Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Botlholagadi bo Amileng Basadi ba Babedi ka Teng

Kafa Botlholagadi bo Amileng Basadi ba Babedi ka Teng

Kafa Botlholagadi bo Amileng Basadi ba Babedi ka Teng

SANDRA ke motlholagadi yo o nnang kwa Australia. Fa Sandra a ne a swelwa ke monna dingwaga di se kae tse di fetileng, o ne a gamarega. “Ke ne ka tlhakatlhakana fa ke lemoga gore ka tshoganetso ke ne ke latlhegetswe ke molekane le tsala ya me e kgolo. Tota ga ke gakologelwe gore ke kgonne jang go goroga kwa lapeng ke tswa kwa sepatela le fa e le gone gore ke ile ka tlhola ke dira eng letsatsi leo. Fa dibeke di ntse di feta, poifo ya me e ne ya itira setlhabi fela se se sa foleng.”

Sandra o na le tsala e e mo fetang ka dingwaga, Elaine, yo e ntseng e le motlholagadi ka dingwaga di ka nna thataro. Fa monna wa gagwe, David, a tla bolawa ke kankere, Elaine o ne a mo okile dikgwedi di le thataro. O ne a hutsafala thata mo e leng gore go ise go ye kae fela monna wa gagwe a sena go tlhokafala, o ile a foufala ka nakwana. Dingwaga di le pedi moragonyana o ne a wa fela a le mo gare ga batho. Ngaka ya gagwe ga e a ka ya bona matshwao ape a bolwetse. Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore Elaine o ne a sa ntsha kutlobotlhoko ya gagwe, ka jalo o ne a akantsha gore a ye gae mme a leke thata gore a lele. “Go ne ga tsaya lobaka tota gore ke kgone go lepalepana le khutsafalo ya me,” Elaine o bolela jalo, a ba a tlhalosa jaana ka dinako tsa fa a jewa ke bodutu, “ke ne ke tle ke tsene mo kamoreng mme ke ikhurumetse tlhogo ka diaparo tsa ga David.”

Ee, batho ba ka itshwara ka ditsela tse di sa tshwaneng fa ba swetswe ke molekane yo ba mo ratang ka gonne tota botlholagadi ga se fela go tshela o se na monna. Ka sekai, ka lobaka lo lo rileng Sandra o ne a ikutlwa e kete ga e tlhole e le ene. Fela jaaka batlholagadi ba bangwe ba bantsi ba ba sa tswang go swelwa, le ene o ne a ikutlwa a le mo kotsing, a sa itshepe. Sandra o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tlwaetse gore monna wa me e nne ene a dirang ditshwetso tsa konokono, jaanong ka tshoganetso ke nna ke neng ke tshwanetse go di dira ke le esi. Ke ne ke tlhorega boroko. Ke ne ke nna ke lapile thata. Ke ne ke sa kgone go itse gore tota ke eng se ke tshwanetseng go se dira.”

Letsatsi le letsatsi mo lefatsheng lotlhe batho ba diragalelwa ke se se tshwanang le se se diragaletseng Sandra le Elaine. Bolwetse, dikotsi, dintwa, go ganyaolwa ga merafe le thubakanyo ka kakaretso le tsone di dira gore palo ya batlholagadi e oketsege. * Bontsi jwa basadi bano ba hutsafalela mo teng, ba sa itse gore ba dire eng. Ditsala le ba losika ba ka dira eng go thusa ba e leng gone ba nnang batlholagadi? Setlhogo se se latelang se na le dikakantsho dingwe tse di ka thusang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Basadi ba bangwe ba mo seemong se se tshwanang le sa batlholagadi ka gonne banna ba bone ba ba tlogetse. Le fa go kgaogana le tlhalo di baka mathata a tsone, dingwe tsa dintlha tse di tlhalosiwang mo setlhogong se se latelang di ka thusa le basadi ba ba mo maemong ano.