadi go Fenya Diteko Tsa Bone

NNGWE ya dipolelo tse di itsegeng thata kaga batlholagadi ke pego ya Baebele ya ga Ruthe le matsalaagwe e bong Naomi. Basadi bano ba babedi e ne e le batlholagadi. Le fa go ntse jalo, Naomi o ne a sa swelwa ke monna wa gagwe fela, mme o ne a swetswe le ke barwa ba gagwe ba babedi, ba mongwe wa bone e neng e le monna wa ga Ruthe. Seemo sa bone se ne se le botlhoko tota ka gonne ba ne ba nna mo setšhabeng sa balemirui se se neng se ikaegile thata ka banna ba sone.—Ruthe 1:1-5, 20, 21.

Le fa go ntse jalo, Naomi o ne a na le tsala le mogomotsi tota e leng ngwetsi ya gagwe Ruthe, yo o neng a gana go mo tlogela. Fa nako e ntse e ya, Ruthe o ne a itshupa a le “botoka mo go [Naomi] go na le bana ba basimane ba le supa”—e seng fela ka gonne a rata Naomi thata mme le ka gonne a rata Modimo. (Ruthe 4:15) Fa Naomi a ne a akantsha gore Ruthe a boele kwa lelapeng la gagabo le kwa ditsaleng tsa gagwe kwa Moabe, Ruthe o ne a mo araba ka mafoko a a amang pelo go feta otlhe a a kileng a kwalwa a a supang boikanyegi: “Kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o lalang gone bosigo ke tla lala gone. Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me. Kwa o swelang gone ke tla swela gone, mme ke gone kwa ke tla fitlhelwang gone. E kete Jehofa a ka ntirela jalo a ba a oketsa fa nna le wena re ka kgaoganngwa ke [sepe fa e se] loso fela.”—Ruthe 1:16, 17.

Jehofa Modimo o ile a lemoga boikutlo jwa ga Ruthe. O ne a segofatsa lelapa le lennye la ga Naomi le Ruthe, mme kgabagare Ruthe a nyalwa ke Boase wa Moiseraele. Ngwana wa bone, yo o neng a nna rraagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete, o ne a tlhokomelwa ke Naomi jaaka e kete ke ngwana wa gagwe. Hisitori eno ke sekai sa kafa Jehofa a ratang batlholagadi ba ba mo atamelang le go mo ikanya ka teng. Mo godimo ga moo, Baebele e re bolelela gore o rata batho ba ka lorato ba thusang batlholagadi mo ditekong tsa bone. Ka jalo, rona gompieno re ka thusa jang batlholagadi ba ba mo gare ga rona?—Ruthe 4:13, 16-22; Pesalema 68:5.

Thuso e e Tlhomameng Mme e sa Fetelela

Fa o thusa motlholagadi, go molemo go mo thusa ka tsela e e tlhamaletseng mme o sa feteletse dilo. O se ka wa nnela go dirisa mafoko a a sa utlwaleng a a jaaka, “O mpolelele fa o tlhoka sengwe.” Seo se ne se ka tshwana le go raya motho yo o sitilweng e bile a tshwerwe ke tlala o re, “O nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle” mme o sa mo thuse ka sepe. (Jakobe 2:16) Batho ba le bantsi ba ka se kope thuso fa ba tlhoka sengwe; go na le moo, ba itidimalela fela le fa ba boga. Gore o thuse batho ba ba ntseng jalo o tlhoka go nna le temogo, o kgona go bona dilo tse ba di tlhokang. Kafa letlhakoreng le lengwe, go feteletsa dilo—go laola botshelo jwa motlholagadi—go ka nna ga felela ka kutlobotlhoko kgotsa kgotlhang. Ka gone, Baebele e gatelela gore re tlhoka go nna tekatekano fa re dirisana le ba bangwe. Le fa e re kgothaletsa go kgatlhegela batho ba bangwe ka pelo yotlhe, e re gopotsa gore re se ka ra itshunya nko mo matshelong a bone.—Bafilipi 2:4; 1 Petere 4:15.

Ruthe o ile a nna le boikutlo jo bo lekalekaneng jalo ka Naomi. Le fa Ruthe a ne a ngaparetse matsalaagwe ka boikanyegi, ga a ka a mo pateletsa go dira dilo kana a mo laola. O ne a thusa ka botlhale ka dilo tse di jaaka go batlela ene le Naomi dijo, mme gape o ne a reetsa ditaelo tsa ga Naomi.—Ruthe 2:2, 22, 23; 3:1-6.

