Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ipele le Modimo yo o Itumetseng

Ipele le Modimo yo o Itumetseng

Ipele le Modimo yo o Itumetseng

“La bofelo, bakaulengwe, tswelelang lo ipela, . . . mme Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le lona.”—2 BAKORINTHA 13:11.

1, 2. (a) Ke eng fa batho ba bantsi ba se na boipelo mo botshelong? (b) Boipelo ke eng, mme re ka dira eng gore re nne le jone?

MO MALATSING ano a a sa itumediseng, batho ba le bantsi ga ba bone dilo tse dintsi tse di ka ba dirang gore ba ipele. Fa ba welwa ke masetlapelo kana a wela mongwe yo ba mo ratang, ba ka ikutlwa jaana jaaka Jobe wa bogologolo: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Bakeresete le bone ba welwa ke dingalo le matshwenyego ano a “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” mme ga go gakgamatse go bo ka dinako tse dingwe batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba kgobega marapo.—2 Timotheo 3:1.

2 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ka kgona go ipela le fa ba lebane le diteko. (Ditiro 5:40, 41) Gore o bone kafa seno se ka kgonegang ka teng, pele akanya gore boipelo ke eng. Boipelo bo ile jwa tlhalosiwa e le “maikutlo a a bakwang ke go nna le sengwe se se molemo kana go se solofela.” * Ka gone, fa re ipha nako ya go akanya ka dilo tse di molemo tse re nang le tsone gone jaanong re ntse re akanya ka melemo e re tlileng go nna le yone mo lefatsheng le lesha la Modimo, re ka nna le boipelo.

3. Ke ka tsela efe go ka tweng batho botlhe ba na le mabaka a a rileng a a ka dirang gore ba ipele?

3 Mongwe le mongwe o na le dilo tse di molemo tse a tshwanetseng go di lebogela. Rralelapa a ka latlhegelwa ke tiro. Ga go pelaelo gore o tla tlhobaela. O batla go tlamela ba lelapa la gagwe. Le fa go ntse jalo, fa a nonofile e bile a itekanetse sentle mo mmeleng, a ka lebogela sone seo. Fa a ka bona tiro, o tla kgona go bereka ka natla. Kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi wa Mokeresete a ka tswa a tlhasetswe ke bolwetse jo bo koafatsang. Le fa go ntse jalo, a ka lebogela go bo a na le ditsala tse di lorato le ba lelapa ba ba mo thusang go itshokela bolwetse jwa gagwe ka seriti le ka bopelokgale. Mme Bakeresete botlhe ba boammaaruri, le fa ba ka tswa ba le mo maemong afe, ba ka ipelela go bo ba na le tshiamelo ya go itse Jehofa, “Modimo yo o itumetseng,” le Jesu Keresete, “Mothati yo o itumetseng le yo o esi.” (1 Timotheo 1:11; 6:15) Ee, Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke batho ba ba itumetseng tota. Ba nna ba ipela le fa maemo mo lefatsheng a se kafa Jehofa a neng a batlile a nna ka teng kwa tshimologong. Sekao sa bone se ka re ruta go le gontsi malebana le go nna re na le boipelo.

Ga ba A Felelwa ke Boipelo Jwa Bone

4, 5. (a) Jehofa o ne a tsiboga jang fa batho ba ntlha ba ne ba mo tsuologela? (b) Jehofa o ile a ipoloka a na le maikutlo a a siameng jang ka batho?

4 Mo tshimong ya Edene, Adame le Efa ba ne ba na le botsogo jo bo siameng e bile ba na le megopolo e e itekanetseng. Ba ne ba na le tiro e e nang le maduo e ba neng ba e dira mo tikologong e e itumedisang. Se se molemo le go feta, ba ne ba na le tshiamelo ya go buisana le Jehofa ka metlha. Modimo o ne a batla gore ba nne le isagwe e e itumedisang. Mme batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba sa kgotsofalela dimpho tseno tsotlhe tse di molemo; ba ne ba utswa leungo le le ileditsweng la “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” Tiro eno ya go tlhoka kutlo e ile ya dira gore go nne le mahutsana otlhe a rona ditlogolwana tsa bone re leng mo go one gompieno.—Genesise 2:15-17; 3:6; Baroma 5:12.

