Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Jehofa o Ntse a Ntshwere Sentle Tota!”

“Jehofa o Ntse a Ntshwere Sentle Tota!”

“Jehofa o Ntse a Ntshwere Sentle Tota!”

BANNA le basadi ba Lephata la Bokwaledi kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York, U.S.A., ba ne ba nna le maitseboa a a monate tota ba itumelela tiragalo nngwe e e kgethegileng ka March 1985. Karl F. Klein o ne a digetse dingwaga di le 60 a le mo bodireding jwa nako e e tletseng. Mokaulengwe Klein o ne a bolela jaana ka boitumelo: “Jehofa o ntse a ntshwere sentle tota!” O ne a tshwaela gore temana e a e ratang thata ya Baebele ke Pesalema 37:4. Moragonyana, o ne a itumedisa botlhe ka go tshameka seletswa sa gagwe sa cello.

Mo dingwageng tse 15 tse di ileng tsa latela, Mokaulengwe Klein o ile a tswelela pele a dira e le mongwe wa bakwadi e bile a direla mo Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Mme ka January 3, 2001, Karl Klein o ne a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka boikanyegi a le dingwaga di 95.

Karl o tsholetswe kwa Jeremane. Lelapa la gagabo le ne la fudugela kwa United States mme Karl a golela mo motsethokong wa Chicago, Illinois. Karl le monnawe wa mosimane e bong Ted ba ne ba simolola go kgatlhegela Baebele thata ba sa le babotlana. Karl o ne a kolobediwa ka 1918, mme dilo tse di kgatlhang tse a neng a di utlwa kwa kopanong e kgolo ya Baithuti ba Baebele ka 1922 di ne tsa dira gore a rate bodiredi jwa tshimo mo botshelong jotlhe jwa gagwe. O ne a sa batle gore beke e fete a sa rera, mme o ne a rera tota le mo dibekeng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe.

Karl o simolotse go dira kwa ntlokgolong ka 1925, mme a simolola ka go bereka mo bogatisetsong. O ne a rata mmino thata, mme go ne ga feta dingwaga di le mmalwa a tshameka seletswa sa cello mo setlhopheng sa okhestra se se neng se tshameka mo mananeong a Bokeresete a a neng a gasiwa mo radiong. Moragonyana o ne a dira mo Lephateng la Bokwaledi, mme a itumelela thata go dira mmogo le molebedi wa lone e bong T. J. Sullivan. Fa go ntse go le jalo, Ted o ne a nyala, mme ene le mosadi wa gagwe, Doris, ba ne ba direla e le barongwa kwa Puerto Rico.

Karl Klein o ne a dira mo Lephateng la Bokwaledi ka dingwaga di le 50, mme o ne a nna le seabe se segolo thata mo go lone ka gonne a rata go batlisisa e bile a itse Baebele thata. Ka 1963, Karl o ne a nyala Margareta, morongwa wa Mojeremane yo o neng a direla kwa Bolivia. Bogolo jang ka Karl a ne a tshwenngwa ke go lwala, tshegetso e e lorato ya mosadi wa gagwe e ne ya mo thusa gore a kgone go dira go le gontsi tota le fa a sena go tshwara dingwaga tse batho ba bantsi ba tlogelang tiro ka tsone. Ka ntlha ya mokgwa wa tlholego wa ga Karl wa go bua dilo jaaka di ntse, mmogo le go rata mmino ga gagwe, o ne a kgona go naya dipuo tse batho ba sa di lebaleng kwa diphuthegong le kwa dikopanong tse dikgolo. Lobakanyana fela pele ga loso lwa gagwe, o ne a okamela motlotlo wa temana ya letsatsi mo mosong kwa lelapeng le legolo la Bethele ya New York, mme botlhe ba ne ba itumela ba bo ba solegelwa molemo.

Batho ba le bantsi ba ba balang Tora ya Tebelo ka metlha ba tla gakologelwa polelo ya botshelo jwa ga Mokaulengwe Klein, pego e e kgatlhang ya maitemogelo a gagwe, e e gatisitsweng mo makasineng wa October 1, 1984 (ka Seesemane). O tla itumelela go bala pego eo kgotsa go e bala gape, o gopola gore mokwadi wa yone o ne a tswelela a le Mokeresete yo o ikanyegang le yo o ineetseng ka dingwaga tse dingwe tse 15.

E re ka Mokaulengwe Klein e ne e le mongwe wa batlodiwa ba Morena, o ne a eletsa ka pelo ya gagwe yotlhe go ya go busa le Keresete kwa legodimong. Re ka dumela kwantle ga pelaelo gore jaanong Jehofa o diragaditse keletso eo.—Luke 22:28-30.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Karl ka 1943 a na le T. J. Sullivan le Ted le Doris

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Karl le Margareta, October 2000