Gone ke boammaaruri, batho ba ka tlhoka dilo tse di sa tshwaneng. Sandra, yo o umakilweng pelenyana, a re: “Ke ne ke na le se ke se tlhokang fa ke ntse ke le mo khutsafalong—ditsala tse di rategang le tse di lorato tse di neng di ntikologile.” Elaine yo o umakilweng pelenyana ene, o ne a tlhoka nako ya go nna a le esi. Ka gone, go thusa motho ka tsela e e molemo go kaya go lemoga le go nna tekatekano ka go mo naya nako ya go nna a le esi fa a e tlhoka le go nna teng gore o mo thuse fa a go tlhoka.

Go Tshegediwa ke Lelapa

Lelapa le le botsalano, le le lorato, fa le le teng, le ka dira go le gontsi go tlhomamisetsa motlholagadi gore o tla kgona. Le fa bangwe mo lelapeng ba ka kgona go thusa go feta ba bangwe, botlhe ba ka tsenya letsogo. “Fa motlholagadi mongwe a na le bana kgotsa ditlogolo, a ba ithute pele go itlwaetsa boineelo jwa bomodimo mo go ba ntlo ya bone le go nna ba duela batsadi ba bone le batsadi ba batsadi tuelo e e tshwanetseng, gonne seno se a amogelesega mo ponong ya Modimo.”—1 Timotheo 5:4.

Gantsi go ka nna ga se ka ga tlhokega go naya tshegetso ya madi kgotsa “tuelo.” Batlholagadi bangwe ba na le madi a a lekaneng dilo tse ba di tlhokang mme ba bangwe ba ka bona dithuso tsa puso, tse di leng teng mo dinageng dingwe. Mme fa batlholagadi ba tlhoka, ba lelapa ba tshwanetse go thusa. Fa motlholagadi a se na masika a a gaufi a a ka mo thusang kgotsa masika ao a sa kgone go mo thusa, Dikwalo di kgothaletsa badumedikaene gore ba mo thuse: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.”—Jakobe 1:27.

Batho ba ba diragatsang melaometheo eno ya Baebele eleruri ba “tlotla batlholagadi.” (1 Timotheo 5:3) Go tlotla motho tota go kaya go mo tseela kwa godimo. Batho ba ba tlotlwang ba ikutlwa e le ba botlhokwa, ba ratiwa e bile ba newa seriti. Ga ba ikutlwe ba thusiwa fela ka gonne go tshwanetse. Le mororo Ruthe ka boene e ne e le motlholagadi ka lobakanyana, o ne a tlotla Naomi tota ka go tlhomamisa gore Naomi o tlhokomelwa mo mmeleng le mo maikutlong, a dira jalo ka pelo e tshweu le ka lorato. Tota e bile, go ise go ye kae boikutlo jwa ga Ruthe bo ne jwa dira gore a nne le leina le lentle, mo e leng gore yo e neng e tlile go nna monna wa gagwe o ne a mo raya a re: “Mongwe le mongwe mo motseng wa batho ba gaetsho o a lemoga gore o mosadi yo o molemo tota.” (Ruthe 3:11) Kafa letlhakoreng le lengwe, Ruthe o ne a itumelela go thusa Naomi ka gonne Naomi o ne a rata Modimo, a se matepe e bile a anaanela maiteko a ga Ruthe ka pelo yotlhe a go mo thusa. A bo Naomi e le sekao se se molemo jang ne mo batlholagading gompieno!

Atamela Modimo

Gone ke boammaaruri gore ba lelapa le ditsala ba ka se ka ba tswala phatlha e e tlogetsweng ke molekane yo o tlhokafetseng. Ka ntlha ya seo go botlhokwa gore motho yo o swetsweng a atamele thata “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Ela tlhoko sekai sa ga Ana, motlholagadi yo o ineetseng yo o neng a na le dingwaga di le 84 fa Jesu a tsholwa.

Fa monna wa ga Ana a ne a tlhokafala fa ba sena go nna ba nyalane dingwaga di le supa fela, o ne a leba kwa go Jehofa gore a mo gomotse. “O [ne] a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha, a dira tirelo e e boitshepo bosigo le motshegare ka go itima dijo le mekokotlelo.” (Luke 2:36, 37) A Jehofa o ile a tsibogela boineelo jwa bomodimo jwa ga Ana? Ee! O ne a mmontsha gore o mo rata ka tsela e e kgethegileng ka go mo letla go bona lesea le le neng le tla gola le bo le nna Mmoloki wa lefatshe. A bo seno se ile sa itumedisa sa ba sa gomotsa Ana jang ne! Eleruri o ne a bona boammaaruri jwa Pesalema 37:4: “O itumelele Jehofa thata, mme o tla go naya dikopo tsa pelo ya gago.”