5 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a letla gore go tlhoka tebogo ga ga Adame le Efa go mo amoge boipelo. O ne a tlhatswegile pelo gore bangwe ba bana ba bone ba ne ba tla tlhotlheletsega go mo direla. Tota e bile, o ne a tlhatswegile pelo thata jaana mo a ileng a ba a bolela maikaelelo a gagwe a go rekolola ditlogolwana tsa ga Adame le Efa tse di neng di tla ikanyega le e leng pele ba nna le ngwana wa bone wa ntlha! (Genesise 1:31; 3:15) Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, bontsi jwa batho bo ne jwa etsa Adame le Efa, mme gone Jehofa o ne a se ka a latlha lelapa la batho ka ntlha ya go ata jalo ga batho ba ba sa mo ikobeleng. Go na le moo, o ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo banneng le basadi ba ba neng ba ‘ipedisa pelo ya gagwe,’ ba ba neng ba leka ka bojotlhe go mo itumedisa ka go bo ba mo rata.—Diane 27:11; Bahebera 6:10.

6, 7. Ke dilo dife tse di neng tsa thusa Jesu go nna a ipela?

6 Go tweng ka Jesu—o ile a kgona jang go nna a ipela? E re ka Jesu e ne e le sebopiwa se se maatla sa semoya kwa legodimong, o ile a nna le tshono ya go ela tlhoko dilo tse batho ba neng ba di dira mo lefatsheng. Jesu o ne a kgona go bona bosaitekanelang jwa bone sentle, le fa go ntse jalo, o ne a nna a ba rata. (Diane 8:31) Moragonyana fa a tla mo lefatsheng mme “a aga mo gare” ga batho, tsela e a lebang batho ka yone e ne ya se ka ya fetoga. (Johane 1:14) Ke eng se se neng sa thusa Morwa wa Modimo yo o itekanetseng go nna le maikutlo a a molemo jalo ka batho ba ba leofang?

7 Sa ntlha, Jesu o ne a le tekatekano mo go se a neng a se lebeletse mo go ene le mo bathong ba bangwe. O ne a itse gore o ne a se kitla a kgona go sokolola lefatshe lotlhe. (Mathaio 10:32-39) Ka jalo o ne a ipela le fa go ne go nna le motho a le mongwe fela yo o neng a amogela molaetsa wa Bogosi. Le fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tle ba itshware ka tsela e e sa itumediseng, o ne a itse gore tota mo pelong ba ne ba batla go dira thato ya Modimo, mme o ne a ba ratela sone seo. (Luke 9:46; 22:24, 28-32, 60-62) Ke gone ka moo fa Jesu a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo a ileng a sobokanya tsela e e molemo ya botshelo e barutwa ba gagwe ba neng ba e tsere go fitlha ka nako eo ka go bua jaana: “Ba bolokile lefoko la gago.”—Johane 17:6.

8. Umaka dingwe tsa ditsela tse re ka etsang Jehofa le Jesu ka tsone malebana le go nna re ipela.

8 Ga go pelaelo gore rotlhe re ka solegelwa molemo ke go akanya ka sekao se Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ileng ba re beela sone mo kgannyeng eno. A re ka etsa Jehofa ka botlalo gongwe e le ka go se tshwenyege thata fa dilo di sa direge kafa re neng re solofetse ka teng? A re ka etsa sekao sa ga Jesu thata ka go nna re na le maikutlo a a siameng malebana le maemo a re leng mo go one gone jaanong le ka go nna tekatekano malebana le se re se lebeletseng mo go rona le mo bathong ba bangwe? A re bone kafa mengwe ya melaometheo eno e ka dirisiwang ka teng ka tsela e e molemo mo go sengwe se Bakeresete botlhe ba ba tlhagafetseng ba se ratang thata—bodiredi jwa tshimo.

Nna le Maikutlo a a Molemo ka Bodiredi

9. Jeremia o ne a boa a nna jang le boipelo, mme sekao sa gagwe se ka re thusa jang?

9 Jehofa o batla gore re mo direle ka boipelo. Re se ka ra lekanyetsa boipelo jwa rona go ya ka matswela a re nnang le one. (Luke 10:17, 20) Moporofeti Jeremia o ne a fetsa dingwaga tse dintsi a rera mo tshimong e e se nang matswela. Fa a ne a tlhoma mogopolo mo tseleng e e sa itumediseng e batho ba neng ba arabela ka yone, go ne go mo amoga boipelo. (Jeremia 20:8) Mme fa a ne a tlhatlhanya ka molaetsa oo o o molemo, o ne a boa a nna le boipelo gape. Jeremia o ne a raya Jehofa a re: “Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja; lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me; gonne leina la gago le bidiwa mo go nna, wena Jehofa.” (Jeremia 15:16) Ee, Jeremia o ne a itumelela tshiamelo ya go rera lefoko la Modimo. Go ka nna jalo le ka rona.