Modimo o Dirisa Bakeresetemmogo

Elaine o bolela jaana: “Ke ne ka tsaya lobaka lo loleele morago ga loso lwa ga David ke na le setlhabi, se utlwala e kete ke thipa e nkgoba dikgopo. Ke ne ke ithaya ke re ke go bipelwa. Letsatsi lengwe se ne sa nna maswe mo e leng gore ke ne ka akanya gore ke tshwanetse go bona ngaka. Kgaitsadi mongwe yo o nonofileng semoyeng e bile e le tsala ya me o ne a akantsha gore se ka tswa se bakwa ke kutlobotlhoko mme a nkgothaletsa go kopa Jehofa thuso le kgomotso. Ke ne ka reetsa kgakololo ya gagwe gone fela foo mme ka rapela ka tidimalo go tswa pelong, ke kopa Jehofa gore a ntshegetse mo kutlobotlhokong ya me. O ne a ntshegetsa eleruri!” Elaine o ne a simolola go tokafala, mme go ise go ye kae le sone setlhabi sele sa nyelela.

Bagolwane ba phuthego segolobogolo ba ka itsalanya ka bopelonomi le batlholagadi ba ba hutsafetseng. Bagolwane ba ka ba thusa go nna ba atamalane le Jehofa le fa ba na le diteko ka go ba ema nokeng ka metlha le go ba gomotsa semoyeng ka tsela e e botlhale le e e bontshang temogo. Fa go tlhokega, bagolwane gape ba ka thusa ka go rulaganya gore ba tshegediwe ka dilo tse ba di tlhokang. Bagolwane ba ba pelotlhomogi le ba ba nang le temogo jalo ruri ba ka nna “lefelo la go iphitlhela phefo.”—Isaia 32:2; Ditiro 6:1-3.

Kgomotso e e Nnelang Ruri go Tswa Kgosing e Ntšha ya Lefatshe

Ene yo Ana yo o godileng a neng a ipelela go mmona dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng jaanong ke Kgosi e e leng Mesia ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Go ise go ye kae puso eno e tla fedisa dilo tsotlhe tse di bakang kutlobotlhoko, go akaretsa loso. Malebana le seno, Tshenolo 21:3, 4 ya re: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” A o lemogile gore temana eno e bua ka ‘batho’? Ee, batho ba tla gololwa mo losong le mo khutsafalong yotlhe le selelo se se bakwang ke lone.

Mme go na le dikgang tse dingwe gape tse di molemo! Baebele gape e solofetsa gore go tla nna le tsogo ya baswi. “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Fela jaaka Lasaro, yo Jesu a mo tsositseng mo baswing, ba tla tswa e le batho, e se dibopiwa tsa semoya. (Johane 11:43, 44) Morago ga moo ba ba ‘dirang dilo tse di molemo’ ba tla dirwa batho ba ba itekanetseng mme ba tlhokomelwe ke Jehofa jaaka rre fa a ‘bula seatla sa gagwe a bo a kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pesalema 145:16.

Batho ba ba swetsweng ke mongwe yo ba mo ratang mme ba dumela mo tsholofelong eno e e tlhomameng ba fitlhela e gomotsa tota. (1 Bathesalonika 4:13) Ka jalo fa o le motlholagadi, tlhomamisa gore o ‘rapela o sa kgaotse’ gore o newe kgomotso le thuso e o e tlhokang letsatsi le letsatsi go sikara mathata a gago a a farologaneng. (1 Bathesalonika 5:17; 1 Petere 5:7) Mme o iphe nako letsatsi le letsatsi gore o bale Lefoko la Modimo gore dikakanyo tsa Modimo di go gomotse. Fa o dira dilo tseno, o tla iponela kafa Jehofa ruri a ka go thusang ka gone gore o nne le kagiso le fa o na le diteko le dikgwetlho tsa go nna motlholagadi.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Go thusa motho ka tsela e e molemo go kaya go nna tekatekano ka go mo naya nako ya go nna a le esi fa a e tlhoka le go nna teng fa a go tlhoka

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Modimo o ne a segofatsa Ana yo e neng e le motlholagadi yo o godileng