10. Re ka boloka boipelo jwa rona jang mo bodireding le fa gone jaanong tshimo ya rona e se na matswela?

10 Tota le fa bontsi jwa batho bo gana go tsibogela dikgang tse di molemo, re na le mabaka a a utlwalang a go ipela fa re ntse re nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Se lebale gore Jehofa o ne a tlhatswega pelo gore batho bangwe ba ne ba tla tlhotlheletsega go mo direla. Le rona fela jaaka Jehofa, ga re a tshwanela go felelwa ke tsholofelo ya gore kgabagare batho bangwe bone ba tla lemoga kgangkgolo mme ba amogele molaetsa wa Bogosi. Ga re a tshwanela go lebala gore maemo a batho a a fetoga. Tota le motho yo o iponang a kgotsofetse mo botshelong a ka simolola go akanya thata ka botshelo fa go direga gore a latlhegelwe kgotsa a tlhagelwe ke bothata bongwe jo a neng a sa bo lebelela. A o tla kgona go thusa motho yoo fa a simolola go ‘tshwenyega ka se a se tlhokang semoyeng’? (Mathaio 5:3) Ebu, gongwe mongwe mo tshimong ya lona o tla bo a ipaakanyeditse go reetsa dikgang tse di molemo lekgetlo le le tlang fa o mo etela!

11, 12. Go ne ga direga eng kwa toropong nngwe, mme re ka ithuta eng ka gone?

11 Gape maemo a tshimo ya rona a ka nna a fetoga. Akanya ka sekai sengwe. Kwa torotswaneng nngwe go ne go nna setlhopha se se kitlaneng thata sa banyalani ba basha le bana ba bone. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ba etela, botlhe ba ne ba arabela ka tsela e e tshwanang ba re, “Ga re kgatlhege!” Fa go ne go direga gore mongwe a kgatlhegele molaetsa wa Bogosi, baagelani ba ne ba itlhaganelela go mo kgoba marapo gore a se ka a tlhola a ikopanya le Basupi. Ruri go ne go se motlhofo go rera koo. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba se ka ba ineela; ba ne ba tswelela ba rera fela. Go ne ga nna le matswela afe?

12 Morago ga nako, bontsi jwa bana ba toropo eno ba ne ba gola, ba nyala, mme ba aga gone koo. E re ka bangwe ba basha bano ba ba setseng ba godile ba ne ba lemoga gore tsela ya bone ya go tshela e ne e sa ba leretse boitumelo jwa mmatota, ba ne ba simolola go senka boammaaruri. Ba ne ba bo bona fa ba simolola go amogela dikgang tse di molemo tse di neng di bolelwa ke Basupi. Phuthego eno e nnye e ne ya simolola go gola jalo morago ga dingwaga tse dintsi. Akanya fela kafa baboledi ba Bogosi ba ba ileng ba se ka ba ineela ba neng ba ipela ka teng! E kete le rona go rera ga rona molaetsa wa Bogosi ka boitshoko go ka re leretse boipelo jalo!

Badumedikawena ba Tla go Ema Nokeng

13. Re ka ya kwa go mang fa re kgobegile marapo?

13 Fa o lebana le mathata kana dilo di sa go tsamaele sentle mo botshelong, o ka senka kgothatso ya ga mang? Dimilione tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba ya pele kwa go Jehofa ka thapelo, go tswa foo ba leba mo bakaulengweng le mo go bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, ene ka boene o ne a anaanela go engwa nokeng ke barutwa ba gagwe. Mo bosigong jwa pele ga a swa, o ne a bua le bone a re “ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me.” (Luke 22:28) Ke boammaaruri gore, barutwa bao e ne e le batho ba ba sa itekanelang, mme gone go ikanyega ga bone go ne go kgothatsa Morwa Modimo. Le rona re ka nonotshiwa ke baobamedikarona.

14, 15. Ke eng se se neng sa thusa banyalani bangwe go itshokela loso lwa morwa wa bone, mme o ithuta eng mo tiragalong eno?

14 Banyalani bangwe ba Bakeresete e bong Michel le Diane ba ne ba lemoga kafa go engwa nokeng ke bakaulengwe le bokgaitsadi go ka nnang botlhokwa ka teng. Go ne ga lemogiwa gore morwa wa bone wa dingwaga di le 20 e bong Jonathan, yo e neng e le Mokeresete yo o itekanetseng sentle mo mmeleng e bile a le matlhagatlhaga, a na le tlhagala mo bobokong. Dingaka di ne tsa leka ka bojotlhe go mo namola, le fa go ntse jalo boitekanelo jwa ga Jonathan bo ne jwa koafala go fitlha a tlhokafala mo maitseboeng mangwe. Michel le Diane ba ne ba hutsafetse tota. Ba ne ba lemoga gore Pokano ya Tirelo ya maitseboa ao e ne e tloga e fela. Le fa go ntse jalo, ka go bo ba ne ba tlhoka go gomodiwa, ba ile ba kopa mogolwane yo o neng a na le bone gore a ye le bone kwa Holong ya Bogosi. Ba ile ba goroga fela fa phuthego e itsisiwe ka loso lwa ga Jonathan. Morago ga pokano, batsadi bano ba ba neng ba hutsafetse ba ne ba dikaganyediwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba ba tlamparela le go ba gomotsa ka mafoko. Diane o gakologelwa jaana: “Re ne re ikutlwa re tlaletswe tota fa re goroga kwa holong, mme gone a bo bakaulengwe ba ile ba re gomotsa thata jang ne—ba ile ba re kgothatsa tota! Le fa ba ne ba sa kgone go tlosa botlhoko jo re neng re le mo go jone, ba ne ba re thusa go bo itshokela!”—Baroma 1:11, 12; 1 Bakorintha 12:21-26.

15 Masetlapelo a ne a dira gore Michel le Diane ba atamelane thata le bakaulengwe ba bone. Gape a ne a dira gore ba atamelane thata bone ka bobone. Michel a re: “Ke ithutile go anaanela mogatsake le e leng go feta. Fa re ikutlwa re kgobegile marapo re buisana ka boammaaruri jwa Baebele le kafa Jehofa a re emang nokeng ka teng.” Diane o oketsa jaana: “Re tsaya tsholofelo ya Bogosi e le botlhokwa le e leng go feta pele.”

16. Ke eng fa go le botlhokwa gore re itsise bakaulengwe ba rona dilo tse re di tlhokang?

16 Ee, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ka nna ‘thuso e e re nonotshang’ ka nako ya mathata mme ka jalo seo sa re thusa go nna re ipela. (Bakolosa 4:11) Ke boammaaruri gore ga ba kgone go bona se se mo megopolong ya rona. Ka gone, fa re tlhoka thuso, go molemo gore re ba itsise. Go tswa foo re ka bontsha go anaanela kgomotso epe fela e bakaulengwe ba rona ba kgonang go re neela yone, re e leba e le e e tswang kwa go Jehofa.—Diane 12:25; 17:17.

Leba Phuthego ya Lona

17. Ke dikgwetlho dife tse mmè mongwe yo o se nang molekane a lebanang le tsone, mme re ikutlwa jang ka batho ba ba ntseng jalo?

17 Fa o ka leba badumedikawena ka kelotlhoko, o tla ba anaanela thata mme wa ipelela go kopanela le bone. Leba phuthego ya lona. O bona eng? A mo go yone go na le motsadi yo o se nang molekane yo o kgaratlhelang go godisetsa bana ba gagwe mo tseleng ya boammaaruri? A o kile wa ipha nako ya go akanyetsa sekao se se molemo se a se tlhomang? Leka go akanyetsa mangwe a mathata a a lebanang le one. Mmè mongwe yo o se nang molekane yo leina la gagwe e leng Jeanine o umaka mangwe a one: go jewa ke bodutu, go tshwenngwa ke banna kwa tirong le go se nne le madi a a lekaneng. A re bothata jo bogolo go gaisa otlhe bo amana le go tlhokomela bana ba gagwe mo maikutlong ka gonne bana ga ba tshwane. Jeanine o umaka bothata jo bongwe gape: “Ke kgwetlho e kgolo go leka go itshwara gore o se dire gore morwao a nne e kete ke ene tlhogo ya lelapa o leka go kaba phatlha ya monna wa gago. Ke na le morwadiake mme ga go motlhofo go nna ke gopola gore ke se mo imetse ka go mmolelela mathata a me a a masisi.” Fela jaaka diketekete tse dingwe tsa batsadi ba ba boifang Modimo ba ba se nang balekane, Jeanine o bereka tiro ya letsatsi lotlhe le go tlhokomela ba lelapa la gagwe. Gape o ithuta Baebele le bana ba gagwe, o ba thapisetsa bodiredi e bile o tla le bone kwa dipokanong tsa phuthego. (Baefeso 6:4) A bo Jehofa a tshwanetse a bo a itumela jang ne letsatsi le letsatsi fa a bona maiteko a lelapa leno a go lwela go nna le ikanyega! A go nna le batho ba ba ntseng jalo ga go re dire gore re ipele? Ruri go a re ipedisa.

18, 19. Bontsha kafa re ka nonotshang ka teng tsela e re anaanelang maloko a phuthego ka yone.

18 Leba phuthego ya lona gape. Go ka tswa go na le batlholagadi kana baswagadi ba ba ‘se keng ba tlhokega’ mo dipokanong. (Luke 2:37) A ba tle ba jewe ke bodutu? Ee. Ba tlhoafalela balekane ba bone tota! Le fa go ntse jalo, ba nna ba semeletse mo tirelong ya ga Jehofa e bile ba kgatlhegela batho ba bangwe. Boikutlo jwa bone jo bo tlhomameng jo bo molemo bo dira gore phuthego e ipele! Mokeresete yo o ileng a nna modiredi wa nako e e tletseng ka dingwaga tse di fetang tse 30 o ile a re: “Sengwe sa dilo tse di dirang gore ke ipele thata ke go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba ba ileng ba fenya diteko tse dintsi ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi!” Ee, Bakeresete ba ba godileng ba re nang le bone ba kgothatsa basha fela thata.

19 Go tweng ka batho ba basha ba ba sa tswang go simolola go kopanela le phuthego? A ga re kgothadiwe ke go bona ba tlhalosa tumelo ya bone mo dipokanong? Akanya ka kgatelopele e ba setseng ba e dirile fa e sa le ba simolola go ithuta Baebele. Jehofa o tshwanetse a bo a ba itumelela tota. Rona? A re ba bolelela gore re a ba itumelela, re ba akgolela maiteko a bone?

20. Ke eng fa go ka twe mongwe le mongwe mo phuthegong o na le seabe se se botlhokwa?

20 A o nyetse, a ga wa nyala, kana a o motsadi yo o se nang molekane? A o ngwana yo o se nang rre (kana mmè), motlholagadi kana moswagadi? A o motho yo o sa bolong go kopanela le phuthego ka dingwaga tse dintsi kana yo o sa tswang go simolola go kopanela? Tlhomamisega gore sekao sa gago sa boikanyegi se re kgothatsa rotlhe fela. Mme fa o nna le seabe mo go opeleng pina ya Bogosi, fa o akgela kana o dira kabelo ya gago ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, go nna le seabe ga gago go oketsa boipelo jwa rona. Se se botlhokwa le go feta, go ipedisa pelo ya ga Jehofa.

21. Re na le mabaka a mantsi a go dira eng, mme go tlhaga dipotso dife?

21 Ee, tota le e leng mo nakong eno ya mathata, re ka kgona go obamela Modimo wa rona yo o itumetseng ka boipelo. Re na le mabaka a le mantsi a a re dirang gore re tsibogele kgothatso eno ya ga Paulo: “Tswelelang lo ipela, . . . mme Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le lona.” (2 Bakorintha 13:11) Mme go tweng fa re welwa ke masetlapelo a tlholego, pogiso kana mathata a magolo a tsa ikonomi? A go a kgonega go nna re ipela le e leng mo maemong a a ntseng jalo? Itirele tshwetso jaaka fa o tla bo o sekaseka setlhogo se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 119, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Araba?

• Boipelo bo tlhalosiwa jang?

• Go nna le maikutlo a a molemo go ka re thusa jang go nna re ipela?

• Ke eng se se ka re thusang go nna le maikutlo a a molemo ka tshimo ya phuthego ya rona?

• O anaanela bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya lona ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Batho mo tshimong ya rona ba ka fetoga

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Batho ba phuthego ya lona ba lebana le dikgwetlho dife?